Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Tloga a Fedisa Dilo Tse di Bosula

Modimo o Tloga a Fedisa Dilo Tse di Bosula

“Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong, mme o sa boloke?” (Habakuke 1:2, 3) Ano ke mafoko a ga Habakuke, monna yo o neng a ratiwa ke Modimo. A mafoko a gagwe a bontsha gore o ne a se na tumelo? Le e seng! Modimo o ne a solofetsa Habakuke gore o tla fedisa dilo tse di bosula mo nakong e e sa fediseng pelo.—Habakuke 2:2, 3.

Go motlhofo go akanya gore Modimo o bonya go tsaya kgato fa wena kgotsa mongwe yo o mo ratang a diragalelwa ke sengwe se se bosula. Mme Baebele ya re: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 Petere 3:9.

MODIMO O TLA TSAYA KGATO LENG?

Mo bogautshwaneng! Jesu o ne a re go na le dilo dingwe tse re tla di bonang tse di bontshang gore re tshela mo malatsing a bofelo. (Mathaio 24:3-42) Dilo tse Jesu a neng a porofeta ka tsone di a direga gompieno mme seo se bontsha gore Modimo o tloga a fedisa dilo tse di utlwisang batho botlhoko. *

Modimo o tlile go fedisa jang dilo tse di bosula? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira dilo tse di bontshang gore Modimo o na le maatla a go fedisa dilo tse di utlwisang batho botlhoko. Akanya ka dikai tseno.

Masetlapelo a Tlholego: Fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba le mo Lewatleng la Galalea, go ne ga tsoga phefo e e neng e batla go diga sekepe sa bone. Mme Jesu o ne a bontsha gore ene le Rraagwe ba kgona go laola dilo tsa tlholego. (Bakolosa 1:15, 16) Jesu o ne a re: “‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.” —Mareko 4:35-39.

Malwetse: Jesu o ne a kgona go fodisa batho ba ba sa boneng, ba ba golafetseng, ba ba nang le bolwetse jwa go wa, lepero le malwetse a mangwe a mantsi. O ne a “alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe.”—Mathaio 4:23, 24; 8:16; 11:2-5.

Tlhaelo ya Dijo: Jesu o ile a dirisa maatla a Rraagwe a neng a mo a neile go dira gore go nne le dijo tse dintsi. Baebele ya re o ile a dirisa dinkgwe di le mmalwa go fepa batho ba le diketekete.—Mathaio 14:14-21; 15:32-38.

Loso: Fa Jesu a ne a tsosa batho ba bararo mo losong, o ne a bontsha gore Jehofa o na le maatla a go fedisa loso. Mongwe wa batho ba Jesu a ba tsositseng, o ne a na le malatsi a le manê a tlhokafetse.—Mareko 5:35-42; Luke 7:11-16; Johane 11:3-44.

^ ser. 5 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka metlha ya bofelo, bala kgaolo 9 ya buka ya Baebele e re Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile e le teng mo www.pr418.com/tn.