Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A go Bakwe [Botlhale] Jwa Gago!”

“A go Bakwe [Botlhale] Jwa Gago!”

MAFOKO ano a ne a buiwa ke monna wa kwa Iseraele wa bogologolo e bong Dafide fa a ne a baka mosadi mongwe yo a neng a kopane le ene. Leina la mosadi yoo ke Abigaile. Ke eng fa Dafide a ile a mmaka, mme re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa gagwe?

Dafide o ne a kopana le mosadi yono yo o nyetsweng ka nako ya fa a ne a tshaba ka ntlha ya ga Kgosi Saulo. Abigaile o ne a nyetswe ke Nabale, monna yo o humileng yo o neng a na le matsomane a mantsi kwa kgaolong e e dithaba e e kwa borwa jwa Juda. Dafide le banna ba gagwe ‘ba ne ba nna lobota go dikologa’ badisa ba ga Nabale le matsomane a gagwe. Moragonyana Dafide o ne a romela barongwa kwa go Nabale, a kopa ‘sengwe’ se se jewang se a ka kgonang go se ba naya. (1 Sam. 25:8, 15, 16) Go ne go utlwala gore Dafide a dire kopo eo ka gonne ene le banna ba gagwe ba ile ba sireletsa dilo tse di botlhokwa tsa ga Nabale.

Le fa go ntse jalo, Nabale, yo leina la gagwe le rayang, “Yo o Se Nang Tlhaloganyo” kgotsa “Sematla,” o ne a bontsha gore ruri leina la gagwe le a mo tshwanela. O ne a gana go thusa Dafide mme a araba kopo ya gagwe ka bogale le ka tsela e e bontshang lonyatso. Ka jalo, Dafide o ne a ipaakanyetsa go ya go otlhaya Nabale ka gonne a ile a mo araba ka tsela e e sa siamang. Nabale le ba ntlo ya gagwe ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela ka ntlha ya boeleele jwa gagwe.—1 Sam. 25:2-13, 21, 22.

E re ka Abigaile a ne a lemoga gore go tla nna le ditlamorago tse di maswe ka ntlha ya se Dafide a batlang go se dira, o ne a tsaya kgato e e bontshang gore o pelokgale. O ne a ikuela mo go Dafide ka tlotlo a umaka kafa Dafide a nang le kamano e e molemo le Jehofa ka gone. Mo godimo ga moo, o ne a naya Dafide le banna ba gagwe dijo tse dintsi. Ka jalo, Dafide o ne a lemoga gore Jehofa o ne a dirisa Abigaile go mo thibela gore a se ka a dira sengwe se se neng se tla dira gore a nne molato mo Modimong. Dafide o ne a raya Abigaile a re: “A go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi.”—1 Sam. 25:18, 19, 23-35.

Ruri ga re batle go tshwana le Nabale ka go se anaanele dilo tse di molemo tse batho ba bangwe ba re direlang tsone. Mo godimo ga moo, fa re lemoga gore go tloga go direga bothata bongwe, re tshwanetse go leka go bo thibela. Eleruri, re ka bua fela jaaka mopesalema fa a ne a raya Modimo a re: “Nthute se se molemo, tlhaloganyo le kitso.”—Pes. 119:66.

Batho ba ba bonang dilo tse re di dirang ba ka lemoga gore ruri re botlhale. Le fa ba ka re bolelela seo kgotsa jang, ba ka nna ba bo ba ikutlwa jaaka Dafide yo o neng a re: ‘A go Bakwe Tlhaloganyo [kgotsa Botlhale] jwa Gago!’