Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A o Nthata go Feta Tseno?”

“A o Nthata go Feta Tseno?”

“Simone morwa Johane, a o nthata go feta tseno?” —JOH. 21:15.

PINA: 128, 45

1, 2. Petere o ne a diragalelwa ke eng morago ga go fetsa bosigo jotlhe a tshwara ditlhapi?

BARUTWA ba ga Jesu ba le supa ba ne ba feditse bosigo jotlhe ba leka go tshwara ditlhapi kwa Lewatleng la Galalea mme go ne go se nko e e tswang lemina. Jesu yo o neng a sa tswa go tsosiwa mo baswing, o ne a ba lebile a le fa lotshitshing lwa lewatle. O ne a ba raya a re: “‘Latlhelang letlowa kafa mojeng wa mokoro mme lo tla bona dingwe.’ Foo ba le latlhela, mme ba se ka ba tlhola ba kgona go le gogela mo teng ka ntlha ya ditlhapi tse dintsi.”—Joh. 21:1-6.

2 Fa Jesu a sena go ba direla sefitlholo, o ne a leba Simone Petere a bo a re: “Simone morwa Johane, a o nthata go feta tseno?” Jesu o ne a bua ka eng? Petere o ne a rata go tshwara ditlhapi. Ka jalo, go bonala Jesu a ne a mmotsa gore o rata eng thata. A Petere o ne a rata ditlhapi kgotsa kgwebo ya go tshwara ditlhapi go feta Jesu le dilo tse a neng a di ruta? Petere o ne a araba Jesu a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” (Joh. 21:15) Ruri Petere o ne a dira fela jaaka a buile. Go tloga ka nako eo, o ne a bontsha gore o rata Keresete ka go nna a tshwaregile ka tiro ya go dira batho barutwa e bile a nonotsha Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

3. Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko dikotsi dife?

3 Re ka ithuta eng mo se Jesu a ileng a se bolelela Petere? Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra letla tsela e re ratang Keresete ka yone e koafale mme ra se ka ra tlhola re tlhagafalela ditiro tsa Bogosi Jwa Modimo. Jesu o ne a itse ka maemo a a tlhobaetsang a lefatshe leno a a ka dirang gore re tshwenyege. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi, o ne a re batho bangwe ba ne ba tla amogela “lefoko la bogosi” ba bo ba tsaya kgato mme “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo” a ne a ‘tla hupetsa lefoko.’ (Math. 13:19-22; Mar. 4:19) Fa re se kelotlhoko, ditlhobaelo tsa botshelo di ka re imela mme tsa dira gore tumelo ya rona e koafale. Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo.”—Luke 21:34.

4. Ke eng se se ka re thusang go bona gore re rata Keresete go le kana kang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Fela jaaka Petere, re ka bontsha gore re rata Keresete ka go dira gore tiro e a re neileng yone e tle pele mo matshelong a rona. Re ka tlhomamisa jang gore re tswelela re dira jalo? Re tshwanetse go ipotsa jaana ka metlha: ‘Ke eng se ke se ratang thata? A ke itumedisiwa thata ke go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi kgotsa ke go dira ditiro tsa Bogosi Jwa Modimo?’ Ka jalo, a re sekasekeng dilo tse tharo tse di ka koafatsang tumelo ya rona le go fokotsa tsela e re ratang Keresete ka yone, e leng tiro ya boitshediso, boitlosobodutu le dithoto.

TIRO YA BOITSHEDISO

5. Ditlhogo tsa malapa di na le boikarabelo bofe?

5 Go tshwara ditlhapi e ne e se fela selo se Petere a ratang go itlosabodutu ka sone, go na le moo, e ne e le tiro ya gagwe ya boitshediso. Gompieno, Bakeresete ba e leng ditlhogo tsa malapa ba a itse gore ba na le maikarabelo a go tlamela ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:8) Ba tshwanetse go dira ka natla gore ba kgone go diragatsa maikarabelo ao. Le fa go ntse jalo, mo malatsing ano a bofelo, tiro ya boitshediso e dira gore batho ba le bantsi ba tlhobaele.

6. Badiri ba le bantsi ba lebana le dikgwetlho dife?

6 E re ka go se bonolo go bona tiro, badiri ba le bantsi ba patelesega go bereka diura tse di oketsegileng mme ka dinako tse dingwe ba dira jalo, ba duelwa madi a le mannye. Mo godimo ga moo, e re ka dikgwebo di batla go nna di oketsa lotseno, badiri ba tlhoka go dira ka natla le go feta mme seno se dira gore ba ngomoge pelo, ba nne le letsapa e bile ba feleletsa ba lwala. Badiri ba ba sa batleng go bereka diura tse di oketsegileng, go le gantsi ba a lelekwa.

7, 8. (a) Re tshwanetse go ikanyega mo go mang thata? (b) Mokaulengwe mongwe wa kwa Thailand o ne a lemoga eng ka tiro e a neng a e dira?

7 Bakeresete ba tshwanetse go ikanyega thata mo go Jehofa Modimo go na le mo bathaping ba bone. (Luke 10:27) Tiro ya boitshediso e re thusa fela gore re nne le dilo tse re di tlhokang le gore re kgone go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re se kelotlhoko, tiro ya boitshediso e ka kgoreletsa kobamelo ya rona. Ka sekai, mokaulengwe mongwe wa kwa Thailand o ne a re: “Tiro ya me ya go baakanya dikhomputara e ne e le monate tota mme gone ke ne ke bereka diura di le dintsi. Ka jalo, ke ne ke se na nako e e lekaneng ya go direla Jehofa. Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go direla Jehofa ka botlalo, ke ne ke tshwanetse go batla tiro e nngwe.” Mokaulengwe yono o ile a dira eng?

8 Mokaulengwe yono o ne a re: “Morago ga go fetsa ngwaga ke rulaganya dilo tsa me, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tla rekisa aesekerimi. Kwa tshimologong, go ne go le thata ke bo ke kgobega marapo. Fa ke kopana le batho ba ke neng ke bereka le bone pele, ba ne ba nja ditshego ba bo ba mpotsa gore ke eng fa ke akanya gore go rekisa aesekerimi go botoka go feta go bereka ka dikhomputara mo ofising. Ke ne ka rapela Jehofa, ke mo kopa gore a nthuse go itshoka le gore ke kgone go fitlhelela mokgele wa me wa go nna le nako e e oketsegileng ya go mo direla. Go ise go ye kae, go ne ga nna botoka. Ke ne ka simolola go itse gore batho ba ke ba rekisetsang ba rata eng mme ke ne ka nna setswerere sa go dira aesekerimi. Go ise go ye kae, ke ne ke rekisa aesekerimi yotlhe letsatsi le letsatsi. Tota e bile, gone jaanong ke dira madi a a fetang a ke neng ke a dira fa ke ne ke bereka ka dikhomputara. Ke itumetse ka gonne ga ke tlhole ke ngomolwa pelo ke mmereko o ke neng ke o dira pele. Mme sa botlhokwa le go feta, ke atamalane le Jehofa.”—Bala Mathaio 5:3, 6.

9. Re ka dira jang gore tiro ya boitshediso e se ka ya nna selo se se tlang pele mo matshelong a rona?

9 Jehofa o a itumela fa re dira ka natla e bile go dira jalo go re solegela molemo. (Dia. 12:14) Le fa go ntse jalo, fela jaaka mokaulengwe yo re buileng ka ene a ile a lemoga, ga re a tshwanela go dira gore tiro ya boitshediso e tle pele mo matshelong a rona. Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [tse lo di tlhokang] lo tla di okelediwa.” (Math. 6:33) Go ipotsa potso eno go tla re thusa go bona gore a tiro ya rona ya boitshediso e botlhokwa go feta go direla Jehofa: ‘A ke itumelela go dira tiro ya me ya boitshediso mme ke a borega fa ke tshwanelwa ke go dira ditiro tsa kobamelo kgotsa ke di dira fela ke ikgolola?’ Go tlhatlhanya ka tsela e re ikutlwang ka yone ka tiro ya rona ya boitshediso le ditiro tsa kobamelo, go ka re thusa go itse gore re rata eng thata.

10. Jesu o ne a re ruta thuto efe ya botlhokwa malebana le go dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele?

10 Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele ga dilo tse ene a di ratang. Letsatsi lengwe, Jesu o ne a etela Marea le Maratha. Fa Maratha a ne a tshwaregile ka go apaya, Marea o ne a dutse le Jesu a mo reeditse. Fa Maratha a ne a ngongoregela gore Marea ga a mo thuse, Jesu o ne a raya Maratha a re: “Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” (Luke 10:38-42) Jesu o ne a ruta Maratha sengwe sa botlhokwa. Gore re tile go kgorelediwa ke ditiro tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi mme re bontshe gore re rata Keresete, re tshwanetse go tswelela re tlhopha “karolo e e molemo,” e leng go dira gore ditiro tsa kobamelo di tle pele mo matshelong a rona.

BOITAPOLOSO LE BOITLOSOBODUTU

11. Lefoko la Modimo le a reng ka go ikhutsa?

11 E re ka re dira ka natla e bile re nna re tshwaregile, re tlhoka nako ya go ikhutsa. Lefoko la Modimo le a re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Mor. 2:24) Jesu o ne a itse gore gangwe le gape re tlhoka go ikhutsa. Nako nngwe fa Jesu le barutwa ba gagwe ba sena go nna le seabe mo letsholong la go rera, o ne a ba raya a re: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”—Mar. 6:31, 32.

12. Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko malebana le go itapolosa le go itlosa bodutu? Naya sekai.

12 Ga go pelaelo gore go botlhokwa gore re itapolose le gore re itlose bodutu. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore go itlosa bodutu e se ka ya nna selo sa botlhokwa thata mo matshelong a rona. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga batho ba le bantsi ba ne ba na le boikutlo jwa go re, “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakor. 15:32) Le gompieno batho ba le bantsi ba sa ntse ba na le boikutlo joo. Ka sekai, lekawana lengwe la kwa Bophirima jwa Yorupa le ne la simolola go ya dipokanong. Mme o ne a rata go itlosa bodutu thata mo a ileng a tlogela go kopanela le batho ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, o ne a lemoga gore tsela e a neng a tshela ka yone e ne e mo tlisetsa mathata e bile e dira gore a kgobege marapo. Ka jalo, o ne a simolola go ithuta Baebele gape mme a nna mmoledi wa dikgang tse di molemo. Fa a sena go kolobediwa o ne a re: “Ke ikwatlhaela go bo ke ile ka senya nako e ntsi pele ke lemoga gore go direla Jehofa go dira gore motho a itumele go feta go lelekisa menate ya lefatshe leno.”

13. (a) Ke eng fa go sa siama go fetsa nako e ntsi thata re itlosa bodutu? Naya sekai. (b) Re ka lemoga jang gore ga re fetse nako e ntsi thata re itlosa bodutu?

13 Boikaelelo jwa boitlosobodutu ke go re thusa gore re lapologelwe le gore re nne matlhagatlhaga. Gore re kgone go fitlhelela boikaelelo jono, re tshwanetse go fetsa nako e e kana kang re itlosa bodutu? Akanya ka sekai seno: Bontsi jwa rona re rata go ja dilo tse di botshe mme re a itse gore fa re ka nna re ja dilo tseo fela, seo se tla dira gore re lwale. Ka jalo, re ja thata dijo tse di nang le dikotla. Ka tsela e e tshwanang fa re ka nnela go itlosa bodutu re sa kgaotse, seo se ka koafatsa tumelo ya rona. Fa re sa batle gore seo se direge, re tshwanetse go nna le seabe ka metlha mo ditirong tsa Bogosi. Re ka lemoga jang gore ga re fetse nako e ntsi thata re itlosa bodutu? Re ka tlhopha beke nngwe re bo re itirela pego ya diura tse re di feditseng mo bekeng eo re dira ditiro tsa kobamelo tse di jaaka, go ya dipokanong, go ya tshimong, go ithuta re le nosi le go tshwara kobamelo ya lelapa. Morago ga moo, re ka bapisa diura tseo le diura tse re di fetsang mo bekeng re itlosa bodutu ka go tshameka, go lebelela thelebishene kgotsa go tshameka metshameko ya dibidio. Go na le pharologanyo efe? A re tlhoka go fokotsa nako e re e dirisetsang go itlosa bodutu?—Bala Baefeso 5:15, 16.

14. Re tshwanetse go kaelwa ke eng fa re tlhopha boitlosobodutu?

14 Mongwe le mongwe a ka kgona go itlhophela boitlosobodutu jo a bo batlang, fa fela bo dumalana le melaometheo ya ga Jehofa e e mo Baebeleng. * Boitlosobudutu jo bo siameng ke “mpho ya Modimo.” (Mor. 3:12, 13) Gone ke boammaaruri gore re rata go itlosa bodutu ka ditsela tse di farologaneng. (Bagal. 6:4, 5) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna tekatekano fa re tlhopha boitlosobodutu jo re bo ratang. Jesu o ne a re: “Kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.” (Math. 6:21) Ka jalo, tsela e re ratang Jesu ka yone, e tla re tlhotlheletsa gore re tlhome mogopolo thata mo ditirong tsa Bogosi go na le mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi.—Bafil. 1:9, 10.

GO RATA DITHOTO

15, 16. (a) Go rata dithoto go ka re bakela kotsi ka tsela efe? (b) Jesu o ne a re naya kgakololo efe malebana le go rata dithoto?

15 Gompieno batho ba le bantsi ba batla go nna le diaparo tsa feshene, didirisiwa tsa bosheng tsa ileketeroniki, jalo le jalo. Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itshekatsheka ka metlha ka go ipotsa dipotso tseno: ‘A dithoto di botlhokwa thata mo go nna, mo ke fetsang nako e ntsi ke batlisisa e bile ke akanya ka dikoloi tsa bosheng le ka feshene go feta nako e ke e fetsang ke baakanyetsa dipokano? A ke tshwaregile ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo ke se nang nako ya go rapela le go bala Baebele?’ Fa re lemoga gore re rata madi le dithoto thata go feta Keresete, re tshwanetse go akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” (Luke 12:15) Ke eng fa Jesu a ile a bua jalo?

16 Jesu o ne a re, “ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi.” Gape o ne a re: “Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” Lebaka ke ka gonne “beng” bano ba babedi ba batla boineelo jo bo feletseng. Jesu o ne a re: ‘Re tla tlhoa yo mongwe mme re rate yo mongwe, kgotsa re tla ngaparela yo mongwe mme re nyatse yo mongwe.’ (Math. 6:24) E re ka re sa itekanela, rotlhe re tlhoka go tswelela re tila “dikeletso tsa nama” tse di akaretsang go rata dithoto.—Baef. 2:3.

17. (a) Ke eng fa batho ba ba ratang dithoto ba palelwa ke go di leba ka tsela e e siameng? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re fenye keletso ya go rata dithoto?

17 Batho ba ba ratang dithoto ba palelwa ke go di leba ka tsela e e siameng. Ka ntlha yang? Ka gonne ga ba tlhaloganye dithuto tsa boammaaruri. (Bala 1 Bakorintha 2:14.) Fa ba sa tlhole ba kgona go dirisa temogo, go nna thata gore ba farologanye se se siameng le se se sa siamang. (Baheb. 5:11-14) Ka ntlha ya seo, bangwe ba bone ba nna le keletso e kgolo ya go batla go nna le dithoto mme ga se gantsi ba kgona go kgotsofatsa keletso eno ya bone. (Mor. 5:10) Se se ka re thusang gore re se ka ra wela mo seraing sa go rata madi le dithoto ka tsela e e feteletseng, ke go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. (1 Pet. 2:2) Fela jaaka go tlhatlhanya ka boammaaruri go ile ga thusa Jesu gore a gane go raelwa, le rona fa re dirisa melaometheo ya Baebele re tla kgona go fenya keletso ya go rata dithoto. (Math. 4:8-10) Fa re dira jalo, re bontsha Jesu gore re mo rata go feta dithoto dipe fela.

Ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa gago? (Bona serapa 18)

18. O ikemiseditse go dira eng?

18 Fa Jesu a ne a botsa Petere gore a o mo rata go feta kgwebo ya go tshwara ditlhapi, o ne a gopotsa Petere gore go botlhokwa gore ditiro tsa kobamelo e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa gagwe. Petere yo leina la gagwe le kayang “Lefika,” o ne a tshelela leina la gagwe ka gonne o ne a le pelokgale e bile a nitame. (Dit. 4:5-20) Le rona re ikemiseditse go tswelela re rata Keresete ka go dira gore tiro ya boitshediso, boitlosobodutu le dithoto e se ka ya nna dilo tse di tlang pele mo matshelong a rona. E kete ditshwetso tse  re di dirang di ka bontsha gore re ikutlwa fela jaaka Petere fa a ne a re: “Morena, o a itse gore ke a go rata.”

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng, “A Boitlosobodutu Jwa Gago bo go Solegela Molemo?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2011, ts. 9-12, ser. 6-15.