Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gaio o Ile a Thusa Bakaulengwe ba Gagwe

Gaio o Ile a Thusa Bakaulengwe ba Gagwe

GAIO le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebane le maemo a a thata. Batho bangwe ba ba neng ba ruta dithuto tsa maaka ba ne ba leka go koafatsa le go baka dikgaogano mo diphuthegong. (1 Joh. 2:18, 19; 2 Joh. 7) Monna mongwe yo o bidiwang Dioterefese o ne a senya moaposetoloi Johane le Bakeresete ba bangwe maina, a gana go amogela Bakeresete ba ba etang e bile a leka go tlhotlheletsa Bakeresete ba bangwe gore le bone ba se ka ba amogela baeng. (3 Joh. 9, 10) Go ne go tlhagile bothata jono mo phuthegong fa Johane a ne a kwalela Gaio. Lekwalo leno le le kwadilweng mo e ka nnang ka 98 C.E., le tlhagelela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e le “Johane wa Boraro.”

Gaio o ne a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi le fa a ne a lebane le maemo a a thata. O ile a bontsha jang gore o a ikanyega? Ke eng fa re tshwanetse go etsa sekao sa ga Gaio? Lekwalo la ga Johane le ka re thusa jang?

O KWALELA TSALA E E RATEGANG

Mokwadi wa Johane wa Boraro o ipitsa “Monna yo mogolwane.” Ga go pelaelo gore seno se ne sa thusa Gaio go lemoga gore lekwalo leo le ne le tswa kwa go moaposetoloi Johane. Johane o ne a bitsa Gaio a re: “Moratwa, yo ke mo ratang eleruri.” Go tswa foo Johane o ne a re o solofela gore Gaio o tsogile sentle le gore o tlhomamisegile gore o direla Jehofa ka boikanyegi. Eleruri mafoko ano a bontsha gore Johane o ne a akgola Gaio e bile a mo kgothatsa!—3 Joh. 1, 2, 4.

Gaio e ka tswa e ne e le molebedi wa phuthego le fa gone lekwalo leno le sa tlhalose ka tlhamalalo gore go ne go ntse jalo. Johane o ne a akgolela Gaio go bo a ile a amogela baeng le fa gone a ne a sa ba itse. Johane o ne a tsaya gore seo se ne se bontsha gore Gaio o a ikanyega e re ka batlhanka ba Modimo ba itsege ka go amogela baeng.—Gen. 18:1-8; 1 Tim. 3:2; 3 Joh. 5.

Mafoko ano a Johane a ileng a a kwalela Gaio malebana le go amogela baeng, a bontsha gore ka metlha Bakeresete ba ba etang ba ne ba etela diphuthego tse di gaufi le kwa Johane a neng a le teng le tse dingwe tse di kgakala, mme ba ne ba bolelela Johane ka se se ba diragaletseng kwa diphuthegong tseo. Eno e ka tswa e le tsela e Johane a neng a utlwa ka se se diregang kwa diphuthegong tseo.

Go a utlwala go bo Bakeresete ba ba etang ba ne ba eletsa go amogelwa ke Bakeresete ba bangwe ka gonne mafelo a go amogela baeng a bogologolo a ne a itsege ka dilo tse di maswe, a se mo maemong a a siameng e bile go tletse boitsholo jo bo sa siamang kwa go one. Go ne go tlwaelegile gore fa batho bangwe ba etile, ba ye go robala kwa ditsaleng tsa bone, ka jalo, Bakeresete ba ba etang ba ne ba amogelwa ke Bakeresete ba bangwe.

“BA NE BA BOLOLA KA NTLHA YA LEINA LA GAGWE”

Johane o ne a kopa Gaio gore a bontshe gape gore o rata baeng ka go mo kopa go “tsamaisa [balebedi ba ba etang] ka mokgwa o o tshwanelang Modimo.” Seno se ne se raya gore a ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang, tse ba neng ba tla di dirisa go fitlha ba goroga kwa ba yang teng. Go bonala Gaio a ile a dira jalo mo nakong e e fetileng ka gonne Bakaulengwe ba ba neng ba gorogetse kwa go ene ba ile ba bolelela Johane ka lorato le tumelo ya ga Gaio.—3 Joh. 3, 6.

Baeng bao e ka tswa e ne e le barongwa, baemedi ba ga Johane kgotsa balebedi ba ba etang. Le fa Bakeresete bano ba ka tswa ba ne ba na le kabelo efe, ba ne ba etela diphuthego go di thusa go anamisa dikgang tse di molemo. Johane o ne a re: “Ba ne ba bolola ka ntlha ya leina la gagwe.” (3 Joh. 7) Johane o ne a sa tswa go bua ka Modimo mo temana 6, ka jalo, fa a ne a re “ka ntlha ya leina la gagwe,” o ne a bua ka Jehofa. Bakaulengwe bao e ne e le karolo ya phuthego ya Bokeresete, ka jalo, ba ne ba tshwanetse go amogelwa ka diatla tsoopedi. Moaposetoloi Johane o ne a bua boammaaruri fa a ne a re: “Re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo jaaka baeng, gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.”—3 Joh. 8.

GO RARABOLOLA BOTHATA JO BO MASISI

Johane o ne a sa kwalela Gaio gore a mo leboge fela. Gape o ne a batla go mo thusa go rarabolola bothata bongwe jo bo masisi. Go ne go na le Mokeresete mongwe mo phuthegong yo o bidiwang Dioterefese yo o neng a gana go amogela bakaulengwe ba ba etang. Gape o ne a leka go thibela ba bangwe gore ba se ka ba dira jalo.—3 Joh. 9, 10.

Le fa Dioterefese a ne a ka rata go amogela baeng, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba ka se dumele go gorogela kwa legaeng la gagwe. O ne a itseela kwa godimo mo phuthegong, a nyatsa sengwe le sengwe se Johane a se buang e bile a senya moaposetoloi Johane le Bakeresete ba bangwe maina. Le fa Johane a ise a ko a bitse Dioterefese morutisi wa maaka, Dioterefese o ne a gana go ikobela taolo ya moaposetoloi yono. Tsela e a neng a rata maemo le e a neng a itshwere ka yone e ne e tsosa dipelaelo tsa gore a ruri o a ikanyega. Kgang eno ya ga Dioterefese e bontsha gore batho ba ba ratang maemo le ba ba ikgogomosang ba ka leka go baka dikgotlhang mo phuthegong. Johane o ne a raya Gaio a re: “O se ka wa nna moetsi wa se se bosula.” Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang.—3 Joh. 11.

LEBAKA LA KONOKONO LA GO DIRA MOLEMO

Johane o umaka Mokeresete mongwe e bong Dimeterio, yo o neng a sa tshwane le Dioterefese. Johane o ne a kwala jaana: “Go ile ga neelwa bosupi ka Dimeterio . . . Tota e bile, le rona, re naya bosupi, e bile lo a itse gore bosupi jo re bo nayang bo boammaaruri.” (3 Joh. 12) Dimeterio a ka tswa a ne a tlhoka thuso ya ga Gaio mme Johane a ka tswa a dirisitse lokwalo lono lwa Johane wa Boraro go bolelela Gaio ka Dimeterio le go mo kopa gore a mo thuse. Dimeterio e ka tswa e le ene a isitseng lekwalo leno kwa go Gaio. E re ka Dimeterio e ne e le moemedi wa ga Johane kgotsa molebedi yo o etang, a ka tswa a ile a bontsha gore se Johane a se kwadileng se boammaaruri.

Ke eng fa Johane a ne a kgothaletsa Gaio gore a tswelele a amogela baeng le fa gone Gaio a ne a setse a dira jalo? A Johane o ne a leka go thusa Gaio gore a nne pelokgale le go feta? A o ne a tshaba gore Gaio o ne a ka okaoka go amogela baeng ka gonne Dioterefese a ne a batla go leleka Bakeresete ba ba amogelang baeng mo phuthegong? Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, Johane o ne a kgothatsa Gaio jaana: “Yo o dirang molemo o tswa mo Modimong.” (3 Joh. 11) Leno ke lebaka la konokono la gore re dire molemo le go tswelela re dira jalo.

A lekwalo la ga Johane le ne la tlhotlheletsa Gaio gore a tswelele a amogela baeng? E re ka lokwalo lwa Johane wa Boraro lo le mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo, gore lo re kgothatse le go re tlhotlheletsa gore re nne ‘baetsi ba se se molemo,’ go raya gore seo se ile sa direga.

RE KA ITHUTA ENG?

Ga re itse go le kalo ka mokaulengwe yono yo o rategang e bong Gaio. Le fa go ntse jalo, pego eno e e khutshwane ya botshelo jwa gagwe e ka re ruta dilo di le dintsi.

Re ka ‘latela mokgwa wa go tshola baeng’ ka ditsela dife?

Sa ntlha, bontsi jwa rona re ithutile boammaaruri ka gonne batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba tsaya matsapa a go ya kwa lefelong le re nnang kwa go lone gore ba re rute. Gone ke boammaaruri gore ga se Bakeresete botlhe gompieno ba ba etelang mafelo a a kgakala gore ba ye go rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, re ka etsa Gaio ka go kgothatsa le go ema nokeng Bakeresete ba ba etelang diphuthego ba ba jaaka molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe. Kgotsa re ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fudugelang kwa mafelong a mangwe le kwa dinageng tse dingwe ba ya go thusa kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Ka jalo, a re ‘lateleng mokgwa wa go tshola baeng.’—Bar. 12:13; 1 Tim. 5:9, 10.

Sa bobedi, ga re a tshwanela go gakgamala fa ka dinako dingwe Bakeresete bangwe ba sa batle go ikobela taolo ya ba ba eteletseng pele mo phuthegong. Bakeresete bangwe ba ne ba gana go ikobela taolo ya ga Johane le moaposetoloi Paulo. (2 Bakor. 10:7-12; 12:11-13) Ka jalo, re tshwanetse go dira eng fa re bona batho bangwe ba sa ikobele taolo ya ba ba eteletseng pele mo phuthegong? Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta, a nna a ithibile mo bosuleng, a laya ka bonolo ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.” Fa re tswelela re le bonolo le fa re kgopisiwa, seno se ka dira gore batho bangwe ba ba sa ikobeleng thulaganyo ya phuthego ba fetole tsela e ba itshwarang ka yone. Fa ba dira jalo, Jehofa o tla “ba naya boikwatlhao jo bo gogelang kwa kitsong e e leng yone ya boammaaruri.”—2 Tim. 2:24, 25.

Sa boraro, re tshwanetse go leboga le go akgola Bakeresete ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi le fa gone ba bogisiwa. Moaposetoloi Johane o ne a kgothatsa Gaio le go mo tlhomamisetsa gore o dira se se siameng. Bagolwane le bone ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Johane ka go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba se ka “ba lapa.”—Isa. 40:31; 1 Bathes. 5:11.

Lekwalo le moaposetoloi Johane a le kwaletseng Gaio ke buka e e khutshwane go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng ka gonne e na le mafoko a le 219 fela a Segerika. Le fa go ntse jalo, ruri e tswela Bakeresete botlhe mosola.