Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Tlhomile Mogopolo mo Kgannyeng ya Botlhokwa

Nna o Tlhomile Mogopolo mo Kgannyeng ya Botlhokwa

“Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—PES. 83:18.

PINA: 46, 136

1, 2. (a) Ke kgang efe ya botlhokwa e e re amang rotlhe? (b) Ke eng fa kgang eno e le botlhokwa?

SELO sa botlhokwa thata mo bathong ba le bantsi gompieno ke madi. Ba tshwaregile thata ka go dira madi a mantsi le go sireletsa dithoto tsa bone. Mo go ba bangwe, selo sa botlhokwa thata ke lelapa, botsogo kgotsa go atlega mo botshelong.

2 Le fa go ntse jalo, kgang ya botlhokwa e e re amang rotlhe ke go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra lebala kgang eno ya botlhokwa. Seo se ka direga jang? Re ka tshwarega thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo re feleletsang re lebala gore go tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo go botlhokwa go le kana kang. Kgotsa re ka kgobiwa marapo ke diteko tse dintsi tse re lebanang le tsone mme seo sa dira gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo kgannyeng eno ya botlhokwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, re tla kgona go lebana le mathata a letsatsi le letsatsi. Mme seo se tla dira gore re atamalane thata le Jehofa.

KE ENG FA E LE BOTLHOKWA?

3. Satane o ile a reng ka bolaodi jwa Modimo?

3 Se Satane Diabolo a se dirileng se ile sa tsosa potso ya gore a tota Jehofa o tshwanelwa ke go busa. O ne a tlhalosa gore Modimo ga se Mmusi yo o siameng le gore o tima batho ba gagwe dilo tse di molemo. Go ya ka Diabolo, batho ba ka itumela tota e bile ba ka tshela sentle fa ba ipusa. (Gen. 3:1-5) Gape Satane o ne a re ga go na motho ope yo o ikanyegang mo Modimong le gore fa mathata a tlhaga, ga go na motho yo o ka ikobelang bolaodi jwa ga Jehofa. (Jobe 2:4, 5) Ka ntlha ya kgang eno ya ga Diabolo, Jehofa o letla batho gore ba iponele gore go tshela ntle le melao ya gagwe e e siameng ga go molemo gotlhelele.

4. Ke eng fa kgang ya bolaodi e tshwanetse go rarabololwa?

4 Gone ke boammaaruri gore Jehofa o a itse gore ditatofatso tsa ga Diabolo ke maaka. Ka jalo, ke eng fa Modimo a letlile Satane gore a leke go bontsha gore a kgang ya gagwe e boammaaruri? Karabo ya potso eno e ama dipobiwa tsotlhe. (Bala Pesalema 83:18.) Kana e bile, banyalani ba ntlha ga ba a ka ba ikobela bolaodi jwa ga Jehofa mme batho ba bantsi le bone ba ne ba dira jalo. Seno se ka dira gore bangwe ba ipotse gore a Diabolo a ka tswa a bua boammaaruri. Fa fela batho kgotsa baengele ba ise ba itse karabo ya potso eno, go tla tswelela go na le dikgotlhang fa gare ga ditšhaba, ditso le malapa. Mme fa bolaodi jwa ga Jehofa bo sena go tlotlomadiwa, batho botlhe ba tla ikobela bolaodi jo bo siameng jwa gagwe go ya go ile. Lefatshe lotlhe le tla nna le kagiso.—Baef. 1:9, 10.

5. Re ka bontsha jang gore re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng?

5 Bolaodi jwa Modimo bo tla tlotlomadiwa mme puso ya ga Satane le ya batho e tla palelelwa e bo e fedisiwa. Modimo o tla dirisa Bogosi jwa Bomesia gore bolaodi jwa gagwe bo tlotlomadiwe mme batho ba ba ikanyegang ba tla bontsha gore batho ba ka kgona go ema bolaodi jwa gagwe nokeng. (Isa. 45:23, 24) A o batla go nna mongwe wa batho ba ba emang bolaodi jwa ga Jehofa nokeng? Ga go pelaelo gore o batla go nna mongwe wa bone. Fa re batla gore seo se direge, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo kgannyeng eo ya botlhokwa mme re tlhaloganye kafa e leng botlhokwa ka gone.

GO TLOTLOMADIWA GA BOLAODI JWA MODIMO GO BOTLHOKWA THATA

6. Go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa go botlhokwa go le kana kang?

6 Go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ke kgang ya botlhokwa thata e e lebaneng batho. Seno se botlhokwa go feta boitumelo jwa motho ope fela. A seno se raya gore ga go botlhokwa gore a re a bolokwa kgotsa gore Jehofa ga a re kgathalele? Nnyaa, le e seng! Ke ka ntlha yang fa re rialo?

7, 8. Ke eng fa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo go akaretsa go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe?

7 Jehofa o a re rata e bile re botlhokwa mo go ene. O ne a dirisa madi a Morwawe gore re tle re kgone go tshelela ruri. (Joh. 3:16; 1 Joh. 4:9) Fa Jehofa a ne a ka se diragatse ditsholofetso tsa gagwe, Diabolo o ne a tla nna le lebaka la go mmitsa moaki yo o timang batho ba gagwe dilo tse di molemo le yo o busang ka tsela e e sa siamang. Gape seno se ne se tla naya baganetsi lebaka le le utlwalang la go botsa jaana: “Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.” (2 Pet. 3:3, 4) Ka jalo, Jehofa o tla tlhomamisa gore go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe go akaretsa go bolokwa ga batho ba ba kutlo! (Bala Isaia 55:10, 11.) Mo godimo ga moo, tsela e Jehofa a busang ka yone e bontsha sentle gore o a re rata. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o tla tswelela a rata e bile a anaanela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—Ekes. 34:6.

8 Fa re tlhaloganya gore bolaodi jwa ga Jehofa bo botlhokwa go le kana kang, re a bo re sa dire gore go nne e kete ga go botlhokwa gore a re a bolokwa e bile re a bo re sa itseele kwa tlase. Go na le moo, re gopola gore go bolokwa ga batho ga go botlhokwa go feta go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo. Go gopola seno go tla re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo kgannyeng eno ya botlhokwa le gore re eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng.

GO ITHUTA GO LEBA DILO SENTLE

9. Satane o ne a reng ka Jobe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Go botlhokwa gore re lebe dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Re bona seo mo bukeng ya Jobe, e leng nngwe ya dibuka tsa ntlha go kwalwa. Mo bukeng eno, re ithuta ka tatofatso ya ga Satane ya gore Jobe o ne a tla tlhanogela Modimo fa a ka lebana le pogiso e e setlhogo. Satane o ne a re Modimo a leke Jobe ka boene. Jehofa ga a ka a dira jalo mme o ne a letla Satane gore a leke Jobe a bo a mo raya a re: “Sengwe le sengwe se a nang le sone se mo seatleng sa gago.” (Bala Jobe 1:7-12.) Mo nakong e khutshwane fela, Jobe o ne a swelwa ke batlhanka ba gagwe, leruo le bana ba gagwe ba le lesome. Satane o ne a dira seno ka tsela e e neng ya dira gore go nne e kete Modimo ke ene a neng a baketse Jobe mathata. (Jobe 1:13-19) Go tswa foo, Satane o ne a tlhasela Jobe ka bolwetse jo bo botlhoko. (Jobe 2:7) Kutlobotlhoko ya gagwe e ne ya gakadiwa ke mafoko a a kgobang a mosadi wa gagwe le banna bangwe ba bararo ba ba neng ba itira e kete ba a mo kgathalela.—Jobe 2:9; 3:11; 16:2.

10. (a) Jobe o ne a dira eng se se bontshang gore o ne a ikanyega mo Modimong? (b) O ne a dira phoso efe?

10 Go ne ga felela jang? Go ne ga bonala gore se Satane a neng a se bua e ne e le maaka a matala. Jobe ga a ka a tlhanogela Modimo. (Jobe 27:5) Le fa go ntse jalo, ka nakwana Jobe o ne a lebala gore ke eng se se botlhokwa thata. O ne a simolola go ipona a siame thata e bile o ne a batla go itse lebaka la go bo a boga. (Jobe 7:20; 13:24) E re ka a ile a boga thata, re ka nna ra tsaya gore go ne go utlwala gore a dire jalo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a bona go le botlhokwa gore a thuse Jobe go baakanya tsela e a akanyang ka yone. Jehofa o ne a mmolelela eng?

11, 12. Jehofa o ne a thusa Jobe gore a lemoge eng mme Jobe o ne a tsiboga jang?

11 Mafoko a Modimo a neng a a bolelela Jobe a mo dikgaolong di le nnê tsa buka ya Jobe e leng kgaolo 38 go ya go 41. Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo re balang teng gore Modimo o ne a bolelela Jobe lebaka la go bo a ne a boga. Lebakalegolo la se Jehofa a neng a se bolelela Jobe e ne e se go mo tlhalosetsa gore ke eng fa a boga, jaaka e kete o ne a tlhoka go buelela se a se dirileng. Go na le moo, Jehofa o ne a batla gore Jobe a lemoge gore ga a lekane le ene. Mme o ne a mo thusa go bona gore go na le dikgang tse di botlhokwa thata tse a tshwanetseng go tshwenyega ka tsone. (Bala Jobe 38:18-21.) Seno se ne sa thusa Jobe gore a gopole gore ke eng se se botlhokwa thata.

12 A Jehofa o ne a le setlhogo fa a ne a kgalema Jobe morago ga gore a lebane le diteko tse di botlhoko? Modimo o ne a se setlhogo e bile Jobe o ne a sa akanye jalo. Le fa gone Jobe a ne a lebane le mathata, o ne a lebogela kgakololo eo. O ne a bo a bua jaana: ‘Ke boa ka morago mo mafokong a me, mme ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.’ Kgakololo e e molemo ya ga Jehofa e ne ya mo fitlhelela pelo. (Jobe 42:1-6) Pelenyana ga moo, Elihu yo mmotlana o ne a kgalemela Jobe. (Jobe 32:5-10) Fa Jobe a sena go amogela kgalemelo ya Modimo le go baakanya tsela e a lebang dilo ka yone, Jehofa o ne a re o itumelela tsela e Jobe a ileng a ikanyega ka yone fa a ne a lekwa.—Jobe 42:7, 8.

13. Kgakololo ya ga Jehofa e ne e tla solegela Jobe molemo jang tota le morago ga gore diteko tsa gagwe di fele?

13 Kgakololo ya ga Jehofa e ne e tla nna e solegela Jobe molemo tota le morago ga gore diteko tsa gagwe di fele. Jang? Le fa ‘Jehofa a ile a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe go feta tshimologo ya gagwe,’ go tshwanetse ga bo go ile ga tsaya nako gore a lebale kutlobotlhoko eo. Moragonyana “o ne a nna le bana ba le supa ba basimane le bana ba le bararo ba basetsana.” (Jobe 42:12-14) Ga go pelaelo gore Jobe o ne a tlhologelelwa bana ba gagwe ba ba neng ba bolawa ke Satane. Go ka nna ga bo go ile ga feta nako a ntse a gopola dilo tse di mo diragaletseng. Le fa kgabagare a ile a tlhaloganya lebaka la go bo a ne a boga, a ka tswa a ile a ipotsa gore a go ne go tlhokega gore a boge thata jaana. Go sa kgathalesege gore o ne a akanya eng, o ne a ka kgona go tlhatlhanya ka kgakololo ya Modimo. Go dira jalo go ne go tla mo thusa gore a gopole gore ke eng se se botlhokwa thata e bile go ne go tla mo gomotsa.—Pes. 94:19.

Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo kgannyeng ya botlhokwa e seng mo mathateng a rona (Bona serapa 14)

14. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jobe?

14 Go bala pego ya ga Jobe go ka re thusa go gopola gore ke eng se se botlhokwa thata e bile go ka re gomotsa. Kana e bile, Jehofa o ne a dira gore pego eno e kwalelwe “go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Re ithuta eng mo pegong eno? Re ithuta gore ga re a tshwanela go tshwarega thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo re feleletsang re lebala kgang eno ya botlhokwa e leng go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa. Gape re tshwanetse go lemoga gore re ka nna le seabe mo kgannyeng eno ya botlhokwa ka go tswelela re ikanyega jaaka Jobe le fa re lebana le diteko.

15. Go nna le diphelelo dife fa re ikanyega le fa gone re lebana le diteko?

15 Ke eng fa go gomotsa go akanya ka botlhokwa jwa boikanyegi jwa rona? Ke ka gonne diteko tsa rona di na le mosola mongwe. Fa re lebane le diteko, seo ga se reye gore Jehofa o re galefetse, go na le moo, diteko di re naya tshono ya go bontsha gore re ema bolaodi jwa gagwe nokeng. (Dia. 27:11) Boitshoko jwa rona bo dira gore re nne le “boemo jo bo amogelesegang” e bile bo nonotsha tsholofelo ya rona. (Bala Baroma 5:3-5.) Pego ya ga Jobe e bontsha gore “Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jak. 5:11) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o tla segofatsa batho botlhe ba ba emang nokeng bolaodi jwa gagwe. Go gopola seno go tla re thusa gore re ‘itshoke ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’—Bakol. 1:11.

GO TSWELELA RE TLHOMILE MOGOPOLO

16. Ke eng fa re tshwanetse go nna re gopotse botlhokwa jwa go tlotlomatsa boloadi jwa ga Jehofa?

16 Gone ke boammaaruri gore go tlhoma mogopolo mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa ga go motlhofo. Ka dinako dingwe, mathata a rona a ka re imela. Tota le mathata a mannye a ka dira gore re tshwenyege fa re nnela go akanya ka one. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re ikgopotse botlhokwa jwa go ema bolaodi jwa Modimo nokeng fa re lebane le maemo a a thata.

17. Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya ga Jehofa go ka re thusa jang gore re tswelele re tlhomile mogopolo mo kgannyeng ya botlhokwa?

17 Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya ga Jehofa go ka re thusa gore re tswelele re tlhomile mogopolo mo kgannyeng ya botlhokwa. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Renee o ne a itewa ke seterouku e bile o ne a na le ditlhabi tse di sa feleng le kankere. Fa a ntse a le kwa bookelong, o ne a rerela badiri ba bookelo, batho ba ba lwalang le ba ba mo etetseng. Kwa bookelong bongwe, o ne a fetsa diura di le 80 a rera mo dibekeng di le pedi le halofo fela. Le fa Renee a ne a tloga a swa, o ne a nna a tlhomile mogopolo mo bolaoding jwa ga Jehofa. Seno se ne sa okobatsa matshwenyego a gagwe.

18. Maitemogelo a kgaitsadi mongwe a bontsha jang molemo wa go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa?

18 Re batla go tswelela re tlhomile mogopolo mo bolaoding jwa ga Jehofa fa re kopana le mathata a letsatsi le letsatsi. Ka sekai, Jennifer o ne a fetsa malatsi a le mararo kwa boemafofaneng a emetse sefofane se se yang kwa gabone. Difofane di ne tsa thibelwa go tsamaya. E re ka a ne a le nosi e bile a lapile, go ne go ka nna motlhofo gore a simolole go ikutlwela botlhoko. Go na le moo, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go bona gore a ka thusa jang batho ba bangwe ba le bone ba lebaneng le boemo jo bo tshwanang. Go ne ga felela jang? O ne a rerela batho ba le bantsi le go tsamaisa dikgatiso di le dintsi. A re: “Ke ne ka lemoga gore ruri Jehofa o ntshegofaditse le fa gone ke ne ke lebane le mathata e bile o ne a nnaya nonofo ya gore ke galaletse leina la gagwe.” Eleruri, o ne a nna a tlhomile mogopolo mo boikaelelong jwa ga Jehofa.

19. Batho ba ga Jehofa ba leba jang kgang ya bolaodi jwa gagwe?

19 Bodumedi jo bo emang bolaodi jwa ga Jehofa nokeng ke bodumedi jwa boammaaruri. Mme bodumedi jo bo sa emeng bolaodi jwa gagwe nokeng ke jwa maaka. Batho ba Modimo ga ba bolo go ema bolaodi jwa gagwe nokeng. E re ka re le mo kobamelong ya boammaaruri, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tswelela a gopotse kgang eno e Dikwalo di re kgothaletsang go e dira.

20. Jehofa o ikutlwa jang ka maiteko a o a dirang go ema bolaodi jwa gagwe nokeng?

20 Tlhomamisega gore Jehofa o anaanela maiteko a o a dirang go ema bolaodi jwa gagwe nokeng ka go tswelela o ikanyega le go itshokela diteko. (Pes. 18:25) Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa mo go oketsegileng gore ke eng fa re tshwanetse go ema nokeng bolaodi jwa ga Jehofa ka pelo yotlhe le gore re ka dira seo jang.