Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dilo Tsa Tlholego Di ka Re Thusa go Itse Bokamoso Jwa Rona?

A Dilo Tsa Tlholego Di ka Re Thusa go Itse Bokamoso Jwa Rona?

DILO TSE DI MO LOAPING

Go na le batho ba ba dumelang gore dilo tse di mo loaping tse di jaaka dinaledi, ngwedi le dipolanete di na le tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a batho. Ba re fa ngwana a tsholwa mme ngwedi kgotsa dinaledi di bo di eme golo gongwe mo loaping, seo se thusa go itse botho jwa ngwana yoo le gore o tlile go nna motho yo o ntseng jang fa a gola.

Batho ba le bantsi ba dumela dilo tseno le fa gone di simologile kwa motseng wa bogologolo wa Babelona. Go ya ka patlisiso e e ileng ya dirwa kwa United States ka 2012, bontsi jwa batho ba ne ba re kgang ya gore dinaledi le dipolanete di na le tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a batho e “batlile e tsamaisana le saense” mme ba le mmalwa ba ne ba re “ba tlhomamisegile gore e dumalana le saense.” A mme gone di a tsamaisana? Nnyaa. Mabaka ke a.

  • Dipolanete le dinaledi ga di na maatla a a ka fetolang botshelo jwa motho.

  • Gantsi dilo tse batho bano ba di buang di kgona go diragalela mongwe le mongwe.

  • Dilo tseno di simologile ka nako ya fa batho ba ne ba akanya gore dipolanete di dikologa lefatshe. Mme boammaaruri ke gore, dipolanete ga di dikologe lefatshe, di dikologa letsatsi.

  • Gantsi fa motho a ya kwa bathong ba ba dirisang dilo tseno, ga ba mmolelele dilo tse di tshwanang.

  • Batho bano ba re go na le matshwao a dinaledi a le 12 (ka sekai leo, scorpio, capricorn le a mangwe) mme lengwe le lengwe le tsamaisana le letlha le motho a tshotsweng ka lone. E re ka lefatshe le dikologa letsatsi, letlha le le tsamaisanang le naledi nngwe le nngwe le tla nna le fetofetoga fa dingwaga di ntse di ya.

Gatwe matshwao ano a go thusa go tlhaloganya botho jwa motho. Nnete ke gore batho ba ba tshotsweng ka letlha le le tshwanang ga ba na botho jo bo tshwanang; letlha le motho a tshotsweng ka lone ga le amane ka gope le botho jwa gagwe. Batho ba ba dumelang dilo tseno ba dirisana le batho go ya ka tsela e ba tlhalosiwang ka yone mo matshwaong ano. A mme go dirisana le batho ka tsela eo go siame?

DILO TSE DI MO LEFATSHENG

Bogologolo batho ba ne ba ya kwa bathong ba go neng go dumelwa gore ba kgona go bonela dilo kwa pele. Bangwe ba bone ba ne ba dirisa mateng a phologolo le a motho kgotsa ba leba tsela e mokoko o jang ka yone. Ba bangwe ba ne ba dirisa kofi kgotsa matlhare a tee. Gompieno go dirisiwa dikarata, dimmabole, didaese, ditaola le dilo tse dingwe. A mme gone batho ba ba dirisang dilo tseno ba kgona go re bolelela gore go tla diralagang mo nakong e e tlang? Nnyaa. A re leke go akanyetsa kgang eno sentle.

Ba bua dilo tse di farologaneng. Gantsi batho ba ba reng ba kgona go bonela dilo kwa pele ga ba bue dilo tse di tshwanang. Le fa ba dirisa mekgwa e e tshwanang, dilo tse ba di buang ga di tshwane. Ka sekai, fa o ka tsaya batho ba babedi ba ba dirisang dikarata go bonela dilo pele o bo o ba botsa potso e e tshwanang, ba tlile go go naya dikarabo tse di sa tshwaneng.

Batho ba simolotse go belaela mekgwa e batho bano ba e dirisang le maikaelelo a bone. Ba re batho bano ba dirisa dikarata le dimmabole go tsietsa batho, ga ba lebelele dilo tseno tsa bone, ba lebelela tsela e motho a tsibogang ka yone. Ka sekai, ba go botsa dipotso tse di farologaneng ba bo ba go leba ka kelotlhoko gore o di araba jang kgotsa gore o tsiboga jang gore ba kgone go lemoga gore o motho yo o ntseng jang. Go tswa foo, ba go bolelela dilo tse o ba boleletseng tsone o sa lemoge, o bo o ipotsa gore ba di itsile jang. Batho bano ba tsieditse batho le go ba jela madi a mantsi.

BAEBELE YONE YA RENG?

Batho ba ba dirisang dilo tse re buileng ka tsone ba dira gore go nne jaaka e kete matshelo a rona a setse a rulagantswe gore a tla nna jang. A mme gone go ntse jalo? Baebele ya re re kgona go itirela tshwetso ya gore re batla go dumela eng kgotsa gore re batla go dirang mme ditshwetso tseo ke tsone di amang bokamoso jwa rona.​—Joshua 24:15.

Batho ba Modimo ba a itse gore Modimo ga a batle dilo tseno ke sone se ba sa di diriseng. Baebele ya re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” a​—Duteronome 18:10-12.

a Leno ke leina la “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”​—Pesalema 83:18.