Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lorato—Nonofo e e Molemo

Lorato—Nonofo e e Molemo

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka dinonofo di le robongwe tse moya o o boitshepo o re thusang gore re nne le tsone. (Bagal. 5:22, 23) O ne a tlhalosa gore dinonofo tseno tsotlhe fa di kopane ke ‘leungo la moya.’ * Leungo leno ke karolo ya “botho jo bosha” jo Mokeresete a tshwanetseng go nna le jone. (Bakol. 3:10) Fela jaaka setlhare se ungwa fa se tlhokometswe sentle, motho le ene o tla bontsha leungo la moya fa moya o o boitshepo o dira mo botshelong jwa gagwe.—Pes. 1:1-3.

Karolo ya ntlha ya leungo la moya e Paulo a buileng ka yone ke nonofo e e molemo ya lorato. E molemo go le kana kang? Paulo o ne a re ga e se motho wa sepe fa a se na lorato. (1 Bakor. 13:2) Mme gone, lorato ke eng, re ka nna le lone jang e bile re ka lo bontsha jang letsatsi le letsatsi?

RE KA BONTSHA LORATO JANG?

Le fa gone go se motlhofo go tlhalosa nonofo eno ya lorato, Baebele e tlhalosa kafa lo ka bontshiwang ka gone. Ka sekai, Baebele ya re lorato lo “pelotelele e bile lo pelonomi.” Gape lo “ipela le boammaaruri,” e bile “lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” Lorato lo akaretsa go amega ka ba bangwe le go atamalana thata le bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho a se lorato, seo se dira gore a nne lefufa, a nne boikgogomoso, a se ka a itshwara sentle, a nne pelotshetlha, a se ka a itshwarela ba bangwe e bile a boloke sekgopi. Go farologana le mekgwa eno e e sa siamang, lorato lo re batlang go nna le lone “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakor. 13:4-8.

JEHOFA LE JESU BA LORATO

“Modimo ke lorato.” Eleruri, lorato ke nonofo ya konokono ya ga Jehofa. (1 Joh. 4:8) Ditiro tsa gagwe tsotlhe di bontsha gore o lorato. O ile a bontsha batho lorato lo logolo ka go romela Jesu gore a boge ka ntlha ya rona le go re swela. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Joh. 4:9, 10) E re ka Modimo a re rata, o re itshwarela maleo, e bile o re naya tsholofelo le botshelo.

Jesu o ne a bontsha gore o rata batho ka go dira thato ya Modimo ka go rata. Paulo o ne a kwala jaana: “[Jesu] o ne a re: ‘Bona! Ke tlile go dira thato ya gago.’ . . . Ka ‘thato’ e go bolelwang ka yone re itshepisitswe ka tshupelo ya mmele wa ga Jesu Keresete gangwe felafela.” (Baheb. 10:9, 10) Ga go ope yo o ka bontshang lorato lo logolo jalo. Jesu o ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Joh. 15:13) E re ka re sa itekanela, a re ka kgona go etsa Jehofa le Jesu ka go nna lorato? Ee! Mma re bone gore re ka dira seo jang.

‘TSWELELANG LO TSAMAYA MO LORATONG’

Paulo o re rotloetsa jaana: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a ne a [re] rata a ba a ineela ka ntlha ya [rona].” (Baef. 5:1, 2) Re ‘tswelela re tsamaya mo loratong’ fa re bontsha nonofo eno mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Ga re bue fela re re re na le lorato mme re bontsha seo ka ditiro. Johane o ne a re: “Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.” (1 Joh. 3:18) Ka sekai, fa re rata Modimo le batho, re tla tlhotlheletsega go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Math. 24:14; Luke 10:27) Gape re bontsha gore re lorato fa re le pelotelele, re le pelonomi e bile re itshwarela ba bangwe. Ke ka moo Baebele e re gakololang jaana: “Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”—Bakol. 3:13.

Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore lorato lono lwa mmatota ke go tseega maikutlo. Ka sekai, motsadi a ka leka go didimatsa ngwana yo o lelang ka go dira sengwe le sengwe se ngwana yoo a se batlang. Mme motsadi yo tota a ratang ngwana wa gagwe, o tla mo kgalemela fa go tlhokega. Ka tsela e e tshwanang, Modimo ke lorato, le fa go ntse jalo, “yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.” (Baheb. 12:6) Fa re le lorato, re tla kgalema ba bangwe fa go tlhokega. (Dia. 3:11, 12) Mme gone, fa re dira jalo re tshwanetse go nna re gopotse gore le rona ga re a itekanela e bile re dira diphoso. Ka jalo, rotlhe re na le mo re tlhokang go tokafatsa teng. Re ka dira seo jang? Mma re sekasekeng ditsela tse tharo.

O KA DIRA JANG GORE O NNE LORATO?

Sa ntlha, kopa Modimo gore a go neye moya wa gagwe o o tla go thusang gore o nne lorato. Jesu o ne a re Jehofa o naya “moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Fa re kopa moya o o boitshepo re bo re dira ka natla go ‘nna re tsamaya ka moya,’ tsela e re bontshang lorato ka yone e tla tokafala. (Bagal. 5:16) Ka sekai, fa o le mogolwane mo phuthegong, o ka kopa moya o o boitshepo gore o go thuse go naya ba bangwe kgakololo ya Dikwalo ka tsela e e lorato. Kgotsa fa o le motsadi, o ka kopa moya wa Modimo gore o go thuse go kgalemela bana ba gago ka lorato e seng ka bogale.

Sa bobedi, akanya ka tsela e Jesu a ileng a bontsha lorato ka yone le fa a ne a rumolwa. (1 Pet. 2:21, 23) Go botlhokwa gore re akanye ka sekao sa ga Keresete segolobogolo fa re kgopisitswe kgotsa re diretswe tshiamololo. Mo maemong ao, go molemo gore re ipotse jaana: ‘Jesu o ne a ka dira eng?’ Kgaitsadi mongwe e bong Leigh o ile a lemoga gore go ipotsa potso eno go mo thusa gore a akanye pele a dira sengwe. A re: “Letsatsi lengwe modirimmogo le nna o ne a romelela batho molaetsa a bua maswe ka nna le ka tiro ya me. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko tota. Mme ke ne ka ipotsa jaana: ‘Nka etsa Jesu jang mo boemong jono?’ Fa ke sena go akanya ka se Jesu a ka bong a se dirile, ke ne ka tswa mo go ene e bile ga ke a tseela tlhogong se a neng a se bua. Moragonyana ke ne ka utlwa gore mosadi yoo o ne a lwala thata e bile a ngomogile pelo. Ke ne ka swetsa ka gore gongwe o ne a sa ikaelela go bua dilo tseo. Go akanya ka tsela e Jesu a neng a bontsha lorato ka yone le fa a ne a rumolwa, go nthusitse gore le nna ke bontshe modirimmogo le nna lorato.” Fa re etsa Jesu, re tla bontsha lorato ka metlha.

Sa boraro, lwela go nna le lorato lwa go intsha setlhabelo lo e leng letshwao la Bakeresete ba boammaaruri. (Joh. 13:34, 35) Baebele e re kgothaletsa gore re nne le “mogopolo” o o tshwanang le wa ga Jesu. Fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, “o ne a iithontsha” ka ntlha ya rona, tota le e leng “go fitlha losong.” (Bafil. 2:5-8) Fa re etsa sekao sa ga Jesu sa go intsha setlhabelo, dikakanyo tsa rona le tsela e re ikutlwang ka yone di tla tshwana le tsa gagwe e bile re tla tlhotlheletsega go baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa rona. Go nna le melemo efe e mengwe fa re bontsha ba bangwe lorato?

MELEMO YA GO BONTSHA LORATO

Fa re bontsha lorato, go nna le melemo e mentsi. Akanya ka dikai tse pedi:

Re solegelwa molemo jang fa re bontsha ba bangwe lorato?

  • BOKAULENGWE JWA LEFATSHE LOTLHE: E re ka re ratana, re a itse gore le fa re ka etela phuthego epe fela mo lefatsheng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba tla re amogela ka lorato. Ruri ke tshiamelo go ratiwa ke ‘bakaulengwe botlhe mo lefatsheng’! (1 Pet. 5:9) Re ka bona lorato lo lo ntseng jalo mo phuthegong ya Modimo fela.

  • KAGISO: Go “itshokelana ka lorato” go dira gore re itumelele ‘sebofo se se kopanyang sa kagiso.’ (Baef. 4:2, 3) Re bona kagiso eno kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Ruri kagiso e e ntseng jalo ga e bonwe motlhofo mo lefatsheng leno le le tletseng dikgogakgogano. (Pes. 119:165; Isa. 54:13) Fa re tshela le ba bangwe ka kagiso, re tla bo re bontsha gore re a ba rata, mme seo se itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong.—Pes. 133:1-3; Math. 5:9.

‘LORATO LO A AGA’

Paulo o ne a kwala jaana: ‘Lorato lo a aga.’ (1 Bakor. 8:1) Seno se kaya eng? Mo go Bakorintha wa Ntlha kgaolo 13 moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kafa lorato lo agang ka gone. Lorato ga lo ipatlele melemo ya lone fela. (1 Bakor. 10:24; 13:5) Mo godimo ga moo, e re ka batho ba ba lorato ba akanyetsa ba bangwe, ba le pelotelele e bile ba le pelonomi, seo se dira gore go nne le lorato mo malapeng le gore phuthego e nne seoposengwe.—Bakol. 3:14.

Lorato lo re ratang Modimo ka lone lo botlhokwa thata e bile lo a aga. Lorato loo lo kopanya batho ba ba godileng ka ditsela tse di sa tshwaneng, ba merafe e e sa tshwaneng le batho ba dipuo tse di farologaneng gore ba itumelele go direla Jehofa “ba le seoposengwe.” (Sefa. 3:9) A re ikemisetseng go bontsha karolo eno e e molemo ya leungo la moya o o boitshepo wa Modimo ka metlha.

^ ser. 2 Seno ke setlhogo sa ntlha mo go di le robongwe tse di tla sekasekang nonofo nngwe le nngwe ya leungo la moya.