Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diponatshegelo Tsa ga Sekarea di go Ama Jang?

Diponatshegelo Tsa ga Sekarea di go Ama Jang?

“Boelang mo go nna, . . . mme ke tla boela mo go lona.”—SEKA. 1:3.

PINA: 120, 117

1-3. (a) Maemo a batho ba ga Jehofa a ne a ntse jang fa Sekarea a ne a simolola go porofeta? (b) Ke eng fa Jehofa a ne a kopa batho ba gagwe gore ba ‘boele kwa go ene’?

SEKAREA o ne a bona ponatshegelo ya lokwalo lwa momeno lo lo fofang, mosadi yo o tswaletsweng mo teng ga nkgo le basadi ba babedi ba ba fofang ka diphuka tse di tshwanang le tsa megolori. (Seka. 5:1, 7-9) Ke eng fa Jehofa a ne a bontsha moporofeti wa gagwe diponatshegelo tseno tse di sa tlwaelegang? Maemo a Baiseraele a ne a ntse jang ka nako eo? Diponatshegelo tsa ga Sekarea di re ama jang gompieno?

2 Ngwaga wa 537 pele Keresete a tla mo lefatsheng e ne e le ngwaga wa boitumelo mo bathong ba ga Jehofa. Ba ne ba golotswe kwa Babelona morago ga go fetsa dingwaga di le 70 e le batshwarwa kwa motseng oo. E re ka ba ne ba itumetse e bile ba le matlhagatlhaga, ba ne ba dira ka natla go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema. Morago ga ngwaga, ba ne ba setse ba dirile motheo wa tempele. Ka nako eo, batho ba ne ba “tlhaba mokgosi o mogolo, mme modumo ka boone o ne wa utlwiwa kgakala thata.” (Esera 3:10-13) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, baganetsi ba ne ba leka go thibela tiro ya bone ya go aga. Batho ba ne ba kgobiwa marapo ke diteko le mathata a ba neng ba kopana le one, ka jalo, ba ne ba tlogela go aga tempele mme ba tshwarega ka go tlhokomela magae le masimo a bone. Morago ga dingwaga di le 16, tiro ya go aga tempele ya ga Jehofa e ne e eme tsi! Batho ba Modimo ba ne ba tlhoka go gakololwa gore ba boele kwa go Jehofa, le gore ba tlogele go dira gore dilo tsa botho e nne tsone tsa botlhokwa thata. Jehofa o ne a batla gore ba boele kwa go ene le gore ba boe ba mo obamele ka pelo yotlhe ba sa tshabe sepe.

3 Ka ngwaga wa 520 pele Keresete a tla mo lefatsheng, Modimo o ne a roma moporofeti Sekarea gore a gopotse batho ba gagwe lebaka la go bo ba ne ba golotswe kwa Babelona. Leina la moporofeti yono le le kayang “Jehofa o Gakologetswe” le ka tswa le ile la dira gore ba gopole sengwe sa botlhokwa. Le fa ba ne ba lebetse kafa Jehofa a ileng a ba sireletsa ka gone, Jehofa ene o ne a ise a ba lebale. (Bala Sekarea 1:3, 4.) O ne a ba tlhomamisetsa gore o tla ba thusa go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri, mme gape o ne a ba tlhagisa gore o ne a tla ba amogela fa fela ba mo direla ka pelo yotlhe. Mma re boneng kafa Jehofa a neng a ba tlhotlheletsa go tsaya kgato a dirisa ponatshegelo ya borataro le ya bosupa e a neng a e bontsha Sekarea. Mo godimo ga moo, re tla bona gore re ka ithuta eng mo diponatshegelong tseno.

KAFA MODIMO A OTLHAYANG MAGODU KA GONE

4. Sekarea o ile a bona eng mo ponatshegelong ya borataro, mme lebaka la go bo momeno ono o kwadilwe mo matlhakoreng oomabedi le ka tswa le kaya eng? (Bona setshwantsho sa ntlha se se simololang setlhogo.)

4 Kgaolo ya botlhano ya buka ya Sekarea e simolola ka ponatshegelo e e sa tlwaelegang. (Bala Sekarea 5:1, 2.) Sekarea o bona momeno o o fofang o o ka nnang boleele jwa dimetara di le 9 le bophara jwa dimetara di le 4,5. Momeno ono o kgona go balwa ka gonne o setse o phutholotswe. O na le molaetsa wa katlholo o o kwadilweng mo matlhakoreng oomabedi. (Seka. 5:3) Gantsi go ne go kwalwa mo letlhakoreng le le lengwe fela la momeno, ka jalo seno se bontsha gore momeno ono o tshwere molaetsa o o masisi.

Bakeresete ga ba a tshwanela go utswa (Bona serapa 5-7)

5, 6. Jehofa o leba jang mefuta yotlhe ya go utswa?

5 Bala Sekarea 5:3, 4Batho botlhe ba ikarabelela mo go Jehofa, segolobogolo ba ba bidiwang ka leina la gagwe. Batho ba ba ratang Modimo ba a itse gore mofuta mongwe le mongwe wa go utswa o “gobolola [kgotsa o tlontlolola] leina la Modimo wa [bone].” (Dia. 30:8, 9) Le fa lebaka e ka tswa e le lefe kgotsa go ka tswa go utlwala go le kae gore motho a utswe, boammaaruri ke gore motho yo o utswang o dira gore go nna bogagapa go nne botlhokwa go feta Modimo, e bile o tsaya dithoto di le botlhokwa thata. O nyatsa molao wa Modimo e bile ga a tlotle Jehofa le leina la Gagwe.

6 A o lemogile gore Sekarea 5:3, 4 ya re ‘phutso . . . e tla tsena mo ntlong ya legodu . . . mme e tla nna mo gare ga ntlo ya gagwe e bo e e fedisa’? Re ka se kgone go iphitlhela katlholo ya ga Jehofa. Jehofa o kgona go bona sengwe le sengwe se se bosula se batho ba gagwe ba se dirang. Le fa motho a ka kgona go utswa mo sephiring a sa bonwe ke mapodise, bathapi, bagolwane kgotsa batsadi, a ka se kgone go iphitlhela Modimo yo o re tlhomamisetsang gore o tla senola batho botlhe ba ba utswang. (Baheb. 4:13) Ruri go a itumedisa go itsalanya le batho ba ba lekang ka natla go ikanyega mo “dilong tsotlhe”!—Baheb. 13:18.

7. Re ka tila jang phutso ya momeno o o fofang?

7 Jehofa o tlhoile bogodu jwa mofuta mongwe le mongwe. Ruri ke tshiamelo go tshela ka melao ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo, le go tshela ka tsela e e tlotlomatsang leina la gagwe. Go tshela ka tsela eno go tla re thusa gore re falole katlholo ya ga Jehofa e e tla tlelang batho ba ba sa ikobeleng melao ya gagwe ka boomo.

GO DIRAGATSA MAIKANO A RONA “LETSATSI LE LETSATSI”

8-10. (a) Maikano ke eng? (b) Kgosi Sedekia o ile a palelwa ke go diragatsa maikano afe?

8 Gape molaetsa o o mo momenong o o fofang o tlhagisa ba ba dirang ‘ikano ya maaka ka leina la Modimo.’ (Seka. 5:4) Fa motho a ikana o a bo a tlhalosa semolao gore kgang nngwe e boammaaruri kgotsa a tlhalosa gore o tla dira sengwe kgotsa ga a kitla a se dira.

9 Go ikana ka leina la ga Jehofa ke kgang e e masisi tota. Ke sone se kgosi ya bofelo ya Jerusalema e bong Sedekia a ileng a se dira. O ne a ikana fa pele ga ga Jehofa gore o tla tswelela a ikanyega mo kgosing ya Babelona. Le fa go ntse jalo, ga a ka a diragatsa maikano a gagwe. Ka jalo, Jehofa o ne a mo atlhola ka go bua mafoko ano: ‘Jaaka ke tshedile, Sedekia yo o nyaditseng ikano le yo o tlodileng kgolagano o tla swa mo gare ga Babelona.’—Esek. 17:16.

10 Kgosi Sedekia o ne a tshwanetse go diragatsa maikano a a neng a a dirile ka leina la Modimo. (2 Ditir. 36:13) Sedekia ga a ka a diragatsa maikano a gagwe, go na le moo, o ne a leka go tsuologela kgosi ya Babelona ka go kopa thuso kwa Egepeto, le fa go ntse jalo, leano la gagwe le ne la itaya se fololetse.—Esek. 17:11-15, 17, 18.

11, 12. (a) Maikano a a botlhokwa thata a re a dirang ke afe? (b) Maikano a re a dirileng a go ineela mo go Jehofa a tshwanetse go ama jang tsela e re tshelang ka yone?

11 Jehofa o utlwa maikano a re a dirang. O tsaya maikano ano a le masisi mme fa re batla gore a re amogele, re tshwanetse go a diragatsa. (Pes. 76:11) Maikano a a botlhokwa thata a re a dirang ke a go ineela mo go Jehofa. Fa re ineela, re ikana gore re tla direla Jehofa go sa kgathalesege maemo a re ka kopanang le one.

12 Re ka bontsha jang gore re tshelela maikano a rona? Tsela e re dirang dilo ka yone fa re lebana le diteko tse dikgolo le tse dinnye e tshwanetse go bontsha gore re tsaya masisi maikano a rona a go galaletsa Jehofa “letsatsi le letsatsi.” (Pes. 61:8) Ka sekai, fa mongwe kwa tirong kgotsa kwa sekolong a bontsha gore o batla go ratana le rona, a re bontsha gore re ‘ipelela ditsela tsa ga Jehofa’ ka go sa itsalanye le motho yoo? (Dia. 23:26) Fa bangwe mo lelapeng la rona e se Basupi, a re kopa Jehofa gore a re thuse go bontsha dinonofo tsa Bokeresete le fa bone ba sa dire jalo? A re rapela Rraarona letsatsi le letsatsi, re lebogela go bo a re kaela e bile a re rata? A re ipha nako ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi? A tota dilo tseno ga se tsone tse re solofeditseng Jehofa gore re tla di dira? Fa re dira jalo re bontsha gore re kutlo. Fa re dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa, re bontsha gore re a mo rata le gore re ineetse mo go ene. Go obamela Jehofa ga e a tshwanela go nna seomodiro fela, go na le moo, e tshwanetse go nna karolo ya botlhokwa ya botshelo jwa rona. Go diragatsa maikano a rona go solegela rona molemo ka gonne fa re ikanyega, re tla nna le isagwe e e molemo.—Dute. 10:12, 13.

13. Re ka ithuta eng mo ponatshegelong ya borataro ya ga Sekarea?

13 Mo ponatshegelong ya borataro ya ga Sekarea, re ithuta gore batho ba ba ratang Jehofa ga ba a tshwanela go utswa le gore ga ba a tshwanela go dira maikano ba bo ba sa a diragatse. Gape re ithuta gore Jehofa ga a ka a tlhoboga Baiseraele le fa ba ne ba dira diphoso. O ne a tlhaloganya kgatelelo e ba neng ba lebane le yone e re ka ba ne ba dikaganyeditswe ke baba ba bone. Jehofa o re tlhometse sekao ka go diragatsa maikano a gagwe, mme le rona o tla re thusa gore re diragatse maikano a rona. Tsela nngwe e a re thusang ka yone ke ka go re naya tsholofelo ya gore go ise go ye kae, o tla fedisa bosula jotlhe jo bo mo lefatsheng. Ponatshegelo e e latelang ya ga Sekarea e re tlhomamisetsa seno.

BOIKEPO BO ‘BEWA MO LEFELONG LE LE TSHWANETSENG’

14, 15. (a) Sekarea o ne a bona eng mo ponatshegelong ya bosupa? (Bona setshwantsho sa bobedi se se simololang setlhogo.) (b) Mosadi yo o mo gare ga nkgo o tshwantshetsa eng, mme ke eng fa a tswaletswe mo go yone?

14 Fa Sekarea a sena go bona momeno o o fofang, moengele o mo laela jaana: “Tsholetsa matlho a gago.” Sekarea o ne a bona eng mo ponatshegelong ya bosupa? O ne a bona nkgo e e bidiwang “ifa.” (Bala Sekarea 5:5-8.) Nkgo eno e na le “sekhurumelo se se kgolokwe sa lloto.” Fa nkgo eno e khurumololwa, Sekarea o bona ‘mosadi mongwe a ntse mo gare ga yone.’ Moengele o mo tlhalosetsa gore mosadi yo o mo nkgong ke “boikepo.” Akanya fela gore Sekarea o ne a tshoga jang fa a bona mosadi yono a leka go tswa mo nkgong! Moengele o ne a tsaya kgato ka bonako mme a mmusetsa mo gare ga nkgo a bo a e tswala ka sekhurumelo se se bokete. Seno se kaya eng?

15 Ponatshegelo eno e re ruta gore Jehofa ga a kitla a letlelela boikepo mo phuthegong ya gagwe. O tla senola boikepo le go tlhomamisa gore bo a tlosiwa. (1 Bakor. 5:13) Moengele o re tlhomamisetsa seo fa a khurumela nkgo ka sekhurumelo se se bokete.

Jehofa o dirile ka natla go boloka kobamelo ya boammaaruri e le phepa (Bona serapa 16-18)

16. (a) Sekarea o ile a bona eng gape mo ponatshegelong? (Bona setshwantsho sa boraro se se simololang setlhogo.) (b) Basadi ba ba nang le diphuka ba isa nkgo ya ifa kae?

16 Go tswa foo, Sekarea o bona basadi ba babedi ba ba nang le diphuka tse di tshwanang le tsa megolori. (Bala Sekarea 5:9-11.) Basadi bano ba farologane le mosadi yo o mo gare ga nkgo. Ba dirisa diphuka tsa bone tse di maatla go tsholetsa nkgo e e nang le “boikepo.” Ba e isa kae? Ba e isa “kwa lefatsheng la Shinare” kgotsa Babelona. Mme gone, ke eng fa ba isa nkgo eo kwa Babelona?

17, 18. (a) Ke eng fa Shinare e le ‘lefelo le le tshwanetseng’ le “Boikepo” bo ka isiwang kwa go lone? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng malebana le bosula?

17 Baiseraele ba motlha wa ga Sekarea ba ne ba itse gore Babelona ke lefelo le le siameng le Boikepo bo ka isiwang kwa go lone. Sekarea le Bajuda ba bangwe ba ne ba itse gore Babelona e ne e le lefelo le le tletseng ka batho ba ba bosula. E re ka Bajuda ba ile ba tshela le batho bano ba ba dirang dilo tse di bosula e bile ba obamela medingwana, ba ne ba tshwanetse go emelana le tlhotlheletso ya bone. Ga go pelaelo gore ponatshegelo e Sekarea a ileng a e bona e ne ya ba gomotsa ka gonne e ne e ba tlhomamisetsa gore Jehofa o tla boloka kobamelo ya gagwe e le phepa.

18 Le fa go ntse jalo, gape ponatshegelo eno e ne e gopotsa Bajuda gore ba tshwanetse go boloka kobamelo ya bone e le phepa. Boikepo ga bo a letlelelwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Fa re sena go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa e e lorato le e e sireletsang, re tshwanetse go tlhomamisa gore e tswelela e le phepa. A re tlhotlheletsega go boloka phuthego ya ga Jehofa e le phepa? Batho ba ba amogelwang ke Modimo e bile ba mo obamela ga ba a tshwanela go amana ka gope le sepe se se bosula.

BATHO BA BA PHEPA BA GALALETSA JEHOFA

19. Diponatshegelo tsa ga Sekarea di kaya eng mo go rona gompieno?

19 Diponatshegelo tsa ga Sekarea di tlhagisa batho ba ba dirang dilo tse di bosula e bile ba sa ikwatlhae. Di ba gopotsa gore Jehofa ga a kitla a letlelela boikepo mo phuthegong ya gagwe. Baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhoa bosula. Gape dipego tseno di bontsha gore Jehofa o a re rata. Fa re dira ka natla go nna batho ba ba amogelwang ke Modimo le ba a tla ba sireletsang, ga re kitla re lebana le phutso e e tla dirang gore re swe. Go na le moo, Jehofa o tla re segofatsa. O tla segofatsa matsapa a re a tsayang a go ipoloka re le phepa mo lefatsheng leno le le tletseng bosula. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa gore re atlege. Mme gone, re ka tlhomamisega jang gore kobamelo ya boammaaruri e tla tswelela e le gone? Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega jang gore Jehofa o tla sireletsa phuthego ya gagwe fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.