Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng re Tshwanetse go ‘Baka Jah’?

Goreng re Tshwanetse go ‘Baka Jah’?

“Bakang Jah . . . Gonne go monate—pako e a tshwanela.”—PES. 147:1.

PINA: 104, 152

1-3. (a) Pesalema 147 e ka tswa e kwadilwe leng? (b) Re ka ithuta eng mo go Pesalema 147?

FA MOTHO a dirile kabelo ya gagwe bontle kgotsa a bontshitse nonofo e e molemo ya Bokeresete, o tshwanelwa ke go akgolwa. Fa re kgona go akgola batho, ruri go tla bo go le molemo gore re bake Jehofa Modimo! Re ka mmaka ka ntlha ya maatla a gagwe a magolo a re a bonang mo popong kgotsa ka ntlha ya tsela e e molemo e a dirisanang le batho ka yone e re ka a ile a re direla thulaganyo ya setlhabelo sa thekololo sa Morwawe.

2 Mokwadi wa Pesalema 147 o ne a tlhotlheletsega go baka Jehofa. Mme gape, o ne a kgothaletsa batho ba bangwe gore le bone ba bake Modimo.—Bala Pesalema 147:1, 7, 12.

3 Ga re itse gore mokwadi yono ke mang mme a ka tswa a ne a tshela ka nako ya fa Jehofa a ne a golola Baiseraele kwa Babelona gore ba boele Jerusalema. (Pes. 147:2) Go busediwa ga batho ba Modimo kwa lefelong la bone la kobamelo ya boammaaruri go tshwanetse ga bo go ile ga tlhotlheletsa mopesalema yono gore a galaletse Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ile a umaka mabaka a mangwe a go bo a galaletsa Jehofa. Ke afe? Wena o na le mabaka afe a go ‘baka Jah’ mo botshelong jwa gago?—Pes. 147:1.

JEHOFA O FODISA BA BA PELO E PHATLOGILENG

4. Fa Kgosi Kurose a ne a golola Baiseraele kwa botshwarwa, ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jang mme ka ntlha yang?

4 Akanya fela kafa Baiseraele ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona ba ka tswang ba ne ba ikutlwa ka teng. Bababelona ba ne ba ba sotla ba ba raya ba re: “Re opeleleng nngwe ya dipina tsa Siona.” Ka nako eo, motse wa Jerusalema o o neng o dira gore ba itumelele Jehofa thata, o ne o sentswe. (Pes. 137:1-3, 6) Bajuda ba ne ba sa batle go opela. Dipelo tsa bone di ne di rotha kgodu e khibidu e bile ba ne ba tlhoka go gomodiwa. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a diragatsa se a neng a se boleletse pele ka go dira gore kgosi ya Peresia e bong Kurose a ba golole. O ne a fenya motse wa Babelona a bo a re: “Jehofa . . . o nthomile gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema . . . Le fa e le mang mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, Jehofa Modimo wa gagwe a nne le ene. Ka jalo a a tlhatloge.” (2 Ditir. 36:23) Baiseraele ba ba neng ba le kwa Babelona ba tshwanetse ba bo ba ile ba gomodiwa ke mafoko ano!

5. Mopesalema a reng ka maatla a ga Jehofa a go fodisa?

5 Jehofa o ne a gomotsa Baiseraele e le setlhopha, e bile o ne a gomotsa mongwe le mongwe wa bone. Le gompieno o sa ntse a dira jalo. Mopesalema o ne a bua jaana ka Modimo: “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pes. 147:3) Eleruri Jehofa o kgathalela batho ba ba nang le mathata. Gone jaanong, Jehofa o iketleeleditse go re gomotsa le go re thoba maikutlo. (Pes. 34:18; Isa. 57:15) O re naya botlhale le maatla gore re kgone go lepalepana le mathata a rona.—Jak. 1:5.

6. Re ka solegelwa molemo jang ke se mopesalema a se buang mo go Pesalema 147:4? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Go tswa foo, mopesalema o simolola go bua ka dinaledi a re bolelela gore Jehofa “o bala palo ya dinaledi” e bile “o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.” (Pes. 147:4) Goreng a bua ka dinaledi? Akanya ka seno: Mopesalema o ne a kgona go bona dinaledi ka matlho mme o ne a sa itse palo ya tsone. Fa dingwaga di ntse di ya, palo e re e itseng ya dinaledi e ntse e oketsega fela thata. Batho ba bangwe ba akanya gore go na le dinaledi di le dibilione mo losagaripeng lwa Molala wa Tladi. Mme go ka tswa go na le masagaripa a le mantsintsi mo lobopong! Eleruri dinaledi ga di balege! Le fa go ntse jalo, Mmopi o di naya maina tsotlhe. Seno se raya gore naledi nngwe le nngwe e tlhomologile mo go Jehofa. (1 Bakor. 15:41) Gotweng ka batho ba gagwe mo lefatsheng? E re ka Modimo a itse gore naledi nngwe le nngwe e kwa kae ka nako e e rileng, gape o a itse gore o motho yo o ntseng jang, o kwa lefelong lefe, o ikutlwa jang le gore o tlhoka eng ka nako eo!

7, 8. (a) Fa Jehofa a thusa batho ba gagwe go lebana le diteko, o akanyetsa eng? (b) Tlhalosa kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka gone fa a thusa batho.

7 Jehofa o amega ka wena e bile o na le maatla le kutlwelobotlhoko, ka jalo a ka go thusa ka mathata a o nang le one. (Bala Pesalema 147:5.) O ka tswa o akanya gore maemo a gago a thata le gore o ka se kgone go a rarabolola ka bowena. Modimo o itse dilo tse o kgonang go di dira le tse o sa di kgoneng ka gonne o “gakologelwa gore [o] lorole.” (Pes. 103:14) E re ka re sa itekanela, re boaboeletsa diphoso tse di tshwanang. Ruri re utlwa botlhoko fa re bua sengwe se se sa siamang, fa gangwe le gape re fekeediwa ke makoa a rona kgotsa fa re nna le mokgwa wa go fufegela ba bangwe! Jehofa ga a na mathata a a ntseng jalo, mme gone, tsela e a re tlhaloganyang ka yone e gaisa ya motho ope fela!—Isa. 40:28.

8 O ka tswa o ile wa lemoga kafa Jehofa a go thusitseng ka gone gore o lebane le teko nngwe. (Isa. 41:10, 13) Ka sekai, akanya ka kgaitsadi mongwe wa mmulatsela e bong Kyoko, yo o ileng a kgobega marapo fa a sena go amogela kabelo ya go fudugela kwa lefelong le lengwe. Jehofa o ile a bontsha jang gore o tlhaloganya mathata a gagwe? Fa Kyoko a sena go fudugela kwa lefelong leo, o ne a kopana le batho ba ba tlhaloganyang tsela e a ikutlwang ka yone. O ne a ikutlwa e kete Jehofa o mo raya a re: “Ke a go rata, e seng fela ka gonne o le mmulatsela, mme ka gonne o le morwadiake e bile o ineetse mo go nna. Ke batla gore o itumelele go nna Mosupi wa me!” Ke eng se Mothatayotlhe a go diretseng sone se se go bontshang gore “tlhaloganyo ya gagwe e ka se ka ya anelwa”?

JEHOFA O RE NAYA DILO TSE RE DI TLHOKANG

9, 10. Ke eng se Jehofa a se dirang pele fa a re thusa? Tshwantsha.

9 Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa tlhoka dilo dingwe tsa botlhokwa gore o kgone go tshela. Ka sekai, o ka tshwenyega ka go re ga o na dijo tse di lekaneng. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke ene a dirileng modikologo wa tlholego o o dirang gore dimela tse di jewang di gole, tse gape di fepang le magakabe a mannye a a tlhokang dijo! (Bala Pesalema 147:8, 9.) Fa Jehofa a kgona go nna a fepa magakabe, ga go pelaelo gore o tla go naya dilo tse o di tlhokang gore o tshele.—Pes. 37:25.

10 Sa botlhokwa ke go re Jehofa o nonotsha tumelo ya rona ka go re naya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafil. 4:6, 7) Ka sekai, akanya ka Mutsuo le mosadi wa gagwe ba ba ileng ba bona kafa Jehofa a ileng a ba nonotsha ka gone fa go sena go nna le tsunami kwa Japane ka 2011. Ba falotse ka tshoba la mogodu ka go palama ntlo ya bone. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leo ba ile ba latlhegelwa ke dilo di le dintsi. Ba letse bosigo jotlhe mo kamoreng e e tsididi ya ntlo ya bone e e senyegileng. Mo mosong, ba ne ba batla kgatiso nngwe e e ka ba kgothatsang. Ba ne ba bona Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2006. Mo bukeng eo, ba ne ba bona setlhogo se se buang ka ditsunami tse di maswe thata tse di kileng tsa nna gone. Setlhogo seo se ne se bua ka thoromo ya lefatshe ya 2004 ya kwa Sumatra e e neng ya dira gore go nne le ditsunami tse di maswe thata go gaisa tse di kileng tsa nna teng. Mutsuo le mosadi wa gagwe ba ne ba lela fa ba ntse ba bala setlhogo seo. Ba ne ba bona gore ruri Modimo o a ba rata ka gonne o ne a ba naya kgothatso e e siameng ka nako e ba neng ba e tlhoka thata. Gape, Jehofa o ne a ba tlamela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka mo lapeng. Bakaulengwe ba ne ba ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka. Mme ba ne ba kgothadiwa thata ke go etelwa ke baemedi ba phuthego ya Modimo kwa phuthegong ya bone. Mutsuo a re: “Ke ne ke utlwa e kete Jehofa o eme mongwe le mongwe wa rona nokeng le gore o re tlhokometse. Seo se ne sa nkgothatsa tota!” Modimo o nonotsha tumelo ya rona pele, go tswa foo, a bo a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.

SOLEGELWA MOLEMO KE MAATLA A MODIMO A A BOLOKANG

11. Batho ba ba batlang go solegelwa molemo ke maatla a Modimo a a bolokang ba tshwanetse go dira eng?

11 Jehofa o nna a iketleeleditse go “namola ba ba pelonolo.” (Pes. 147:6a) Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re solegelwe molemo ke seo? Re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le ene. Seo se raya gore re tshwanetse go lwela go nna pelonolo. (Sefa. 2:3) Batho ba ba pelonolo ba leta Modimo gore a baakanye mathata ape a a nnileng gone le go dira tshiamiso. Jehofa o rata batho ba ba ntseng jalo.

12, 13. (a) Fa re batla gore Modimo a re thuse, re tshwanetse go tila eng? (b) Jehofa o ipelela batho ba ba ntseng jang?

12 Ka fa letlhakoreng le lengwe, Modimo “o kokobeletsa baikepi fa fatshe.” (Pes. 147:6b) Mafoko ano a re ruta thuto ya botlhokwa! Fa re batla go solegelwa molemo ke lorato lo lo ikanyegang lwa ga Jehofa le go tila bogale jwa gagwe, re tshwanetse go tlhoa se a se tlhoileng. (Pes. 97:10) Ka sekai, re tshwanetse go tlhoa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Seno se raya gore re tshwanetse go tila sepe fela se se ka dirang gore re wele mo boitsholong joo jo bo sa siamang, go akaretsa le go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. (Pes. 119:37; Math. 5:28) Eno ga se kgetsi e potlana mme fa re batla gore Jehofa a re segofatse, re tshwanetse go tsaya matsapa.

13 Gore re kgone go tlhoa se Jehofa a se tlhoileng, re tshwanetse go ikaega ka ene e seng ka maatla a rona. A Jehofa o tla itumela fa re leka go itshireletsa ka ‘maatla a pitse’ ka go batla thuso kwa batho ba le bantsi ba e batlang gone? Nnyaa! Gape, ga re a tshwanela go ikaega ka “maoto a motho” ka go dira gore go nne e kete rona kgotsa motho yo mongwe a ka re sireletsa. (Pes. 147:10) Go na le moo, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse. Jehofa ga a tshwane le bagakolodi ba bangwe ka gonne ga a ke a lapa go reetsa dikopo tsa rona tota le fa re kopa gore a re thuse kgapetsakgapetsa. “Jehofa o ipelela ba ba mmoifang, ba ba letelang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.” (Pes. 147:11) Re ka tlhomamisega gore o tla re ema nokeng le go re thusa go fenya dikeletso tsa rona tse di sa siamang ka gonne o a re rata.

14. Mopesalema o ne a kgothadiwa ke eng?

14 Jehofa o re naya mabaka a a utlwalang a a re tlhomamisetsang gore o tla thusa batho ba gagwe fa ba le mo mathateng. Mopesalema o ne a opela jaana ka Jehofa a akantse ka go tsosolosiwa ga Jerusalema: “O dirile gore mephakalego ya dikgoro tsa gago e nonofe; o segofaditse barwa ba gago mo gare ga gago. O baya kagiso mo karolong ya gago ya naga.” (Pes. 147:13, 14) Ruri mopesalema o ne a kgothadiwa ke go itse gore Modimo o tla nonotsha dikgoro tsa motse gore baobamedi ba gagwe ba sireletsege!

Lefoko la Modimo le ka re thusa jang fa re lebane le diteko? (Bona serapa 15-17))

15-17. (a) Diteko tse re lebanang le tsone di ka dira gore re ikutlwe jang mme Jehofa o re thusa jang ka Lefoko la gagwe? (b) Tlhalosa kafa ‘lefoko la Modimo le sianang ka lobelo’ ka gone.

15 O ka nna wa lebana le mathata a a ka dirang gore o tlhobaele. Jehofa a ka go thusa gore o itshoke. Mopesalema o ne a bua jaana ka Modimo: “O romela lefoko la gagwe mo lefatsheng; lefoko la gagwe le siana ka lobelo.” Mme fa a re Jehofa ‘o ntsha kapoko, o gasamisa segagane e bile o latlhela dikgapetla tsa metsi,’ o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o ka emang fa pele ga serame sa gagwe?” Go tswa foo, o ne a re Jehofa “o romela lefoko la gagwe a bo a di gakolosa.” (Pes. 147:15-18) Modimo wa rona yo o botlhale le yo o maatla, yo o laolang dikgapetla tsa metsi le kapoko, a ka go thusa gore o lepalepane le dikgwetlho dipe fela mo botshelong.

16 Gompieno, Jehofa o re kaela ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. “Lefoko la gagwe le siana ka lobelo” ka gonne o re naya kaelo ka nako e re e tlhokang. Akanya kafa o solegelwang molemo ka gone ke go bala Baebele, go bala dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” go lebelela JW Broadcasting, go tsena mo website ya jw.org, go bua le bagolwane le go itsalanya le Bakeresetemmogo le wena. (Math. 24:45) Ruri seno se bontsha gore Jehofa o bonako go re kaela!

17 Simone o iponetse maatla a Lefoko la Modimo. O ne a itseela kwa tlase thata mo a neng a sa dumele gore Modimo a ka mo amogela. Le fa go ntse jalo, fa a kgobegile marapo, o ne a nna a rapela, a kopa Jehofa gore a mo thuse. Gape, o ne a nna a ithuta Baebele. A re: “Jehofa o ile a nthusa le go nkaela mo maemong otlhe a ke ileng ka lebana le one.” Seno se ile sa mo thusa gore a se ka a kgobega marapo thata.

18. Ke eng fa o akanya gore Modimo o a go rata mme o na le mabaka afe a go ‘Baka Jah’?

18 Mopesalema o ne a itse gore Modimo o ne a rata batho ba Gagwe ba bogologolo. Batho bano e ne e le bone fela ba ba neng ba neilwe “lefoko” la Modimo le “melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi.” (Bala Pesalema 147:19, 20.) Gompieno re lesego ka gonne ke rona fela mo lefatsheng ba re bidiwang ka leina la Modimo. E re ka re itse Jehofa e bile re dirisa Lefoko la gagwe mo matshelong a rona, re na le kamano e e molemo le ene. Fela jaaka mokwadi wa Pesalema 147, ruri o na le mabaka a a molemo a go ‘Baka Jah’ le go kgothaletsa ba bangwe go dira jalo!