Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikara le Serwalo Di a Go Sireletsa

Dikara le Serwalo Di a Go Sireletsa

“Go tla diragala—fa e le gore ruri lo tla reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.”—SEKA. 6:15.

PINA: 17, 136

1, 2. Fa Sekarea a sena go bona ponatshegelo ya bosupa, boemo jwa Bajuda bo ne bo ntse jang kwa Jerusalema?

FA Sekarea a sena go bona ponatshegelo ya bofelo, o ne a nna le mo gontsi mo a ka akanyang ka gone. Jehofa o ne a tlhalosa gore o tla otlhaya batho ba ba bosula ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di sa siamang. Tsholofetso eno e ne ya kgothatsa Sekarea. Mme gone, go ne go sa fetoga sepe. Batho ba ne ba sa ntse ba sa ikanyege e bile ba dira dilo tse di bosula. Mo godimo ga moo, tiro ya go aga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema e ne e le kgakala le go fela. Ke eng se se neng sa dira gore Bajuda ba tlogele go dira tiro e ba neng ba e abetswe ke Modimo? A ba ne ba boetse kwa Jerusalema gore ba tle ba itsholegele molemo?

2 Sekarea o ne a itse gore Bajuda ba ba neng ba fudugetse kwa Jerusalema e ne e le banna le basadi ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Ke bone ba ‘Modimo wa boammaaruri a neng a kurusitse moya wa bone’ gore ba tlogele magae le dikgwebo tsa bone kwa Babelona. (Esera 1:2, 3, 5) Ba ne ba tlogela lefelo le ba neng ba le tlwaetse mme ba ya kwa go le ba neng ba sa le itse. Fa e le gore go agiwa sesha ga tempele ya ga Jehofa go ne go se botlhokwa mo go bone, ba ne ba se kitla ba tsaya loeto lo loleele lwa dikilometara di ka nna 1 600 go ralala naga.

3, 4. Bajuda ba ne ba lebana le dikgwetlho dife kwa Jerusalema?

3 Loeto lwa bone lo ka tswa lo ne lo ntse jang? Fa Bajuda ba ntse ba le mo tseleng, ba tshwanetse ba bo ba ile ba akanya ka legae la bone le lesha. Ba ne ba utlwile gore motse wa Jerusalema o kile wa bo o le montle tota. Bajuda ba ba godileng ba ne ba bone tempele e ntle ya kwa Jerusalema. (Esera 3:12) Fa o ka bo o na le bone, o ne o tla ikutlwa jang fa o bona legae la gago le lesha e leng Jerusalema? A o ne o tla hutsafala fa o bona matlotla a Jerusalema a a hupeditsweng ke mofero? A o ne o tla bapisa dipota tse dikgolo tsa Babelona le dipota tse di senyegileng tsa Jerusalema tse di nang le diphatla tse mo go tsone go neng go na le ditswalo le ditora? Mme gone, Bajuda ga ba a ka ba kgobega marapo. Ba ne ba bone kafa Jehofa a neng a ba sireletsa ka gone mo loetong lwa bone. Fa ba sena go goroga, ba ne ba aga sebeso fa tempele ya bogologolo e neng e le gone mme ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo letsatsi le letsatsi. (Esera 3:1, 2) E re ka ba ne ba tlhagafetse, go ne go bonala go se sepe se se ka ba kgobang marapo.

4 Gape Baiseraele ba ne ba tla tshwanelwa ke go aga motse oo sesha. Ba ne ba tshwanetse go aga matlo, go jala masimo le go fepa ba malapa a bone. (Esera 2:70) Ba ne ba lebanwe ke tiro e e seng kana ka sepe. Mme baba ba bone ba ne ba simolola go ba ganetsa. Le fa gone kwa tshimologong ba ne ba nitame, ba ne ba nna ba ganediwa dingwaga di le 15 mme seo sa ba kgoba marapo. (Esera 4:1-4) Ka ngwaga wa 522 pele Keresete a tla mo lefatsheng, dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa kgosi ya Peresia e ne e thibela tiro ya go aga kwa Jerusalema. Isagwe ya motse ono e ne e bonala e le letobo tota.—Esera 4:21-24.

5. Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe jang?

5 Jehofa o ne a itse gore batho ba gagwe ba tlhoka eng. Modimo o ne a bontsha Sekarea ponatshegelo ya bofelo e e neng e tla tlhomamisetsa Bajuda gore o a ba rata e bile o anaanela matsapa a ba a tsereng, gape e ne e tla ba tlhomamisetsa gore o tla ba sireletsa fa ba ka tswelela ka tiro ya go aga. Jehofa o ne a ba solofetsa jaana malebana le tiro ya go aga tempele: “Go tla diragala—fa e le gore ruri lo tla reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.”—Seka. 6:15.

SESOLE SA BAENGELE

6. (a) Ponatshegelo ya borobedi ya ga Sekarea e simolola jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke ka ntlha yang fa dipitse di na le mebala e e farologaneng?

6 Ponatshegelo ya bofelo ya ga Sekarea e ka tswa e kgothatsa thata go feta tse dingwe tsotlhe. (Bala Sekarea 6:1-3.) Akanya ka se Sekarea a ileng a se bona: Go ne ga tla dikara tse nnê tsa ntwa di tswa “mo gare ga dithaba tse pedi . . . tsa kgotlho.” Dipitse tse di gogang dikara tseo e ne e le tsa mebala e e farologaneng. Seno se ne se dira gore Sekarea a kgone go farologanya bapalami ba tsone. Sekarea o ne a botsa jaana: “Ke eng [dilo] tseno?” (Seka. 6:4) Re tlhoka go itse karabo ya potso eno ka gonne le rona ponatshegelo eno e a re ama.

Jehofa o sa ntse a dirisa baengele go sireletsa le go nonotsha batho ba gagwe

7, 8. (a) Dithaba tse pedi di tshwantshetsa eng? (b) Ke eng fa dithaba tseo di dirilwe ka kgotlho?

7 Mo Baebeleng, dithaba di ka tshwantshetsa magosi kgotsa dipuso. Dithaba tse di mo pegong ya ga Sekarea di tshwana le dithaba tse pedi tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jwa ga Daniele. Thaba e nngwe e tshwantshetsa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe jo bo tla nnelang ruri. Mme e nngwe yone e tshwantshetsa Puso ya Bomesia e e busiwang ke Jesu. (Dan. 2:35, 45) Fa e sa le Jesu a tlhomiwa go nna kgosi ka 1914, dithaba tseno tse pedi di ntse di le gone e bile di ile tsa nna le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga thato ya Modimo mo lefatsheng.

8 Ke eng fa dithaba tseno di dirilwe ka kgotlho? Kgotlho e tlhwatlhwakgolo tota fela jaaka gauta. Jehofa o ne a laela gore tshipi eno e e phatsimang e dirisiwe fa go agiwa motlaagana le gore moragonyana e dirisiwe fa go agiwa tempele kwa Jerusalema. (Ekes. 27:1-3; 1 Dikg. 7:13-16) Ka jalo, kgotlho ya dithaba tseo tse pedi e re gopotsa gore bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe le Puso ya Bomesia di molemo le gore Puso eno ya Bomesia e tla baakanya maemo mo lefatsheng le go tlisetsa batho masego.

9. Bapalami ba dikara ke bomang, mme kabelo ya bone ke eng?

9 Jaanong mma re tlotle ka dikara tse nnê tsa ntwa. Dikara tseno le bapalami ba tsone di emela eng? Bapalami ba dikara tseno ke baengele mme go ka direga gore e bo e le ditlhopha tsa baengele. (Bala Sekarea 6:5-8.) Ba tswa “fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe” gore ba ye go diragatsa kabelo ya bone e e kgethegileng. Ba newa kabelo efe? Bapalami bano ba romelwa gore ba ye go sireletsa mafelo a a rileng. Maikarabelo a bone ke go sireletsa batho ba ga Jehofa segolobogolo mo “lefatsheng la bokone” e leng Babelona. Jehofa o ne a tla tlhomamisa gore batho ba gagwe ga ba kitla ba nna batshwarwa ba Babelona gape. Ruri seno se tshwanetse sa bo se ile sa gomotsa batho ba ba agang tempele mo motlheng wa ga Sekarea! Ba ne ba se kitla ba tshosediwa ke baba ba bone.

10. Boporofeti jwa ga Sekarea jwa dikara le bapalami ba tsone bo tlhomamisetsa batho ba Modimo eng?

10 Fela jaaka ka nako ya ga Sekarea, Jehofa o sa ntse a dirisa baengele go sireletsa le go nonotsha batho ba gagwe. (Mal. 3:6; Baheb. 1:7, 14) Fa e sa le Iseraele wa semoya a gololwa mo botshwarweng jwa tshwantshetso jwa Babelona yo Mogolo ka 1919, ga go sepe se se thibetseng go anama ga kobamelo ya boammaaruri tota le fa batho ba Modimo ba ne ba ganediwa mo go botlhoko. (Tshen. 18:4) E re ka re sirelediwa ke baengele, ga re tlhoke go boifa gore batho ba Modimo ba ka nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo gape. (Pes. 34:7) Go na le moo, re ka tlhomamisega gore batho botlhe ba Modimo ba tla tswelela ba nonofa mo tumelong. Fa re ntse re akanya ka ponatshegelo ya ga Sekarea, re tlhatswegile pelo gore re sireleditswe ke moriti wa dithaba tse pedi tsa kgotlho.

11. Ke eng fa re sa tshwanela go boifa fa batho ba Modimo ba tlhaselwa mo isagweng?

11 Go ise go ye kae, dipuso tsa lefatshe la ga Satane di tla ikopanya ka maikaelelo a go fedisa batho ba Modimo. (Esek. 38:2, 10-12; Dan. 11:40, 44, 45; Tshen. 19:19) Boporofeti jwa ga Esekiele bo tlhalosa gore dipuso tseno di tla bo di le dintsi jaaka maru a a bipang lefatshe e bile di tla lwantsha batho ba Modimo di palame dipitse. (Esek. 38:15, 16) * A re tshwanetse go boifa? Nnyaa, le e seng! Re engwe nokeng ke sesole se segolo. Ka nako ya pitlagano e kgolo, masole a ga Jehofa a tla kopana mmogo gore a sireletse batho ba Gagwe le go fedisa botlhe ba ba kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe. (2 Bathes. 1:7, 8) Ruri leo e tla nna letsatsi la botlhokwa tota! Mme gone, ke mang yo o tla etelelang pele masole ao?

JEHOFA O TLHOMA KGOSI LE MOPERESITI

12, 13. (a) Sekarea o bolelelwa gore a dire eng? (b) Re itse jang gore monna yo o bidiwang Letlhogela o tshwantshetsa Jesu?

12 Sekarea o ne a bona diponatshegelo tse robedi. Morago ga moo, o ne a dira sengwe se se neng se tla kgothatsa batho ba ba agang tempele ya Modimo. (Bala Sekarea 6:9-12.) Sekarea o bolelelwa gore a phuthe selefera le gauta mo go Heledai, Tobija le Jedaia e bong batho ba bararo ba ba neng ba sa tswa go goroga go tswa kwa Babelona. O ne a tla dirisa selefera le gauta eo go dira “serwalo se sentle.” (Seka. 6:11) A Sekarea o bolelelwa gore a rwese setlogolwana sa ga Dafide e bong Molaodi Serubabele serwalo seo? Nnyaa. Batho ba ka tswa ba ne ba gakgamala tota fa ba bona a se rwesa Moperesiti yo Mogolo e bong Joshua.

13 A seno se ne se raya gore Moperesiti yo Mogolo e bong Joshua ke kgosi? Nnyaa, Joshua o ne a sa tswe mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide, ka jalo, o ne a sa tshwanelege go nna kgosi. Go rwesiwa ga gagwe go ne go tshwantshetsa go tlhomiwa ga kgosi ya bosakhutleng ya mo isagweng e gape e leng moperesiti. Moperesiti yoo yo mogolo yo o tlhomiwang go nna kgosi o bidiwa Letlhogela. Dikwalo di bontsha sentle gore Letlhogela ke Jesu Keresete.—Isa. 11:1; Math. 2:23.

14. E re ka Jesu e le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo, o dira tiro efe?

14 E re ka Jesu e le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo, ke ene yo o etelelang pele masole a ga Jehofa a kwa legodimong. Ka jalo, o dira ka natla gore batho ba Modimo ba nne ka polokesego le fa gone ba tshela mo lefatsheng leno le le bosula. (Jer. 23:5, 6) Mo bogautshwaneng, Keresete o tla etelela pele mo go fediseng dipuso ka gonne o ema nokeng bolaodi jwa Modimo e bile o tla femela batho ba ga Jehofa. (Tshen. 17:12-14; 19:11, 14, 15) Le fa go ntse jalo, pele a diragatsa katlholo eo, go na le tiro e ntsi e a tlhokang go e dira.

O TLA AGA TEMPELE

15, 16. (a) Ke tiro efe ya go itshekisa le go tsosolosa e e dirilweng mo motlheng ono, mme e dirilwe ke mang? (b) Go tla direga eng kwa bowelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete?

15 Gape Jesu o ne a laelwa gore a ‘age tempele ya ga Jehofa.’ (Bala Sekarea 6:13.) Mo motlheng ono, tiro eno e ne e tla akaretsa go golola baobamedi ba boammaaruri mo go Babelona yo Mogolo le go tsosolosa phuthego ya Bokeresete ka 1919. Gape o ne a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a etelele pele mo tirong e e dirwang mo malwapeng a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa. (Math. 24:45) Mo godimo ga moo, Jesu o ntse a itshekisa batho ba Modimo le go ba thusa gore ba obamele Modimo ka tsela e a e amogelang.—Mal. 3:1-3.

16 Mo Pusong ya Dingwaga di le Sekete, Jesu le ba ba 144 000 ba e leng dikgosi le baperesiti ba tla dira gore batho ba ba ikanyegang ba itekanele. Fa seno se sena go direga, go tla sala fela baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng. Kobamelo ya boammaaruri e tla bo e aname mo lefatsheng lotlhe.

NNA LE SEABE MO TIRONG YA GO AGA

17. Jehofa o ne a bolelela Bajuda eng, mme seno se ne sa ba ama jang?

17 Molaetsa wa ga Sekarea o ne wa ama jang Bajuda ba mo motlheng wa gagwe? Jehofa o ne a ba solofeditse gore o tla ba thusa le go ba sireletsa fa ba ntse ba aga. Tsholofetso eno e tshwanetse ya bo e ile ya ba gomotsa e re ka ba ne ba kgobegile marapo. Mme batho ba le mmalwa fela ba ne ba tla kgona jang go wetsa tiro eo yotlhe? Mafoko a Sekarea a neng a a bua morago ga moo a tlosa dipelaelo dipe tse ba neng ba ka nna le tsone. Modimo o ne a tlhalosa gore e ne e se batho ba ba ikanyegang fela ba ba jaaka Heledai, Tobija le Jedaia ba ba neng ba tla thusa, go na le moo, go ne go tla nna le batho ba bangwe ba bantsi ba ba neng ‘ba tla tla ba bo ba aga tempele ya ga Jehofa.’ (Bala Sekarea 6:15.) E re ka Bajuda ba ne ba tlhomamisegile gore Modimo o ba eme nokeng, ba ne ba tswelela ka tiro ya go aga le fa gone e ne e thibetswe. Go ise go ye kae, Jehofa o ne a tlosa thibelo eo mme tempele ya wetswa ka ngwaga wa 515 pele Keresete a tla mo lefatsheng. (Esera 6:22; Seka. 4:6, 7) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jehofa a na le bokao jo bogolwane gompieno.

Jehofa a ka se lebale tsela e re mo ratang ka yone! (Bona serapa 18 le 19)

18. Sekarea 6:15 e diragadiwa jang mo motlheng wa rona?

18 Gompieno batho ba le bantsi ba tla mo kobamelong ya boammaaruri mme ba tlhotlheletsega go aba ‘dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo’ tse di akaretsang nako, maatla le dithoto tsa bone gore ba eme nokeng tempele e e kgolo ya ga Jehofa ya mo motlheng ono. (Dia. 3:9) Re ka tlhomamisega jang gore Jehofa o anaanela matsapa a rona? Gopola gore Heledai, Tobija le Jedaia ba ne ba tlisa dilwana tse Sekarea a neng a di dirisa go dira serwalo. Serwalo seo e ne ya nna “segopotso” sa gore ba ile ba ema nokeng kobamelo ya boammaaruri. (Seka. 6:14) Ka tsela e e tshwanang, tiro e re e direlang Jehofa le tsela e re mo ratang ka yone ga di kitla di lebalwa. (Baheb. 6:10) Jehofa o tla di gopola go ya go ile.

19. Diponatshegelo tsa ga Sekarea di tshwanetse go re ama jang?

19 Dilo tse batho ba Modimo ba di fitlheletseng mo metlheng eno ya bofelo ke bosupi jwa gore Jehofa o segofatsa batho ba gagwe le gore ba kaelwa ke Keresete. Re mo phuthegong e e sireletsegileng le e e tla nnelang ruri. Boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le kobamelo ya boammaaruri bo “tla diragala.” Itumelele gore o karolo ya batho ba ga Jehofa mme o ‘reetse lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.’ Fa o dira jalo, o tla tswelela o sirelediwa ke Kgosi ya rona le Moperesiti yo Mogolo gammogo le bapalami ba dikara ba kwa legodimong. Ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka botlalo. Fa o dira jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go sireletsa mo metlheng eno ya bofelo le go ya go ile!

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2015, ts. 27-28.