Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa “Baagi ba Baeng” Gore ba ‘Direle Jehofa ka go Ipela’

Go Thusa “Baagi ba Baeng” Gore ba ‘Direle Jehofa ka go Ipela’

“Jehofa o disa baagi ba baeng.”—PES. 146:9.

PINA: 84, 73

1, 2. (a) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba lebana le diteko dife? (b) Go tsoga dipotso dife?

MOKAULENGWE mongwe yo o bidiwang Lije a re: “Fa ntwa ya selegae e runya kwa Burundi, nna, batsadi ba me le bana ba kwa gae, re ne re le kwa kopanong. Re ne ra bona batho ba sia mme ba bangwe ba ne ba hulana ka ditlhobolo. Re ne ra tshaba re tshwere dilwana di le mmalwa fela. Bangwe ba lelapa la gaetsho ba ne ba ya kwa kampeng ya batshabi kwa Malawi, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di feta 1 600. Mme rona ba bangwe re ne ra tshabela kwa mafelong a a farologaneng.”

2 Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba tlogetseng magae a bone ka ntlha ya dintwa le pogiso ba feta 65 000 000, e leng palo e e kwa godimo go gaisa e e kwadilweng mo direkotong. * Bangwe ba bone ke Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi. Bontsi jwa bone ba tlhokafaletswe ke batho ba ba ba ratang e bile ba latlhegetswe ke dithoto tsa bone. Bangwe ba bone ba ile ba lebana le dikgwetlho dife? Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi bano gore ba ‘direle Jehofa ka go ipela’ le fa gone ba lebana le diteko? (Pes. 100:2) Mme re ka rerela jang batshabi ba ba iseng ba ithute ka Jehofa?

BOTSHELO JWA MOTSHABI

3. Go tlile jang gore Jesu le barutwa ba gagwe ba le bantsi e nne batshabi?

3 Fa moengele wa ga Jehofa a sena go tlhagisa Josefa gore Kgosi Herode o ne a batla go bolaya Jesu, Josefa le lelapa la gagwe ba ne ba tshabela kwa Egepeto. Ba ne ba nna koo go fitlha Herode a swa. (Math. 2:13, 14, 19-21) Dingwaga di le mmalwa moragonyana, barutwa ba ga Jesu ba bogologolo “ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea” ka ntlha ya pogiso. (Dit. 8:1) Jesu o ne a bonela pele gore bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke go tshaba ba tlogela magae a bone. O ne a re: “Fa ba lo bogisa mo motseng o mongwe, tshabelang kwa go o mongwe.” (Math. 10:23) Go tshaba ga go motlhofo, le fa lebaka la go dira jalo e ka tswa e le lefe.

4, 5. Batshabi ba lebana le dikotsi dife fa (a) ba tshaba? (b) ba nna mo kampeng ya batshabi?

4 Batshabi ba ka nna ba kopana le dikotsi fa ba ntse ba tshaba kgotsa fa ba nna kwa kampeng ya batshabi. Monnawe Lije e bong Gad a re: “Re ne ra tsamaya dibeke di le dintsi e bile ra feta ditopo tse dintsintsi mo tseleng. Ke ne ke na le dingwaga di le 12. Maoto a me a ne a rurugile thata jaana mo ke neng ka kopa ba lelapa la gaetsho gore ba tsamaye mme ba ntlogele. Rre o ne a gana go dira jalo mme a nkuka e re ka a ne a tshaba gore nka tloga ka tlhaselwa ke marabele. Botshelo bo ne bo le thata, ka dinako tse dingwe re ne re ja fela dimenku tse re neng re di kgetlha mo tseleng, mme re ne re thusiwa ke go rapela le go ikanya Jehofa.”—Bafil. 4:12, 13.

5 Bontsi jwa ba lelapa la gaabo Lije ba ne ba nna dingwaga di le dintsi kwa dikampeng tsa batshabi tsa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa sireletsega mo lefelong leo. Lije, yo jaanong e leng molebedi wa potologo a re: “Bontsi jwa batho ba ne ba sa bereke. E re ka ba ne ba se na sepe se ba se dirang, ba ne ba seba, ba nwa, ba betšha, ba utswa e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang.” Basupi ba ba neng ba le mo dikampeng tseo, ba ne ba tshwanetse go tlhagafalela ditiro tsa phuthego gore ba se ka ba tshwaediwa ke ditiro tseo tse di sa siamang. (Baheb. 6:11, 12; 10:24, 25) Bontsi jwa bone ba ne ba dirisa nako ya bone ka botlhale ka go nna babulatsela gore ba nne ba nonofile mo tumelong. Ga ba a ka ba letla seemo seo se ba kgoba marapo, ba ne ba nna ba gopotse gore fela jaaka Baiseraele ba sa nnela ruri kwa nageng, le bone ba ne ba se kitla ba nna mo lefelong leo go ya go ile.—2 Bakor. 4:18.

GO BONTSHA BATSHABI LORATO

6, 7. (a) “Lorato lwa Modimo” lo tlhotlheletsa Bakeresete gore ba tshware jang bakaulengwe ba bone ba ba mo mathateng? (b) Naya sekai.

6 “Lorato lwa Modimo” lo re tlhotlheletsa gore re ratane, segolobogolo ka dinako tsa mathata. (Bala 1 Johane 3:17, 18.) Fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Judea ba ne ba tlhasetswe ke leuba, phuthego e ne ya ba thusa. (Dit. 11:28, 29) Moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ba ne ba kgothaletsa Bakeresete gore ba amogele baeng. (Bar. 12:13; 1 Pet. 4:9) Fa e le gore Bakeresete ba tshwanetse go amogela bakaulengwe ba ba etileng, ruri ba tshwanetse go amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba matshelo a bone a leng mo kotsing kgotsa ba ba bogisiwang ka ntlha ya tumelo ya bone!—Bala Diane 3:27. *

7 Bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba kwa botlhaba jwa Ukraine, ba ile ba tshwanelwa ke go tshaba ka ntlha ya dintwa le go bogisiwa. Ka maswabi, bangwe ba bone ba ne ba bolawa. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba ne ba amogelwa ke Basupi ba bangwe kwa Ukraine mme ba bangwe bone ba ne ba amogelwa ke Basupi ba kwa Russia. Mo dinageng tseno tse pedi, Basupi ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking e re ka ba se “karolo ya lefatshe” e bile ba tswelela ba “bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko” ka tlhagafalo.—Joh. 15:19; Dit. 8:4.

GO THUSA BATSHABI GORE BA NONOTSHE TUMELO YA BONE

8, 9. (a) Batshabi ba ka nna ba lebana le dikgwetlho dife fa ba le kwa dinageng tse dingwe? (b) Ke eng fa re tshwanetse go ba thusa?

8 Batshabi bangwe ba tshabela kwa mafelong a mangwe mo dinageng tsa bone, mme ba bangwe bone ba ya kwa dinageng tse dingwe tse ba sa di tlwaelang. Puso e ka nna ya ba naya dijo, diaparo le marobalo, mme gone, ba ka nna ba tshwanelwa ke go ja dijo tse ba sa di tlwaelang. Bangwe ba bone e ka nna ya bo e le la ntlha ba utlwa serame fa ba le kwa dinageng tseo, ka jalo, ba ka tswa ba sa itse gore ba ka se aparela jang. Fa e le gore ba tswa kwa magaeng, ba ka tswa ba sa itse go dirisa didirisiwa tsa bosheng tsa mo ntlong.

9 Dipuso dingwe di na le dithulaganyo tse di thusang batshabi ba ba fudugetseng mo dinageng tsa bone. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le mmalwa, go lebeletswe gore batshabi ba bo ba setse ba kgona go itlhokomela. Go tlwaela botshelo jo bosha e ka nna kgwetlho e e seng kana ka sepe mo go bone. Akanya o leka go ithuta puo e ntšha le go tlwaela melao e mesha kaga tsela e batho ba itshwarang ka yone, ba dirisang nako ka gone le go tlwaela go duela lekgetho, dikoloto, go isa bana kwa dikolong tse disha le tsela e e farologaneng ya go godisa bana! A o ka kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lebaneng le dikgwetlho tseno?—Bafil. 2:3, 4.

10. Re ka nonotsha jang tumelo ya batshabi ba ba gorogetseng mo lefelong la rona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Mo godimo ga moo, ka dinako dingwe balaodi ba ile ba dira gore go nne thata gore bakaulengwe ba rona ba e leng batshabi ba ikgolaganye le phuthego ya mo lefelong le ba leng mo go lone. Dipuso dingwe di ile tsa tshosetsa bakaulengwe bangwe ka gore ga di kitla di tlhola di ba thusa kgotsa ga di kitla di ba letlelela go nna mo nageng ya tsone fa ba ka gana go amogela tiro e e tla tlhokang gore ba se ka ba ya kwa dipokanong. Bakaulengwe bangwe ba ile ba ineela ka gonne ba ne ba tshogile e bile ba sa itse gore ba dire eng. Ka jalo, go botlhokwa gore re kopane le bakaulengwe ba rona ba e leng batshabi fela fa ba sena go goroga. Ba tshwanetse go bona gore re a ba kgathalela. Tumelo ya bone e ka nonofa fa re ba bontsha lorato le fa re ba thusa.—Dia. 12:25; 17:17.

GO THUSA BATSHABI

11. (a) Kwa tshimologong, batshabi ba ka tlhoka gore re ba thuse ka eng? (b) Batshabi ba ka bontsha kanaanelo jang?

11 Kwa tshimologong, re ka nna ra tlhoka go thusa bakaulengwe bano ba rona ka dijo, diaparo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. * Re ka ba thusa le ka dilo tse dinnye jaaka go naya mokaulengwe mongwe thai. Ruri ba ka anaanela seo thata! Mme fa batshabi ba bontsha gore ba anaanela thuso e ba e newang, ba sa pateletse ba bangwe gore ba ba direle dilo dingwe, seno se tla dira gore bakaulengwe ba itumelele go ba thusa. Gone ke boammaaruri gore fa go feta nako e telele batshabi ba ntse ba thusiwa, seo se ka nna sa dira gore ba itseele kwa tlase e bile se ka nna sa senya kamano ya bone le bakaulengwe ba bangwe. (2 Bathes. 3:7-10) Mme gone, re tshwanetse go ba thusa.

Re ka thusa jang Bakeresetemmogo le rona ba e leng batshabi? (Bona serapa 11-13)

12, 13. (a) Re ka thusa batshabi jang ka dilo tse ba di tlhokang? (b) Naya sekai.

12 Ga re tlhoke go dirisa madi a mantsi fa re thusa batshabi, go na le moo, re tlhoka go fetsa nako le bone le go ba bontsha gore re a ba kgathalela. Re ka ba bontsha gore dipalangwa tsa botlhe di kwa kae, gore ba ka reka kae dijo tse di sa tureng, tse di nang le dikotla kgotsa gore ba ka bona jang dilwana tse ba ka di dirisang go itirela lotseno, tse di jaaka motšhine wa go roka diaparo kgotsa motšhine wa tlhaga. Sa botlhokwa le go feta, re ka ba thusa gore ba tlwaele phuthego ya bone e ntšha. Fa go kgonega, re ka tsamaya le bone go ya kwa dipokanong. Gape re ka ba tlhalosetsa kafa ba ka rerelang batho molaetsa wa Bogosi ka gone mo tshimong ya rona. Mo godimo ga moo, re ka tsamaya le bone mo bodireding.

13 Fa basha ba le banê ba sena go fudugela kwa phuthegong nngwe, bagolwane ba le mmalwa ba ne ba ba ruta go kgweetsa, go dirisa khomputara, go kwala makwalo a go kopa tiro le go rulaganya nako ya bone sentle gore ba tle ba kgone go direla Jehofa ka botlalo. (Bagal. 6:10) Go ise go ye kae, basha bano botlhe ba ne ba nna babulatsela. Kaelo e ba neng ba e newa le maiteko a ba ileng ba a dira gore ba fitlhelele mekgele ya bone, di ne tsa ba thusa gore ba gatele pele le gore ba se ka ba tshwaediwa ke mekgwa e e bosula ya lefatshe la ga Satane.

14. (a) Batshabi ba tshwanetse go tila serai sefe? (b) Naya sekai.

14 Fela jaaka Bakeresete ba bangwe, batshabi le bone ba tshwanetse go emelana le thaelo le kgatelelo ya go senya kamano ya bone le Jehofa ka go batla go ikgobokanyetsa dithoto. * Lije, yo re buileng ka ene pelenyana, o gopola thuto ya botlhokwa e rraagwe a ileng a ba ruta yone fa ba ntse ba tshaba. A re: “O ne a nna a latlha dilo tse di sa tlhokegeng tse re neng re di tshwere. Kgabagare, o ne a feleletsa a tshwere kgetsana e e se nang sepe a bo a bua jaana a nyenya: ‘Lo a bona? Ke yone fela e re e tlhokang!’”—Bala 1 Timotheo 6:8.

GO THUSA BATSHABI KA DILO TSE BA DI TLHOKANG THATA

15, 16. Re ka thusa batshabi jang gore (a) ba nonotshe tumelo ya bone? (b) ba gomotsege?

15 Mo godimo ga go thusa batshabi ka dilo tse ba di tlhokang, gape re tshwanetse go ba thusa gore ba nonotshe tumelo ya bone le go ba gomotsa. (Math. 4:4) Bagolwane ba ka ba thusa ka go ba batlela dikgatiso tsa puo ya bone kgotsa ka go ba thusa gore ba ikgolaganye le bakaulengwe ba ba buang puo ya bone. Batshabi ba le bantsi ba kgaogane le ba malapa a bone, batho ba ba neng ba nna le bone le diphuthego tse ba neng ba kopanela le tsone. Bakeresete ba tshwanetse go ba bontsha gore Jehofa o a ba rata le gore o a ba kgathalela. Fa seo se sa direge, ba ka nna ba feleletsa ba itsalanya le ba masika a bone ba e seng Basupi kgotsa batho ba ba tswang kwa nageng ya bone ba ba tlhaloganyang setso le maemo a bone. (1 Bakor. 15:33) Fa re dira gore ba ikutlwe ba amogelesegile mo phuthegong, re tla bo re dira mmogo le Jehofa ka go “disa baagi ba baeng.”—Pes. 146:9.

16 Fela jaaka go ne go ntse ka Jesu le ba lelapa la gabone, go ka tswa go sa kgonege gore batshabi ba boele kwa magaeng a bone ka gonne batho ba ba ba bogisang ba sa ntse ba busa. Mo godimo ga moo, Lije o ne a tlhalosa jaana: “Batsadi ba le bantsi ba ba ileng ba bona ba malapa a bone ba betelelwa le go bolawa ga ba batle go busetsa bana ba bone kwa mafelong a dilo tseo di ileng tsa direga gone.” Fa bakaulengwe ba ba kwa mafatsheng a go nang le batshabi kwa go one ba batla go thusa batshabi bano, ba tshwanetse ‘go ba utlwela botlhoko, go nna le lorato lwa bokaulengwe, go nna pelotlhomogi ka bonolo le go nna boikokobetso.’ (1 Pet. 3:8) Tsela e batshabi ba bangwe ba ileng ba bogisiwa ka teng, e ile ya dira gore ba se ka ba tlhola ba phuthuloga fa ba tlotla le batho ba bangwe ka dilo tse di ba diragaletseng, segolobogolo fa ba na le bana ba bone. Ipotse jaana: ‘Fa ke ka bo ke diragaletswe ke dilo tseo, ke ne ke tla batla gore batho ba bangwe ba ntshware jang?’—Math. 7:12.

GO RERELA BATSHABI BA E SENG BASUPI

17. Go rerela batshabi go ba thusa jang gore ba ikutlwe ba imologile?

17 Bontsi jwa batshabi ba tswa kwa dinageng tse tiro ya go rera e thibetsweng kwa go tsone. Basupi ba ba tlhagafatseng ba kwa mafatsheng a go nang le batshabi kwa go one, ba ile ba thusa batshabi ba le bantsi gore ba utlwe “lefoko la bogosi” lekgetlo la ntlha. (Math. 13:19, 23) Dipokano di thusa batho ba le bantsi ba ba ‘imetsweng’ gore ba nne le kamano le Modimo, mme seo se dira gore ba lemoge gore, ‘Ruri Modimo o mo gare ga rona.’—Math. 11:28-30; 1 Bakor. 14:25.

18, 19. Re ka bontsha jang botlhale fa re rerela batshabi?

18 Bakeresete ba ba rerelang batshabi ba tshwanetse go nna “botlhale.” (Math. 10:16; Dia. 22:3) Ba tshwanetse go ba reetsa ka tlhoafalo fa ba ba tlhalosetsa mathata a bone mme ba ele tlhoko gore ba se ka ba bua ka dipolotiki. Bakeresete ba tshwanetse go latela ditaelo tsa ofisi ya lekala le tsa balaodi ba puso mme ba se ka ba itsenya mo kotsing kgotsa ba tsenya ba bangwe mo kotsing. Gape ba tshwanetse go itse le go tlotla tsela e batshabi ba ikutlwang ka teng ka setso sa bone le ka bodumedi. Ka sekai, batho ba kwa dinageng dingwe ba tsaya kgang ya gore basadi ba tshwanetse go apara jang e le masisi. Ka jalo, fa Bakeresete ba rerela batshabi, ba tshwanetse go apara ka tsela e e se kitlang e ba kgopisa.

19 Fela jaaka Mosamarea yo o lorato wa mo setshwantshong sa ga Jesu, re tshwanetse go thusa batho ba ba bogang, segolobogolo ba e seng Basupi. (Luke 10:33-37) Tsela e e molemo ya go dira seo ke ka go ba rerela dikgang tse di molemo. Mogolwane mongwe yo o ileng a thusa batshabi ba le bantsi, o ne a re: “Go botlhokwa gore kwa tshimologong re ba bolelele gore re Basupi ba ga Jehofa le gore tiro ya rona ya konokono ke go ba thusa go ithuta ka Modimo e seng go ba naya dilwana tse re nang le tsone. Fa re sa dire jalo, bangwe ba bone ba ka dirisana le rona fela ka gonne ba itse gore ba ja sengwe.”

DIPHELELO TSE DI ITUMEDISANG

20, 21. (a) Go bontsha batshabi lorato lwa Bokeresete go tlisa diphelelo dife tse di molemo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Go bontsha “baagi ba baeng” lorato lwa bokaulengwe, go tlisa diphelelo tse di itumedisang. Kgaitsadi mongwe o ne a tlhalosa gore ba lelapa la gagwe ba ne ba tshaba kwa Eritrea ka ntlha ya pogiso. Fa bana ba gagwe ba le banê ba sena go tsamaya malatsi a le robedi mo sekakeng, ba ne ba goroga kwa Sudan. Kgaitsadi yono a re: “Bakaulengwe ba koo ba ne ba ba tsaya jaaka ba malapa a bone, ba ba naya dijo, diaparo, marobalo e bile ba ba thusa ka dipalangwa. Ga go na ope yo mongwe yo a ka amogelang batho ba a sa ba itseng mo lelapeng la gagwe fela ka gonne ene le batho bao ba obamela Modimo a le mongwe. Ke Basupi ba ga Jehofa fela!”—Bala Johane 13:35.

21 Mme gotweng ka bana ba le bantsi ba ba tshabelang kgotsa ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe le batsadi ba bone? Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka kafa re ka ba thusang ka gone gore ba itumelele go direla Jehofa.

^ ser. 2 Mo setlhogong seno, lefoko “batshabi” le kaya batho ba ba ileng ba patelesega go fudugela kwa dinageng tse dingwe kgotsa kwa mafelong a mangwe mo nageng ya bone ka ntlha ya dintwa, go bogisiwa kgotsa masetlapelo mangwe. Go ya ka Mokomishinara yo Mogolo wa Batshabi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “motho a le mongwe mo go ba le 113” mo lefatsheng, “o patelesega go tshabela kwa lefelong le lengwe.”

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng, “Lo se Ka Lwa Lebala go Tshola Baeng” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2016, ts. 8-12.

^ ser. 11 Fela fa motshabi a sena go goroga mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go latela kaelo e e mo bukeng ya, Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, kgaolo 8, serapa 30. Bagolwane ba ka ikgolaganya le diphuthego tse di kwa dinageng tse dingwe ka go kwalela ofisi ya bone ya lekala ba dirisa jw.org. Fa ba ntse ba emetse karabo, ba ka mmotsa dipotso ka botlhale ka phuthego e a tswang kwa go yone le ka bodiredi gore ba itse gore boemo jwa gagwe mo phuthegong ke bofe.

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng, “Ga go Ope Yo o Ka Nnang Motlhanka wa Beng ba Babedi” le se se reng “Nna le Bopelokgale jo Bogolo—Jehofa ke Mothusi wa Gago!” tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2014, ts. 17-26.