Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Iketleeleditse go Leta ka Bopelotelele?

A o Iketleeleditse go Leta ka Bopelotelele?

“Le lona nnang pelotelele.”—JAK. 5:8.

PINA: 78, 139

1, 2. (a) Ke eng se se ka dirang gore re botse jaana: “Ka lobaka lo lo kae”? (b) Ke eng fa dikao tsa batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng di ka re kgothatsa?

“KA LOBAKA lo lo kae?” Eno ke potso e e neng ya bodiwa ke baporofeti ba Modimo ba ba ikanyegang, e bong Isaia le Habakuke. (Isa. 6:11; Hab. 1:2) Fa Kgosi Dafide a ne a tlhama Pesalema 13, le ene o ne a botsa jaana makgetlho a le manê: “Ka lobaka lo lo kae?” (Pes. 13:1, 2) Tota le Jesu Keresete o ne a botsa batho bangwe ba ba neng ba se na tumelo potso eo. (Math. 17:17) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa le rona ka dinako dingwe re botsa potso eo.

2 Ke eng se se ka dirang gore re botse jaana: “Ka lobaka lo lo kae”? Gongwe re ile ra tshwanelwa ke go itshokela tshiamololo. Gongwe re tsofetse e bile re a lwala, kgotsa re lebane le kgatelelo ya go tshela mo “metlheng [eno] ya bofelo” e go leng ‘boima go lebana le yone.’ (2 Tim. 3:1) Kgotsa gongwe boitshwaro jo bo sa siamang jwa batho ba re tshelang le bone bo re kgoba marapo. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, ruri go a kgothatsa go itse gore batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ne ba sa tshabe go botsa potso eno e le rona re ka e botsang, le gore Jehofa ga a ka a ba bona molato!

3. Ke eng se se ka re thusang fa re lebane le maemo a a thata?

3 Ke eng se se ka re thusang fa re lebane le maemo ano a a thata? Monnawe Jesu e bong Jakobe, o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Jalo nnang pelotelele, bakaulengwe, go fitlha mo go nneng gone ga Morena.” (Jak. 5:7) Rotlhe re tlhoka bopelotelele. Mme go nna le nonofo eno go akaretsa eng?

BOPELOTELELE KE ENG?

4, 5. (a) Go nna pelotelele go akaretsa eng? (b) Morutwa Jakobe o bapisa karolo nngwe ya bopelotelele le eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Baebele ya re bopelotelele ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo, batho ba ba sa itekanelang ga ba kgone go bontsha bopelotelele ka botlalo fa ba sa thusiwe ke Modimo. Bopelotelele ke mpho e e tswang kwa Modimong, mme re bontsha gore re rata Modimo fa re bontsha nonofo eno. Gape go nna pelotelele go bontsha gore re rata ba bangwe. Go fela pelo go koafatsa kamano ya rona le ba bangwe, mme bopelotelele, bo a e nonotsha. (1 Bakor. 13:4; Bagal. 5:22) Bopelotelele bo akaretsa dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete tse di botlhokwa. Ka sekai, bo amana thata le boitshoko, e leng nonofo e e re thusang go emelana le maemo a a thata re na le tsholofelo ya gore dilo di tla siama. (Bakol. 1:11; Jak. 1:3, 4) Gape bopelotelele bo akaretsa go itshokela go bogisiwa ntle le go ipusolosetsa, re tswelela re nitame go sa kgathalesege gore re lebana le maemo afe. Mo godimo ga moo, Baebele ya re re tshwanetse go iketleeletsa go leta. Karolo eno ya bopelotelele e tlhalosiwa mo go Jakobe 5:7, 8. (E bale.)

5 Ke eng fa go le botlhokwa gore re iketleeletse go leta Jehofa gore a tseye kgato? Jakobe o bapisa boemo jwa rona le jwa molemi. Le fa gone molemi a ka dira ka natla go jala, ga a kgone go laola maemo a bosa le tsela e dijalo tsa gagwe di golang ka yone. Ga a kgone go dira gore nako e tsamaele ka bonako. O a itse gore o tshwanetse go letela “leungo le le tlhokegang la lefatshe” ka bopelotelele. Ka tsela e e tshwanang, go na le dilo di le dintsi tse re ka se kgoneng go di laola fa re ntse re letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa. (Mar. 13:32, 33; Dit. 1:7) Re tshwanetse go leta ka bopelotelele fela jaaka molemi.

6. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga moporofeti Mika?

6 Maemo a re lebanang le one gompieno a tshwana le a mo motlheng wa ga moporofeti Mika. Mika o ne a tshela ka nako ya puso ya ga Kgosi Ahase yo o boikepo, mme ka nako eo, batho ba ne ba dira dilo tse di bosula. Tota e bile, batho ba ne ba dira se se bosula ka selekanyo se segolo. (Bala Mika 7:1-3.) Mika o ne a itse gore a ka se kgone go fetola maemo ao. Ka jalo, ke eng se a neng a ka se dira? O ne a re: “Fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me. Modimo wa me o tla nkutlwa.” (Mik. 7:7) Le rona re tshwanetse go nna le “boikutlo jwa go leta” fela jaaka Mika.

7. Ke eng fa re tshwanetse go dira se se fetang go leta Jehofa gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe?

7 Fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Mika, re tla iketleeletsa go leta Jehofa. Maemo a rona ga a tshwane le a legolegwa le le letetseng go bolawa. O patelesega go leta, mme gone ga a batle gore nako eo e fitlhe. Maemo a rona ga a nna jalo. Re iketleeleditse go leta Jehofa ka gonne re a itse gore o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go re naya botshelo jo bo sa khutleng ka nako e e siameng. Ka jalo, re ‘itshoka ka botlalo ka bopelotelele le ka boipelo.’ (Bakol. 1:11, 12) Fa re ne re ka leta mme gone re ngongorega ka gore Jehofa o a diega go tsaya kgato, seno se ne se ka se mo itumedise.—Bakol. 3:12.

DIKAO TSE DI MOLEMO TSA BOPELOTELELE

8. Re tshwanetse go gopola eng fa re akanya ka dikao tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng?

8 Go akanya ka dikao tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng ba ba neng ba leta Jehofa ka bopelotelele go tla re thusa gore re iketleeletse go leta. (Bar. 15:4) Fa re ntse re akanya ka dikao tsa bone, go molemo gore re gopole gore ba ile ba leta lobaka lo lo kae, ke eng fa ba ne ba iketleeleditse go leta le gore bopelotelele jwa bone bo ile jwa dira gore ba bone masego afe.

Aborahame o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di le dintsi pele ditlogolo tsa gagwe e bong Esau le Jakobe di tsholwa (Bona serapa 9 le 10)

9, 10. Aborahame le Sara ba ne ba leta Jehofa lobaka lo lo kae?

9 Akanya ka sekao sa ga Aborahame le Sara. Ke bangwe ba “bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” Baebele e re bolelela gore “fa Aborahame a sena go bontsha bopelotelele, o ne a amogela” tsholofetso ya gore Jehofa o ne a tla mo segofatsa le go ntsifatsa losika lwa gagwe. (Baheb. 6:12, 15) Ke eng fa Aborahame a ne a tshwanetse go nna pelotelele? Lebaka ke gore, go ne go tla tsaya lobaka lo loleele gore tsholofetso eo e diragadiwe. Kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le Aborahame, e ne ya simolola go diragadiwa ka Nisane 14, 1943 B.C.E. * Eo e ne e le nako ya fa ene le Sara le ba ntlo ya gagwe ba ne ba kgabaganya Noka ya Euferatese ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Morago ga moo, Aborahame o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di le 25 pele morwawe e bong Isake a tsholwa ka 1918 B.C.E., e bile o ne a tshwanelwa ke go leta gape dingwaga di le 60 pele ditlogolo tsa gagwe e bong Esau le Jakobe ba tsholwa ka 1858 B.C.E.—Baheb. 11:9.

10 Aborahame o ne a rua lefatshe le le kana kang? Baebele ya re: ‘Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a se ka a naya Aborahame thuo epe e e ka ruiwang mo go lone, nnyaa, le fa e le bophara jwa lonao; o ne a solofetsa go le mo naya e le thuo, mme morago ga gagwe go le naya losika lwa gagwe, fa a ne a ise a nne le ngwana.’ (Dit. 7:5) Go ne ga feta dingwaga di le 430 fa Aborahame a sena go kgabaganya Euferatese pele ditlogolwana tsa gagwe di rulaganngwa go nna setšhaba se se neng se tla nna mo lefatsheng leo.—Ekes. 12:40-42; Bagal. 3:17.

11. Ke eng fa Aborahame a ne a iketleeleditse go leta Jehofa, mme bopelotelele jwa gagwe bo tla mo tlisetsa masego afe?

11 Aborahame o ne a iketleeleditse go leta ka bopelotelele ka gonne o ne a na le tumelo mo go Jehofa. (Bala Bahebera 11:8-12.) Le fa gone Aborahame a sa bona ditsholofetso tsa ga Jehofa di diragadiwa ka botlalo, o ne a itumelela go leta. Mme gone, akanya fela gore Aborahame o tlile go itumela jang fa a tsosiwa mo lefatsheng la paradaise. O tla itumelela go bona gore go dirisitswe dikgaolo di le dintsi mo Baebeleng go kwalwa ka botshelo jwa gagwe le jwa ditlogolwana tsa gagwe. * Akanya fela gore o tlile go itumela jang fa a lemoga seabe sa gagwe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le losika lo lo solofeditsweng! Ga go pelaelo gore a ka se ikwatlhaele gore o ile a leta.

12, 13. Ke eng fa Josefa a ne a tlhoka bopelotelele, mme o ne a itshwara ka tsela efe e e molemo?

12 Setlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa le ene o ne a iketleeleditse go nna pelotelele. O ne a direlwa tshiamololo e e utlwisang botlhoko makgetlho a le mmalwa. Sa ntlha, fa a ne a le dingwaga di le 17, bomogoloe ba ne ba mo rekisa gore e nne lekgoba. Morago ga moo, o ne a latofadiwa ka go leka go betelela mosadi wa mong wa gagwe, ka jalo, o ne a tsenngwa mo kgolegelong. (Gen. 39:11-20; Pes. 105:17, 18) Le fa gone a ne a ikanyega, go ne go bonala e kete ga a segofadiwe, go na le moo, o a otlhaiwa. Mme morago ga dingwaga di le 13, dilo di ne tsa fetoga ka ponyo ya leitlho. O ne a gololwa kwa kgolegelong mme a newa maemo a a kwa godimo thata kwa Egepeto.—Gen. 41:14, 37-43; Dit. 7:9, 10.

13 A dilo tse di botlhoko tse di diragaletseng Josefa di ile tsa dira gore a tshware ba bangwe ka pelo? A o ne a tlogela go ikanya Modimo wa gagwe e bong Jehofa? Nnyaa. Ke eng se se thusitseng Josefa go leta ka bopelotelele? E ne e le tumelo ya gagwe. O ne a itse gore Jehofa ga a mo latlha. Re bona seno mo go se a ileng a se raya bomogoloe. O ne a re: “Lo se ka lwa boifa, gonne a ke mo boemong jwa Modimo? Fa e le lona, lo ne lo nkgopoletse bosula. Modimo o ne a gopotse go dira jalo ka ntlha ya molemo ka boikaelelo jwa go dira jaaka mo letsatsing leno gore ke boloke batho ba le bantsi ba tshela.” (Gen. 50:19, 20) Kwa bofelong, Josefa ga a ka a ikwatlhaela gore o ile a leta.

14, 15. (a) Ke eng se se kgatlhang ka bopelotelele jwa ga Dafide? (b) Ke eng se se thusitseng Dafide go leta ka bopelotelele?

14 Kgosi Dafide le ene o ne a direlwa tshiamololo. Le fa gone Jehofa a ile a tlotsa Dafide a sa le monnye gore a nne kgosi ya Iseraele mo isagweng, o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di ka nna 15 pele a tlhomiwa jaaka kgosi ya lotso lwa Juda. (2 Sam. 2:3, 4) Nako nngwe Kgosi e e sa ikanyegeng e bong Saulo o ne a batla go bolaya Dafide. * Ka ntlha ya seo, Dafide o ne a nna motshabi, ka dinako tse dingwe o ne a tshabela kwa dinageng di sele, mme ka dinako tse dingwe a tshabela mo magageng kwa nageng. Tota le morago ga gore Saulo a bolawe kwa ntweng, Dafide o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di ka nna supa pele a tlhomiwa go nna kgosi ya setšhaba sa Iseraele.—2 Sam. 5:4, 5.

15 Ke eng fa Dafide a ne a iketleeleditse go leta ka bopelotelele? O re naya karabo ya potso eno mo bukeng ya Pesalema, e mo go yone a ileng a botsa jaana makgetlho a le manê: “Ka lobaka lo lo kae?” O ne a re: “Fa e le nna, ke ikantse bopelonomi jwa gago jwa lorato; a pelo ya me e ipele mo polokong ya gago. Ke tla opelela Jehofa, gonne o ntiretse ka tsela e e duelang.” (Pes. 13:5, 6) Dafide o ne a itse gore Jehofa o a mo rata le gore o tla tswelela a mo rata. O ne a lebile pele go bona diteko tsa gagwe di fedile, mme gape o ne a akanya ka tsela e Jehofa a ileng a mo segofatsa ka yone mo nakong e e fetileng. Dafide o ne a itse gore ga a kitla a ikwatlhaela go bo a ile a leta.

Fa go tla mo kgannyeng ya go nna pelotelele, Jehofa ga a lebelela gore re dire selo se ene a sa iketleeletsang go se dira

16, 17. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re tlhometse jang sekao se se molemo sa go iketleeletsa go leta?

16 Fa go tla mo kgannyeng ya go nna pelotelele, Jehofa ga a lebelela gore re dire selo se ene a sa iketleeletsang go se dira. Ke sekao se se di fetang tsotlhe sa bopelotelele. (Bala 2 Petere 3:9.) Go fetile dingwaga di le dintsi Jehofa a letile ka bopelotelele gore kgang e e neng ya tsosiwa kwa tshimong ya Edene e arabege ka tsela e e kgotsofatsang. Jehofa ‘o nna a lebeletse’ nako ya fa leina la gagwe le tla bo le itshepisiwa. Seno se tla tlisetsa batho “ba ba nnang ba lebeletse mo go ene” masego a mantsi.—Isa. 30:18.

17 Jesu le ene o bontshitse gore o iketleeleditse go leta. Le fa gone a ile a bontsha gore o a ikanyega fa a ne a le mo lefatsheng e bile a ile a isa boleng jwa setlhabelo sa thekololo ka ngwaga wa 33, o ne a tshwanelwa ke go leta go fitlha ka 1914 pele a ka simolola go busa. (Dit. 2:33-35; Baheb. 10:12, 13) Baba ba ga Jesu ba tlile go nyelediwa gotlhelele fela morago ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. (1 Bakor. 15:25) Jesu o tla tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele, mme gone, re ka tlhomamisega gore ga a kitla a ikwatlhaela gore o ile a leta.

KE ENG SE SE KA RE THUSANG?

18, 19. Ke eng se se tla re thusang gore re iketleeletse go leta ka bopelotelele?

18 Ntle le pelaelo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go iketleeletsa go leta, le go leta Jehofa ka bopelotelele. Mme ke eng se se ka re thusang go dira jalo? Ke go kopa moya o o boitshepo. Gopola gore bopelotelele ke karolo ya leungo la moya. (Baef. 3:16; 6:18; 1 Bathes. 5:17-19) Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse gore o itshoke ka bopelotelele.

19 Gape gopola gore ke eng se se thusitseng Aborahame, Josefa le Dafide gore ba lete go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa ba le pelotelele. Ba ile ba thusiwa ke gore ba ne ba na le tumelo e bile ba ikanya Jehofa. Ga ba a ka ba tlhoma mogopolo fela mo mathateng a bone le mo dilong tse ba neng ba di batla. Fa re akanya ka tsela e ba neng ba segofadiwa ka yone, le rona re tla tlhotlheletsega go leta Jehofa.

20. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 Le fa gone re lebana le diteko, re ikemiseditse go bontsha “boikutlo jwa go leta.” Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re tla botsa jaana: “Ka lobaka lo lokae Jehofa?” (Isa. 6:11) Mme gone, ka ntlha ya maatla a moya wa Modimo o o boitshepo, re ikemiseditse go bua jaana jaaka Jeremia: “Jehofa ke kabelo ya me, . . . ke gone ka moo ke tla bontshang boikutlo jwa go mo leta.”—Dikhu. 3:21, 24.

^ ser. 9 B.C.E. e kaya pele Keresete a tla mo lefatsheng.

^ ser. 11 Dikgaolo di le 15 mo bukeng ya Genesise di bua ka pego ya ga Aborahame. Mo godimo ga moo, bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba bua ka Aborahame makgetlho a feta 70.

^ ser. 14 Le fa gone Jehofa a ile a gana Saulo morago ga gore a buse dingwaga di ka nna pedi fela, o ne a mo letlelela go tswelela a busa dingwaga di le 38 go fitlha a swa.—1 Sam. 13:1; Dit. 13:21.