Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Letla Lorato Lwa Gago Gore lo Tsidifale

O se Ka wa Letla Lorato Lwa Gago Gore lo Tsidifale

“Ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—MATH. 24:12.

PINA: 60, 135

1, 2. (a) Kwa tshimologong, mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:12 a ne a lebisitswe mo go bomang? (b) Buka ya Ditiro e bontsha jang gore Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba bontsha gore ba na le lorato? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

KAROLO nngwe ya sesupo sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e Jesu a ileng a bua ka yone, ke gore “lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Math. 24:3, 12) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ba neng ba iphaka gore ke batho ba Modimo, ba ne ba letla gore tsela e ba ratang Modimo ka yone e tsidifale.

2 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba le bantsi ka nako eo ba ne ba tshwaregile “ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete” e bile ba bontsha gore ba rata Modimo, Bakeresete ba bangwe le batho ba e seng Bakeresete. (Dit. 2:44-47; 5:42) Mme gone, balatedi bangwe ba ga Jesu ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba letla lorato lwa bone lo tsidifala.

3. Ke eng se se ka tswang se dirile gore lorato lwa Bakeresete bangwe lo tsidifale?

3 Moragonyana fa Jesu Keresete a sena go tsosiwa, o ne a raya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso jaana: “Ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshen. 2:4) Seo se ka tswa se ne se bakilwe ke eng? Barutwa bano ba ga Keresete ba ka tswa ba ne ba tlhotlhelediwa ke batho ba ba neng ba tshela le bone ba ba neng ba rata dikhumo. (Baef. 2:2, 3) Fela jaaka ditoropo di le dintsi gompieno, toropo ya kwa Efeso e ne e tletse ka dilo tse di bosula. E ne e le toropo e e humileng mme batho ba ba nnang kwa go yone ba ne ba rata dilo tsa maemo, go ijesa monate le botshelo jwa manobonobo. Ba ne ba rata go ijesa monate thata go na le go rata Modimo le batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, boitshwaro jo bo repileng le boitsholo jo bo sa siamang di ne di aname thata.

4. (a) Lorato lwa batho ba le bantsi lo tsidifetse ka tsela efe gompieno? (b) Re ka bontsha lorato ka ditsela dife tse tharo?

4 Boporofeti jwa ga Jesu malebana le gore lorato lo tla tsidifala bo a diragala le mo metlheng eno ya rona. Batho ba le bantsi gompieno ga ba rate Modimo. Ga ba tlhole ba tshepa Modimo, go na le moo, ba akanya gore mekgatlho ya batho ke yone e ka rarabololang mathata a bone. Ka jalo, lorato lwa batho ba ba sa obameleng Jehofa Modimo lo nna lo tsidifala. Mme fela jaaka go ile ga direga mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Efeso, Bakeresete ba boammaaruri ba ka nna ba repisa diatla, go se letsapa le ba fisang pelo mme tsela e ba ratang Jehofa ka yone e bo e fokotsega. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dikarolo di le tharo: (1) Go rata Jehofa, (2) go rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng le (3) go rata Bakeresetemmogo le rona.

GO RATA JEHOFA

5. Ke eng fa re tshwanetse go rata Modimo?

5 Mo go lone letsatsi le Jesu a ileng a bua ka kgang ya gore lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala, o ile a bua gape ka lorato lo lo botlhokwa go gaisa. O ne a re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.” (Math. 22:37, 38) Eleruri, fa re rata Jehofa, seno se tla re thusa gore re ikobele ditaelo tsa gagwe, re itshoke le gore re tlhoe se se bosula. (Bala Pesalema 97:10.) Le fa go ntse jalo, Satane o dirisa lefatshe la gagwe go leka go dira gore re se ka ra rata Modimo ka pelo yotlhe.

6. Batho ba ba sa rateng Modimo ba ile ba lebana le ditlamorago dife?

6 Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba na le dikgopolo tse e seng tsone ka lorato. Go na le gore ba rate Mmopi, ke “baithati.” (2 Tim. 3:2) Lefatshe leno le tlhotlheletsa batho gore ba nne le “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Joh. 2:16) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetemmogo le ene jaana malebana le serai sa go batla go kgotsofatsa dikeletso tsa bone: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso . . . ka gonne go tlhoma mogopolo mo nameng go raya bobaba le Modimo.” (Bar. 8:6, 7) Eleruri, ba ba ileng ba gagamalela dikhumo le go kgotsofatsa keletso ya bone ya tlhakanelodikobo, ba ile ba feleletsa ba swabile e bile ba utlwile botlhoko tota.—1 Bakor. 6:18; 1 Tim. 6:9, 10.

7. Balatedi ba ga Keresete ba lebane le dikotsi dife gompieno?

7 Mo dinageng dingwe, balatolamodimo le batho ba ba dumelang mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, ba tlhotlheletsa batho gore ba se ka ba rata Modimo le gore ba belaele gore Modimo o teng. Ba ile ba dira gore batho ba akanye gore fa motho a dumela mo Mmoping, o tshwanetse a bo a se botlhale kgotsa e le madumelagotlhe. Mo godimo ga moo, batho ba tseela baitsesaense kwa godimo thata, mme seo se dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tlotla Mmopi. (Bar. 1:25) Fa re reetsa dithuto tse di ntseng jalo, re ka nna ra katogela kgakala le Jehofa e bile lorato lwa rona lo ka tsidifala.—Baheb. 3:12.

8. (a) Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba lebana le maemo afe a a kgobang marapo? (b) Pesalema 136 e re tlhomamisetsa eng?

8 Go kgobega marapo le gone go ka dira gore tumelo ya rona e koafale le gore lorato lwa rona lo tsidifale. Mo lefatsheng leno le le boikepo le le laolwang ke Satane, rotlhe re a tle re lebane le maemo a a kgobang marapo. (1 Joh. 5:19) Gongwe re lebane le mathata a a bakiwang ke botsofe, go lwala kgotsa maemo a a sa iketlang a ikonomi. Kgotsa gongwe re lwantsha maikutlo a go ipona re se batho ba sepe, go kgobega marapo ka gonne dilo dingwe tse re neng re di lebeletse di sa direga kgotsa ka gonne re paletswe ke go dira dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go letla gore maemo kgotsa maikutlo ao a dire gore re akanye gore Jehofa o re latlhile. Go na le moo, re tshwanetse go akanya ka mafoko ano a a mo go Pesalema 136:23 a a re tlhomamisetsang gore Jehofa o a re rata: ‘O ne a re gakologelwa re le mo boemong jwa rona jo bo kwa tlase, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.’ Eleruri, Jehofa ga a ke a tlogela go bontsha batlhanka ba gagwe bopelonomi jwa lorato. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o utlwa “dikopo tsa [rona] tse di tlhoafetseng” e bile o a di araba.—Pes. 116:1; 136:24-26.

9. Paulo o ne a thusiwa ke eng gore a tswelele a rata Modimo?

9 Fela jaaka mopesalema, Paulo o ne a nonotshiwa ke go akanya ka tsela e Jehofa a neng a mo ema nokeng ka yone. O ne a kwala jaana: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?” (Baheb. 13:6) E re ka Paulo a ne a itse gore Jehofa o mo tlhokometse, o ne a kgona go emelana le mathata a botshelo. Ga a ka a letla maemo a a thata gore a mo kgobe marapo. Tota e bile, Paulo o ne a kwala makwalo a le mmalwa a a kgothatsang ka nako ya fa a le kwa kgolegelong. (Baef. 4:1; Bafil. 1:7; File. 1) Paulo o ne a tswelela a rata Modimo le fa a ne a lebane le diteko tse dikgolo. O ne a thusiwa ke eng? O ne a tswelela a ikaegile ka “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakor. 1:3, 4) Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo le go tswelela re rata Jehofa ka pelo yotlhe?

Bontsha gore o rata Jehofa (Bona serapa 10)

10. Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re rata Jehofa?

10 Paulo o ne a bua ka sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang gore re tswelele re rata Jehofa. O ne a kwalela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Rapelang lo sa kgaotse.” Gape o ne a re: “Nnelang ruri mo thapelong.” (1 Bathes. 5:17; Bar. 12:12) Go buisana le Modimo ka thapelo ke gone go tla re thusang gore re nne le kamano e e molemo le ene. (Pes. 86:3) Fa re ipha nako ya go bua le Jehofa, re mo tshololela mafatlha, ga go pelaelo gore re tla atamalana le Rraarona wa kwa legodimong, yo e leng “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Mo godimo ga moo, fa re lemoga gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona, re tla mo rata le go feta. Seno se dira gore re lemoge le go feta gore “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.” (Pes. 145:18) Go itse gore Jehofa o re ema nokeng go tla re thusa gore re kgone go itshokela diteko tse dingwe tsa tumelo.

GO RATA BOAMMARURI JO BO MO BAEBELENG

11, 12. Ke eng se se ka re thusang gore re rate boammaaruri jo bo mo Baebeleng?

11 Rona Bakeresete re rata boammaaruri. Lefoko la Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) Ka jalo, gore re rate boammaaruri, re tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng e e mo Lefokong la Modimo. (Bakol. 1:10) Mme gone, go itse fela boammaaruri ga go a lekana. Ela tlhoko kafa mokwadi wa Pesalema 119 a re thusang ka teng go tlhaloganya se go rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng go se kayang. (Bala Pesalema 119:97-100.) A re ipha nako ya go akanya ka ditemana tsa Baebele? Re tla rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng le go feta fa re akanya ka ditsela tse bo re solegelang molemo ka tsone.

12 Mopesalema o ne a re: “A bo mafoko a gago a nnile boleta jang ne mo magalapeng a me, go feta tswina ya dinotshe mo molomong wa me!” (Pes. 119:103) Le rona re ka itumelela monate wa dithuto tsa boammaaruri tse di theilweng mo Baebeleng tse re di newang mo phuthegong ya Modimo. Fa re nna re tlhatlhanya ka dithuto tseno, re tla kgona go gopola “mafoko a a itumedisang” mme re a dirise go thusa ba bangwe.—Mor. 12:10.

13. Ke eng se se ileng sa thusa Jeremia gore a rate boammaaruri jwa Dikwalo, mme bo ile jwa ama pelo ya gagwe jang?

13 Moporofeti Jeremia o ne a rata boammaaruri jwa Dikwalo. Ela tlhoko kafa Lefoko la Modimo le neng la mo ama pelo ka gone. O ne a re: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa Modimo wa masomosomo.” (Jer. 15:16) Jeremia o ne a ja mafoko a Modimo ka tsela ya tshwantshetso ka go tlhatlhanya ka one. Go dira jalo go ile ga mo thusa gore a anaanele tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo. A tsela e re ratang boammaaruri ka yone, e dira gore re lemoge tshiamelo e re nang le yone ya go bidiwa ka leina la Modimo le go bolela ka Bogosi jwa gagwe mo metlheng eno ya bofelo?

Bontsha gore o rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng (Bona serapa 14)

14. Ke eng se se ka re thusang gore re rate boammaaruri jo bo mo Baebeleng?

14 Ntle le go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo go yone, ke eng gape se se ka re thusang gore re rate boammaaruri jo bo mo Baebeleng? Re ka thusiwa ke go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Go ithuta Baebele beke le beke re dirisa makasine wa Tora ya Tebelo ke tsela ya konokono e re rutiwang ka yone. Gore re kgone go tlhaloganya sentle se re se ithutang, re tshwanetse go baakanyetsa Thuto nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo. Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke ka go bala makwalo otlhe a a nopotsweng. Bosheng jaana, re ka kgona go itseela makasine wa Tora ya Tebelo mo website ya jw.org le mo app ya JW Library ka dipuo tse dintsi. Dikgatiso dingwe tsa ileketeroniki di re thusa go bona ditemana tsa setlhogo sengwe le sengwe ka bonako. Mme gone, le fa re ka tswa re dirisa dikgatiso dife, go bala ditemana tseno ka kelotlhoko le go tlhatlhanya ka tsone go tla re thusa gore re rate boammaaruri jo bo mo Baebeleng le go feta.—Bala Pesalema 1:2.

GO RATA BAKERESETEMMOGO LE RONA

15, 16. (a) Go ya ka Johane 13:34, 35, re na le boikarabelo bofe? (b) Go rata Bakeresetemmogo le rona go tsamaisana jang le go rata Jehofa le Baebele?

15 Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo mo lefatsheng, o ne a raya barutwa ba gagwe jaana: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Joh. 13:34, 35.

16 Go rata Bakeresetemmogo le rona go tsamaisana le go rata Jehofa. Tota e bile, re ka se rate Jehofa fa re sa rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e bile re ka se rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa re sa rate Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Joh. 4:20) Mo godimo ga moo, tsela e re ratang Jehofa le Bakeresetemmogo le rona ka yone e tsamaisana le tsela e re ratang Baebele ka yone. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng, seo se tla re tlhotlheletsa gore re ikobele ditaelo tsa Dikwalo tsa gore re rate Modimo le Bakeresetemmogo le rona.—1 Pet. 1:22; 1 Joh. 4:21.

Bontsha gore o rata bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 17)

17. Ke ka ditsela dife re ka bontshang gore re rata ba bangwe?

17 Bala 1 Bathesalonika 4:9, 10. Re ka dira eng go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ya rona? Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o godileng a ka tswa a tlhoka sepalangwa sa go ya kwa dipokanong. Motlholagadi mongwe a ka tswa a tlhoka mongwe yo a ka mo thusang go baakanya dilo dingwe kwa lelapeng la gagwe. (Jak. 1:27) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba godileng kgotsa ba basha ba ka tswa ba kgobegile marapo, ba tshwenyegile mo maikutlong kgotsa ba lebane le diteko tse dingwe, ka jalo, re tlhoka go ba ema nokeng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa. (Dia. 12:25; Bakol. 4:11) Fa se re se buang le se re se dirang se bontsha gore re amega ka “ba ba amanang le rona mo tumelong,” re tla bo re bontsha gore eleruri re rata Bakeresetemmogo le rona.—Bagal. 6:10.

18. Ke eng se se tla re thusang go rarabolola dikgotlhang tse di seng masisi?

18 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo,” batho ba tla nna bogagapa e bile ba tla nna pelotshetlha. (2 Tim. 3:1, 2) Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re tswelele re rata Modimo, boammaaruri jo bo mo Baebeleng le Bakeresetemmogo le rona. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe re ka nna le dikgotlhang tse di seng masisi le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe mo phuthegong o solegelwa molemo fa lorato lo re tlhotlheletsa go rarabolola dikgotlhang ka bonolo. (Baef. 4:32; Bakol. 3:14) Ka jalo, a le ka motlha re se ka ra letla lorato lwa rona lo tsidifala! Go na le moo, a re tsweleleng re rata Jehofa, Lefoko la gagwe le Bakeresetemmogo le rona ka pelo yotlhe.