Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rata Matlotlo a Modimo a re Neileng One

Rata Matlotlo a Modimo a re Neileng One

“Koo letlotlo la lona le leng gone, gone koo dipelo tsa lona le tsone di tla nna gone.”—LUKE 12:34.

PINA: 153, 104

1, 2. (a) Jehofa o re neile matlotlo afe a mararo? (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

JEHOFA ke Mohumi yo mogolo go ba feta botlhe. (1 Ditir. 29:11, 12) E re ka a rata go aba, o naya batho ba ba siameng matlotlo a gagwe. Ruri re lebogela go bo Jehofa a re neile matlotlo ano: (1) Bogosi Jwa Modimo, (2) bodiredi jwa rona jo bo bolokang matshelo le (3) boammaaruri jo bo mo Lefokong la Gagwe! Le fa go ntse jalo, fa re se kelotlhoko, re ka tlogela go anaanela matlotlo ano a Modimo a re neileng one mme ka tsela nngwe ra feleletsa re a latlha. Fa re batla go a sireletsa, re tshwanetse go a dirisa sentle le go tswelela re godisa tsela e re a ratang ka yone. Jesu o ne a re: “Koo letlotlo la lona le leng gone, gone koo dipelo tsa lona le tsone di tla nna gone.”—Luke 12:34.

2 A re sekaseke se re ka se dirang gore re tswelele re rata le go anaanela Bogosi Jwa Modimo, bodiredi le boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Fa re ntse re tlotla ka dintlha tseno, akanya kafa o ka godisang tsela e o ratang matlotlo ano ka gone.

BOGOSI JWA MODIMO BO TSHWANA LE PERELA E E TLHWATLHWAKGOLO

3. Mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a iketleeleditse go dira eng gore a reke perela e e tlhwatlhwakgolo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Bala Mathaio 13:45, 46. Jesu o ne a bua ka setshwantsho sa mogwebi yo o neng a batla diperela. Fa dingwaga di ntse di ya, mogwebi yono o ne a reka le go rekisa diperela di le dintsi. Le fa go ntse jalo, o ne a bona perela nngwe e e ntle thata jaana mo e leng gore fa a e bona o ne a itumela. Mme gore a kgone go e reka, o ne a tla tshwanelwa ke go rekisa sengwe le sengwe se a nang le sone. Ruri o tshwanetse a bo a ne a tsaya perela eo e le tlhwatlhwakgolo tota.

4. Fa re rata Bogosi Jwa Modimo jaaka mogwebi a ne a rata perela, re tla iketleeletsa go dira eng?

4 Re ithuta eng? Boammaaruri jwa Bogosi Jwa Modimo bo tshwana le perela eo e e tlhwatlhwakgolo. Fa re bo rata jaaka mogwebi a ne a rata perela, re tla iketleeletsa go tlogela sengwe le sengwe fela gore re kgone go nna babusiwa ba Bogosi le go tswelela re le bone. (Bala Mareko 10:28-30.) Akanya ka batho ba babedi ba ba ileng ba dira jalo.

5. Sakaio o ne a bontsha jang gore o iketleeleditse go rua Bogosi Jwa Modimo?

5 Sakaio e ne e le mokgethisi yo mogolo yo o neng a humile ka gonne a ne a tseela batho madi ka dikgoka. (Luke 19:1-9) Le fa go ntse jalo, fa monna yono yo o bosula a utlwa Jesu a bua ka Bogosi, o ne a lemoga botlhokwa jwa se a neng a se utlwa mme a tsaya kgato. O ne a re: “Bona! Sephatlo sa dilo tsa me, Morena, ke se naya bahumanegi, mme le fa e le eng se ke neng ka se tsaya ka dikgoka mo mothong le fa e le ofe ka tatofatso ya maaka ke se busetsa se menagane ganè.” O ne a busa madi a a neng a a tsere mo bathong mme a tlogela go gagamalela dikhumo.

6. Rose o ile a dira diphetogo dife gore a nne mongwe wa babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo, mme ke eng fa a ile a dira jalo?

6 Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, pele mosadi mongwe yo re tla mmitsang Rose a utlwa molaetsa wa Bogosi, o ne a ratana le mosadi yo mongwe. Rose e ne e le moperesidente wa mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a ithuta Baebele, o ne a lemoga botlhokwa jwa boammaaruri jo bo kaga Bogosi Jwa Modimo. Mme gone, o ne a lemoga gore o ne a tla tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo. (1 Bakor. 6:9, 10) E re ka a ne a rata Jehofa, o ne a tlogela tiro eo mme a tlogela go ratana le mosadi yoo. Rose o ne a kolobediwa ka 2009 mme ngwaga o o latelang a nna mmulatsela wa ka metlha. O ne a rata Jehofa le Bogosi go feta dikeletso dipe tsa lefatshe leno.—Mar. 12:29, 30.

7. Ke eng se se ka dirang gore re tswelele re rata Bogosi Jwa Modimo ka pelo yotlhe?

7 Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa rona re dirile diphetogo tse dikgolo gore re nne babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo. (Bar. 12:2) Le fa go ntse jalo, ga go felele foo. Re tshwanetse go nna re etse tlhoko dilo tse dingwe tse go ka nnang motlhofo gore re feleletse re di rata tse di jaaka go rata dikhumo le dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. (Dia. 4:23; Math. 5:27-29) Jehofa o re neile letlotlo le lengwe le le ka re thusang gore re tswelele re rata Bogosi Jwa Gagwe.

BODIREDI JWA RONA JO BO BOLOKANG MATSHELO

8. (a) Ke eng fa Paulo a ile a re bodiredi jwa rona ke “letlotlo . . . mo dijaneng tsa letsopa”? (b) Paulo o ile a bontsha jang gore o rata bodiredi?

8 Gopola gore Jesu o re neile kabelo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Math. 28:19, 20) Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore bodiredi bo botlhokwa tota. O ne a re bodiredi jwa rona ke “letlotlo . . . mo dijaneng tsa letsopa.” (2 Bakor. 4:7; 1 Tim. 1:12) Le fa gone re tshwana le dijana tsa letsopa tse di bokoa, molaetsa o re o rerang o ka dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng le go thusa batho ba ba re reetsang gore ba bo bone. E re ka Paulo a ne a itse seno, o ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.” (1 Bakor. 9:23) Eleruri tsela e Paulo a neng a rata bodiredi ka yone, e ne ya mo tlhotlheletsa gore a dire ka natla mo tirong ya go dira barutwa. (Bala Baroma 1:14, 15; 2 Timotheo 4:2.) Seno se ne sa dira gore a kgone go itshokela dipogiso tse di botlhoko. (1 Bathes. 2:2) Re ka bontsha jang gore re rata bodiredi jaaka Paulo?

9. Re ka bontsha gore re rata bodiredi ka ditsela dife?

9 Tsela nngwe e Paulo a ileng a bontsha ka yone gore o rata bodiredi e ne e le ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go bua le ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi. Fela jaaka baaposetoloi le Bakeresete ba bogologolo, re rera le fa re se mo bodireding, re rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. (Dit. 5:42; 20:20) Fa maemo a re letla, re batla ditshono tsa go oketsa bodiredi jwa rona, gongwe ka go nna babulatsela ba ba thusang kgotsa ba ka metlha. Re ka nna ra bo ra ithuta puo e nngwe, ra fudugela kwa lefelong le lengwe mo nageng ya rona kgotsa ra fudugela kwa nageng e nngwe.—Dit. 16:9, 10.

10. Irene o ne a segofadiwa jang ka gonne a ne a iketleeleditse go rera dikgang tse di molemo?

10 Akanya ka sekai sa kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa kwa United States e bong Irene. O ne a batla go rerela batho ba ba tswang kwa nageng ya Russia. Fa a ne a simolola go dira jalo ka 1993, go ne go na le baboledi ba ka nna 20 fela mo setlhopheng sa puo ya Se-Russia sa kwa New York City. Irene o ne a dira ka natla mo tshimong ya puo eo dingwaga di ka nna 20. A re: “Ke sa ntse ke sa kgone go bua Se-Russia sentle.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o segofaditse maiteko a gagwe le a batho ba bangwe ba ba tshwanang le ene. Gompieno go na le diphuthego di le thataro tsa Se-Russia kwa New York City. Batho ba le 15 ba Irene a ileng a ithuta le bone ba ne ba kolobediwa. Gone jaanong bangwe ba bone ke maloko a Bethele, babulatsela le bagolwane. Irene a re: “Fa ke akanya ka mekgele e mengwe e ke ka bong ke ipeetse yone, ga go ope o o neng o ka dira gore ke itumele thata jaana.” Eleruri o rata bodiredi!

A thulaganyo ya gago ya beke le beke e bontsha gore o rata bodiredi? (Bona serapa 11 le 12)

11. Go nna le diphelelo dife tse di molemo fa re tswelela re rera le fa gone re bogisiwa?

11 Fa re rata bodiredi, re tla tshwana le moaposetoloi Paulo yo o ileng a tswelela a rera le fa gone a ne a bogisiwa. (Dit. 14:19-22) Ka bo1930 le bo1940, bakaulengwe ba rona ba kwa United States ba ne ba lebana le pogiso e e setlhogo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo ba ne ba tswelela ba nitame e bile ba rera. Bakaulengwe bano ba ne ba tshwanelwa ke go seka makgetlo a le mantsi kwa kgotlatshekelo gore ba sireletse tshwanelo ya rona ya go rera. Ka 1943, Mokaulengwe Nathan H. Knorr, o ne a bua jaana ka phenyo nngwe e Basupi ba ileng ba nna le yone kwa Kgotlatshekelokgolo ya kwa United States: “Re ile ra fenya ka gonne lo ile lwa tswelela lo dira ka natla. Fa lo ka bo lo ile lwa tlogela go rera, re ka bo re sa ya go seka kwa Kgotlatshekelokgolo mme ka gonne lona baboledi mo lefatsheng lotlhe lo ile lwa tswelela lo rera e bile lo sa ineele, re ile ra kgona go fenya pogiso eno yotlhe. Re ile ra fenya ka gonne lo ile lwa tswelela lo nitame.” Bakaulengwe ba bangwe mo dinageng tse dingwe le bone ba ile ba fenya ka gonne ba ne ba tswelela ba nitame. Eleruri fa re rata bodiredi, re ka kgona go fenya pogiso.

12. O ikaeletse go dira eng mo bodireding?

12 Fa re tsaya bodiredi e le letlotlo le le tlhwatlhwakgolo le le tswang kwa go Jehofa, ga re kitla re kgotsofalela fela go dira diura tse di tlhokegang. Go na le moo, re tla dira bojotlhe gore re “neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo.” (Dit. 20:24; 2 Tim. 4:5) Mme gone, re tla ruta batho eng? Akanya ka letlotlo le lengwe le Modimo a re neileng lone.

MATLOTLO A BOAMMAARURI A RE A SENOLETSWENG

13, 14. ‘Bobolokelo jwa matlotlo’ jo Jesu a neng a bua ka jone mo go Mathaio 13:52 ke eng, mme re ka bo tlatsa jang?

13 Letlotlo la boraro le Modimo a re neileng lone ke boammaaruri jo re bo ithutileng. Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. (2 Sam. 7:28; Pes. 31:5) E re ka a rata go aba, o naya batho ba ba mmoifang dithuto tsa boammaaruri. Fa e sa le re utlwa boammaaruri, re ile ra nna le tshono ya go ithuta dithuto tsa boammaaruri mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, mo dikgatisong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le kwa dipokanong tsa beke le beke. Fa nako e ntse e ya, re nna le se Jesu a ileng a re ke ‘bobolokelo jwa matlotlo’ jwa dithuto tse disha le tse dikgologolo. (Bala Mathaio 13:52.) Fa re batla dithuto tseno jaaka e kete re batla matlotlo a a fitlhegileng, Jehofa o tla re thusa gore re nne le dithuto tse disha tse di tlhwatlhwakgolo mo ‘bobolokelong jwa rona jwa matlotlo.’ (Bala Diane 2:4-7.) Re ka dira seo jang?

14 Re tshwanetse go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta e bile re tshwanetse go dira dipatlisiso ka kelotlhoko mo Lefokong la Modimo le mo dikgatisong tsa rona. Go dira jalo go tla re thusa gore re kgone go ribolola boammaaruri jo bosha jo re neng re sa bo itse. (Josh. 1:8, 9; Pes. 1:2, 3) Kgatiso ya ntlha ya makasine ono e e neng ya gatisiwa ka July 1879, e ne ya bua jaana: “Boammaaruri bo tshwana le lelomo le lennye le le dikologilweng ke mofero e bile o tloga o le hupetsa. Fa o batla go le bona, o tshwanetse go le batla ka tlhoafalo. . . . Fa o batla go nna le lone, o tshwanetse go dira ka natla. Ga re a tshwanela go kgotsofalela go nna le lelomo le le lengwe fela la boammaaruri. . . . Re tshwanetse go tswelela re batla a mangwe.” Eleruri re tshwanetse go tswelela re batla dithuto tsa boammaaruri.

15. Ke eng fa re ka re dithuto dingwe ke tsa ‘bogologolo,’ mme ke dithuto dife tse o di ratang thata?

15 Fa re ne re simolola go kopanela le batho ba Modimo, re ne ra ithuta dithuto tsa boammaaruri tse di tlhwatlhwakgolo. Re ka re dithuto tseno ke tsa ‘bogologolo’ ka gonne re ile ra di itse le go di rata go tloga ka nako ya fa re ne re nna Bakeresete. Dingwe tsa dithuto tseno ke dife? Re ithutile gore Jehofa ke Mmopi wa rona le gore ke ene a re neileng botshelo re bo re ithuta gore boikaelelo jwa gagwe ka batho ke eng. Gape re ithutile gore Modimo o ne a re naya setlhabelo sa thekololo sa Morwawe gore a re golole mo boleong le mo losong. Mo godimo ga moo, re ne ra ithuta gore Bogosi jwa gagwe bo tla fedisa pogo yotlhe le gore re na le tsholofelo ya go tshelela ruri re itumetse re busiwa ke Bogosi joo.—Joh. 3:16; Tshen. 4:11; 21:3, 4.

16. Re tshwanetse go dira eng fa re newa tshedimosetso e e tokafaditsweng?

16 Nako le nako, tsela e re tlhaloganyang boporofeti bongwe jwa Baebele kgotsa Ditemana dingwe e ka nna ya tokafadiwa. Fa re newa tshedimosetso eno e ntšha, re tshwanetse go ipha nako ya go e ithuta le go tlhatlhanya ka yone. (Dit. 17:11; 1 Tim. 4:15) Ga re a tshwanela go leka go tlhaloganya fela diphetogo tse dikgolo tse di dirilweng, mme gape re tlhoka go tlhaloganya le diphetogo tse dinnye fa gare ga tsela e re neng re tlhaloganya dilo ka yone le e re di tlhaloganyang ka yone gone jaanong. Fa re dira jalo, re tla nna le dithuto tse disha mo mabolokelong a rona a matlotlo. Ke eng fa go dira jalo go ka re solegela molemo?

17, 18. Moya o o boitshepo o ka re thusa jang?

17 Jesu o ne a re moya wa Modimo o ka re thusa go gopola dilo tse re di ithutileng. (Joh. 14:25, 26) Seno se ka re thusa jang e re ka re le bareri ba dikgang tse di molemo? Akanya ka se se diragaletseng mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Peter. Ka 1970 o ne a na le dingwaga di le 19 mme o ne a sa tswa go simolola go direla kwa Bethele ya kwa Boritane. Fa a ntse a rera ka ntlo le ntlo, o ne a kopana le rre yo o nang le ditedu yo o mo dingwageng tsa bo40 go ya go 60. Peter o ne a botsa monna yoo gore a a ka rata go ithuta Baebele. Monna yoo o ne a gakgametse mme o ne a mo raya a re ke moruti wa tumelo ya Sejuda. O ne a batla go bona gore a Peter o itse Baebele, ka jalo, o ne a mmotsa jaana: “A ko o mpolelele, buka ya Daniele e ne ya kwalwa ka puo efe?” Peter o ne a re: “Karolo nngwe ya yone e ne ya kwalwa ka Searamaika.” Peter o oketsa jaana: “Moruti yoo o ne a gakgamaletse gore ke ne ke itse karabo, mme le nna ke ne ke gakgamatse tota ka gonne ke ne ke e itse! Ke itsile jang karabo? Fa ke ya gae ke bo ke bala dimakasine tsa dikgwedi tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ke ne ka bona setlhogo sengwe se se neng se tlhalosa gore buka ya Daniele e ne e kwadilwe ka Searamaika.” (Dan. 2:4) Eleruri moya o o boitshepo o ka re thusa gore re gopole dilo tse re di badileng mo nakong e e fetileng tse di mo mabolokelong a rona a matlotlo.—Luke 12:11, 12; 21:13-15.

18 Fa re rata botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa, re tla tlhotlheletsega go tlatsa mabolokelo a rona ka dithuto tsa boammaaruri, tse disha le tse dikgologolo. Fa tsela e re ratang botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa ka yone e ntse e gola, re tla tshwanelega sentle go nna bareri ba dikgang tse di molemo.

SIRELETSA MATLOTLO A GAGO

19. Ke eng fa re tshwanetse go sireletsa matlotlo a Modimo a re neileng one?

19 Satane o dirisa lefatshe la gagwe go leka go koafatsa kgotsa go senya tsela e re ratang matlotlo a re buileng ka one mo setlhogong seno. Seno se ka diragalela mongwe le mongwe wa rona. Go ka nna motlhofo gore re kgatlhegele go nna le tiro e e duelang madi a mantsi, botshelo jwa manobonobo kgotsa go bontsha ka mabela dikhumo tse re nang le tsone. Moaposetoloi Johane o re gopotsa gore lefatshe leno le a feta le keletso ya lone. (1 Joh. 2:15-17) Ka jalo, re tshwanetse go dira ka natla gore re tswelele re rata matlotlo a Modimo a re neileng one.

20. O ikemiseditse go dira eng gore o sireletse matlotlo a Modimo a go neileng one?

20 Ikemisetse go kgaogana le sepe fela se se ka dirang gore o se ka wa tlhola o rata Bogosi Jwa Modimo ka pelo yotlhe. Tswelela o rera dikgang tse di molemo ka tlhagafalo mme o se ka wa tlogela go rata bodiredi. Tswelela o batla dithuto tsa boammaaruri ka tlhoafalo. Fa o dira jalo, o tla ipolokela ‘matlotlo kwa magodimong, koo legodu le sa fitlheng gone le fa e le motoutwane go ja gone. Gonne koo letlotlo la gago le leng gone, gone koo pelo ya gago le yone e tla nna gone.’—Luke 12:33, 34.