Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jakobe o ne a nna rremogologolwane wa ga Mesia ka gonne a rekile tshwanelo ya go nna leitibolo mo go Esau?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Kwa Iseraele wa bogologolo, a tatelano ya losika lwa ga Mesia e ne e amana le tshwanelo ya go nna leitibolo?

Ka dinako dingwe re ile ra tlhalosa sengwe se se tshwanang le seo. Go ne go bonala seno se dumalana le se se mo go Bahebera 12:16. Temana eno ya re Esau ga a ka a ‘anaanela dilo tse di boitshepo’ mme o ne a “a [abela Jakobe] ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.” Go ne go ka bonala seno se bontsha gore fa Jakobe a ne a nna le ‘tshwanelo ya go nna leitibolo,’ o ne a nna le tshono ya go nna rremogologolwane wa ga Mesia.—Math. 1:2, 16; Luke 3:23, 34.

Le fa go ntse jalo, go sekaseka dipego tsa Baebele go re thusa go lemoga gore go ne go sa tlhokege gore motho e nne leitibolo gore e nne rraagwemogologolwane wa ga Mesia. Akanya ka bosupi bongwe jwa seo:

Morwa Jakobe (Iseraele) wa leitibolo e ne e le morwa Lea e bong Rubene. Moragonyana, morwa wa leitibolo wa ga Jakobe ka Ragele e ne e le Josefa. Fa Rubene a sena go “itshepolola borobalo jwa ga rraagwe,” tshwanelo ya go nna leitibolo e ne ya newa Josefa. (Gen. 29:31-35; 30:22-25; 35:22-26; 49:22-26; 1 Ditir. 5:1, 2) Le fa go ntse jalo, Mesia ga a ka a tlhaga mo lotsong lwa ga Rubene kgotsa lwa ga Josefa, go na le moo, o ne a tlhaga mo lotsong lwa ga Juda, morwa wa bonê wa ga Jakobe le Lea.—Gen. 49:10.

Luke 3:32 e bua ka banna ba le batlhano ba ba mo tatelanong ya losika lwa ga Mesia. Go bonala banna bano botlhe e ne e le maitibolo. Ka jalo, Boase o ne a nna rraagwe Obede, yo e neng ya nna rraagwe Jese.—Ruthe 4:17, 20-22; 1 Ditir. 2:10-12.

Le fa go ntse jalo, morwa Jese e bong Dafide e ne e se leitibolo. E ne e le ene wa bofelo mo baneng ba le robedi. Mme gone, Mesia o ne a tswa mo lotsong lwa gagwe. (1 Sam. 16:10, 11; 17:12; Math. 1:5, 6) Ka tsela e e tshwanang, monna yo o latelang mo losikeng loo e ne e le Solomone, le fa gone e ne e se leitibolo la ga Dafide.—2 Sam. 3:2-5.

Mme gone, seno ga se reye gore go nna leitibolo go ne go se botlhokwa. Morwa wa leitibolo o ne a na le maemo a a tlotlegang e bile gantsi o ne a tlhatlhama tlhogo ya lelapa. Gape o ne a amogela boswa jwa lelapa la bone bo menagane gabedi.—Gen. 43:33; Dute. 21:17; Josh. 17:1.

Le fa go ntse jalo, tshwanelo ya go nna leitibolo e ne e kgona go fetisediwa kwa mothong yo mongwe. Aborahame ga a ka a naya Ishemaele tshwanelo ya go nna leitibolo, go na le moo, o ne a e naya Isake. Mme fela jaaka re tlhalositse pelenyana, tshwanelo ya ga Rubene ya go nna leitibolo e ne ya newa Josefa.

Jaanong mma re tlotle ka Bahebera 12:16 e e reng: “Go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.” Temana eno e tlhomolola ntlha efe?

Fano moaposetoloi Paulo o ne a sa bue ka tatelano ya losika lwa ga Mesia. O ne a sa tswa go kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘direle dinao tsa bone ditselana tse di tlhamaletseng.’ Fa ba dira jalo, ba ne ba se kitla ba “amogiwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo,” e leng sengwe se se neng se ka direga fa ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baheb. 12:12-16) Fa ba ne ba ka dira boitsholo jo bo sa siamang, ba ne ba tla tshwana le Esau. O ne a palelwa ke go ‘anaanela dilo tse di boitshepo,’ mme a ineelela dilo tse di bosula.

Esau o ne a tshela mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso mme a ka tswa a ile a nna le tshono ya go ntsha ditlhabelo ka dinako dingwe. (Gen. 8:20, 21; 12:7, 8; Jobe 1:4, 5) Mme gone, e re ka a ne a sa anaanele tshiamelo ya go nna leitibolo, o ne a e rekisa. Gongwe o ne a batla go efoga masetlapelo a a neng a tla tlela ditlogolwana tsa ga Aborahame. (Gen. 15:13) Gape Esau o ne a bontsha gore o rata se se bosula ka go nyala basadi ba babedi ba ba sa obameleng Modimo mme seno se ne sa hutsafatsa batsadi ba gagwe. (Gen. 26:34, 35) Ruri o ne a farologane le Jakobe, yo o ileng a tlhomamisa gore o nyala moobamedi wa Modimo wa boammaaruri!—Gen. 28:6, 7; 29:10-12, 18.

Ka jalo, re ka reng ka tatelano ya losika lwa ga Mesia e bong Jesu? Ka dinako dingwe, tatelano eno ya losika e ne e tsamaya ka banna ba e leng maitibolo, mme gone, ga se ka metlha go neng go le jalo. Bajuda ba ne ba itse kgang eno e bile ba ne ba e amogela, ka gonne ba ne ba dumela gore Keresete o tla tsholelwa mo lelapeng lwa ga Dafide, morwa wa bofelo wa ga Jese.—Math. 22:42.