Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Se o Se Ikanelang, se Diragatse”

“Se o Se Ikanelang, se Diragatse”

“O tshwanetse go duela maikano a gago mo go Jehofa.”—MATH. 5:33.

PINA: 63, 59

1. (a) Moatlhodi Jefetha le Hana ba ne ba tshwana ka eng? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.) (b) Re tla araba dipotso dife mo setlhogong seno?

JEFETHA e ne e le moeteledipele le motlhabani yo o pelokgale; Hana e ne e le mosadi yo o boikobo e bile a tlhokomela ba lelapa la gagwe ka tsela e e molemo. Moatlhodi Jefetha le mosadi wa ga Elekana e bong Hana ba ne ba obamela Modimo a le mongwe, le fa go ntse jalo, ke eng gape se ba neng ba tshwana ka sone? Boobabedi ba ne ba diretse Modimo maikano e bile ba ile ba a diragatsa. Batho ba ba tlhophang go direla Jehofa maikano, ba ka ithuta go le gontsi mo go Jefetha le Hana. Mme gone, go tsoga dipotso dingwe tsa botlhokwa: Maikano ke eng? Go direla Modimo maikano go masisi go le kana kang? Re ka ithuta eng mo go Jefetha le Hana?

2, 3. (a) Maikano ke eng? (b) Dikwalo di a reng ka go direla Modimo maikano?

2 Baebele e tlhalosa gore maikano ke tshwetso e e masisi e o e solofetsang Modimo. Fa o dira maikano, o solofetsa Modimo gore o tla dira sengwe, o tla tsenela tirelo nngwe, o tla ntsha mpho nngwe kgotsa o tla tila go dira dilo dingwe. Motho ke ene a itirelang tshwetso ya go dira maikano, ga a patelediwe ke ope. Le fa go ntse jalo, maikano a boitshepo e bile Modimo o lebeletse gore re a diragatse ka gonne go a dira go tshwana le fa motho a ikana semolao gore o tla dira sengwe kgotsa ga a kitla a se dira. (Gen. 14:22, 23; Baheb. 6:16, 17) Dikwalo di a re go direla Modimo maikano go masisi go le kana kang?

3 Molao wa ga Moshe o ne o re: ‘Fa go direga gore motho a ikane mo go Jehofa kgotsa gore a bofe moya wa gagwe ka maikano . . . , a se ka a tlola lefoko la gagwe. A dire go ya ka sotlhe se se duleng mo molomong wa gagwe.’ (Dipa. 30:2) Moragonyana Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Le fa e le leng fela fa o direla Modimo maikano, o se ka wa okaoka go a diragatsa, gonne dimatla ga di [mo] kgatlhe. Se o se ikanelang, se diragatse.” (Mor. 5:4) Jesu o ne a bontsha gore go dira maikano ke selo se se masisi fa a ne a re: “Ba dinako tsa bogologolo tala ba ne ba tewa ga twe, ‘O se ka wa ikana mme o bo o sa dire, o tshwanetse go duela maikano a gago mo go Jehofa.’”—Math. 5:33.

4. (a) Go direla Modimo maikano go masisi go le kana kang? (b) Re tlile go ithuta eng ka Jefetha le Hana?

4 Ga go pelaelo gore go solofetsa Modimo sengwe ke kgang e e masisi. Tsela e re lebang maikano a rona ka yone, e ka nonotsha kamano ya rona le Jehofa kgotsa ya e senya. Dafide o ne a re: “Ke mang yo o ka tlhatlogelang mo thabeng ya ga Jehofa, mme ke mang yo o ka emang mo lefelong la gagwe le le boitshepo? Ope fela . . . yo o sa isang moya wa Me [Jehofa] kwa dilong tse di se nang mosola, le fa e le go dira ikano ka tsietso.” (Pes. 24:3, 4) Jefetha le Hana ba ne ba dira maikano afe, mme a go ne go le motlhofo gore ba a diragatse?

BA DIRAGADITSE MAIKANO A BONE KA BOIKANYEGI

5. Jefetha o ne a dira maikano afe, mme go ne ga direga eng?

5 Jefetha o ne a diragatsa maikano a a neng a a diretse Jehofa fa a ne a ya go lwantsha Baamona ba ba neng ba bogisa batho ba Modimo. (Baatlh. 10:7-9) E re ka Jefetha a ne a batla go fenya ntwa eo, o ne a ikana jaana: “Fa ruri o ka tsenya bomorwa Amona mo seatleng sa me, foo go tla diragala gore yo o tla tswang, yo o tswang ka dikgoro tsa ntlo ya me a tla go nkgatlhantsha fa ke boa ka kagiso kwa go bomorwa Amona, o tla nna wa ga Jehofa.” Go ne ga direga eng? Baamona ba ne ba fenngwa mme morwadie Jefetha ke ene wa ntlha go kgatlhantsha Jefetha fa a ne a boa kwa ntweng. Ke ene a neng a “tla nna wa ga Jehofa.” (Baatlh. 11:30-34) Seno se ne se raya eng?

6. (a) A go ne go le motlhofo gore Jefetha le morwadie ba diragatse maikano a bone? (b) Duteronome 23:21, 23 le Pesalema 15:4 di go ruta eng ka go direla Modimo maikano?

6 Morwadia Jefetha o ne a tshwanetse go direla Jehofa ka nako e e tletseng kwa lefelong le le boitshepo e le go diragatsa maikano a ga rraagwe. A seno se raya gore Jefetha o ne a sa akanyetsa sentle maikano a a a dirileng? Nnyaa, ka gonne a ka tswa a ne a itse gore morwadie e ka nna ene a ka tlang go mo kgatlhantsha. Le fa go ntse jalo, boemo jono bo ne bo le thata tota mo go bone, ba ne ba tla tshwanelwa ke go intsha setlhabelo ka tsela e e kgolo. Fa Jefetha a bona morwadie, o ne a “gagolaka diaparo tsa gagwe” a bo a re pelo ya gagwe e rotha madi. Morwadie o ne a “lelela bokgarebane jwa gagwe.” Ka ntlha yang? Jefetha o ne a se na ngwana wa mosimane e bile morwadie a le nosi fela o ne a se kitla a nyalwa le go tshola bana. Go ne go se na ope yo o neng a tla nna moruaboswa wa ga Jefetha le go tsweledisa leina la gagwe. Le fa go ntse jalo, seo e ne e se sone selo sa botlhokwa mo go Jefetha. O ne a re: “Ke buletse Jehofa molomo wa me, mme ga ke kgone go boela morago.” Mme morwadie o ne a re: “Ntirela go ya ka se se duleng mo molomong wa gago.” (Baatlh. 11:35-39) Jefetha le morwadie ba ne ba ikanyega e bile ba ne ba ikemiseditse go diragatsa maikano a ba neng ba a diretse Modimo go sa kgathalasege gore seno se ne se tla dira gore ba latlhegelwe go le kana kang.—Bala Duteronome 23:21, 23; Pesalema 15:4.

7. (a) Hana o ne dira maikano afe mme ka ntlha yang, mme go ne ga direga eng? (b) Maikano a ga Hana a ne a ama Samuele jang? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

7 Hana le ene o ne a diragatsa maikano a a neng a a diretse Jehofa ka boikanyegi. O ne a dira maikano ao fa a ne a tshwenyegile thata e bile a hutsafetse ka gonne e ne e le moopa e bile o ne a nna a kgobiwa ka mafoko. (1 Sam. 1:4-7, 10, 16) Hana o ne a bulela Jehofa mafatlha mme a ikana jaana: “Ao Jehofa wa masomosomo, fa ruri o ka leba pogisego ya lelata la gago mme wa nkgakologelwa ruri, mme wa se ka wa lebala lelata la gago mme ruri wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le tla mo tlhogong ya gagwe.” * (1 Sam. 1:11) Jehofa o ne a araba thapelo eo, mme Hana a tshola ngwana wa gagwe wa ntlha wa mosimane. O ne a itumela tota! Le fa go ntse jalo, ga a ka lebala maikano a a a diretseng Modimo. Fa a sena go tshola morwawe, o ne a re: “Ke mo kopile mo go Jehofa.”—1 Sam. 1:20.

8. (a) A go ne go le motlhofo gore Hana a diragatse maikano a gagwe? (b) Mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 61 a go gopotsa jang sekao se se molemo sa ga Hana?

8 Fa Samuele a sena go kgwisiwa a na le dingwaga di ka nna tharo, Hana o ne a diragatsa maikano a gagwe. O ne a se pelopedi. O ne a isa Samuele kwa Moperesiting yo Mogolo e bong Eli kwa motlaaganeng wa kwa Shilo mme o ne a re: “Ke ne ke rapela ka ga mosimane yo gore Jehofa a nneye topo ya me e ke e kopileng mo go ene. Mme le nna ke mo adimile Jehofa. Mo malatsing otlhe a go nna gone ga gagwe, ke yo o lopetsweng Jehofa.” (1 Sam. 1:24-28) Kwa motlaaganeng, “mosimane Samuele [o ne a] tswelela a gola fa pele ga ga Jehofa.” (1 Sam. 2:21) Mme gotweng ka Hana? Hana o ne a rata morwawe fela thata, mme gone, o ne a ka se kgone go mmona a gola letsatsi le letsatsi. Ga go pelaelo gore o ne a eletsa go mo tlamparela, go tshameka le ene le go mo tlhokomela, le go nna le dinako tse di monate tse mmê mongwe le mongwe yo o lorato a di itumelelang fa a ntse a bona ngwana wa gagwe a gola. Le fa go ntse jalo, Hana ga a ka a ikwatlhaela go diragatsa maikano a gagwe. O ne a itumelela go diragatsa maikano a a a diretseng Jehofa.—1 Sam. 2:1, 2; bala Pesalema 61:1, 5, 8.

A o diragatsa maikano a o a diretseng Jehofa?

9. Re tla sekaseka dipotso dife?

9 E re ka jaanong re tlhaloganya gore go masisi go le kana kang go direla Modimo maikano, a re sekasekeng dipotso tseno: Ke maikano afe a Bakeresete ba ka a dirang? Mme re tshwanetse go ikemisetsa go le kana kang go diragatsa maikano a rona?

MAIKANO A GAGO A GO INEELA MO GO JEHOFA

Maikano a go ineela mo go Jehofa (Bona serapa 10)

10. Maikano a a botlhokwa thata a Mokeresete a ka a dirang ke afe, mme a akaretsa eng?

10 Maikano a a botlhokwa thata a Mokeresete a ka a dirang ke a go ineela mo go Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Mokeresete yoo o rapela Jehofa mo sephiring, mme o mo solofetsa gore o tla mo direla botshelo jwa gagwe jotlhe le fa a ka lebana le maemo afe. Fa re dirisa mafoko a ga Jesu go tlhalosa ntlha eno, re ka re Mokeresete yoo o a ‘iitatola,’ ga a tlhole a itshelela, mme o ikana gore o tla dira gore thato ya Modimo e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa gagwe. (Math. 16:24) Go tloga ka letsatsi leo, ‘ke wa ga Jehofa.’ (Bar. 14:8) Mongwe le mongwe yo o dirang maikano a gore o ineela mo go Jehofa, o tshwanetse go a tsaya a le masisi fela jaaka mopesalema yo o neng a bua jaana ka maikano a a a diretseng Modimo: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna? Ke tla diragatsa maikano a me mo go Jehofa, ee, fa pele ga batho ba gagwe botlhe.”—Pes. 116:12, 14.

11. Go ne ga direga eng fa o ne o kolobediwa?

11 A o ineetse mo go Jehofa le go bontsha boineelo jwa gago phatlalatsa ka go kolobediwa? Fa e le gore o dirile jalo, go a itumedisa! Gopola gore fa o ne o kolobediwa o ne wa bodiwa fa pele ga batho gore a o ineetse mo go Jehofa le gore a o tlhaloganya gore “go ineela ga gago le go kolobediwa go supa gore o Mosupi wa ga Jehofa le gore o ikopanya le phuthego ya Modimo e e kaelwang ke moya.” Karabo ya gago e ne e bontsha batho botlhe gore o ineetse ka pelo yotlhe e bile e ne e bontsha gore o tshwanelegela go kolobediwa go nna modiredi wa ga Jehofa. Ga go pelaelo gore seno se ne sa itumedisa Jehofa tota!

12. (a) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (b) Ke dinonofo dife tse Petere a reng re tshwanetse go nna le tsone?

12 Le fa go ntse jalo, ga go reye gore fa o sena go kolobediwa o feditse go diragatsa maikano a gago. Fa o sena go kolobediwa, o tshwanetse go tswelela o tshelela boineelo jwa gago ka go direla Modimo ka boikanyegi. Ka jalo, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Fa e sa le ke kolobediwa, a tsela e ke direlang Jehofa ka yone e ntse e tokafala? A ke sa ntse ke direla Jehofa ka pelo yotlhe? (Bakol. 3:23) A ke a rapela, ke bala Lefoko la Modimo, ke ya dipokanong e bile ke nna le seabe mo bodireding ka metlha? Kgotsa a ga ke tlhole ke tlhagafaletse go dira dilo tseno jaaka pele?’ Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore re ka tila go goga dinao mo kobamelong ya rona fa re ka nonotsha tumelo ya rona ka kitso, boitshoko le boineelo jwa bomodimo.—Bala 2 Petere 1:5-8.

13. Ke eng se Mokeresete yo o kolobeditsweng a tshwanetseng go se gopola?

13 Fa re ineetse mo Modimong, ga re kgone go boela morago, re tshwanetse go diragatsa maikano a rona. Fa motho a lapa go direla Jehofa kgotsa a sa tlhole a batla go nna Mokeresete, ga a ka ke a tlhalosa gore tota o ne a sa ineela mo Modimong le gore go kolobediwa ga gagwe go ne go sa tshwanela. * Tota boammaaruri ke gore, o ne a tlhalosa gore o ineetse mo Modimong ka pelo yotlhe. Ka jalo, o tla ikarabelela mo go Jehofa le mo phuthegong fa a ka dira maleo a a masisi. (Bar. 14:12) E kete re ka dira ka natla gore re se ka ra ‘tlogela lorato lo re neng re na le lone pele.’ Go na le moo, re batla gore Jesu a bue jaana ka rona: “Ke itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago le tumelo le bodiredi le boitshoko, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa pele.” (Tshen. 2:4, 19) A re tsweleleng re diragatsa maikano a re a dirileng fa re ne re ineela mme re itumedise Jehofa.

MAIKANO A GAGO A LENYALO

Maikano a lenyalo (Bona serapa 14)

14. Maikano a mangwe a botlhokwa a motho a ka a dirang ke afe, mme ke ka ntlha yang fa a le botlhokwa?

14 Maikano a mangwe a botlhokwa a motho a ka a dirang ke a lenyalo. Goreng re rialo? Ka gonne lenyalo le boitshepo. Monyadi le monyadiwa ba bua maikano a bone a lenyalo fa pele ga Modimo le batho ba bangwe. Gantsi ba ikana gore ba tla ratana, ba tla tlhokomelana le go tlotlana mme ba tla dira jalo ‘ka lobaka le boobabedi ba tla bong ba tshela mmogo ka lone mo lefatsheng go ya ka thulaganyo ya Modimo ya lenyalo.’ Bangwe ba ka tswa ba sa bua mafoko a a tshwanang le ano kgo!, mme gone ba ikanne fa pele ga Modimo. Mme fa go sena go tlhalosiwa gore ba nyalane semolao, lenyalo la bone le tshwanetse la nnela ruri. (Gen. 2:24; 1 Bakor. 7:39) Jesu o ne a re: “Jalo se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya,” e ka tswa e le banyalani ka bobone kgotsa mongwe o sele. Ka jalo, fa batho ba nyalana, ba tshwanetse go itse gore le fa ba ka nna le mathata, ga ba a tshwanela go tlhalana.—Mar. 10:9.

15. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tsaya tsia botlhokwa jwa lenyalo?

15 Gone ke boammaaruri gore ga go na lenyalo le le se nang mathata ka gonne lenyalo le kopanya batho ba babedi ba ba sa itekanelang. Ke ka moo Baebele e reng ka dinako dingwe banyalani “ba tla nna le pitlagano.” (1 Bakor. 7:28) Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba tseye tsia botlhokwa jwa lenyalo. Fa go tlhaga mathata mo lenyalong, banyalani ga ba leke go rarabolola mathata ao, go na le moo, ba a kgaogana. Le fa go ntse jalo, ga go a siama gore Bakeresete ba dire jalo. Fa banyalani ba sa diragatse maikano a bone a lenyalo, go tla bo go tshwana fela le go aketsa Modimo mme seo ga se a siama ka gonne Modimo o tlhoile maaka! (Lefi. 19:12; Dia. 6:16-19) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A o bofeletswe mo mosading? Tlogela go batla kgololesego.” (1 Bakor. 7:27) Paulo o ne a bua jalo ka gonne o ne a itse gore Jehofa o tlhoile tlhalo e e sa dumalaneng le Dikwalo.—Mal. 2:13-16.

16. Baebele ya reng ka go tlhala le go kgaogana?

16 Jesu o ne a re mabaka a Dikwalo a a ka letlang motho gore a tlhale, ke fela fa molekane yo o diretsweng phoso a tlhopha gore a se ka a itshwarela molekane wa gagwe yo o dirileng boaka. (Math. 19:9; Baheb. 13:4) Mme gotweng ka go kgaogana? Le mo ntlheng eno Baebele e re naya karabo. (Bala 1 Bakorintha 7:10, 11.) Ga go na mabaka ape a mo Baebeleng a a letlang motho gore a kgaogane le molekane wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba bone go tlhokega gore ba kgaogane le balekane ba bone ka gonne balekane bao ba ne ba tsenya botshelo jwa bone mo kotsing kgotsa ba ba thibela go obamela Jehofa. *

17. Banyalani ba Bakeresete ba ka dira jang gore manyalo a bone a nnele ruri?

17 Fa banyalani ba kopa kgakololo mo bagolwaneng malebana le mathata a lenyalo, bagolwane ba tshwanetse go ba botsa gore a ba ile ba leba bidio ya Lorato Lwa Mmatota ke Eng? le gore a ba ithutile mmogo boroutšhara jwa Lelapa la Gago le ka Itumela. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go dira jalo? Ka gonne didirisiwa tseno di bua ka melaometheo ya Baebele e e thusitseng Bakeresete ba le bantsi go nonotsha manyalo a bone. Banyalani bangwe ba ne ba re: “Fa e sa le re ithuta boroutšhara jono, re itumetse thata go feta pele.” Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 22 a nyetswe yo lenyalo la gagwe le neng le tloga le thubega a re: “Roobabedi re kolobeditswe, mme re ne re sa tlhole re ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Ruri bidio eno e ne e le mo nakong! Gone jaanong dilo di re tsamaela sentle tota.” Fa e le gore o mo lenyalong, dirisa melaometheo ya ga Jehofa mo lenyalong la gago. Seo se tla go thusa gore o itumelele go diragatsa maikano a gago a lenyalo.

MAIKANO A BA BA MO TIRELONG E E KGETHEGILENG YA NAKO E E TLETSENG

18, 19. (a) Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba dira eng? (b) Ke eng se o ka se tlhalosang ka ba ba leng mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng?

18 A o lemogile gore ke eng gape se Jefetha le Hana ba neng ba tshwana ka sone? Maikano a bone a ile a felela ka go re bana ba bone ba direle Modimo tirelo e e boitshepo kwa motlaaganeng. Seo se ne sa dira gore ba tshele botshelo jo bo monate, jo bo kgotsofatsang. Gompieno batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba kgothaletsa bana ba bone gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng, le gore ba dire gore go direla Modimo e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa bone. Ba ba ileng ba dira jalo, ruri ba tshwanetse go akgolwa.—Baatlh. 11:40; Pes. 110:3.

Maikano a tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng (Bona serapa 19)

19 Gone jaanong go na le maloko a ka nna 67 000 a Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya Tirelo e e Kgethegileng ya Badiredi ba Nako e e Tletseng ba Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba direla kwa Bethele, ba bangwe ba dira tiro ya go aga kgotsa ya potologo, ba bangwe ke batlhatlheledi ba tshimo, babulatsela ba ba kgethegileng, barongwa mme ba bangwe ba tlhokomela Diholo Tsa Dikopano le dikolo tsa Baebele. Batho bano botlhe ba tshwanetse go tshela go ya ka tumalano e e bidiwang, “Vow of Obedience and Poverty.” Go ya ka tumalano eno ba tshwanetse go dira kabelo nngwe le nngwe e ba e newang mo tirong ya Bogosi, go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go tila go dira tiro ya boitshediso ba sa newa tetla. Tiro e Bakeresete bano ba e dirang ke yone e e kgethegileng, e seng bone. Ba a lemoga gore go botlhokwa go diragatsa maikano a bone fa fela ba sa ntse ba le mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng.

20. Ke eng se re tshwanetseng go se dira “letsatsi le letsatsi” mme ka ntlha yang?

20 Wena o ile wa direla Modimo maikano afe? Ga go pelaelo gore o lemoga gore o tshwanetse go tsaya maikano a o a dirileng masisi. (Dia. 20:25) Go palelwa ke go diragatsa maikano a gago go ka nna le diphelelo tse di masisi. (Mor. 5:6) Ka jalo, a re ‘opelele leina la ga Jehofa pina ka bosaengkae, gore re tle re duele maikano a rona letsatsi le letsatsi,’ ka boitumelo.—Pes. 61:8.

^ ser. 7 Go ya ka maikano a ga Hana, ngwana yoo o ne a tla nna Monasirite. Seno se raya gore o ne a tla ineela mo go Jehofa le go mo direla tirelo e e boitshepo botshelo jwa gagwe jotlhe.—Dipa. 6:2, 5, 8.

^ ser. 13 E re ka bagolwane ba dira ka natla go tlhomamisa gore mongwe o tshwanelegela go kolobediwa, go ka se direge gore motho a kolobediwe go ne go sa tshwanela.

^ ser. 16 Bona setlhogo se se reng, “Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana” se se mo karolong ya Dintlha Tse di Oketsegileng mo bukeng ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.”