Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rarabolola Dikgotlhang Mme o Dire Kagiso

Rarabolola Dikgotlhang Mme o Dire Kagiso

JEHOFA MODIMO o kgothaletsa Bakeresete gore ba rate kagiso le gore e nne selo se se botlhokwa mo matshelong a bone. Fa re le batho ba ba ratang kagiso, go tla nna le kutlwano mo phuthegong. Seno se dira gore batho ba ba sa rateng dikgotlhang ba kgatlhegele go tla mo phuthegong ya Bokeresete.

Ka sekai, ngaka nngwe ya setso e e itsegeng thata kwa Madagascar e ile ya bona kafa Basupi ba ga Jehofa ba nang le kutlwano ka gone. O ne a re: ‘Fa e le gore ke batla go tsena kereke nngwe, ke tlile go tsena eno.’ Fa nako e ntse e ya, o ne a tlogela ditiro tsa gagwe tsa bodimona a bo a fetsa dikgwedi di le dintsi a ntse a dira gore lenyalo la gagwe le dumalane le se se mo Dikwalong mme a nna moobamedi wa Modimo wa kagiso e bong Jehofa.

Fela jaaka monna yoo, ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba bona kagiso e ba e batlang mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore fa go na le “lefufa la letlhoo le manganga” mo phuthegong, seo se ka senya botsala jwa Bakeresete le go baka mathata. (Jak. 3:14-16) Ka lesego, Baebele e re naya kgakololo e e ka re thusang go tila mathata ano le go dira gore go tswelele go na le kagiso. Mma re bone kafa kgakololo e e tswang mo Baebeleng e ileng ya thusa Bakeresete bangwe ka teng.

MATHATA LE THARABOLOLO

“Ke ne ke sa utlwane le mokaulengwe mongwe yo o neng a bereka le nna. Nako nngwe fa re ne re omana, go ne ga tla batho ba babedi mme ba bona se se neng se direga.”—CHRIS.

“Kgaitsadi mongwe yo ke neng ke tlhola ke ya bodireding le ene, o ne a tlogela go tlhola a tsamaya le nna. Go tswa foo, o ne a tlogela go mpuisa. Ke ne ke sa itse gore ke mo dirile eng.”—JANET.

“Ke ne ke bua le batho ba babedi mo founong ka nako e le nngwe. Yo mongwe o ne a laela, mme ke ne ke ithaya ke re o tsamaile. Ka jalo, ke ne ka bua dilo tse di maswe ka ene, kante o ne a sa ntse a reeditse.”—MICHAEL.

“Mo phuthegong ya rona, babulatsela ba babedi ba ne ba sa utlwane. Yo mongwe o ne a ja yo mongwe ka meno. Boitshwaro jwa bone bo ne jwa utlwisa batho ba bangwe botlhoko.”—GARY.

Maemo ano a ka bonala a se masisi go le kalo. Le fa go ntse jalo, a ne a ka dira gore ba ba amegang ba utlwe botlhoko le gore kamano ya bone le Jehofa e koafale. Se se itumedisang ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ne ba baakanya dilo ka gonne ba ne ba ikaega ka Baebele. O akanya gore ba thusitswe ke ditemana dife tsa Baebele?

“Lo se ka lwa galefelana mo tseleng.” (Gen. 45:24) Josefa o ne a naya bomorwarraagwe kgakololo eo fa ba ne ba boela kwa go rraabone. Ruri e ne e le kgakololo e e molemo! Fa mongwe a sa laole maikutlo a gagwe e bile a galefa ka bonako, a ka nna a dira gore le ba bangwe ba galefe. Chris o ne a lemoga gore bothata jwa gagwe ke go ikgogomosa le go gana go amogela kaelo. E re ka a ne a batla go fetoga, o ne a kopa maitshwarelo mo mokaulengweng yo a neng a omana le ene mme a leka ka natla go laola bogale jwa gagwe. E rile mokaulengwe yoo a bona gore Chris o leka go fetoga, le ene o ne a leka go fetoga. Gone jaanong, ba itumelela go direla Jehofa mmogo.

“Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Dia. 15:22) Janet o ne a swetsa ka gore a dirise kgakololo eno ya Baebele. O ne a ya go bua le kgaitsadi yoo. Fa ba ntse ba bua, Janet o ne a dirisa botlhale go dira gore kgaitsadi yoo a mmolelele gore ke eng se se neng se mo kgopisitse. Kwa tshimologong, motlotlo oo o ne o le boima tota. Mme gone, go ne ga nna botoka fa ba ntse ba bua ka bothata jwa bone ba wetse makgwafo. Kgaitsadi yoo o ne a lemoga gore ga a tlhaloganya kgang nngwe sentle, tota e bile, kgang eo e ne e sa amane ka gope le Janet. O ne a kopa maitshwarelo, mme gone jaanong ba direla Jehofa mmogo gape.

“Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele.” (Math. 5:23, 24) O ka tswa o gopola kgakololo eno e Jesu a ileng a e bua mo Therong ya kwa Thabeng. Michael o ne a utlwa botlhoko fa a lemoga gore o ile a kgopisa motho yo a neng a bua le ene mo founong. O ne a ikemiseditse go dira gore ba boe ba utlwane. O ne a ya go kopana le mokaulengwe yoo mme a kopa maitshwarelo ka boikokobetso. Go ne ga direga eng? Michael a re: “Mokaulengwe wa me o ne a intshwarela.” Ba ne ba nna ditsala gape.

“Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakol. 3:12-14) Mogolwane mongwe yo o bonolo o ne a thusa babulatsela ba babedi gore ba akanye ka dipotso tseno: ‘A re tshwanetse go utlwisa ba bangwe botlhoko ka ntlha ya go sa utlwane ga rona? A re na le lebaka le le utlwalang la gore re se ka ra itshokelana le go tswelela re direla Jehofa ka kutlwano?’ Babulatsela bao ba ne ba amogela kgakololo ya mogolwane yoo mme ba e dirisa. Gone jaanong, ba dirisana sentle fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo.

Go dirisa kgakololo e e mo go Bakolosa 3:12-14 go ka go thusa fa mongwe a go utlwisitse botlhoko. Batho ba le bantsi ba lemogile gore boikokobetso bo ba thusa go itshwarela ba bangwe le go lebala diphoso tse ba ba diretseng tsone. Fa e le gore o tshotse matsapa go baakanya bothata mme o sa atlega, molaomotheo o o mo go Mathaio 18:15 o ka go thusa. Kgakololo eno ya ga Jesu e bua ka se motho a tshwanetseng go se dira fa mongwe a diretse yo mongwe boleo jo bo masisi. Mme mo kgannyeng ya fa mongwe a go utlwisitse botlhoko, molaomotheo ono o ka go thusa. Kopana le Mokeresetemmogo le wena mme o bue le ene ka bonolo ka bothata jwa lona mme o leke go bo rarabolola.

Baebele e na le dikakantsho tse dingwe gape. Gore o kgone go dirisa dikakantsho tseno, o tlhoka go bontsha “maungo a moya [e leng] lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Fela jaaka go tshela oli mo motšhineng go dira gore o bereke sentle, go nna le dinonofo tse di molemo le gone go dira gore re tshele le ba bangwe ka kutlwano.

BOTHO JO BO SA TSHWANENG BO DIRA GORE GO NNE MONATE MO PHUTHEGONG

Botho ke mekgwa e e sa tshwaneng e mongwe le mongwe a nang le yone mme e farologane le ya batho ba bangwe. Bo ka dira gore re nne le botsala jo bo molemo le ba bangwe. Mme gape bo ka dira gore re se ka ra utlwana le ba bangwe. Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a re: “Motho yo o ditlhong a ka ikutlwa a sa phuthologa fa a na le motho yo o buang thata. Go ka nna ga lebega e kete kgang eno ga e re sepe, le fa go ntse jalo, e ka baka mathata a a masisi.” Mme gone, a o akanya gore batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng ga ba ka ke ba kgona go dirisana sentle? Akanya ka baaposetoloi ba babedi ba ga Jesu. Petere e ne e le motho yo o ntseng jang? O ka nna wa tsaya gore e ne e le motho yo o buang thata e bile a phamoga fela. Gotweng ka Johane? Re ka tsaya gore e ne e le motho yo o lorato, a sa bue thata e bile a akanyetsa dilo sentle pele a di dira. Go ka tswa go na le mabaka a a utlwalang a gore re akanye gore ba ne ba ntse jalo. Go bonala ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dirisana sentle. (Dit. 8:14; Bagal. 2:9) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno go a kgonega gore Bakeresete ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng ba dirisane sentle.

Gongwe go na le mokaulengwe mongwe mo phuthegong ya lona yo o sa rateng tsela e a buang le e a dirang dilo ka yone. Le fa go ntse jalo, o a itse gore Keresete o ne a swela motho yoo le gore o tshwanetse go mo rata. (Joh. 13:34, 35; Bar. 5:6-8) Ka jalo, go na le gore o ipolelele gore o ka se nne tsala le motho yoo kgotsa o mo itlhokomolose, ipotse jaana: ‘A mokaulengwe yono o dira sengwe se se sa dumalaneng le Baebele? A o leka go nthatafaletsa botshelo? Kgotsa a ke fela gore re na le botho jo bo sa tshwaneng?’ Gape go botlhokwa gore o ipotse jaana: ‘O na le dinonofo dife tse di molemo tse nka di etsang?’

Potso eno ya bofelo e botlhokwa. Fa e le gore motho yoo o bua thata mme wena o ditlhong, akanya kafa go leng motlhofo ka gone gore a bue le batho mo bodireding. O ka nna wa mo kopa gore lo bereke mmogo mo bodireding mme o ithute sengwe mo go ene. Fa e le gore o rata go bontsha batho ba bangwe bopelonomi mme wena o sa nna jalo, ela tlhoko kafa a itumelang ka gone fa a thusa bagodi, ba ba lwalang kgotsa ba ba tlhokang. Ntlha ke gore, le fa lo ka tswa lo na le botho jo bo sa tshwaneng, lo ka kgona go dirisana sentle fa lo tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse yo mongwe a di dirang. Go dira jalo ga go reye gore lo tla nna ditsala tse di atamalaneng, mme gone, go ka dira gore lo dirisane sentle ka kagiso le gore go nne le kagiso mo phuthegong.

Yudia le Sentike ba ka tswa ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng kgotsa ba dira dilo ka tsela e e sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a ba kgothaletsa gore “ba nne ba mogopolo o o tshwanang mo Moreneng.” (Bafil. 4:2) A le wena o ka leka go dira jalo gore go tle go nne le kagiso?

O SE KA WA LETLA DIKGOTLHANG GORE DI TSWELELE

Fela jaaka mofero o o golang mo tshingwaneng ya malomo, go tlhoa ba bangwe go ka oketsega fa re sa leke go go thibela. Fa motho a itetla go galefa, seo se ka ama botlhe mo phuthegong. Fa re rata Jehofa le Bakeresetemmogo le rona, re tla leka ka natla go dira gore dikgotlang di se ka tsa senya kagiso ya batho ba Modimo.

Fa o ikokobetsa e bile o leka go dira gore go nne le kagiso, o ka nna le diphelelo tse di molemo

Fa re rarabolola dikgotlhang ka boikaelelo jwa gore go nne le kagiso, go ka nna le diphelelo tse di molemo. Akanya ka se se neng sa diragalela kgaitsadi mongwe. O ne a re: “Ke ne ke akanya gore kgaitsadi mongwe o ne a ntshwere jaaka ngwana. Seno se ne se ntshwenya tota. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go mo itlhokomolosa e bile ke sa mo arabe sentle. Ke ne ka ipolelela jaana, ‘Ga a ntlotle, ka jalo, le nna ga nkitla ke mo tlotla.’”

Kgaitsadi yono o ne a simolola go akanya ka ditiro tsa gagwe. O ne a re: “Ke ne ka lemoga gore ke na le makoa mme seo se ne sa dira gore ke swabe. Ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go fetola tsela e ke akanyang ka yone. Ke ne ka rapela ka kgang eo, go tswa foo, ke ne ka rekela kgaitsadi yoo mpho ke bo ke mo kwalela molaetsa ke kopa gore a intshwarele. Re ne ra tlamparelana mme ra dumalana ka gore re lebale ka kgang eo. Ga re ise re nne le mathata go tloga ka nako eo.”

Batho ba batla kagiso ka patla le jase. Le fa go ntse jalo, fa ba nna mo kotsing ya go latlhegelwa ke maemo kgotsa sengwe se ba diga seriti, bontsi jwa bone ba simolola go dira dilo tse di senyang kagiso. Go ntse jalo ka batho ba le bantsi ba ba sa obameleng Jehofa, mme gone, o batla gore batlhanka ba gagwe ba dirisane ka kagiso. O ne a tlhotlheletsa Paulo gore a kwale jaana: “Ke lo rapela gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng pitso e lo neng lwa bidiwa ka yone, ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele, lo itshokelana ka lorato, lo leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:1-3) ‘Sebofo se se kopanyang sa kagiso’ ga se ka ke sa lekanngwa le sepe. A re se nonotshe, mme re ikemisetse go rarabolola dikgotlhang dipe tse re ka nnang le tsone.