Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Solegetswe Molemo ke go Tsamaya le Batho ba ba Botlhale

Ke Solegetswe Molemo ke go Tsamaya le Batho ba ba Botlhale

E NE e le mo mosong kwa Brookings, South Dakota kwa U.S.A, mme go ne go na le pheswana e e tsididi e e neng e re gopotsa gore mariga a ne a itelekela. Tota o ka gakgamalela go itse gore go ntse go le tsididi jalo, re ne re eme re le setlhophanyana mo ntlwaneng e e tsididi ya diruiwa, re roroma! Re ne re eme fa pele ga tanka e diruiwa di nwelang metsi mo go yone e e neng e na le metsi a a tsididi! Mma ke go tlotlele ka botshelo jwa me gore o tle o itse lebaka la go bo re ne re le mo ntlwaneng eo e e tsididi.

LELAPA LA GAETSHO

Rre le rangwane Alfred

Ke tshotswe ka March 7, 1936 mme ke ne ke le gofejane mo lelapeng la bana ba le banê. Re ne re nna mo polasing e nnye e e neng e le kwa botlhaba jwa South Dakota. Tiro ya mo polasing e ne e le botlhokwa mo botshelong jwa rona mme gone e ne e se selo sa botlhokwa thata. Batsadi ba me ba kolobeditswe ka 1934, ba ne ba ineetse mo go Jehofa, ka jalo, go dira thato ya Modimo e ne e le selo se se botlhokwa thata mo go bone. Rre e bong Clarence le rangwane Alfred, e ne e le batlhanka ba khamphani (gone jaanong motlhanka wa khampani o bidiwa morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane) mo phuthegong ya rona kwa Conde, South Dakota.

Go ya dipokanong tsa Bokeresete le go tsamaya ka ntlo le ntlo re bolelela batho ba bangwe ka tsholofelo ya mo isagweng e e mo Baebeleng, e ne e le selo se re neng re se dira ka metlha. Sekao se se molemo sa batsadi ba rona le thapiso ya bone di ne tsa re tlhotlheletsa ka tsela e e molemo fela thata. Nna le kgaitsadiake e bong Dorothy, re ne ra nna baboledi ba Bogosi fa re ne re na le dingwaga di le thataro. Ka 1943, ke ne ka ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se e neng e le karolo e ntšha ya dipokano tsa rona.

Fa ke le mmulatsela ka 1952

Re ne re rata dikopano tse dikgolo le tse dinnye fela thata. Mokaulengwe Grant Suiter o ne a laleditswe go tla go neela puo kwa kopanong ya 1949 kwa Sioux Falls, South Dakota. Ke sa ntse ke gopola setlhogo sa puo ya gagwe se se reng, “O Tla Thanya lo le Tsebeng!” O ne a gatelela ntlha ya gore Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba tshwanetse go dirisa matshelo a bone go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo jo bo tlhomilweng. Puo eo e ne ya ntlhotlheletsa gore ke ineele mo go Jehofa. Kwa kopanong ya potologo e e latelang kwa Brookings ka November 12, 1949, ke ne ke le mongwe wa batho ba le banê ba ba neng ba kolobediwa mo tankeng ele e ke buileng ka yone pelenyana.

Morago ga go kolobediwa ke ne ka ipeela mokgele wa go nna mmulatsela. Ke simolotse go nna mmulatsela ka January 1, 1952 ke le dingwaga di le 15. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale” mme go na le batho ba ba botlhale mo lelapeng la gaetsho ba ba ileng ba ema nokeng tshwetso ya me ya go nna mmulatsela. (Dia. 13:20) Rangwane Julius, yo o neng a le dingwaga di le 60 e bile e le mmulatsela, o ne a bereka le nna mo bodireding. Le fa gone re ne re sa lekane, re ne re itumelela go bereka mmogo. E re ka a ne a na le maitemogelo a mantsi a botshelo, ke ne ka ithuta go le gontsi tota mo go ene. Go ise go ye kae, Dorothy le ene o ne a nna mmulatsela.

GO THUSIWA KE BALEBEDI BA POTOLOGO

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, batsadi ba me ba ne ba rata go amogela balebedi ba potologo le basadi ba bone kwa gae. Banyalani bangwe ba ba ileng ba nthusa thata ke Jesse le Lynn Cantwell. Ke bone ba neng ba nkgothaletsa go nna mmulatsela. Tsela e ba neng ba nkgothatsa ka yone e ne ya dira gore ke batle go ipeela mekgele mo tirelong ya Modimo. Fa ba ne ba etela diphuthego tse di neng di le gaufi le phuthego ya rona, ba ne ba tle ba nkope gore ke tsamaye le bone mo bodireding. Ruri tseo e ne e le dinako tse di itumedisang le tse di kgothatsang!

Fa boora Cantwell ba sena go tsamaya, go ne ga tla Bud Miller le mosadi wa gagwe e bong Joan. Ka nako eo, ke ne ke le dingwaga di le 18 e bile ke lebane le kgwetlho ya go tsenela bosole. Komiti e e thapang batho ba ba yang bosoleng ya mo lefelong la rona e ne ya nkwadisa mme ke ne ke sa rate tshwetso eo ka gonne e ne e sa dumalane le taelo ya ga Jesu ya gore balatedi ba gagwe ga ba a tshwanela go tsaya letlhakore mo dipolotiking. Tota nna ke ne ke batla go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Joh. 15:19) Ka jalo, ke ne ka tsenya kopo ya go kwadisiwa jaaka moruti.

Go ne ga nkama pelo fa Mokaulengwe Miller a ne a ithaopela go tsamaya le nna go ya go kopana le komiti eo ya sesole. E ne e le motho wa batho e bile a le pelokgale. Le nna ke ne ka nna pelokgale ka gonne monna yono yo o boifang Modimo o ne a nkeme nokeng! Kopo ya me e ne ya atlega mme ka 1954, komiti eo e ne ya nkwadisa jaaka moruti. Seno se ne sa nthusa gore ke kgone go fitlhelela mokgele o mongwe gape mo tirelong ya Modimo.

Fa ke simolola go direla kwa Bethele, ke eme fa thoko ga lori ya kwa polasing

Ka nako eo, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa Bethele mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa polasing e e neng e bidiwa Watchtower Farm, kwa Staten Island, New York. Ke ne ka direla koo dingwaga di ka nna tharo. Seo se ne sa dira gore ke nne le dinako tse di monate ka gonne ke ne ke bereka le batho ba le bantsi ba ba botlhale.

GO DIRELA KWA BETHELE

Nna le Mokaulengwe Franz kwa seteisheneng sa WBBR

Kwa polasing ya kwa Staten Island go ne go na le seteishene sa radio sa Basupi ba ga Jehofa se se neng se bidiwa WBBR. Ba ne ba se dirisa go tloga ka 1924 go fitlha ka 1957. Maloko a Bethele a le 15 go ya go a le 20 a ne a abetswe go direla kwa polasing eo. Bontsi jwa rona re ne re le basha e bile re se na maitemogelo a mantsi. Mme re ne re dira le Eldon Woodworth, mokaulengwe yo o godileng wa motlodiwa. O ne a le botlhale eleruri. E ne e le rre yo o molemo yo o neng a dira gore re tlhagafalele go nonotsha kamano ya rona le Jehofa. Fa ka dinako dingwe re lebana le mathata ka ntlha ya makoa a ba bangwe, Mokaulengwe Woodworth o ne a tle a re, “Ruri go a gakgamatsa go bona dilo tse Morena a di fitlheletseng a dirisa batho ba ba sa itekanelang.”

Harry Peterson o ne a tlhagafaletse bodiredi

Gape re ne re bereka le Mokaulengwe Frederick W. Franz. Botlhale jwa gagwe le tsela e a neng a itse Dikwalo ka yone di ne tsa re thusa fela thata e bile o ne a re kgatlhegela rotlhe. Re ne re apeelwa ke Harry Peterson, go ne go le motlhofo go mmitsa jalo go na le go mmitsa ka sefane sa gagwe sa mmatota e bong Papargyropoulos. Le ene e ne e le motlodiwa e bile o ne a tlhagafaletse bodiredi. O ne a dira tiro ya gagwe kwa Bethele ka botswapelo mme gone ga a ise a ko a goge dinao mo bodireding. Kgwedi le kgwedi o ne a tsamaisa dimakasine di le makgolokgolo. E re ka a ne a itse Dikwalo thata, o ne a tlhola a araba dipotso tse dintsi tse re neng re mmotsa tsone.

GO ITHUTA MO BOKGAITSADING BA BA BOTLHALE

Dijo tse di lemilweng di ne di isiwa kwa bodirelong jo bo mo go yone polasi eno gore di tsenngwe le go bolokiwa mo dithineng. Ngwaga le ngwaga lelapa la Bethele le ne le bolokelwa dilitara di le 42 600 tsa maungo le merogo mo dithineng. Ke ne ke itumelela go bereka le kgaitsadi mongwe yo o botlhale e bong Etta Huth mo tirong eno. O ne a abetswe go dira diresipi tse re neng re di dirisa go tsenya dijo mo dithineng. Ka nako ya go dira tiro eno, bokgaitsadi ba mo diphuthegong tse di gaufi ba ne ba tla go re thusa mme Etta o ne a rulaganya tiro ya bone. Le fa gone Etta a ne a ikarabelela ka tiro eno, ka metlha o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go tlotla bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele mo polasing. Ke ne ke mo leba e le sekao se se molemo sa go ikobela bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong.

Ke na le Angela le Etta Huth

Angela Romano e ne e le mongwe wa bokgaitsadi ba basha ba ba neng ba thusa mo tirong eo. Etta o ile a mo thusa fa a ne a simolola go ithuta boammaaruri. Ka jalo, fa ke ne ke direla kwa Bethele, ke ile ka kopana le kgaitsadi yono yo o botlhale mme gone jaanong re na le dingwaga di le 58 re nyalane. Nna le Angie re ne ra nyalana ka April 1958 mme re ile ra itumelela ditshiamelo di le dintsi mo tirelong ya ga Jehofa. Fa e sa le re nyalana, tsela e Angie a ikanyegang mo go Jehofa ka yone, e ile ya nonotsha lenyalo la rona. Ke a itse gore nka mo ikanya le fa re ka lebana le diteko dipe fela.

TIRO YA BORONGWA LE YA POTOLOGO

Fa dikago tsa WBBR kwa Staten Island di sena go rekisiwa ka 1957, ke ne ka direla kwa Bethele e e kwa Brooklyn ka nakwana. Morago ga moo, ke ne ka nyalana le Angie mme ka tswa mo Bethele. Re ne ra nna babulatsela dingwaga di ka nna tharo kwa Staten Island. Ke ne ke bereka kwa seteisheneng sa radio sa WPOW se pele e neng e le WBBR.

Re ne re tshela botshelo jo bo sa raraanang gore re nne re ipaakanyeditse go ya go direla gongwe le gongwe kwa re tlhokegang teng. Ka jalo, ka 1961, re ne ra amogela kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Falls City, kwa Nebraska. Nakonyana morago ga moo, re ne ra lalediwa go ya Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa South Lansing, New York se ka nako eo se neng se tsaya kgwedi. Re ne ra itumelela sekolo seo mme re ne re akanya gore re tla dirisa thapiso eo kwa Nebraska. Ka jalo re ne ra gakgamala fa re ne re abelwa go ya go nna barongwa kwa Cambodia! Naga eno e e kwa Borwabotlhaba Jwa Asia e na le mafelo a mantle a re sa a tlwaelang, mmino le menko tse re neng re ise re ko re di utlwe. Re ne re swegaswega pelo go rera dikgang tse di molemo koo.

Le fa go ntse jalo, maemo a dipolotiki kwa Cambodia a ne a fetoga mme re ne ra tshwanelwa ke go fudugela kwa South Vietnam. Ka maswabi, morago ga dingwaga di le pedi, ke ne ka lwala thata mme re ne ra kgothalediwa go boela gae. Ke ne ke tlhoka go ikoka, mme fa ke sena go fola, re ne ra tsenela tirelo ya nako e e tletseng gape.

Nna le Angela ka 1975 pele ga re botsolodiwa mo thelebisheneng

Ka March 1965 ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna molebedi wa potologo mme ra simolola go etela diphuthego. Ke ne ka itumelela go nna molebedi wa potologo le wa kgaolo dingwaga di le 33 go akaretsa le go rulaganya dikopano. Ga ke bolo go rata dikopano, ka jalo, ke ne ke itumelela go nna le seabe mo tirong ya go di rulaganya. Re ne ra potologa mo New York City dingwaga di le mmalwa mme dikopano dingwe di ne di tshwarelwa kwa Yankee Stadium.

BETHELE LE DIKOLO TSA PUSO YA MODIMO

Fela jaaka Bakeresete ba le bantsi ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng, re ne ra nna le dikabelo tse di kgatlhang mme ka dinako tse dingwe go se motlhofo go di dira. Ka sekai, ka 1995, ke ne ka abelwa go ya go ruta mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Morago ga dingwaga di le tharo, re ne ra lalediwa go ya Bethele. Go ne go itumedisa tota go boela kwa ke simolotseng gone dingwaga di le 40 tse di fetileng. Ke ne ke bereka kwa Lefapheng la Tirelo ka nakwana e bile ke le motlhatlheledi mo dikolong di le mmalwa. Ka 2007, Setlhopha se se Laolang se ne sa kopanya dikolo tsotlhe tsa Bethele mo lefapheng le lesha le le bidiwang Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo mme ke ne ka nna molebedi wa lephata leo dingwaga di le mmalwa.

Go nnile le diphetogo di le dintsi mo dikolong tsa puso ya Modimo. Sekolo sa Bagolwane ba Phuthego se ne sa tlhomiwa ka 2008. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang, go ne ga thapisiwa bagolwane ba feta 12 000 kwa Patterson le kwa Bethele ya Brooklyn. Sekolo seo se tshwarwa le kwa mafelong a mangwe mme go na le bakaulengwe ba ba thapiseditsweng go ruta mo go sone. Ka 2010, Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se ne sa bidiwa Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang mme go ne ga tlhomiwa sekolo se sesha se se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete.

Fa ngwaga wa tirelo wa 2015 o simologa, dikolo tseo tse pedi di ne tsa kopanngwa go nna Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Kwa sekolong seno go lalediwa banyalani, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong. Bakeresete ba le bantsi ba ne ba itumelela go utlwa gore sekolo seno se ne se tla tshwarelwa kwa makaleng a le mantsi. Ruri go a itumedisa go bo go na le ditshono tse di oketsegileng tsa go ithuta kwa dikolong tsa puso ya Modimo e bile ke itumelela go bo ke ile ka kopana le Bakeresete ba le bantsi ba ba ileng ba ithaopela go tsenela dikolo tseo.

Fa ke akanya ka kwa ke tswang gone pele ke kolobediwa go tla go fitlha jaanong, ke leboga Jehofa ka ntlha ya batho ba ba botlhale ba ba ileng ba nthusa go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri. Ba ne ba sa lekane le nna ka dingwaga e bile ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba rata Modimo fela thata. Mme seno se ne se bonala mo ditirong tsa bone le mo tseleng e ba lebang dilo ka yone. Go na le batho ba le bantsi ba ba botlhale ba re ka tsamayang le bone mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke ile ka dira jalo mme ke solegetswe molemo fela thata.

Ke itumelela go kopana le Bakeresete ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba ba tlileng mo dikolong