Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke a Itse Gore o Tla Tsoga”

“Ke a Itse Gore o Tla Tsoga”

“Tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.”—JOH. 11:11.

PINA: 129, 154

1. Maratha o ne a tlhomamisegile gore go tla direga eng ka kgaitsadie? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

MARATHA yo e neng e le tsala e bile e le morutwa wa ga Jesu o ne a utlwile botlhoko. Kgaitsadie e bong Lasaro o ne a tlhokafetse. A go na le sengwe se se neng se ka mo gomotsa? Ee. Jesu o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Mafoko ano a ne a mo gomotsa, mme gongwe seno ga se a ka sa phimola khutsafalo ya gagwe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela se Jesu a neng a mmolelela sone. O ne a re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Joh. 11:20-24) O ne a tlhomamisegile gore kgaitsadie o tla tsosiwa mo isagweng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a dira kgakgamatso. O ne a tsosa Lasaro ka lone letsatsi leo.

2. Ke eng fa o batla go nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Maratha ya gore baswi ba tla tsosiwa mo isagweng?

2 Ga re a lebelela gore Jesu kgotsa Rraagwe ba re direle kgakgamatso e e tshwanang le eno gone jaanong. Le fa go ntse jalo, a le wena o tlhomamisegile gore mongwe yo o mo ratang o tla tsosiwa mo isagweng? Gongwe o tlhokafaletswe ke molekane, mmê, rre, mmemogolo kgotsa rremogolo. Kgotsa gongwe o tlhokafaletswe ke ngwana. O eletsa go mo tlamparela, go bua le ene kgotsa go tshega le ene. Se se itumedisang ke gore, fela jaaka Maratha, le wena o na le lebaka le le utlwalang la go bua jaana: ‘Ke a itse gore motho yo ke mo ratang o tla tsosiwa mo baswing.’ Mme gone, go molemo gore rotlhe re akanye ka gore ke eng fa re ka tlhomamisega gore ruri seno se tla direga.

3, 4. Se Jesu a neng a sa tswa go se dira se ne sa nonotsha jang tumelo ya ga Maratha?

3 E re ka Maratha a ne a nna gaufi le Jerusalema, ga go bonale a ne a le teng fa Jesu a ne a tsosa morwa wa motlholagadi gaufi le motse wa Naina kwa Galalea. Mme gongwe o ile a utlwa ka gone. Gape ga go bonale a ne a le teng fa Jesu a ne a tsosa morwadia Jairo. Batho ba ba neng ba le gone kwa ntlong ya ga Jairo “ba ne ba itse gore [mosetsana] o ne a sule.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo tshwara ka seatla a bo a re: “Mosetsana, tsoga!” O ne a tsoga ka ponyo ya leitlho. (Luke 7:11-17; 8:41, 42, 49-55) Maratha le Marea ba ne ba itse gore Jesu o ne a kgona go fodisa batho. Ka jalo, ba ne ba tlhomamisegile gore fa Jesu a ka bo a ne a le gone, Lasaro a ka bo a sa swa. Mme e re ka a ne a setse a tlhokafetse, Maratha o ne a lebeletse gore go tla diragala eng? Ela tlhoko gore Maratha o ne a re Lasaro o tla tsoga mo isagweng, “ka letsatsi la bofelo.” Ke eng fa a ne a tlhomamisegile gore seo se tla direga? Mme ke eng fa o ka tlhomamisega gore baswi ba tla tsoga mo isagweng?

4 Go na le mabaka a a utlwalang a go bo o tshwanetse go dumela gore baswi ba tla tsosiwa. Fa re ntse re tlotla ka mabaka ao, o ka fitlhela dintlha dingwe mo Lefokong la Modimo tse gantsi o sa di amanyeng le tsholofelo e o nang le yone ya go tsosiwa ga baswi.

DIPEGO TSE DI RE NAYANG TSHOLOFELO

5. Ke eng se se ileng sa dira gore Maratha a tlhomamisege gore Lasaro o tla tsosiwa mo baswing?

5 Ela tlhoko gore Maratha ga a ka a re: ‘Ke solofela gore kgaitsadiake o tla tsoga.’ O ne a re: “Ke a itse gore o tla tsoga.” Maratha o ne a tlhomamisegile ka ntlha ya dikgakgamatso tse Jehofa a neng a di dira pele Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. O ne a ithuta ka dikgakgamatso tseo kwa lapeng le kwa sinagogeng fa a sa ntse a le mosha. Mma re tlotle ka dikgakgamatso dingwe tse tharo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng tse Maratha a ka tswang a ile a ithuta ka tsone.

6. Maratha o ile a ithuta ka kgakgamatso efe e Elija a ileng a e dira?

6 Motho wa ntlha o ne a tsosiwa ka nako ya fa Modimo a ne a dirisa moporofeti Elija go dira dikgakgamatso. Kwa motseng wa Fonikia o o bidiwang Sarepate, mosadi mongwe wa motlholagadi o ne a bontsha Elija bopelonomi ka go mo amogela mo legaeng la gagwe. Modimo o ne a dira kgakgamatso ka go dira gore bupi le leokwane tse mosadi yoo a neng a na le tsone di se ka tsa fela gore ene le morwawe ba se ka ba swa. (1 Dikg. 17:8-16) Moragonyana, mosimane yoo o ne a lwala a bo a tlhokafala. Elija o ne a ya go mo thusa. Elija o ne a tshwara mosimane yoo a bo a rapela a re: “Tlhe Jehofa Modimo wa me, tsweetswee, dira gore moya wa ngwana yono o boele mo teng ga gagwe.” Go ne ga nna fela jalo! Modimo o ne a araba thapelo ya ga Elija mme mosimane yoo o ne a tsoga. Eno ke pego ya ntlha ya tsogo e e kwadilweng mo Baebeleng. (Bala 1 Dikgosi 17:17-24.) Ga go pelaelo gore Maratha o ile a ithuta ka pego eno.

7, 8. (a) Elisha o ile a dira eng se se neng sa gomotsa mosadi yo o neng a hutsafetse? (b) Kgakgamatso e Elisha a ileng a e dira e re ruta eng ka Jehofa?

7 Motho wa bobedi go tsosiwa yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o ile a tsosiwa ke motlhatlhami wa ga Elija e bong moporofeti Elisha. Mosadi mongwe wa Moiseraele yo o neng a itsege thata wa kwa Shunema o ne a amogela Elisha mo ntlong ya gagwe mme a mo tlhokomela. Modimo o ne a dirisa Elisha go thusa mosadi yoo le monna wa gagwe yo o tsofetseng gore ba nne le ngwana wa mosimane. Morago ga dingwaga di le mmalwa, mosimane yoo o ne a tlhokafala. Akanya fela gore mmaagwe o ne a utlwa botlhoko go le kana kang. Monna wa gagwe o ne a mo letla go ya go batla Elisha. O ne a tsamaya dikilometara di ka nna 30 go ya kwa Thabeng ya Karemele. Elisha o ne a romela motlhokomedi wa gagwe e bong Gehasi kwa Shunema gore a ye go tsosa mosimane yoo. Gehasi ga a ka a kgona go mo tsosa. Moragonyana Elisha o ne a goroga kwa Shunema a na le mmaagwe mosimane.—2 Dikg. 4:8-31.

8 Elisha o ne a ya kwa ntlong e setopo se neng se laditswe mo go yone mme a rapela. Mosimane yoo o ne a tshela gape mme mmaagwe o ne a itumela tota. (Bala 2 Dikgosi 4:32-37.) A ka tswa a ile a gopola mafoko ano a Hana a ileng a a bua fa a ne a isa Samuele gore a ye go direla kwa motlaaganeng: ‘Jehofa . . . o folosetsa mo Sheole, e bile O a tlhatlosa.’ (1 Sam. 2:6) Modimo o ne a bontsha gore o na le maatla a go tsosa baswi fa a ne a tsosa mosimane wa kwa Shunema.

9. Go na le tiragalo efe e e kgatlhang mo Baebeleng e e amanang le Elisha?

9 Go na le tiragalo e nngwe gape e e kgatlhang e e amanang le Elisha. O ile a direla e le moporofeti dingwaga di feta 50, mme o ne a lwala a bo a tlhokafala. Morago ga nako fa Elisha a sena go fitlhwa, setlhopha sa baba ba Baiseraele se ne sa tla mo motseng. Baiseraele bangwe ba ne ba le mo tseleng go ya go fitlha monna mongwe. E re ka ba ne ba itlhaganelela go sia, ba ne ba latlhela setopo sa monna yoo mo lebitleng le le neng le na le marapo a ga Elisha. Baebele ya re: “E rile motho yoo a ama marapo a ga Elisha, ka yone nako eo a tshela gape mme a ema ka dinao.” (2 Dikg. 13:14, 20, 21) Dipego tseno di ile tsa tlhomamisetsa Maratha gore Modimo o kgona go tsosa baswi. Le wena fa o akanya ka dipego tseno, o tla tlhomamisega gore Modimo o na le maatla a magolo.

DITIRAGALO TSA MO LEKGOLONG LA NTLHA LA DINGWAGA

10. Fa Mokeresete mongwe e bong Tabitha a sena go tlhokafala, Petere o ne a dira eng?

10 Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di na le dipego tse di buang ka baemedi bangwe ba Modimo ba ba neng ba tsosa batho. Jesu o ne a dira dikgakgamatso gaufi le motse wa Naina le fa a ne a le kwa lelapeng la ga Jairo. Moaposetoloi Petere o ile a tsosa mosadi mongwe e bong Dorekase (Tabitha). Petere o ne a ya kwa ba neng ba laditse setopo sa gagwe teng mme a rapela. Morago ga moo, o ne a re: “Tabitha, tsoga!” Mosadi yoo o ne a tsoga mme Petere o ne a mo isa kwa Bakereseteng ba bangwe “a tshela.” Tiragalo eo e ile ya dira gore ‘ba le bantsi ba nne badumedi mo Moreneng.’ Barutwa bano ba basha ba ne ba ka bolelela batho dikgang tse di molemo ka ga Jesu le gore Jehofa o na le maatla a go tsosa baswi.—Dit. 9:36-42.

11. Go ne ga direga eng ka Yutiko, mme seo se ne sa ama jang ba bangwe?

11 Batho bangwe ba ne ba bona kgakgamatso e nngwe gape. Nako nngwe moaposetoloi Paulo o ne a tshwere pokano mo phaposing e e kwa godimo kwa motseng wa Teroase o gone jaanong o leng kwa bokonebophirima jwa Turkey. Paulo o ne a bua go fitlha bosigogare. Lekawana lengwe le le bidiwang Yutiko le ne le reeditse Paulo le ntse fa fensetereng. Yutiko o ne a thulamela a bo a wela fa fatshe go tswa kwa boalong jwa boraro. E re ka Luke e ne e le ngaka, gongwe ke ene wa ntlha go ya kwa go Yutiko le go mo tlhatlhoba, mme o ne a lemoga gore Yutiko o ne a tlhokafetse. Paulo o ne a ya kwa go ene a bo a mo tlamparela, morago ga moo o ne a re: “Moya wa gagwe o mo go ene.” Tiragalo eno e ile ya ama batho ba ba neng ba le teng fela thata. E re ka ba ne ba itse gore Yutiko o ne a sule mme ba bone a tsosiwa, seo se ile sa dira gore ‘ba gomotsege fela thata.’—Dit. 20:7-12.

TSHOLOFELO YA MMATOTA

12, 13. Re tlhoka go sekaseka dipotso dife?

12 Dipego tse re sa tswang go tlotla ka tsone di tshwanetse go go tlhomamisetsa gore Moneibotshelo wa rona e bong Jehofa, o na le maatla a go tsosa baswi. Ela tlhoko gore Jehofa o ne a dirisa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang jaaka Jesu, Petere le Elija go dira dikgakgamatso tseno. Mme gotweng ka batho ba ba neng ba tshela ka nako e Modimo a neng a sa dire dikgakgamatso? A banna le basadi bao ba ba ikanyegang ba ne ba ka lebelela gore Modimo o tla tsosa baswi mo isagweng? A ba ne ba ka nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Maratha yo o neng a re: “Ke a itse gore [kgaitsadiake] o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo”? Ke eng fa Maratha a ne a tlhomamisegile gore baswi ba tla tsoga, mme ke eng fa le wena o ka tlhomamisega?

13 Go na le dipego di le mmalwa mo Lefokong la Modimo tse di bontshang gore batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba itse gore baswi ba tla tsosiwa mo isagweng. Mma re tlotle ka di le mmalwa.

14. Pego ya ga Aborahame e re ruta eng ka tsogo ya baswi?

14 Akanya ka se Jehofa a ileng a kopa Aborahame gore a se dire ka Isake yo e neng e le moruaboswa wa gagwe. Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme . . . o mo ise tshupelo e e fisiwang.” (Gen. 22:2) O akanya gore Aborahame o ne a ikutlwa jang fa a sena go utlwa taelo eo? Jehofa o ne a solofeditse gore ditšhaba tsotlhe di ne di tla itshegofatsa ka losika lwa ga Aborahame. (Gen. 13:14-16; 18:18; Bar. 4:17, 18) Gape Jehofa o ne a rile losika loo lo ne lo tla “nna gone ka Isake.” (Gen. 21:12) Mme gone, seo se ne se tla direga jang fa Aborahame a ne a ka ntsha Isake setlhabelo? Paulo o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa gore Aborahame o ne a dumela gore Modimo o ne a tla tsosa Isake mo baswing. (Bala Bahebera 11:17-19.) Baebele ga e re Aborahame o ne a dumela gore fa a ne a ka ikobela Modimo, Isake o ne a tla tsosiwa morago ga diura di le mmalwa, morago ga letsatsi kgotsa beke. Boammaaruri ke gore, Aborahame o ne a sa itse gore Isake o ne a tla tsosiwa leng. Mme gone, o ne a na le tumelo ya gore Jehofa o tla mo tsosa.

15. Jobe o ne a na le tsholofelo efe?

15 Jobe le ene o ne a itse gore Modimo o tla tsosa baswi mo isagweng. O ne a itse gore fa setlhare se ka kgaolwa, se tla tlhoga gape. Ga go a nna jalo ka batho. (Jobe 14:7-12; 19:25-27) Fa motho a swa, ga a ka ke a kgona go itsosa mo baswing. (2 Sam. 12:23; Pes. 89:48) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Modimo a ka se kgone go tsosa baswi. Tota e bile, Jobe o ne a itse gore fa a ka swa, Jehofa o ne a tla mo gakologelwa. (Bala Jobe 14:13-15.) Jobe o ne a sa itse gore seo se tla direga leng. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhomamisegile gore Mmopi o ne a tla mo gakologelwa le go mo tsosa mo baswing.

16. Moengele o ne a bolelela Daniele mafoko afe a a kgothatsang?

16 Dikwalo Tsa Sehebera di bua ka monna mongwe yo o ikanyegang e bong Daniele. O ne a direla Jehofa ka boikanyegi dingwaga di le dintsi, mme Jehofa o ne a mo ema nokeng. Ka nako nngwe, moengele o ne a raya monna yoo “yo o rategang thata” gore a ‘nne le kagiso’ le gore a ‘nonofe.’—Dan. 9:22, 23; 10:11, 18, 19.

17, 18. Jehofa o ne a solofetsa Daniele eng?

17 Go a utlwala go swetsa ka gore Daniele o tshwanetse a bo a ne a akanya ka se se tla mo diragalelang mo isagweng e re ka a ne a setse a tsofetse. A Daniele le ene o ne a tla tsosiwa? Ee. Kwa bowelong jwa buka ya Daniele, Modimo o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Fa e le wena, tsamaela kwa bokhutlong; mme o tla ikhutsa.” (Dan. 12:13) Daniele o ne a itse gore baswi ba ikhuditse, le gore ga go na “go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa [Lebitleng].” Go ise go ye kae, Daniele o ne a tla tlhokafala mme a ye lebitleng. (Mor. 9:10) Mme go ne go se kitla go felela foo. Jehofa o ne a mo solofeditse isagwe e e itumedisang.

18 Gape moengele o ne a raya moporofeti Daniele a re: “O tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.” Ga a ka a bolelelwa gore seo se tla direga leng. Daniele o ne a tla tlhokafala a bo a ikhutsa. Le fa go ntse jalo, fa moengele a ne a re Daniele ‘o tla emela kabelo ya gagwe,’ seo se bontsha gore o ne a tla tsosiwa mo isagweng. Seno se ne se tla direga “kwa bokhutlong jwa metlha.”

Fela jaaka Maratha, le wena o ka tlhomamisega gore go tla nna le tsogo ya baswi (Bona serapa 19 le 20)

19, 20. (a) Se re buileng ka sone mo setlhogong seno se amana jang le se Maratha a neng a se raya Jesu? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Maratha o ne a na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore kgaitsadie e bong Lasaro, o tla “tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” Se Jehofa a ileng a se solofetsa Daniele le se Maratha a ileng a se bua se tshwanetse go re tlhomamisetsa gore eleruri go tlile go nna le tsogo ya baswi.

20 Dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng di re tlhomamisetsa gore tsogo ya baswi ke selo sa mmatota. Batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba itse gore baswi ba tla tsosiwa nako nngwe mo isagweng. Mme gone, a go na le sengwe se se bontshang gore go ne go tla feta lobaka lo loleele pele baswi ba tsosiwa? Fa go le jalo, seo se re naya lebaka la go leba pele gore baswi ba tsosiwe. Mme gone, baswi ba tla tsosiwa leng? Mma re tlotle ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.