Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Kaela Batho ba Gagwe

Jehofa o Kaela Batho ba Gagwe

“Jehofa o tla go etelela pele ka metlha.”—ISA. 58:11.

PINA: 152, 22

1, 2. (a) Basupi ba ga Jehofa ba farologane jang le madumedi a mangwe? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

“MOETELEDIPELE wa lona ke mang?” Batho ba rata go botsa Basupi ba ga Jehofa potso eno. Mme ga go gakgamatse ka gonne mo madumeding a le mantsi, go na le monna kgotsa mosadi a le mongwe yo o bidiwang moeteledipele kgotsa moruti. Go farologana le bone, Moeteledipele wa rona ga se motho yo o sa itekanelang. Go na le moo, re kaelwa ke Keresete yo o tsositsweng mo baswing, mme ene o kaelwa ke Rraagwe e bong Jehofa.—Math. 23:10.

2 Le fa go ntse jalo, go na le setlhopha sa banna ba ba etelelang pele batho ba Modimo gompieno e leng “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Mme gone, re itse jang gore eleruri Jehofa o dirisa Morwawe go re kaela? Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla bona kafa Jehofa a ileng a dirisa batho bangwe ka gone gore ba kaele batho ba gagwe. Mo ditlhogong tseno, re tla sekaseka dintlha tse tharo tse di bontshang gore eleruri Jehofa o ne a kaela banna bao, ka go dira jalo, a bontsha gore ke ene Moeteledipele wa mmatota wa batho ba gagwe.—Isa. 58:11.

BA THUSIWA KE MOYA O O BOITSHEPO

3. Ke eng se se neng sa thusa Moshe gore a etelele Baiseraele pele?

3 Moya o o boitshepo o ne o thusa baemedi ba Modimo. Akanya ka Moshe, yo o neng a tlhophilwe go nna moeteledipele wa Baiseraele. O ile a thusiwa ke eng go dira kabelo eo e e thata? Jehofa o ne a ‘tsenya moya wa Gagwe o o boitshepo mo go ene.’ (Bala Isaia 63:11-14.) Ka jalo, Jehofa ke ene a neng a etelela pele batho ba gagwe ka gonne o ne a dirisa moya wa gagwe go thusa Moshe.

4. Baiseraele ba ne ba ka kgona go lemoga jang gore Moshe o ne a thusiwa ke moya o o boitshepo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 E re ka moya o o boitshepo o sa bonale, Baiseraele ba ne ba ka kgona go lemoga jang gore o ne o thusa Moshe? Moya o o boitshepo o ne wa dira gore Moshe a kgone go dira dikgakgamatso le gore a itsise Faro ka leina la Modimo. (Ekes. 7:1-3) Gape o ne wa thusa Moshe gore a nne le dinonofo tse di molemo tse di jaaka lorato, bonolo le bopelotelele, mme dinonofo tseno di ile tsa mo thusa gore a tshwanelege go etelela Baiseraele pele. Eleruri Moshe o ne a farologane le baeteledipele ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba le bogale e bile ba sena sepe le batho ba bangwe. (Ekes. 5:2, 6-9) Ruri seno se ne se tlhomamisetsa Baiseraele gore Jehofa o ne a tlhophile Moshe gore a ba etelele pele.

5. Jehofa o ile a thusa jang banna bangwe ba Iseraele gore ba kaele batho ba gagwe?

5 Moragonyana, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go thusa banna ba bangwe ba a neng a ba tlhophile go etelela batho ba gagwe pele. “Joshua morwa Nune o ne a tletse moya wa botlhale.” (Dute. 34:9) ‘Moya wa ga Jehofa o ne wa aparela Gidione.’ (Baatlh. 6:34) E bile ‘moya wa ga Jehofa o ne wa simolola go dira mo go Dafide.’ (1 Sam. 16:13) Banna bao botlhe ba ne ba ikaegile ka moya wa Modimo, mme ba ne ba kgona go dira dilo tse ba neng ba ka se kgone go di dira ka maatla a bone. (Josh. 11:16, 17; Baatlh. 7:7, 22; 1 Sam. 17:37, 50) Seo se ne sa dira gore Jehofa a galalediwe ka ntlha ya ditiro tseo tse dikgolo.

6. Ke eng fa Modimo a ne a batla gore batho ba ikobele banna ba a neng a ba tlhomile?

6 Baiseraele ba ne ba tshwanetse go itshwara jang fa ba lemoga gore banna bao ba ne ba thusiwa ke moya wa Modimo? Fa batho ba ne ba ngongorega ka Moshe, Jehofa o ne a re: “Batho bano ba tla ntshwara ka go tlhoka tlotlo ka lobaka lo lo kae?” (Dipa. 14:2, 11) Eleruri, Jehofa ke ene a neng a tlhophile Moshe, Joshua, Gidione le Dafide gore ba mo emele. Fa batho ba ne ba ikobela banna bano, tota ba ne ba ikobela Jehofa.

BA THUSIWA KE BAENGELE

7. Baengele ba ne ba thusa Moshe jang?

7 Baengele ba ne ba thusa baemedi ba Modimo. (Bala Bahebera 1:7, 14.) Jehofa o ne a dirisa baengele go naya Moshe ditaelo, go mo thusa le go mo kaela. Modimo o ne a romela Moshe “e le mmusi e bile e le mogolodi ka seatla sa moengele yo o neng a bonala kwa go ene mo setlhatshaneng se se mitlwa.” (Dit. 7:35) Molao o ne wa “fetisiwa ka baengele,” mme Moshe o ne a o dirisa go kaela Baiseraele. (Bagal. 3:19) Jehofa o ne a mo raya a re: “Isa batho kwa lefelong le ke go boleletseng ka lone. Bona! Moengele wa me o tla go etelela pele.” (Ekes. 32:34) Baebele ga e bue sepe ka gore Baiseraele ba ne ba bona moengele ka matlho a dira dilo tseo. Le fa go ntse jalo, tsela e Moshe a neng a kaela batho ka yone e ne e bontsha gore o ne a thusiwa ke mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho.

8. Baengele ba ile ba thusa Joshua le Hesekia jang?

8 “Kgosana ya lesomo la ga Jehofa” e ne ya nonotsha motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua gore a etelele batho ba Modimo pele go ya go tlhabana le Bakanana, mme Baiseraele ba ile ba fenya ntwa eo. (Josh. 5:13-15; 6:2, 21) Moragonyana, Kgosi Hesekia o ne a kopana le dinta di fuduga fa mophato o mogolo wa masole a Asiria o ne o batla go tlhasela motse wa Jesusalema. Mo bosigong bo le bongwe, ‘moengele wa ga Jehofa o ne a tswa a ya go kgemetha banna ba le dikete di le lekgolo le masome a robabobedi le botlhano.’—2 Dikg. 19:35.

9. A kgang ya gore baemedi ba Modimo ba ne ba dira diphoso e ne e naya Baiseraele lebaka la gore ba se ka ba ba ikobela? Tlhalosa.

9 Gone ke boammaaruri gore baengele ba itekanetse, mme banna ba ba neng ba ba thusa ba ne ba dira diphoso. Nako nngwe Moshe o ne a palelwa ke go tlotlomatsa Jehofa. (Dipa. 20:12) Joshua ga a ka a kopa kaelo ya Modimo fa a ne a dira kgolagano le Bagibeone. (Josh. 9:14, 15) “Pelo ya [ga Hesekia] e ne ya nna mabela” ka nakwana. (2 Ditir. 32:25, 26) Le fa banna bano ba ne ba dira diphoso, Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba ba ikobele. Jehofa o ne a dirisa baengele go ema banna bano nokeng. Eleruri Jehofa o ne a kaela batho ba gagwe.

BA KAELWA KE LEFOKO LA MODIMO

10. Molao wa Modimo o ne wa kaela Moshe jang?

10 Baemedi ba Modimo ba ne ba kaelwa ke Lefoko la Gagwe. Baebele e bitsa molao o o neng o neilwe Baiseraele e re ke “Molao wa ga Moshe.” (1 Dikg. 2:3) Le fa go ntse jalo, Dikwalo di tlhalosa gore Jehofa ke ene a neng a tlhomile Molao oo e bile Moshe le ene o ne a o ikobela. (2 Ditir. 34:14) Fa Jehofa a sena go tlhalosetsa Moshe kafa a neng a tshwanetse go dira motlaagana ka gone, ‘Moshe o ne a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse. A dira fela jalo.’—Ekes. 40:1-16.

11, 12. (a) Joshua le dikgosi tsa Iseraele ba ne ba tshwanetse go dira eng? (b) Lefoko la Modimo le ile la ama jang baeteledipele ba batho ba Modimo?

11 Go tloga ka nako ya fa Joshua a ne a simolola go etelela batho ba Modimo pele, o ne a na le Lefoko la Modimo. O ne a tewa gotwe: ‘O le balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go lone.’ (Josh. 1:8) Moragonyana, dikgosi tsotlhe tsa Iseraele di ne di dira se se tshwanang. Ba ne ba tshwanetse go bala Molao letsatsi le letsatsi, ba o ikwalele e bile ba ‘boloke mafoko otlhe a molao le melawana ka go e dira.’—Bala Duteronome 17:18-20.

12 Lefoko la Modimo le ne la ama jang banna ba ba neng ba eteletse pele? Akanya ka Kgosi Josia. Fa mokwalo o o nang le Molao wa ga Moshe o sena go bonwa, mokwaledi wa ga Josia o ne a mo balela one. * Josia o ne a dira eng? Baebele ya re: “Fela fa kgosi e sena go utlwa mafoko a buka ya molao, ka yone nako eo ya gagoganya diaparo tsa yone.” Mme o ne a dira se se fetang seo. Lefoko la Modimo le ne la tlhotlheletsa Josia gore a dire ka natla go nyeletsa kobamelo ya medingwana mo Iseraele, mme a rulaganya gore go dirwe moletlo o mogolo wa tlolaganyo o o sa tshwaneng le ope o o kileng wa dirwa. (2 Dikg. 22:11; 23:1-23) E re ka Josia le baeteledipele ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba kaelwa ke Lefoko la Modimo, ba ne ba ikeetleeleditse go tokafatsa tsela e ba neng ba kaela batho ba Modimo ka yone. Seo se ne sa dira gore batho ba Modimo ba kgone go mo ikobela.

13. Baeteledipele ba Iseraele ba ne ba farologane jang le ba ditšhaba tse dingwe?

13 Dikgosi tseno tse di ikanyegang di ne di farologane thata le baeteledipele ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba ikaegile ka botlhale jwa batho e bile ba dira dilo go ya ka se bone ba akanyang gore se siame. Fa batho ba ne ba busiwa ke Bakanana ba ne ba dira dilo tse di makgapha tse di jaaka go tlhakaneladikobo ga ba masika, ga batho ba bong jo bo tshwanang le go tlhakaneladikobo le diphologolo, go ntsha bana ditlhabelo le kobamelo ya medingwana. (Lefi. 18:6, 21-25) Mo godimo ga moo, baeteledipele ba Babelona le ba Egepeto ba ne ba sa ikobele melao e e dumalanang le saense e e kaga bophepa e Modimo a neng a e neile Baiseraele. (Dipa. 19:13) Go farologana le bone, baeteledipele ba ba ikanyegang ba Iseraele, ba ne ba rotloetsa batho gore ba obamele Jehofa ka boikanyegi le gore ba nne phepa mo boitsholong le mo mmeleng. Eleruri Jehofa ke ene a neng a ba kaela.

14. Ke eng fa Jehofa a ile a otlhaya baeteledipele bangwe?

14 Dikgosi dingwe tsa kwa Iseraele di ne di sa ikobele melao ya Modimo. Dikgosi tseo di ne di gana go kaelwa ke moya o o boitshepo, baengele le Lefoko la Modimo. Mo maemong mangwe, Jehofa o ne a ba otlhaya kgotsa a tlhoma ba bangwe. (1 Sam. 13:13, 14) Ka nako ya gagwe, o ne a tlhoma mongwe yo o neng a tla gaisa banna ba a neng a kile a ba dirisa.

JEHOFA O TLHOMA MOETELEDIPELE YO O ITEKANETSENG

15. (a) Baporofeti ba ne ba bontsha jang gore Jehofa o ne a tla tlhoma moeteledipele yo o kgethegileng? (b) Moeteledipele yoo e ne e le mang?

15 Jehofa o ne a bolelela pele gore o ne a tla tlhoma mongwe yo o kgethegileng yo o neng a tla etelela pele batho ba gagwe. Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Jehofa Modimo wa gago o tla go tsosetsa moporofeti yo o tswang mo gare ga gago, mo go bomorwarrago, yo o tshwanang le nna—lo mo reetse.” (Dute. 18:15) Isaia o ne a bolelela pele gore motho yoo o ne a tla nna “moeteledipele le molaodi.” (Isa. 55:4) Mme Daniele o ne a kwala kaga go tla ga ga “Mesia, Moeteledipele.” (Dan. 9:25) Kgabagare Jesu Keresete o ne a re ke “Moeteledipele” wa batho ba Modimo. (Bala Mathaio 23:10.) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo ikobela ka pelo yotlhe e bile ba ne ba tlhomamisegile gore o tlhophilwe ke Jehofa. (Joh. 6:68, 69) Ke eng se se neng se ba tlhomamisetsa gore Jehofa o ne a dirisa Jesu Keresete go kaela batho ba gagwe?

16. Ke eng se se neng se bontsha gore Jesu o ne a thusiwa ke moya o o boitshepo?

16 Moya o o boitshepo o ne wa thusa Jesu. Fa Jesu a ne a kolobediwa, Johane Mokolobetsi o ne a bona “magodimo a kgaogana, le moya o fologela mo go ene jaaka lephoi.” Morago ga moo, “moya wa patelela [Jesu] go tsena mo nageng.” (Mar. 1:10-12) Fa Jesu a ntse a rera mo lefatsheng, moya o o boitshepo o ne o mo thusa go dira dikgakgamatso le gore a bue ka taolo e Modimo a mo neileng yone. (Dit. 10:38) Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo o ne wa dira gore Jesu a nne le dinonofo tse di molemo, tse di akaretsang lorato, boipelo le tumelo e e nonofileng. (Joh. 15:9; Baheb. 12:2) Ga go na moeteledipele yo mongwe yo o neng a bontsha sentle jalo gore o thusiwa ke moya o o boitshepo. Jesu o ne a tlhophilwe ke Jehofa.

Baengele ba ile ba thusa Jesu jang fa a sena go kolobediwa? (Bona serapa 17)

17. Baengele ba ile ba thusa Jesu jang?

17 Baengele ba ne ba thusa Jesu. Fa Jesu a sena go kolobediwa, ‘baengele ba ne ba tla mme ba simolola go mo direla.’ (Math. 4:11) Diura di le mmalwa pele Jesu a tlhokafala, ‘moengele o ne a tswa kwa legodimong, a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha.’ (Luke 22:43) Jesu o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla romela baengele gore ba mo thuse go dira thato ya Modimo.—Math. 26:53.

18, 19. Lefoko la Modimo le ne le kaela jang se Jesu a neng a se dira le se a neng a se ruta?

18 Jesu o ne a kaelwa ke Lefoko la Modimo. Go tloga fela ka nako ya fa Jesu a ne a simolola go rera, o ne a letla Dikwalo gore di mo kaele. (Math. 4:4) Tota e bile, o ne a ikobela Lefoko la Modimo mo a neng a dumela go swela mo koteng ya tlhokofatso. Tota le mo mafokong a gagwe a bofelo o ne a nopola boporofeti jo bo kaga Mesia. (Math. 27:46; Luke 23:46) Go farologana le Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba nako eo ba ne ba itlhokomolosa Molao wa Modimo fa o ne o sa dumalane le dithuto tsa bone. Jesu o ne a bua jaana ka bone a nopola mafoko a ga Jehofa a a neng a buiwa ke Isaia: “Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, le fa go ntse jalo pelo ya bone e katogetse kgakala le nna. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.” (Math. 15:7-9) Ruri Jehofa o ne a ka se tlhophe banna bao gore ba etelele pele batho ba gagwe!

19 Jesu o ne a letla Lefoko la Modimo gore le kaele se a se dirang le se a se rutang. Fa batho ba ne ba ganetsana ka dikgang dingwe tsa bodumedi, Jesu o ne a sa ikaege ka botlhale kgotsa maitemogelo a gagwe, go na le moo, o ne a dirisa Lefoko la Modimo gore le kgaole kgang. (Math. 22:33-40) Jesu ga a ka a fetsa bareetsi ba gagwe pelo ka dikgang tse di sa feleng tsa botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong kgotsa tsa fa go ne go bopiwa lobopo, go na le moo, o ne “a bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:32, 45) Jesu o ne a rata Lefoko la Modimo e bile o ne a itumelela go bolelela ba bangwe ka lone.

20. (a) Jesu o ile a tlotlomatsa Modimo jang? (b) Tsela e Jesu le Herode Ageripa I ba neng ba farologane ka yone e re ruta eng ka batho ba Jehofa a ba tlhophang gore e nne baeteledipele?

20 Le fa gone Jesu a ne a bolelela bareetsi ba gagwe “mafoko a a ipedisang,” o ne a tlotlomatsa Morutisi wa gagwe e bong Jehofa. (Luke 4:22) Nako nngwe fa monna mongwe yo o humileng a ne a leka go tlotlomatsa Jesu ka go mmitsa “Moruti yo o Molemo,” Jesu o ne a mo araba jaana ka boikokobetso: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.” (Mar. 10:17, 18) Ruri Jesu o ne a farologane le Herode Ageripa I yo o neng a nna kgosi kgotsa moeteledipele wa Judea dingwaga di ka nna robedi moragonyana! Kwa moletlong mongwe, Herode o ne a apara “diaparo tsa segosi.” E re ka batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba mo rata, ba ne ba goa jaana: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Go bonala Herode a ne a itumeletse go tlotlomadiwa mme “ka ponyo ya leitlho moengele wa ga Jehofa a mo itaya, ka gonne o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo; a jewa ke diboko mme a swa.” (Dit. 12:21-23) Ga go na motho ope yo o lebang dilo sentle yo o neng a ka tsaya gore Jehofa o ne a tlhophile Herode go nna moeteledipele. Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a bontsha gore o tlhophilwe ke Modimo e bile o ne a tlotla Jehofa ka metlha e re ka e le ene Moeteledipele yo Mogolo wa batho ba gagwe.

21. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Jesu o ne a sa tle go busa dingwaga di le mmalwa fela. O ne a bua jaana fa a sena go tsosiwa mo baswing: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:18-20) Le fa go ntse jalo, e re ka Jesu e le sebopiwa sa semoya kwa legodimong, o ne a tla kaela batho ba Modimo mo lefatsheng jang? Jehofa o ne a tla dirisa mang gore a thuse Jesu go kaela batho ba gagwe? Mme Bakeresete ba ne ba tla kgona go lemoga jang baemedi ba Modimo? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

^ ser. 12 E ka tswa e ne e le mokwalo wa ntlhantlha o o neng o kwadilwe ke Moshe.