Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe

Etsa Tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe

“Noa, Daniele le Jobe, ka ntlha ya tshiamo ya bone ba ne ba tla golola moya wa bone.”—ESEK. 14:14.

PINA: 120, 54

1, 2. (a) Ke eng fa go ithuta ka sekao sa ga Noa, Daniele le Jobe go ka re kgothatsa? (b) Maemo a ne a ntse jang fa Esekiele a ne a kwala mafoko a a mo go Esekiele 14:14?

A O LEBANE le mathata a a jaaka go lwala, go tlhoka madi kgotsa go bogisiwa? A ka dinako dingwe ga o itumelele go direla Jehofa? Fa go le jalo, sekao sa ga Noa, Daniele le Jobe se ka go kgothatsa. Ba ne ba sa itekanela e bile le bone ba ne ba lebana le mathata a a tshwanang le a re lebanang le one gompieno, go akaretsa le mathata a a neng a tsenya matshelo a bone mo kotsing. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa, mme re ka etsa sekao sa bone sa go nna le tumelo le go ikobela Modimo.—Bala Esekiele 14:12-14.

2 Esekiele o ne a kwala mafoko a temana ya setlhogo seno fa a ne a le kwa Babelona ka ngwaga wa 612 B.C.E. * (Esek. 1:1; 8:1) Motse wa Jerusalema o ne o tloga o senngwa, mme seo se ne sa direga ka 607 B.C.E. * Ka nako eo, ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba ikanyega jaaka Noa, Daniele le Jobe mme ka ntlha ya seo, ba ne ba tla falola. (Esek. 9:1-5) Bangwe ba bone e ne e le Jeremia, Baruke, Ebede-meleke le Barekabe.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o tla boloka fela batho ba ba tshwanang le Noa, Daniele le Jobe fa a tla go fedisa lefatshe leno le le boikepo. (Tshen. 7:9, 14) Ka jalo, mma re bone gore ke eng fa Jehofa a ne a tsaya banna bao e le dikao tse di molemo. Fa re ntse re tlotla ka dikao tsa bone, re tla ithuta ka (1) dikgwetlho tse ba ileng ba lebana le tsone le (2) kafa re ka etsang sekao sa bone sa tumelo le go nna kutlo.

NOA O NE A IKANYEGA DINGWAGA DI LE DINTSI

4, 5. Noa o ile a lebana le dikgwetlho dife, mme ke eng fa tsela e a ileng a itshoka ka yone e tlhomologile?

4 Dikgwetlho tse Noa a ileng a lebana le tsone. Ka nako ya ga rremogologolwane wa ga Noa e bong Enoke, batho ba ne ba dira dilo tse di bosula fela thata. Ba ne ba bua dilo “tse di tsitsibanyang” ka Jehofa. (Jude 14, 15) Batho ba ne ba rata ntwa. Tota e bile Baebele ya re ‘lefatshe le ne le tletse thubakanyo.’ Baengele ba ba bosula ba ile ba iphetola batho ba bo ba nyala basadi, mme ba ne ba nna le bana ba diganka ba ba ratang ntwa e bile ba le setlhogo. (Gen. 6:2-4, 11, 12) Noa o ne a sa tshwane le batho ba motlha oo. Baebele ya re: “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa. . . . O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.”—Gen. 6:8, 9.

5 Akanya fela gore seno se kaya eng. Noa ga a ka a tshela mo lefatsheng leo le le bosula dingwaga di le 70 kgotsa di le 80 fela. Go na le moo, o ne a tshela mo go lone dingwaga di ka nna 600. (Gen. 7:11) Mo godimo ga moo, Noa o ne a sena bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ka mo kgothatsang gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa. Tota le bana ba kwa gaabo Noa ba ne ba sa direle Modimo. *

6. Noa o ile a bontsha gore o pelokgale ka ditsela dife?

6 Noa ga a ka a kgotsofalela fela go dira dilo tse di siameng. Gape e ne e le “moreri wa tshiamo,” a bolelela batho molaetsa wa ga Jehofa a le pelokgale. (2 Pet. 2:5) Moaposetoloi Paulo o ne a re: ‘Ka tumelo o ne a bontsha fa lefatshe le le molato.’ (Baheb. 11:7) Ga go pelaelo gore batho ba ne ba ganetsa Noa le go mmogisa, gongwe e bile ba ne ba mo tshosetsa ka gore ba tla mo itaya. Le fa go ntse jalo, Noa o ne a sa ‘boife batho.’ (Dia. 29:25) Go na le moo, Jehofa o ne a mo thusa go nna pelokgale.

7. Noa o ne a lebana le dikgwetlho dife fa a ne a aga araka?

7 Morago ga dingwaga di feta 500 Noa a ntse a ikanyega mo Modimong, Jehofa o ne a mo kopa gore a age araka e e neng e tla boloka batho le diphologolo. (Gen. 5:32; 6:14) Ga go pelaelo gore tiro eo e ne e tla nna boima, e seng fela ka gore e ne e tla nna moago o mogolo thata. Gape Noa o ne a itse gore go aga araka go ne go tla dira gore a bogisiwe le go feta. Le fa go ntse jalo, o ne a bontsha gore o na le tumelo ka go e aga. Baebele ya re o ne “a dira fela jalo.”—Gen. 6:22.

8. Noa o ne a bontsha jang gore o tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla mo tlhokomela?

8 Gape Noa o ne a lebana le kgwetlho ya go tlamela ba lelapa la gagwe. Pele ga Morwalela, batho ba ne ba dira ka natla go lema dijo mme Noa le ene o ne a tshwanelwa ke go dira se se tshwanang. (Gen. 5:28, 29) Mme gone, selo sa botlhokwa thata mo go ene e ne e le go direla Modimo. Le fa a ne a aga araka, e e ka tswang e ile ya tsaya dingwaga di le 40 kgotsa di le 50 go fela, Noa o ne a nna a tlhomile mogopolo mo go direleng Jehofa. Mme o ne a tswelela a dira jalo dingwaga di ka nna 350 morago ga Morwalela. (Gen. 9:28) Eleruri Noa o ne a na le tumelo e bile a le kutlo!

9, 10. (a) Re ka etsa jang tumelo ya ga Noa? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba tshelang ka melao ya gagwe?

9 Re ka etsa jang tumelo ya ga Noa? Re ka dira jalo ka go tshela ka melao ya Modimo e e siameng, ka go sa nne karolo ya lefatshe leno la ga Satane le ka go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone tsa botlhokwa thata mo go rona. (Math. 6:33; Joh. 15:19) Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ka se re rate fa re dira jalo. Tota e bile, go tshela ka melao ya Modimo e e jaaka molao o o malebana le lenyalo le tlhakanelodikobo go dirile gore kwa mafatsheng mangwe batho ba re bue maswe mo metsweding ya tshedimosetso. (Bala Malaki 3:17, 18.) Mme gone, fela jaaka Noa, re boifa Jehofa, e seng batho. Re a itse gore ke ene fela a ka re nayang botshelo jo bo sa khutleng.—Luke 12:4, 5.

10 Mme gotweng ka wena? A o tla tswelela o ikanyega mo go Jehofa fa ba bangwe ba go kgala kgotsa ba go sotla, e bile a o tla tshepa gore Jehofa o tla tlamela lelapa la gago fa maemo a le thata? Fa o na le tumelo e bile o le kutlo jaaka Noa, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go tlhokomela.—Bafil. 4:6, 7.

DANIELE O NE A IKANYEGA LE FA A NE A TSHELA LE BATHO BA BA BOSULA

11. Daniele le ditsala tsa gagwe ba ile ba lebana le dikgwetlho dife kwa Babelona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 Dikgwetlho tse Daniele a ileng a lebana le tsone. Daniele e ne e le motshwarwa kwa Babelona, motse o o neng o tletse ka kobamelo ya ditshwantsho le bodimona. Mo godimo ga moo, Bababelona ba ne ba tseela Bajuda kwa tlase, ba ba sotla e bile ba sotla Modimo wa bone e bong Jehofa. (Pes. 137:1, 3) Ga go pelaelo gore seno se ne se hutsafatsa Bajuda ba ba ikanyegang ba ba jaaka Daniele. Gape batho ba le bantsi ba ne ba lebile Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo e bong Hanania, Mishaele le Asaria ka kelotlhoko ka gonne ba ne ba thapisediwa go direla mo ntlong ya segosi. Tota e bile, ba ne ba tlhophetswe dijo tse ba neng ba tshwanetse go di ja. Seno se ne sa ba biletsa mathata ka gonne Daniele o ne a sa batle go “ikgotlela ka dijo tsa maemo tsa kgosi.”—Dan. 1:5-8, 14-17.

12. (a) Daniele o ne a na le dinonofo dife tse di molemo? (b) Jehofa o ne a ikutlwa jang ka Daniele?

12 Daniele a ka tswa a ile a lebana le kgwetlho e nngwe gape fa a ne a amogela ditshiamelo tse di rileng e re ka a ne a na le bokgoni. (Dan. 1:19, 20) Le fa go ntse jalo, ditshiamelo tseo ga di a ka tsa dira gore a ikgogomose kgotsa a akanye gore o itse sengwe le sengwe, go na le moo, o ne a tswelela a le boikokobetso e bile a isa tlotlo yotlhe kwa go Jehofa. (Dan. 2:30) Tota e bile, Daniele o ne a sa ntse a le mosha fa Jehofa a ne a re o siame jaaka banna ba ba nang le tumelo e bong Noa le Jobe. A Daniele o ne a swabisa Jehofa? Le e seng! O ne a tswelela a ikanyega botshelo jotlhe jwa gagwe. Daniele a ka tswa a ne a le mo dingwageng tsa bo90 fa moengele wa Modimo a ne a mo raya a re: “Wena Daniele, monna yo o rategang thata.”—Dan. 10:11.

13. Ke eng fa Jehofa a ka tswa a ile a thusa Daniele gore a tlhomiwe go nna modiredimogolo?

13 E re ka Jehofa a ne a segofatsa Daniele, o ne a tlhomiwa go nna modiredimogolo mo pusong ya Babelona le ya Bameda le Baperesia. (Dan. 1:21; 6:1, 2) Gongwe Jehofa o ile a thusa Daniele gore e nne modiredimogolo gore a kgone go thusa Bajuda fela jaaka Josefa a ile a thusa Baiseraele kwa Egepeto le jaaka Esethere le Moredekai ba ile ba thusa batho ba Modimo kwa Peresia. * (Dan. 2:48) Akanya fela gore Bajuda botlhe go akaretsa Esekiele ba ile ba itumela jang go bona Jehofa a ba thusa ka tsela eo!

Jehofa o rata batho botlhe ba ba ikanyegang (Bona serapa 14 le 15)

14, 15. (a) Maemo a rona a tshwana le a ga Daniele ka ditsela dife? (b) Batsadi ba ka ithuta eng mo batsading ba ga Daniele?

14 Re ka etsa jang tumelo ya ga Daniele? Re batswakwa mo lefatsheng leno le le nang le boitshwaro jo bo maswe e bile le katogetse kgakala le Jehofa ka ntlha ya tlhotlheletso ya Babelona yo Mogolo, mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka yo gape e leng “lefelo la bonno la madimona.” (Tshen. 18:2) Re farologane le batho ba lefatshe leno, ka jalo ba a re sotla. (Mar. 13:13) E kete re ka dira ka natla go nna re atamalane le Jehofa jaaka Daniele a ne a dira. Fa re le boikokobetso e bile re ikanya Jehofa ka botlalo, le rona o tla re rata.—Hag. 2:7.

15 Batsadi ba ka ithuta mo sekaong sa batsadi ba ga Daniele. Re raya jang? Le fa gone Bajuda ba ne ba dira dilo tse di bosula fa Daniele a sa le monnye, o ne a rata Jehofa fa a ntse a gola. Seno ga se a itiragalela fela. Batsadi ba ga Daniele ba ne ba tsaya matsapa go mo ruta ka Jehofa. (Dia. 22:6) Tota e bile leina la ga Daniele le le kayang “Moatlhodi Wa me Ke Modimo” le bontsha gore batsadi ba gagwe ba ne ba obamela Modimo. Ka jalo batsadi, lo se ka lwa tlhoboga bana ba lona, go na le moo, ba ruteng lo le pelotelele. (Baef. 6:4) Rapelang le bone e bile lo ba rapelele. Fa lo tsaya matsapa go jalelela boammaaruri jwa Baebele mo dipelong tsa bana ba lona, Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona.—Pes. 37:5.

JOBE O NE A IKANYEGA FA A NE A HUMILE LE FA A NE A HUMANEGILE

16, 17. Jobe o ile a lebana le dikgwetlho dife?

16 Dikgwetlho tse Jobe a ileng a lebana le tsone. Go ile ga nna le diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa ga Jobe. Pele a lebana le mathata, o ne a le “mogolo go feta batho botlhe ba Botlhaba.” (Jobe 1:3) O ne a humile, a itsege e bile batho ba ne ba mo tlotla thata. (Jobe 29:7-16) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a sa ikgogomose e bile o ne a sa akanye gore ga a tlhoke Modimo. Tota e bile, Jehofa o ne a re ke motlhanka wa gagwe, gape o ne a re Jobe ke “monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.”—Jobe 1:8.

17 Botshelo jwa ga Jobe bo ne jwa fetoga fela thata mo nakong e khutshwane. O ne a latlhegelwa ke sengwe le sengwe e bile o ne a ngomogile pelo mo a neng a batla go swa. O ne a tlisediwa mathata ano ke Satane, yo o neng a latofatsa Jobe ka gore o obamela Modimo ka gonne a batla gore Modimo a mo segofatse. (Bala Jobe 1:9, 10.) Jehofa ga a ka a itlhokomolosa tatofatso eo. Go na le moo, o ne a letla Jobe gore a bontshe gore o a ikanyega le gore o ne a direla Jehofa ka gonne a mo rata, e seng ka gonne a batla gore a mo segofatse.

18. (a) Ke eng se o se ratang thata ka Jobe? (b) Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Jobe ka yone e re ruta eng?

18 Satane o ne a tlisetsa Jobe diteko di le dintsi tse di botlhoko, mme seo se ne sa dira gore Jobe a akanye gore Jehofa ke ene a neng a mo tlisetsa diteko tseo. (Jobe 1:13-21) Morago ga moo, Jobe o ne a etelwa ke bagomotsi ba maaka ba le bararo ba ba neng ba kgoba Jobe ka mafoko, ba re Modimo o a mo otlhaya. (Jobe 2:11; 22:1, 5-10) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a tswelela a ikanyega. Gone ke boammaaruri gore Jobe o ile a bua dilo dingwe a sa akanye, mme gone Jehofa o ne a itse gore o ne a bua dilo tseo ka gonne a utlwile botlhoko. (Jobe 6:1-3) Jehofa o ile a bona gore Jobe o ne a tswelela a ikanyega mo go ene le fa a ne a ngomogile pelo thata e bile Satane a mo kgoba ka ditatofatso tsa maaka. Fa teko ya ga Jobe e sena go fela, Jehofa o ne a mo segofatsa ka dilo tse a neng a na le tsone pele di menagane gabedi, mo godimo ga moo, Jobe o ne a tshela dingwaga di le 140 morago ga teko eo. (Jak. 5:11) O ne a tswelela a direla Jehofa ka pelo yotlhe. Re itse jang? Go ne go setse go fetile dingwaga di le dintsi Jobe a tlhokafetse fa Esekiele a ne a kwala mafoko a a mo temaneng ya setlhogo seno.

19, 20. (a) Re ka etsa jang tumelo ya ga Jobe? (b) Re ka etsa jang kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa fa re dirisana le ba bangwe?

19 Re ka etsa jang tumelo ya ga Jobe? Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, a re tsweleleng re dira gore Jehofa e nne ene yo o botlhokwa thata mo go rona, re mo ikanye ka dipelo tsotlhe e bile re mo ikobele go tswa pelong. Eleruri, re na le mabaka a a utlwang a go dira jalo. Akanya ka seno: Re itse go le gontsi ka Satane le maano a gagwe. (2 Bakor. 2:11) Buka ya Jobe e re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa Modimo a letlelela pogo. Boporofeti jwa ga Daniele bo re thusa go tlhaloganya gore Bogosi Jwa Modimo ke puso e e tla busang lefatshe mme kgosi ya jone ke Jesu Keresete. (Dan. 7:13, 14) Gape re itse gore Bogosi jono bo tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re bogisang.

20 Pego ya ga Jobe gape e re ruta gore go botlhokwa gore re bontshe Bakeresetemmogo le rona kutlwelobotlhoko segolobogolo fa ba lebane le diteko. Kutlobotlhoko e ka dira gore ba bue ba sa akanye fela jaaka Jobe. (Mor. 7:7) Go na le gore re ba atlhole, e kete re ka ba bontsha kutlwelobotlhoko le go ba akanyetsa. Fa re dira jalo, re tla bo re etsa Rraarona yo o lorato le yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa.—Pes. 103:8.

JEHOFA ‘O TLA GO NONOTSHA’

21. Mafoko a a mo go 1 Petere 5:10 a re gopotsa jang se se diragaletseng Noa, Daniele le Jobe?

21 Le fa Noa, Daniele le Jobe ba ne ba tshela mo metlheng e e farologaneng e bile ba ile ba lebana le maemo a a sa tshwaneng, ba ile ba itshokela dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone. Dilo tse di ba diragaletseng di re gopotsa mafoko ano a ga Petere: “Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa bopelonomi jotlhe jo bo sa re tshwanelang . . . ka boene o tla wetsa thapiso ya lona, o tla lo nitamisa, o tla lo nonotsha.”—1 Pet. 5:10.

22. Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

22 Mafoko a Petere a ileng a tlhotlhelediwa go a kwala a re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re nonotsha e bile o tla re thusa gore re nitame. Rotlhe re batla gore Jehofa a re nonotshe gore re tswelele re mo direla ka boikanyegi. Ka jalo, rotlhe re dira ka natla go etsa tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe le go nna kutlo jaaka bone. Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, ba ile ba thusiwa ke gore ba ne ba itse Jehofa sentle. Tota e bile, ba ne ba “tlhaloganya sengwe le sengwe” se Jehofa a neng a lebeletse gore ba se dire. (Dia. 28:5) Le rona re ka kgona go dira se se tshwanang.

^ ser. 2 Esekiele o ne a isiwa botshwarwa ka 617 B.C.E. Mafoko a a mo go Esekiele 8:1–19:14 a ne a kwalwa mo “ngwageng wa borataro” Esekiele a le kwa botshwarwa kgotsa ka 612 B.C.E.

^ ser. 2 B.C.E. e kaya pele Keresete a tla mo lefatsheng.

^ ser. 5 Rraagwe Noa e bong Lameke o ne a direla Jehofa, mme o ne a tlhokafala dingwaga di le tlhano pele ga Morwalela. Fa e le gore mmaagwe Noa le bana ba kwa gaabo ba ne ba sa ntse ba tshela fa Morwalela o tla, ga ba a ka ba falola.

^ ser. 13 Ditsala tsa ga Daniele le tsone di ka tswa di ile tsa thusa Bajuda e re ka le bone ba ne ba newa maemo a a kwa godimo.—Dan. 2:49.