Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leba Diphoso ka Tsela e e Siameng

Leba Diphoso ka Tsela e e Siameng

Don le Margaret * ba itumeletse go etelwa ke morwadiabone le lelapa la gagwe. Letsatsi la bofelo pele ba kgaogana, Margaret yo o kileng a bo a dira tiro ya go apaya, o ne a apaya dijo tse ditlogolo tsa gagwe tse pedi di di ratang thata e leng makaroni le tšhisi.

Fa batho botlhe ba sena go nna mo tafoleng, Margaret o ne a tlisa dijo a bo a di baya mo tafoleng. Fa a bula sekhurumelo, o ne a gakgamala thata fa a lemoga gore mo teng ga sekotlolo seo, go ne go na le sopo ya tšhisi fela e e molelo. Margaret o ne a lebetse go tsenya sengwe sa botlhokwa, makaroni!

Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae kgotsa re na le maitemogelo go le kae, rotlhe re dira diphoso. Re ka tswa re buile re sa akanya, re dirile sengwe se se siameng mme e se ka nako e e siameng, re itlhokomolositse sengwe kgotsa re se lebetse. Goreng re dira diphoso? Re ka lebana jang le tsone? A re ka kgona go di tila? Go leba diphoso ka tsela e e siameng go tla re thusa go araba dipotso tseno.

TSELA E MODIMO LE E BATHO BA LEBANG DIPHOSO KA YONE

Fa re dirile sengwe sentle, re a itumela fa re akgolwa e bile re tlotlomadiwa jaaka re solofetse. Fa re dira phoso re sa ikaelela kgotsa batho ba bangwe ba sa lemoge, a le gone ga re a tshwanela go amogela gore re dirile phoso? Seo se tlhoka gore re nne boikokobetso.

Fa re itseela kwa godimo, re ka nna ra dira gore batho ba akanye gore phoso e re e dirileng ga e re sepe, ra tshwaya ba bangwe diphoso kgotsa ra itatola gore ke rona re e dirileng. Gantsi go dira jalo go na le ditlamorago tse di botlhoko. Bothata boo bo ka tswelela bo le gone e bile batho ba bangwe ba ka pegwa molato go sa tlhokege. Le fa re ka se lebane le ditlamorago tsa phoso ya rona gone jaanong, re tshwanetse go nna re gopotse gore “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—Baroma 14:12.

Modimo o leba diphoso ka tsela e e siameng. Buka ya Dipesalema ya re Modimo o “kutlwelobotlhoko e bile o pelontle,” ga a “kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng, le gone ga a kitla a nna a kgopilwe ka bosakhutleng.” O a itse gore re na le boleo e bile o tlhaloganya makoa a rona, o “gakologelwa gore re lorole.”—Pesalema 103:8, 9, 14.

Gape e re ka Modimo e le rre yo o kutlwelobotlhoko, o batla gore rona bana ba gagwe re lebe diphoso jaaka a di leba. (Pesalema 130:3) Lefoko la gagwe le na le dikgakololo le dikaelo tse di lorato tse di re thusang go lebana le diphoso tsa rona le tsa batho ba bangwe.

GO LEBANA LE DIPHOSO

Gantsi fa motho a dira phoso, o fetsa nako le maatla a mantsi a leka go tshwaya ba bangwe phoso kgotsa go dira gore go lebege e kete se a se dirileng ga se maswe go le kalo. Fa o kgopisitse mongwe, goreng o sa kope maitshwarelo o bo o baakanya dilo gore lo tswelele lo le ditsala? A o dirile phoso e e bakileng mathata kgotsa e e utlwisitseng wena kgotsa mongwe botlhoko? Go na le gore o ikgalefele kgotsa o tshwaye batho ba bangwe diphoso, goreng o sa leke go baakanya bothata? Go supa ba bangwe ka menwana go ka dira gore dikgotlhang di tseye lobaka go sa tlhokege le go dira gore bothata bo nne maswe le go feta. Go na le moo, ithute mo phosong eo, e baakanye mme o dire se se siameng.

Le fa go ntse jalo, fa mongwe a dirile phoso, go motlhofo gore re itshware ka tsela e e bontshang gore ga re a itumela. Go botlhokwa gore re ikobele kgakololo ya ga Jesu Keresete e e reng: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Fa o dirile phoso, o eletsa gore batho ba bangwe ba go utlwele botlhoko kgotsa ba e itlhokomolose. Ka jalo, goreng o sa leke go direla ba bangwe se se tshwanang fa ba dirile phoso?—Baefeso 4:32.

MELAOMETHEO E E KA GO THUSANG GO FOKOTSA GO DIRA DIPHOSO

Dikishinare nngwe ya re diphoso di bakwa ke “go leba dilo ka tsela e e sa siamang, go sa itse dintlha tsotlhe kgotsa go itlhokomolosa dilo dingwe.” Re tlhoka go amogela gore rotlhe re tlile go dira dingwe tsa dilo tseno. Mme gone, go sekaseka melaometheo mengwe ya botlhokwa ya Baebele go tla re thusa go tila go dira diphoso tse dintsi.

Mongwe wa melaometheo eo o tlhaga mo go Diane 18:13 e e reng: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” Fa o ipha nako ya go reetsa kgang yotlhe pele o bo o akanya gore o tla araba jang seo se tla thusa gore o se ka wa bua mafoko a a utlwisang botlhoko kgotsa wa dira dilo o sa akanye. Go nna kelotlhoko go tla go thusa gore o se ka pega ba bangwe molato go sa tlhokege le gore o se ka wa dira diphoso.

Molaomotheo o mongwe wa Baebele wa re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) Leka thata go dira gore go nne le kagiso le tirisanommogo. Fa o bereka le ba bangwe, bontsha gore o a ba akanyetsa le go ba tlotla mme o ba akgole o bo o ba kgothatse. Fa go ntse jalo, lo tla kgona go itshwarelana motlhofo kgotsa go tlhokomologa diphoso tse lo di dirang e bile lo tla kgona go rarabolola diphoso tse di masisi lo itumetse.

Ithute mo diphosong tsa gago. Go na le go dira diipato, dirisa tshono eno go nna le mekgwa e e siameng. A o tlhoka bopelotelele, bopelonomi kgotsa boikgapo? Kgotsa a o tlhoka go nna bonolo, go nna le kagiso le lorato? (Bagalatia 5:22, 23) Kwa bofelong o tla itse gore ke eng se o sa tshwanelang go se dira mo nakong e e tlang. O se ka wa tsaya dilo masisi thata mme seno ga se reye gore o itlhokomolose maikarabelo a gago. Go dira metlae go tla dira gore go se ka ga nna le dikgogakgogano.

GO LEBA DIPHOSO KA TSELA E E SIAMENG GO KA RE TSWELA MOSOLA

Go leba diphoso ka tsela e e siameng go tla re thusa go lebana le tsone sentle fa di direga. Re tla nna le kagiso e bile re tla agisana le ba bangwe. Fa re ikemisetsa go ithuta mo diphosong tsa rona re tla nna botlhale e bile re tla ratiwa ke batho. Ga re kitla re kgobega marapo kgotsa re itsaya re le batho ba ba sa siamang. Go itse gore ba bangwe le bone ba lebana le diphoso tsa bone go tla dira gore re atamalane le bone. Sa botlhokwa le go feta ke gore, go ithuta go etsa lorato lwa Modimo le go nna a ikemiseditse go itshwarela a gololesegile go tla re tswela mosola.—Bakolosa 3:13.

A phoso e Margaret yo re buileng ka ene kwa godimo a e dirileng e ile ya senya kokoano ya lelapa? Le e seng! Botlhe ba ne ba dira motlae ka kgang eo, tota le Margaret mme ba itumelela go ja dijo tseo di ntse jalo. Dingwaga morago ga moo, ditlogolo tsa bone di ne tsa tlotlela bana ba bone kgang eo e e kgatlhang ba bo ba gopola dilo tse di monate tse ba neng ba di dira le mmêmogolo le rremogolo wa bone. Kana e bile e ne e le phosonyana fela!

^ ser. 2 Maina a fetotswe.