Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Bana ba “Baagi ba Baeng”

Go Thusa Bana ba “Baagi ba Baeng”

“Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 JOH. 4.

PINA: 88, 41

1, 2. (a) Bana ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba kopana le bothata bofe? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

MOKAULENGWE mongwe e bong Joshua a re: “Go tloga boseeng, ke ne ke bua puo ya batsadi ba me kwa gae le kwa dipokanong. Mme fa ke tsena sekolo, ke ne ka simolola go rata puo ya mo lefelong le re nnang mo go lone. Morago ga dingwaga di le mmalwa, sengwe le sengwe se ne se fetogile. Ke ne ke sa tlhole ke tlhaloganya se se rutiwang kwa dipokanong e bile ke ne ke sa tlwaelana le setso sa batsadi ba me.” Se se diragaletseng Joshua ga se tlholo ntšha.

2 Gompieno, batho ba feta 240 000 000 ga ba nne kwa mafelong a ba tsholetsweng kwa go one. Fa e le gore o motsadi mme wena le lelapa la gago lo fudugetse kwa nageng e nngwe, o ka thusa jang bana ba gago gore ba rate Modimo le gore ba tswelele ba “tsamaya mo boammaaruring”? (3 Joh. 4) Mme ba bangwe ba ka thusa jang?

BATSADI, TLHOMANG SEKAO SE SE MOLEMO

3, 4. (a) Batsadi ba ka tlhomela bana ba bone sekao se se molemo jang? (b) Batsadi ga ba a tshwanela go lebelela gore bana ba bone ba dire eng?

3 Batsadi, sekao sa lona se botlhokwa ka gonne se ka thusa bana ba lona gore ba tsamaye mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Fa bana ba lona ba lo bona lo “[batla] pele bogosi,” ba tla ithuta go ikaega ka Jehofa, ba tlhomamisegile gore o tla ba thusa ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang. (Math. 6:33, 34) Ka jalo, tshelang botshelo jo bo sa raraanang. Bontshang gore go direla Jehofa ke selo se se tlang pele mo botshelong jwa lona e seng go nna nna le dikhumo. Lo se ka lwa itsenya mo dikolotong. Batlang ‘matlotlo kwa legodimong’ e leng go amogelwa ke Jehofa mme e seng go nna le dikhumo kgotsa ‘go galalediwa ke batho.’—Bala Mareko 10:21, 22; Joh. 12:43.

4 Lo se ka lwa tshwarega thata ka ditiro tsa lona go na le moo, ipheng nako le bana ba lona. Ba boleleleng gore lo motlotlo ka bone fa ba dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone, e seng go batla go tlotlomadiwa, go nna le dikhumo kgotsa go lo berekela. Lo se ka lwa akanya jaaka batho ba ba sa direleng Jehofa, ba ba tsayang gore bana ba tshwanetse go berekela batsadi ba bone gore ba se ka ba tlhola ba sokola. Lo se ka lwa lebala gore “bana ga ba a tshwanela go beela batsadi ba bone, mme batsadi ke bone ba tshwanetseng go beela bana ba bone.”—2 Bakor. 12:14.

DITSELA TSE BATSADI BA KA DI DIRISANG GO THUSA BANA BA BONE

5. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone dithuto tsa boammaaruri ka metlha?

5 Fela jaaka go ile ga bolelelwa pele, batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba tla mo phuthegong ya ga Jehofa. (Seka. 8:23) Mme fa bana ba lona ba sa tlhaloganye puo ya lona sentle, go ka nna thata gore lo ba rute boammaaruri. Bana ba lona ba botlhokwa fela thata mme go botlhokwa gore ba “itse” Jehofa gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3; Baebele e e Boitshepo.) Gore bana ba lona ba tle ba ithute dithuto tsa boammaaruri, lo tshwanetse go ‘bua ka tsone’ ka metlha.—Bala Duteronome 6:6, 7.

6. Bana ba lona ba ka solegelwa molemo jang ke go ithuta puo ya lona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Bana ba lona ba ithuta puo ya mo lefelong le lo nnang mo go lone kwa sekolong kgotsa fa ba bua le batho ba mo lefelong leo mme ba tla ithuta puo ya lona fa ba tlotla le lona kgapetsakgapetsa. Fa bana ba lona ba itse puo ya lona, seno se tla ba thusa gore ba bue le lona ba phuthologile, mo godimo ga moo, go ka ba thusa ka ditsela tse dingwe gape. Fa ba itse dipuo tse pedi, seno se tla ba thusa go tokafatsa tsela e ba akanyang le e ba dirisanang le batho ka teng. Gape seno se ka ba thusa gore ba oketse bodiredi jwa bone. Kgaitsadi mongwe e bong Carolina yo batsadi ba gagwe ba tswang kwa nageng e nngwe, a re: “Go kopanela le phuthego ya puo e nngwe go monate tota. Gape go monate go direla kwa go nang le tlhokego gone.”

7. Lo ka dira eng fa e le gore bana ba lona ga ba tlhaloganye puo ya lona sentle?

7 Le fa go ntse jalo, fa bana ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba tlwaela setso le puo ya mo lefelong le ba nnang mo go lone, bangwe ba bone ba ka nna ba se ka ba tlhola ba kgatlhegela go bua puo e ba e antseng letseleng kgotsa ba se ka ba tlhola ba kgona go e bua gotlhelele. Fa e le gore bana ba lona ba ntse jalo, a lo ka se ba tseele matsapa ka go ithuta puo ya mo lefelong le lo nnang mo go lone? Lo ka kgona go thusa bana ba lona gore e nne Bakeresete fa fela lo tlhaloganya se ba se buang, dilo tse ba ratang go itlosa bodutu ka tsone le tiro ya bone ya sekolo le fa lo kgona go buisana le barutabana ba bone. Gone ke boammaaruri gore go ithuta puo e nngwe ga se kgetsi e potlana ka gonne go tlhoka nako, maiteko le gore o nne boikokobetso. Mme gone, fa ngwana wa lona a ne a ka se tlhole a utlwa mo ditsebeng, a lo ne lo ka se tseye matsapa go ithuta puo ya diatla gore lo kgone go buisana le ene? Ngwana yo o buang puo e nngwe le ene o tlhoka go tseelwa matsapa, a ga go jalo? *

8. Lo ka thusa bana ba lona jang fa lo sa tlhaloganye sentle puo e ba e dirisang?

8 Gone ke boammaaruri gore batsadi bangwe ba ka se kgone go tlhaloganya puo ya bana ba bone, e e buiwang mo lefelong le ba fudugetseng mo go lone. Seno se ka dira gore go nne thata gore batsadi ba rute bana ba bone dithuto tse di kwa teng tse di mo ‘mekwalong e e boitshepo.’ (2 Tim. 3:15) Fa e le gore lo mo seemong seno, lo sa ntse lo ka kgona go ruta bana ba lona gore ba itse Jehofa le gore ba mo rate. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Shan a re: “Mmê o ne a sa tlhaloganye sentle puo e re neng re e dirisa, mme nna le bokgaitsadiake re ne re sa itse puo ya gagwe go le kalo. Mme fa re ne re mmona a ithuta, a rapela e bile a leka ka natla go tshwara kobamelo ya lelapa beke le beke, re ne ra lemoga gore go botlhokwa gore re ithute ka Jehofa.”

9. Batsadi ba ka thusa jang bana ba ba tlhokang go ithuta ka Jehofa ba dirisa dipuo tse pedi?

9 Bana bangwe ba ka nna ba tlhoka go ithuta ka Jehofa ba dirisa dipuo tse pedi, puo e ba e rutiwang kwa sekolong le e ba e buang kwa gae. Ka ntlha ya seo, batsadi bangwe ba ruta bana ba bone ba dirisa dikgatiso tse di gatisitsweng, dikgatiso tse di rekotilweng le dibidio tsa dipuo tseo. Ka jalo, batsadi ba ba fudugetseng kwa dinageng tse dingwe ba tshwanetse go ipha nako e e oketsegileng le go tsaya matsapa gore ba thuse bana ba bone gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa.

LO TSHWANETSE GO KOPANELA LE PHUTHEGO YA PUO EFE?

10. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go dira tshwetso ya gore lelapa le kopanele le phuthego efe? (b) O tshwanetse go dira eng pele a dira tshwetso?

10 Fa “baagi ba baeng” ba nna kgakala le Basupi ba ba buang puo ya bone, ba tshwanetse go kopanela le phuthego e e mo lefelong le ba fudugetseng mo go lone. (Pes. 146:9) Mme fa go na le phuthego nngwe e e gaufi e e dirisang puo ya lona, lo ka nna lwa ipotsa jaana: Ke phuthego ya puo efe e e siametseng lelapa la rona? Banna ba e leng ditlhogo tsa malapa ba tshwanetse go akanya ka kgang eno le go rapela ka yone ba bo ba buisana le balekane ba bone le bana, morago ga moo ba ka tsaya tshwetso. (1 Bakor. 11:3) Tlhogo ya lelapa e tshwanetse go akanyetsa dilo dife? Ke melaometheo efe e e ka mo thusang go dira tshwetso e e siameng? Mma re tlotle ka dipotso tseno.

11, 12. (a) Puo e e dirisiwang kwa dipokanong e ama jang se ngwana a se ithutang? (b) Ke eng fa bana bangwe ba sa batle go ithuta puo ya batsadi ba bone?

11 Batsadi ba tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka se bana ba bone ba se tlhokang. Gone ke boammaaruri gore le fa ngwana a ka tswa a dirisa puo efe, ga a tlhoke fela go ya dipokanong tsa beke le beke gore a kgone go tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri. Mme gone akanya ka seno: Fa bana ba le kwa dipokanong tsa puo e ba e tlhaloganyang sentle, ba ka nna ba ithuta go le gontsi ka go reetsa fela. Tota e bile, ba ka ithuta go le gontsi go feta kafa batsadi ba bone ba akanyang ka teng. Mme seno se ka nna sa se ka sa direga fa bana ba sa tlhaloganye puo e e dirisiwang kwa dipokanong. (Bala 1 Bakorintha 14:9, 11.) Mo godimo ga moo, ga se gore puo e ngwana a e antseng letseleng e tla nna e mo fitlhelela pelo go ya go ile. Tota e bile, bana bangwe ba ka nna ba akgela, ba dira dipontsho le go neela dipuo ka puo e e dirisiwang ke batsadi ba bone mme gone e se gore se ba se buang se tswa mo pelong.

12 Mo godimo ga moo, ngwana ga a tlhotlhelediwe fela ke puo. Go ne go ntse jalo le ka Joshua, yo re buileng ka ene pelenyana. Kgaitsadie e bong Esther a re: “Bana ba tsaya puo, setso le bodumedi jwa batsadi ba bone e le di ya thoteng di bapile.” Fa bana ba sa kgatlhegele setso sa batsadi ba bone, ba ka nna ba se ka ba batla go ithuta puo le bodumedi jwa bone. Ke eng se batsadi ba ka se dirang?

13, 14. (a) Ke eng fa lelapa lengwe le ne la fudugela kwa phuthegong ya puo e e buiwang mo lefelong la bone? (b) Ke eng se batsadi ba ileng ba se dira gore ba tswelele ba na le tumelo e e nonofileng?

13 Batsadi ba Bakeresete ba a itse gore tumelo ya bana ba bone e botlhokwa go feta dilo tse bone ba di ratang. (1 Bakor. 10:24) Rraagwe Joshua le Esther e bong Samuel a re: “Nna le mosadi wa me re ne ra leka go bona gore ke puo efe e bana ba rona ba neng ba e tlhaloganya sentle e bile re ne ra rapelela botlhale. Re ne ra lemoga gore se rona re se ratang ga se botlhokwa go le kalo. Mme fa re lemoga gore ba ne ba sa solegelwe molemo go le kalo kwa dipokanong tsa puo ya rona, re ne ra fudugela kwa phuthegong ya puo e e buiwang mo lefelong le re nnang mo go lone. Re ne re tsamaya le bone kwa dipokanong le kwa bodireding ka metlha. Gape re ne re tlhola re laletsa bakaulengwe ba mo lefelong la rona go tla go ja le rona kgotsa gore ba tsamaye le rona fa re ya go iphokisa phefo. Go dira jalo go ne ga thusa bana ba rona gore ba itse bakaulengwe ba rona botoka le gore ba itse gore Jehofa ke Modimo, Tsala le Rraabone. Re ne ra lemoga gore seno se ne se le botlhokwa go feta go itse puo ya rona sentle.”

14 Samuel a re: “Nna le mosadi wa me re ne re ya le kwa dipokanong tsa puo ya rona gore tumelo ya rona e nne e nonofile. Ka ntlha ya seo, re ne re tshwaregile tota e bile re nna fela re lapile. Mme re leboga Jehofa go bo a ile a segofatsa maiteko a rona. Gone jaanong, bana ba rona botlhe ba mo tirelong ya nako e e tletseng.”

SE BASHA BA KA SE DIRANG

15. Ke eng fa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Kristina a ne a akanya gore a ka direla Jehofa botoka fa a le kwa phuthegong ya puo e a e tlhaloganyang?

15 Bana ba ba godileng ba ka nna ba lemoga gore ba ka kgona go direla Jehofa botoka fa ba le kwa phuthegong e e dirisang puo e ba e tlhaloganyang sentle. Fa ba dira jalo, batsadi ga ba a tshwanelwa go akanya gore bana ba bone ga ba ba rate. Kristina a re: “Ke ne ke itse puo ya batsadi ba me go se kae, mme fa e dirisiwa kwa dipokanong, ke ne ke sa e tlhaloganye. Fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka ya kwa kopanong ya puo e ke e ithutileng kwa sekolong. Leno e ne e le lekgetlho la ntlha ke tlhaloganya boammaaruri sentle. Gape dilo di ne tsa fetoga fa ke ne ke simolola go rapela ka puo eo. Ke ne ke kgona go bua le Jehofa go tswa pelong.” (Dit. 2:11, 41) Fa Kristina a gola, o ne a bua le batsadi ba gagwe ka kgang eno mme a swetsa ka gore a fudugele kwa phuthegong ya puo ya mo lefelong leo. A re: “Go ithuta ka Jehofa ka puo e ke neng ke e ithutile kwa sekolong go ne ga ntlhotlheletsa gore ke mo direle.” Nakonyana morago ga foo, Kristina o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

16. Ke eng fa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Nadia a itumelela go bo a ile a tswelela a kopanela le phuthego ya batsadi ba gagwe?

16 Basha, a lo akanya gore go ka nna molemo gore lo kopanele le phuthego ya puo e nngwe? Fa go le jalo, ipotseng gore ke eng fa lo batla go dira jalo. A go dira jalo go tla dira gore o atamalane le Jehofa? (Jak. 4:8) Kgotsa a o batla go fuduga ka gonne o batla go itaola kgotsa go goga dinao? Kgaitsadi mongwe wa kwa Bethele yo o bidiwang Nadia a re: “Fa nna le bana ba ko gae re le mo dingwageng tsa bolesome, re ne re batla go fudugela kwa phuthegong ya puo e nngwe.” Mme batsadi ba bone ba ne ba itse gore go dira jalo go ka koafatsa kamano ya bone le Jehofa. Nadia a re: “Re lebogela go bo batsadi ba rona ba ile ba tsaya matsapa go re ruta puo ya bone le go re thusa gore re tswelele re le mo phuthegong ya bone. Seno se ne sa re thusa fela thata e bile sa dira gore re nne le ditshono tse di oketsegileng tsa go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa.”

BA BANGWE BA KA THUSA JANG?

17. (a) Jehofa o neile bomang maikarabelo a go godisa bana? (b) Batsadi ba ka thusiwa ke eng gore ba rute bana ba bone boammaaruri?

17 Jehofa o neile batsadi maikarabelo a go ruta bana ba bone boammaaruri. Ga a naya mmêmogolo, rremogolo kgotsa motho ope yo mongwe maikarabelo ao. (Bala Diane 1:8; 31:10, 27, 28.) Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba sa itseng puo ya mo lefelong le ba nnang mo go lone, ba ka nna ba tlhoka thuso gore ba kgone go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone. Fa batsadi ba kopa ba bangwe gore ba ba thuse, seno ga se reye gore ba tshwanetse go tlogela go diragatsa maikarabelo a bone. Go na le moo, go dira jalo e ka nna karolo ya go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Ka sekai, batsadi ba ka kopa bagolwane gore ba ba neye dikakantsho tsa gore ba ka tshwara kobamelo ya lelapa jang le gore ba ka dira eng gore bana ba bone ba nne le ditsala tse di molemo.

Go itsalanya le Bakeresete ba bangwe go ka solegela bana le batsadi ba bone molemo (Bona serapa 18 le 19)

18, 19. (a) Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ka thusa jang bana mo phuthegong? (b) Batsadi ba tshwanetse go tswelela ba dira eng?

18 Gangwe le gape batsadi ba ka nna ba laletsa malapa mangwe gore a kopanele le bone fa ba tshwara kobamelo ya lelapa. Tota e bile, basha ba le bantsi ba gatela pele fa ba fetsa nako le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ka gonne batho bano ba ka nna ba tsamaya le bone mo bodireding le go itlosa bodutu le bone. (Dia. 27:17) Shan yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ke sa ntse ke gopola bakaulengwe ba ba neng ba nthusa gore ke tokafatse tirelo ya me. Nako le nako fa ba ne ba nthusa ka dipuo tsa me, ke ne ke ithuta go le gontsi mo go bone. Gape ke ne ke itumelela dinako tsa fa re ne re thuba kobo segole.”

19 Batho ba batsadi ba ba tlhophang gore ba thuse bana ba bone ba tshwanetse go rotloetsa bana gore ba tlotle batsadi ba bone, ba ka dira jalo ka go bua dilo tse di molemo tse batsadi bano ba di dirang mme ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba tsaya maikarabelo a batsadi. Mo godimo ga moo, batho bao ba tshwanetse go tila boitshwaro bope jo batho ba ba mo phuthegong le batho ba e seng Basupi ba ka tsayang gore bo a belaetsa. (1 Pet. 2:12) Batsadi ga ba a tshwanela go lebelela gore batho bao ba thapise bana ba bone ba le nosi fela. Go na le moo, batsadi le bone ba tshwanetse go ela tlhoko gore batho bao ba thusa bana ba bone jang e bile ba tshwanetse go tswelela ba ruta bana ba bone.

20. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore e nne batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa?

20 Batsadi, kopang Jehofa gore a lo thuse mme lo dire ka natla go thusa bana ba lona. (Bala 2 Ditiragalo 15:7.) Dira gore kamano ya ngwana wa gago le Jehofa e nne botlhokwa go feta dilo tse wena o di ratang. Dira bojotlhe gore Lefoko la Modimo le fitlhelele pelo ya ngwana wa gago. Tswelela o na le tsholofelo ya gore ngwana wa gago a ka nna motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Fa bana ba gago ba ikobela Lefoko la Modimo e bile ba etsa sekao sa gago se se molemo, o tla ikutlwa jaaka moaposetoloi Johane a ne a ikutlwa ka batho ba a ba thusitseng go itse boammaaruri. O ne a re: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Joh. 4.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng, “O ka Kgona go Ithuta Puo e Nngwe!” mo makasineng wa Tsogang! wa March 2007, ts. 10-12.