Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa go sa siama go tsenya dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa mo di-website tse dingwe kgotsa mo metsweding ya go ikgolaganya le batho ka Internet?

E re ka dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng e le mahala, bangwe ba tsaya gore go siame go di tsenya mo di-website tse dingwe kgotsa mo metsweding ya go ikgolaganya le batho ka Internet. Le fa go ntse jalo, go dira jalo ga go dumalane le Melawana ya Tiriso * ya di-website tsa rona e bile go ile ga baka mathata a mantsi. Fela jaaka go tlhalosiwa mo Melawaneng eo, ga go na ope yo o letleletsweng go “tsenya ditshwantsho, dikgatiso tsa ileketeroniki, matshwao, mmino, dinepe, dibidio kgotsa ditlhogo dipe tsa website ya rona mo Internet (e ka tswa e le website epe fela, website e go anamisiwang difaele kgotsa dibidio mo go yone kgotsa ya go ikgolaganya le ba bangwe).” Ke eng fa molao ono o le botlhokwa?

Ga go na ope yo o letleletsweng go tsenya dikgatiso tsa rona mo di-website tse dingwe tsa Internet

Go ya ka molao, ditshwanelo tsotlhe tsa tshedimosetso e e mo di-website tsa rona ke tsa Watchtower fela. Batlhanogi le baganetsi ba leka go dirisa dikgatiso tsa rona mo di-website tsa bone gore ba tsietse Basupi ba ga Jehofa le batho ba bangwe. Tshedimosetso e e mo di-website tseo e dira gore babadi ba nne le dipelaelo ka dithuto tsa boammaaruri. (Pes. 26:4; Dia. 22:5) Batho ba bangwe ba ile ba dirisa tshedimosetso e e mo dikgatisong tsa rona kgotsa letshwao la rona la jw.org mo dipapatsong, mo dilong tse di rekisiwang kgotsa mo di-app tsa difouno. E re ka re na le ditshwanelo tsa semolao tsa tshedimosetso eno, re kgona go dirisa molao go thibela gore tshedimosetso eo e se ka ya dirisiwa botlhaswa. (Dia. 27:12) Le fa go ntse jalo, fa re letla batho ba bangwe, tota le e leng bakaulengwe ba rona gore ba tsenye dikgatiso tsa rona mo di-website tse dingwe kgotsa gore ba dirise letshwao la jw.org fa ba rekisa dilo dingwe, dikgotlatshekelo di ka nna tsa se ka tsa re thusa fa re leka go thiba baganetsi le dikgwebo tse dingwe.

Metswedi e e ikanyegang ya mo Internet ya dithuto tsa boammaaruri:

Go itseela dikgatiso tsa rona mo di-website tse dingwe e seng mo jw.org, go ka nna kotsi. Jehofa o neile fela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” boikarabelo jwa go re naya dithuto tsa boammaaruri. (Math. 24:45) “Motlhanka” yono o dirisa fela di-website tsa rona tsa semolao go anamisa dithuto tsa boammaaruri, e leng www.pr418.com, tv.pr418.com, le wol.pr418.com. Mme re na le di-app tsa founo di le tharo fela tsa semolao e leng JW Language®, JW Library®, le JW Library Sign Language®. Didirisiwa tseno tsa semolao ga di na dipapatso kgotsa tshedimosetso epe ya lefatshe la ga Satane. Fa re bala dikgatiso kgotsa re lebelela dibidio tsa rona go tswa mo metsweding e mengwe, di ka nna tsa bo di fetotswe ka boferefere.—Pes. 18:26; 19:8.

Mo godimo ga moo, fa re tsenya dikgatiso tsa rona mo di-website tse mo go tsone batho ba kgonang go tshwaela, seo se dira gore batlhanogi le baganetsi ba bangwe ba bue dilo tse di ka dirang gore batho ba se ka ba ikanya phuthego ya ga Jehofa. Bakaulengwe bangwe ba ile ba raelesega go ngangisana le batho ba bangwe mo Internet, mme seo se tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa. Internet ga se tsela e e siameng ya go “laya ka bonolo ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.” (2 Tim. 2:23-25; 1 Tim. 6:3-5) Gape go lemogilwe gore bangwe ba ile ba bula diakhaonto mo metsweding ya go ikgolaganya le batho mo Internet kgotsa di-website dingwe tsa maaka ba dirisa leina la phuthego, Setlhopha se se Laolang le maloko a sone. Le fa go ntse jalo, ga go na leloko lepe la Setlhopha se se Laolang le le nang le diakhaonto tseno tsa Internet.

Go lebisa batho kwa jw.org go dira gore re anamise “dikgang tse di molemo.” (Math. 24:14) Didirisiwa tsa ileketeroniki tse re di dirisang mo bodireding di nna di ntse di tokafadiwa. Re batla gore di solegele mongwe le mongwe molemo. Ka jalo, fela jaaka Melawana ya Tiriso e tlhalosa, o ka romelela mongwe kgatiso ya rona ya ileketeroniki ka e-mail kgotsa o ka mo romelela link e e mo jw.org. Fa re lebisa batho kwa di-website tsa rona tsa semolao, re ba kopanya le motswedi wa dithuto tsa boammaaruri e bong “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”

^ ser. 1 Link ya Melawana ya Tiriso e gone kwa tlase mo tsebeng ya kwa tshimologong ya jw.org, mme melawana eno e ama sengwe le sengwe se se mo di-website tsa rona.