Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng

O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng

ENO KE TSHOLOFELO E E ITUMEDISANG! Modimo o re solofeditse gore re tla tshelela ruri mo lefatsheng. Mme go na le batho ba ba sa dumeleng kgang eo. Bangwe ba re ‘re tshwanetse go swa ka gonne fa re sa swe lefatshe le tlile go tlala ka batho.’ Ba bangwe ba re re tlhoka go swa gore re kgone go ya legodimong re ye go tshelela ruri teng. Wena o akanyang?

Pele o araba potso eo, utlwa gore Baebele e araba jang dipotso tseno tse tharo: Tsela e motho a ileng a bopiwa ka yone e re bontsha jang gore Modimo o ne a batla gore a tshele lobaka lo lo kae? Boikaelelo jwa Modimo e ne e le eng fa a ne a bopa lefatshe le batho? Loso lo simologile kae?

TSELA E MOTHO A BOPILWENG KA YONE

Mo dilong tsotlhe tse Modimo a di bopileng mo lefatsheng, batho ba bopilwe ka tsela e e tlhomologileng. Jang? Baebele ya re batho ke bone fela ba Modimo a ileng a ba bopa mo “setshwanong sa gagwe.” (Genesise 1:26, 27) Seo se kayang? Gore fela jaaka Modimo, batho ba kgona go bontsha lorato e bile ba batla gore dilo di dirwe ka tsela e e siameng.

Gape batho ba kgona go akanya, go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang, go itse Modimo le go nna ditsala tsa gagwe. Ke sone se se dirang gore re kgone go itumelela dilo tse dintle tse Modimo a di bopileng, botaki, mmino le poko. Sa botlhokwa le go feta, re kgona go obamela Modimo. Dilo tseno ke tsone di dirang gore batho ba se ka ba tshwana le ditshedi tse dingwe tse di mo lefatsheng.

Jaanong ipotse jaana: A Modimo a ka bo a re bopile ka tsela eno e e tlhomologileng fa a ne a batla gore re tshele dingwaga di le mmalwa fela? Modimo o re bopile ka tsela eno ka gonne a batla gore re tshelele ruri mo lefatsheng re itumetse.

BOIKAELELO JWA MODIMO JWA KWA TSHIMOLOGONG

Go na le batho ba ba reng Modimo o ne a sa batle gore re tshelele ruri mo lefatsheng. Ba re lefatshe le diretswe gore re nne mo go lone ka nakwana gore Modimo a re leke go bona gore ke bomang ba ba siametseng go ya go tshela le ene kwa legodimong. Fa e le gore ba bua nnete, seo se raya gore ba re Modimo ke ene a ikarabelelang mo dilong tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng. Mme go bua jalo go tla bo go sa dumalane le tsela e Baebele e tlhalosang Modimo ka yone ka gonne ya re: “Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.”​—Duteronome 32:4.

Baebele e bua jaana fa e tlhalosa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” (Pesalema 115:16) Modimo o ile a dira gore lefatshe e nne legae le lentle a bo a dira gore re itumelele go tshela mo go lone re sa tlhoke sepe.​—Genesise 2:8, 9.

“Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”​—Pesalema 115:16

Gape Baebele e re thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo ka batho. Modimo o ne a raya banyalani ba ntlha a re ba ‘ntsifale ba tlatse lefatshe mme ba laole sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.’ (Genesise 1:28) Modimo o ne a ba neile tlotla ya gore ba dire lefatshe lotlhe Paradaise le go e tlhokomela! Baebele e re thusa go lemoga gore Adame le Efa le bana ba bone ba ne ba tshwanetse go tshelela ruri mo lefatsheng, e seng kwa legodimong.

GORENG RE SWA?

Jaanong goreng re swa? Baebele ya re moengele mongwe yo moragonyana a ileng a bidiwa Satane Diabolo, o ile a leka go tlhakatlhakanya dithulaganyo tsa Modimo tsa kwa Edene. Jang?

Satane o ne a dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. Ba ne ba dumalana le Satane fa a ne a ba raya a re Modimo o gana ba itumela ka gonne ga a batle gore ba itlhophele gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Go ile ga felela kae? Ba ile ba feleletsa ba sule fela jaaka Modimo a ne a ba boleletse. Ga ba a ka ba tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.​—Genesise 2:17; 3:1-6; 5:5.

Se Adame le Efa ba se dirileng, se ile sa ama ditlogolwana tsa bone go tla go fitlha le gompieno. Lefoko la Modimo le a re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ka jalo, re a swa ka gonne re tsholwa re na le boleo jo bo tswang mo go Adame e seng ka gonne e le thato ya Modimo.

O KA TSHELELA RURI MO LEFATSHENG

Se se diragetseng kwa Edene, ga se a ka sa fetola boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le ka batho. Modimo o a re rata e bile o batla gore dilo di dirwe ka tsela e e siameng, ke ka moo a ileng a rulaganya gore go nne le sengwe se se tla re gololang mo boleong le mo losong. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) E re ka Modimo a re rata, o ile a “ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi [Jesu Keresete], gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Jesu o ile a dumela go ntsha botshelo jwa gagwe gore a kgone go re rekolola. a

Mo nakong e e sa fediseng pelo, lefatshe le tlile go fetoga paradaise fela jaaka Modimo a re solofeditse. Gore o kgone go nna gone le go itumelela botshelo ka nako eo, reetsa kgakololo eno ya ga Jesu: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Bokamoso jwa gago bo mo diatleng tsa gago! O tla dirang?

a Fa o batla go itse gore setlhabelo sa ga Jesu se ka go thusa jang, bala thuto 27 ya buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile o ka itseela yone mo www.pr418.com/tn.