Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Akanya Eng?

O Akanya Eng?

A Baebele e ka go thusa go nna tsala ya Modimo?

BATHO BANGWE BA DUMELA GORE . . .

ga ba kgone go nna ditsala tsa Modimo ka gonne ke baleofi. Ba bangwe ba re Modimo ga a re kgathalele. Wena o akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o “atamalane thata le bathokgami.” (Diane 3:32) Fa re ikobela Modimo, re kgona go nna ditsala tsa gagwe.

KE ENG GAPE SE RE KA ITHUTANG SONE MO BAEBELENG?

  • Modimo o batla go nna ditsala tsa rona.—Jakobe 4:8.

  • Fa re le ditsala tsa Modimo, o kgona go re thusa le go re itshwarela.—Pesalema 86:5.

  • Ditsala tsa Modimo di rata dilo tse a di ratang e bile di tlhoile dilo tse a di tlhoileng.—Baroma 12:9.