Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo”

“Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo”

“Ikanye Jehofa mme o dire molemo . . . mme o dire ka boikanyegi.”—PES. 37:3.

PINA: 133, 63

1. Jehofa o re bopile gore re kgone go dira dilo dife tse di kgatlhang?

JEHOFA o re bopile re na le bokgoni jwa go dira dilo tse di kgatlhang. O re bopile re na le bokgoni jwa go akanya gore re kgone go rarabolola mathata le go ipaakanyetsa isagwe. (Dia. 2:11) O re neile maatla a gore re kgone go itlhophela gore re batla go dira eng mo botshelong. (Bafil. 2:13) Gape o re bopile re na le segakolodi, e leng bokgoni jo re tshotsweng ka jone jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang. Bokgoni joo bo ka re thusa go tila go dira dilo tse di sa siamang le go baakanya diphoso tsa rona.—Bar. 2:15.

2. Jehofa o lebeletse gore re dirise bokgoni jwa rona jang?

2 Jehofa o lebeletse gore re dirise bokgoni jwa rona ka tsela e e siameng. Ka ntlha yang? Ka gonne o a re rata e bile o a itse gore re tla kgotsofala fa re dira jalo. Gangwe le gape o dirisa Lefoko la gagwe go re kgothaletsa gore re dirise bokgoni jwa rona go dira dilo tse di molemo. Ka sekai, Dikwalo Tsa Sehebera di a re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo”; e bile “sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago.” (Dia. 21:5; Mor. 9:10) Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di a re: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e [re] dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe”; mme “go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng.” (Bagal. 6:10; 1 Pet. 4:10) Ruri Jehofa o batla gore re dire dilo tse di tla solegelang rona le batho ba bangwe molemo.

3. Ke dilo dife tse re sa kgoneng go di dira?

3 Mme gone, Jehofa o a itse gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira. Re ka se kgone go fedisa bosaitekanelang, boleo le loso; e bile re ka se kgone go laola batho ba bangwe ka gonne mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela. (1 Dikg. 8:46) Go sa kgathalesege gore re rutegile kgotsa re na le maitemogelo go le kana kang, re tla nna re le bana mo go Jehofa.—Isa. 55:9.

Fa o lebane le mathata, “ikanye Jehofa mme o dire molemo”

4. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Ka metlha, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re kaele, mme re tshepe gore o tla re ema nokeng le go re direla dilo tse re ka se kgoneng go di itirela. Mme le rona re tshwanetse go dira se re ka se kgonang go rarabolola mathata ka nako e e tshwanetseng le go thusa ba bangwe. (Bala Pesalema 37:3.) Ka mafoko a mangwe, re tlhoka go ‘ikanya Jehofa mme re dire molemo’; gape re tlhoka go ‘dira ka boikanyegi.’ Mma re sekasekeng gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Noa, Dafide le mo batlhankeng bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba neng ba mo ikanya le go dira dilo tse di siameng. Re tla ithuta kafa ba ileng ba farologanya ka gone dilo tse ba neng ba sa kgone go di dira le tse ba neng ba kgona go di dira, le gore morago ga moo ba ne ba dira eng.

FA GO DIREGA DILO TSE DI BOSULA

5. Noa o ile a lebana le maemo afe?

5 Noa o ne a tshela mo lefatsheng le le neng le “tletse thubakanyo” le boitsholo jo bo sa siamang. (Gen. 6:4, 9-13) O ne a itse gore Jehofa o tla fedisa lefatshe leo le le boikepo. Le fa go ntse jalo, Noa o tshwanetse a bo a ne a tshwenngwa ke maemo ao a a sa itumediseng Modimo. Mme gone, o ne a itse gore go na le dilo tse a ka kgonang go di dira le tse a ka se kgoneng go dira sepe ka tsone.

Fa batho ba sa re reetse (Bona serapa 6-9)

6, 7. (a) Ke eng se Noa a neng a sa kgone go se dira? (b) Maemo a rona a tshwana jang le a ga Noa?

6 Se Noa a neng a sa kgone go se dira: Le fa Noa a ile a tlhagisa batho ka molaetsa wa ga Jehofa, o ne a ka se kgone go pateletsa batho go o reetsa e bile o ne a ka se kgone go dira gore Morwalela o tle ka bonako. Noa o ne a tshwanetse go ikanya Jehofa gore o tla diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya go fedisa boikepo, le gore o ne a tla dira jalo ka nako e e tshwanetseng.—Gen. 6:17.

7 Le rona re tshela mo lefatsheng le le tletseng boikepo le Jehofa a re solofeditseng gore o tla le fedisa. (1 Joh. 2:17) Mme gone, fa seo se ise se direge, re ka se pateletse batho go reetsa “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi.” Gape re ka se kgone go dira gore “pitlagano e kgolo” e tle ka bonako. (Math. 24:14, 21) Re tlhoka go nna le tumelo fela jaaka Noa, e bile re dumele gore mo nakong e e sa fediseng pelo Modimo o tla tsaya kgato. (Pes. 37:10, 11) Re tlhomamisegile gore Jehofa a ka se letle gore boikaelelo jwa gagwe jwa go fedisa lefatshe leno le le bosula bo diege le ka letsatsi le le lengwe.—Hab. 2:3.

8. Noa o ne a tlhoma mogopolo jang mo go se a neng a kgona go se dira? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Se Noa a neng a kgona go se dira: Noa o ne a tlhoma mogopolo mo go se a neng a kgona go se dira go na le gore a latlhele seditse ka ntlha ya se a neng a sa se kgone. E re ka Noa e ne e le “moreri wa tshiamo,” o ne a rerela batho molaetsa o a neng a o neilwe ke Modimo. (2 Pet. 2:5) Ga go pelaelo gore go dira jalo go ne ga nonotsha tumelo ya ga Noa. Mo godimo ga moo, o ne a dirisa maatla le bokgoni jwa gagwe jwa go akanya gore a kgone go wetsa tiro e Modimo a mo neileng yone ya go aga araka.—Bala Bahebera 11:7.

9. Re ka etsa jang sekao sa ga Noa?

9 Fela jaaka Noa, le rona re leka ka natla go dira “mo gontsi . . . mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Tiro eo e akaretsa go nna le seabe mo go ageng le mo go baakanyeng mafelo a kobamelo, go ithaopela go thusa kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, go direla kwa ofising ya lekala kgotsa kwa ofising ya thanolo. Mo godimo ga moo, re nna re tshwaregile mo tirong ya go rera, e re ka re itse gore tiro eno e dira gore tsholofelo ya rona ka isagwe e nonofe. Kgaitsadi mongwe o tlhalosa jaana: “Fa o bolelela batho ba bangwe ka masego a Bogosi Jwa Modimo . . . o lemoga gore batho bano ga ba na tsholofelo le e seng e bile ba tsaya gore mathata a bone a ka se fele.” Eleruri, go rera go dira gore re tlhomamisege le go feta gore dilo di tla siama mo isagweng le gore re se ka ra itlhoboga fa re ntse re le mo lobelong lwa botshelo.—1 Bakor. 9:24.

FA RE DIRA DIPHOSO

10. Dafide o ne a lebana le maemo afe?

10 Jehofa o ne a re Kgosi Dafide ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya [gagwe].” (Dit. 13:22) Dafide o ne a ikanyega. Le fa go ntse jalo, o ne a dira boleo jo bo masisi. O ne a dira boaka le Bathesheba. Se se maswe le go feta ke gore o ne a leka go fitlha boleo jono ka go dira gore monna wa ga Bathesheba e bong Uria, a bolawe kwa ntweng. Tota e bile, Dafide o ne a roma Uria gore e nne ene a nayang molaodi wa masole lekwalo le le laelang gore a bolawe! (2 Sam. 11:1-21) Le fa go ntse jalo, maleo a ga Dafide a ne a senoga. (Mar. 4:22) Dafide o ne a tsiboga jang fa seo se direga?

Diphoso tsa nako e e fetileng (Bona serapa 11-14)

11, 12. (a) Ke eng se Dafide a neng a sa kgone go se dira fa a sena go leofa? (b) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re direla eng fa re ikwatlhaya?

11 Se Dafide a neng a sa kgone go se dira: Dafide o ne a sa kgone go dirolola se a se dirileng, e bile o ne a tshwanetse go lebana le ditlamorago tsa diphoso tsa gagwe. Tota e bile, o ne a tla lebana le dingwe tsa ditlamorago tseo botshelo jwa gagwe jotlhe. (2 Sam. 12:10-12, 14) Ka jalo, o ne a tlhoka tumelo. O ne a tshwanetse go dumela gore fa a ikwatlhaya, Jehofa o ne a tla mo itshwarela le go mo thusa gore a itshokele manokonoko a ditiro tsa gagwe tse di bosula.

12 E re ka re sa itekanela, rotlhe re dira diphoso. Diphoso dingwe di masisi go feta tse dingwe. Mo maemong a mangwe, re ka se kgone go busetsa morago dilo tse re di dirileng. Re ka nna ra tshwanelwa ke go roba se re se jadileng botshelo jwa rona jotlhe. (Bagal. 6:7) Mme re dumela se Modimo a se buang, gore fa re ikwatlhaya o tla re ema nokeng fa go le thata, tota le fa e le rona re ipaketseng mathata ao.—Bala Isaia 1:18, 19; Ditiro 3:19.

13. Dafide o ne a baakanya kamano ya gagwe le Jehofa jang?

13 Se Dafide a neng a kgona go se dira: Dafide o ne a letla Jehofa gore a mo thuse go baakanya kamano ya gagwe le ene. Tsela nngwe e a ileng a dira seno ka yone, e ne e le ka go amogela kgalemelo e e tswang kwa moemeding wa ga Jehofa e bong moporofeti Nathane. (2 Sam. 12:13) Gape Dafide o ne a rapela Jehofa, a ipolela maleo a gagwe le go mmolelela gore o batla gore a boe a mo amogele. (Pes. 51:1-17) Go na le gore Dafide a nne a ipona molato, o ile a ithuta mo diphosong tsa gagwe. E re ka ya lesilo e sa kgotlhwe gabedi, Dafide ga a ka a dira maleo ao gape. Dingwaga moragonyana, o ne a tlhokafala a ikanyega mme Jehofa ga a kitla a lebala bothokgami jwa gagwe.—Baheb. 11:32-34.

14. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Dafide?

14 Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Dafide? Fa re dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go ikwatlhaya go tswa pelong mme re kope Jehofa gore a re itshwarele. Re tshwanetse go ipolela maleo a rona mo go ene. (1 Joh. 1:9) Gape, re tshwanetse go bolelela bagolwane se re se dirileng, ka gonne ba ka re thusa ka Dikwalo. (Bala Jakobe 5:14-16.) Fa re dirisa dithulaganyo tse Jehofa a re diretseng tsone, re tla bo re bontsha gore re ikanya tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re fodisa le go re itshwarela. Morago ga go dira dilo tseno tsotlhe, re tla bo re dira sentle fa re ithuta mo diphosong tsa rona, re nna re direla Jehofa le go tlhomamisega gore mo isagweng dilo di tla siama.—Baheb. 12:12, 13.

FA RE LEBANA LE MAEMO A MANGWE

Go lwala (Bona serapa 15)

15. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Hana?

15 Gongwe o ka akanya ka batlhanka ba bogologolo ba ba neng ba ikanya Jehofa fa ba ntse ba leka go dira se se siameng. Ka sekai, Hana o ne a ka se kgone go fedisa bothata jwa go nna moopa ntle le go thusiwa. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela gore Jehofa o tla mo gomotsa, ka jalo, o ne a nna a ya go obamela kwa motlaaganeng le go bulela Jehofa mafatlha ka thapelo. (1 Sam. 1:9-11) Ruri seno ke sekao se se molemo. Fa re lebane le mathata a botsogo kgotsa dikgwetlho dingwe tse re ka se kgoneng go dira sepe ka tsone, re latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona kwa go Jehofa ka gonne re itse gore o a re kgathalela. (1 Pet. 5:6, 7) Mme re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re solegelwe molemo ke dipokano tsa Bokeresete le dithulaganyo tse dingwe tse Jehofa a re diretseng tsone.—Baheb. 10:24, 25.

Bana ba ba tlogelang Jehofa (Bona serapa 16)

16. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Samuele?

16 Gotweng ka batsadi ba ba ikanyegang ba bana ba bone ba tlogetseng go direla Jehofa? Samuele o ne a ka se kgone go pateletsa bomorwawe ba ba godileng gore ba ikobele melao e e siameng e a ba rutileng yone. (1 Sam. 8:1-3) O ne a tshwanetse go tlogelela dilo tsotlhe mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, Samuele o ne a ka kgona go nna a ikanyega le go itumedisa Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa. (Dia. 27:11) Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete le bone ba lebane le maemo a a tshwanang le a ga Samuele. Ba dumela gore fela jaaka rre yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa morwa sesenyi, Jehofa o ikeetleleditse go amogela baleofi ba ba ikwatlhayang. (Luke 15:20) Mme go ntse go le jalo, batsadi bano ba dira ka natla go nna ba ikanyega mo go Jehofa ba na le tsholofelo ya gore sekao sa bone se tla tlhotlheletsa bana ba bone gore ba boele kwa go ene.

Go tlhoka madi (Bona serapa 17)

17. Ke eng fa sekao sa motlholagadi yo o humanegileng se re kgothatsa?

17 Gape akanya ka motlholagadi yo o humanegileng wa mo motlheng wa ga Jesu. (Bala Luke 21:1-4.) O ne a ka se kgone go dira sepe ka bonweenwee jo bo neng bo dirwa kwa tempeleng. (Math. 21:12, 13) E bile go ne go se na sepe se a ka se dirang gore a nne le madi a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, o ne a ntsha “madinyana a tshipi a mabedi” ka go rata mme e ne e le “gotlhe mo a itshedisang ka gone.” Mosadi yoo yo o ikanyegang o ne a ikanya Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe a itse gore fa a ka dira gore dilo tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa di tle pele mo botshelong jwa gagwe, Jehofa o tla mo naya dilo tse a di tlhokang. Go ikanya Jehofa go ne ga mo tlhotlheletsa gore a eme kobamelo ya boamaaruri nokeng ka go ntsha moneelo. Le rona re dumela gore fa re batla Bogosi pele, Jehofa o tla tlhomamisa gore re nna le dilo tse re di tlhokang.—Math. 6:33.

18. Naya sekai sa motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a leba dilo ka tsela e e siameng.

18 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa le bone ba ile ba bontsha gore ba ikanya Jehofa le go dira dilo tse ba neng ba ka kgona go di dira. Akanya ka mokaulengwe mongwe e bong Malcolm, yo o ileng a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a tlhokafala ka 2015. Fa ene le mosadi wa gagwe ba ntse ba direla Jehofa dingwagangwaga, ba ne ba bona gore ruri botshelo leotwana bo a dikologa. Malcolm a re: “Ka dinako dingwe, botshelo ga bo a tlhomama e bile bo boima. Le fa go ntse jalo, Jehofa o segofatsa batho ba ba ikaegang ka ene.” Malcolm o re rotloetsa jaana: ‘Kopa Jehofa gore a go thuse go dira ka natla mo tirelong ya gagwe le gore o atlege mo go yone. Tlhoma mogopolo mo go se o kgonang go se dira, e seng se o sa kgoneng go se dira.’ *

19. (a) Ke eng fa temana ya rona ya ngwaga ya 2017 e tshwanela? (b) O tla dirisa jang temana ya ngwaga ya 2017 mo botshelong jwa gago?

19 Fa tsamaiso eno ya dilo e ntse e “sulafalela pele,” re tla lebana le maemo a a thata. (2 Tim. 3:1, 13) Ka jalo, go botlhokwa gore re se ka ra letla gore mathata ao a re kgobe marapo. Go na le moo, re tshwanetse go dira se re ka se kgonang mme re tlogelele dilo tsotlhe mo go Jehofa. Eleruri temana ya rona ya ngwaga ya 2017 e e reng, “Ikanye Jehofa mme o dire molemo,” e a tshwanela!—Pes. 37:3.

Temana ya rona ya ngwaga ya 2017: “Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo.”—Pesalema 37:3