Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Dipuo Tsa Phatlalatsa di Dira Gore Molaetsa wa Bogosi o Aname Kwa Ireland

Dipuo Tsa Phatlalatsa di Dira Gore Molaetsa wa Bogosi o Aname Kwa Ireland

FA SEKEPE se ntse se tsamaya mo molatswaneng wa Belfast, batho ba ba mo go sone ba ne ba lebile dithaba tse di tala tsa Ireland. E ne e le ka May 1910. E ne e le lekgetlo la botlhano monna mongwe mo go bone e bong Charles T. Russell, a tla mo Ireland. Fa Mokaulengwe Russell a le gaufi le go goroga, o ne a bona dikepe tse pedi tse dikgolo tse di neng di sa ntse di agiwa, e leng sekepe sa Titanic le sa Olympic. * Kafa letlhakoreng le lengwe la lefelo le go dirwang dikepe gone, go ne go na le Baithuti ba Baebele ba le mmalwa ba ba neng ba letetse go mo amogela.

Dingwaga di ka nna 20 pele ga moo, Mokaulengwe Russell o ne a swetsa ka gore a etele mafelo a a kwa ntle ga Amerika gore a anamise molaetsa wa Bogosi. Loeto lwa gagwe lwa ntlha e ne e le kwa Ireland, ka July 1891. Fa a le mo sekepeng sa City of Chicago, o ne a bona phirimo e ntle ya letsatsi fa lotshitshing lwa Queenstown (e gone jaanong e bidiwang Cobh) mme seo se ka tswa se ile sa mo gopotsa kwa batsadi ba gagwe ba neng ba nna teng pele. Fa Mokaulengwe Russell le ba a neng a tsamaya le bone ba ntse ba le mo loetong loo go ralala ditoropo tse di phepa le mafelo a mantle, ba ne ba lemoga gore ano e ne e le “masimo a a buduleng a a emetseng fela go robiwa.”

Mokaulengwe Russell o ne a ya kwa Ireland makgetlo a le supa. Tsela e batho ba ileng ba kgatlhega ka yone mo loetong lwa gagwe lwa ntlha, e ile ya dira gore mo maetong a mangwe go tle batho ba le bantsi. Ka loeto lwa gagwe lwa bobedi ka May 1903, dipokano tsa phatlalatsa tsa kwa Belfast le Dublin di ne tsa bapatswa mo makwalodikgannyeng. Mokaulengwe Russell o ne a tlhalosa gore batho ba ne ba reetsa ka kelotlhoko fa a ne a neela puo e e buang ka tumelo ya ga Aborahame le masego a mo isagweng a batho.

E re ka batho ba kwa Ireland ba ne ba kgatlhega thata, Mokaulengwe Russell o ne a ya kwa teng gape fa a ne a etela Yuropa lekgetlo la boraro. Bakaulengwe ba le batlhano ba ne ba mo dumedisa fa a fologa sekepe moso mongwe kwa Belfast ka April 1908. Puo e e buang ka go wa ga mmusomogolo wa ga Satane e batho ba neng ba itsisitswe ka yone, e ne ya dira gore go tle batho ba ba kgatlhegang ba ka nna 300. Monna mongwe o ne a ganetsa, mme gone, Mokaulengwe Russell o ne a dirisa Dikwalo go mo araba. Kwa Dublin, monna mongwe e bong Rre O’Connor yo e neng e le mokwaledi wa mokgatlho mongwe wa bokeresete wa basha, o ne a ikemiseditse go ganetsa Baithuti ba Baebele mme o ne a leka go dira gore batho ba ba fetang 1 000 ba ba neng ba reeditse ba tlhanogele Baithuti ba Baebele. Go ile ga direga eng?

Mma re leke go akanya gore go ka tswa go diragetse eng kwa tiragalong eo. Monna mongwe yo o batlang go ithuta Baebele o dira tshwetso ya gore a nne gone kwa puong ya phatlalatsa e batho ba itsisitsweng ka yone mo lokwalodikgannyeng lwa The Irish Times. O palelwa ke go bona manno ka gonne holo e ne e tletse. Monna yono o reetsa ka kelotlhoko fa monna wa moriri o mosweu yo o apereng baki e e telele a ntse a bua. Fa sebui se ntse se tsweletse, se nna se tsamayatsamaya mo seraleng se tlhalosa ditemana tse di farologaneng e bile se thusa monna yono gore a tlhaloganye dithuto tsa Baebele. Tota le fa monna yono wa sebui a se na maekerofouno, lentswe la gagwe le utlwala sentle mo holong mme bareetsi ba nna ba mo reeditse ka kelotlhoko ka lobaka lwa ura le halofo. Go tswa foo, fa go tla tshono ya gore bareetsi ba botse dipotso, Rre O’Connor le ditsala tsa gagwe ba simolola go ganetsa se a se buang, le fa go ntse jalo, o ba araba a dirisa Baebele. Bareetsi ba opa diatla. Fa dingangisano tseo di fela, monna yo o kgatlhegang o ya kwa bakaulengweng gore a ithute mo go oketsegileng. Batho ba ba neng ba le gone ba tlhalosa gore batho ba le bantsi ba ne ba ithuta boammaaruri kwa tiragalong eno.

Fa Mokaulengwe Russell a tswa kwa New York lekgetlo la bonê ka May 1909, o ne a tsamaya ka sekepe sa Mauretania mme o ne a tla le Mokaulengwe Huntsinger gore fa ba ntse ba le mo tseleng Mokaulengwe Huntsinger a nne a kwale fa Mokaulengwe Russell a ntse a bua, mme se a neng a se bua e ne e tla nna ditlhogo tsa Tora ya Tebelo. Go ne ga tla batho ba le 450 kwa puong ya ga Mokaulengwe Russell mme ba le 100 ba bone ba ne ba tshwanelwa ke go ema ka gonne go ne go se na manno a a lekaneng.

Mokaulengwe C. T. Russell a pagame sekepe sa Lusitania

Mo loetong lwa gagwe lwa botlhano, lo re buileng ka lone kwa tshimologong, go ne ga direga se se tshwanang. Fa puo ya kwa Dublin e sena go fela, moithutabodumedi yo o itsegeng yo o neng a tlile le O’Connor o ne a arabiwa go dirisiwa Baebele mme seo sa itumedisa bareetsi thata. Mo letsatsing le le latelang, bakaulengwe ba ne ba pagama sekepe se se tsamaisang poso go ya kwa Liverpool ba bo ba pagama sekepe sa Lusitania go ya kwa New York. *

Dipuo tse di neng tsa bapatswa mo lokwalodikgannyeng lwa The Irish Times, ka May 20, 1910

Mo loetong lwa borataro le lwa bosupa ka 1911, Mokaulengwe Russell o ne a neela dipuo tse go neng go itsisitswe ka tsone. Ka dikgakologo, Baithuti ba Baebele ba le 20 kwa Belfast ba ne ba amogela batho ba le 2 000 ba ba neng ba tlile go reetsa puo e e buang ka botshelo morago ga loso. Kwa Dublin, O’Connor o ne a tla gape a na le moruti yo mongwe yo o neng a botsa dipotso tse dintsi, mme gone, bareetsi ba ne ba opa diatla fa ba utlwa dikarabo tse di tswang mo Baebeleng. Ka letlhabula la one ngwaga oo, bakaulengwe ba ne ba etela ditoropo tse dingwe mme ga tla batho ba le bantsi. O’Connor le banna ba bangwe ba le 100 ba ne ba leka gape go kgoreletsa pokano ya kwa Dublin, le fa go ntse jalo, bareetsi ba ne ba ema sebui nokeng.

Le fa gone Mokaulengwe Russell a ne a eteletse pele mo go neeleng dipuo tsa phatlalatsa ka nako eo, o ne a itse gore ga go na motho ope yo e leng ene wa botlhokwa thata mo phuthegong ya Modimo ka gonne eno ga se tiro ya motho, ke tiro ya Modimo. Dipuo tse di neng di bapatswa, tse di nnileng gone pele ga Pokano ya Phatlalatsa, di ne di naya bakaulengwe tshono e e molemo ya go itsise molaetsa wa Bogosi. Go ne ga felela jang? Dipuo tsa phatlalatsa di ne tsa anamisa molaetsa wa Baebele mme go ne ga tlhomiwa diphuthego tse dintsi kwa Ireland.—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Boritane.

^ ser. 3 Morago ga dingwaga di ka nna pedi, sekepe sa Titanic se ne sa nwela.

^ ser. 9 Sekepe sa Lusitania se ne sa itewa ke bomo se bo se nwela kwa lotshitshing lwa Ireland ka May 1915.