Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Kgothatsaneng ‘Mme re Dire Jalo le go Feta’

A re Kgothatsaneng ‘Mme re Dire Jalo le go Feta’

“A re akanyetsaneng . . . , mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”—BAHEB. 10:24, 25.

PINA: 121, 119

1. Ke eng fa moaposetoloi Paulo a ile a laela Bakeresete ba Bahebera gore ba kgothatsane “le go feta”?

KE ENG fa re tshwanetse go leka ka natla go kgothatsa ba bangwe? Moaposetoloi Paulo o re tlhalosetsa lebaka mo lekwalong le a neng a le kwaletse Bakeresete ba Bahebera. O ne a re: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Morago ga dingwaga di ka nna tlhano, Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba nna kwa Jerusalema ba ile ba lemoga gore ‘letsatsi la ga Jehofa” le atametse. Gape ba ile ba lemoga gore ba ne ba tshwanetse go tshaba mo motseng oo jaaka Jesu a ne a ba laetse. (Dit. 2:19, 20; Luke 21:20-22) Letsatsi leo le ne la tla ka ngwaga wa 70, fa Jehofa a ne a dirisa masole a Roma go senya motse wa Jerusalema.

2. Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa thata kgang ya go kgothatsa ba bangwe?

2 Gompieno, le rona re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore letsatsi la ga Jehofa ‘le legolo le le le boitshegang thata’ le atametse. (Joele 2:11) Moporofeti Sefania o ne a re: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” (Sefa. 1:14) Tlhagiso eo e botlhokwa thata gompieno. E re ka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi jaana, Paulo o re laela gore re ‘akanyetsaneng, le gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24) Ka jalo, re tshwanetse go bontsha Bakeresetemmogo le rona gore re a ba kgatlhegela, gore re kgone go ba kgothatsa fa go tlhokega.

KE BOMANG BA BA TLHOKANG GO KGOTHADIWA?

3. Moaposetoloi Paulo o ile a reng ka go kgothatsa ba bangwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Baebele ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” (Dia. 12:25) Seno ke boammaaruri. Rotlhe fela re tlhoka go kgothadiwa nako le nako. Paulo o ile a tlhalosa gore tota le batho ba ba nang le maikarabelo a go kgothatsa ba bangwe le bone ba tlhoka go kgothadiwa. O ile a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo neye mpho nngwe ya semoya gore lo nitamisiwe; kgotsa, mma ke re, gore lo kgothatsane, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.” (Bar. 1:11, 12) Seno se bontsha gore le fa Paulo a ne a kgothatsa Bakeresete, le ene o ne a tlhoka go kgothadiwa.—Bala Baroma 15:30-32.

4, 5. Re tshwanetse go kgothatsa bomang mme ka ntlha yang?

4 Re tshwanetse go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba intshang setlhabelo gore ba direle Jehofa ka botlalo. Bangwe ba bone ke babulatsela. Bontsi jwa bone ba ile ba tlogela dilo di le dintsi gore ba kgone go nna babulatsela. Go ntse jalo le ka barongwa, maloko a Bethele, balebedi ba potologo le basadi ba bone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang mo diofising tsa thanolo. Ba dirisa nako ya bone e ntsi mo tirelong ya ga Jehofa, ka jalo, re tshwanetse go ba kgothatsa. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba sa ntse ba rata tirelo ya nako e e tletseng, mme ba ile ba e tlogela ka ntlha ya mabaka mangwe. Le bone ba tlhoka go kgothadiwa.

5 Gape re tshwanetse go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong ka gonne ba ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Ka tsela e e tshwanang, basadi ba a itumela fa banna ba bone ba ba akgola. (Dia. 31:28, 31) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go akgola Bakeresete ba ba tswelelang ba ikanyega mo go Jehofa le fa gone ba lwala kgotsa ba bogisiwa. (2 Bathes. 1:3-5) Jehofa le Morwawe ba gomotsa batlhanka bano ba ba ikanyegang.—Bala 2 Bathesalonika 2:16, 17.

BAGOLWANE BA DIRA KA NATLA GO KGOTHATSA BA BANGWE

6. Maikarabelo a bagolwane a go buiwang ka one mo go Isaia 32:1, 2 ke afe?

6 Bala Isaia 32:1, 2Jesu Keresete o kgothatsa Bakeresete ba ba utlwileng botlhoko le ba ba kgobegileng marapo a dirisa “dikgosana,” e leng bagolwane ba batlodiwa le ba dinku tse dingwe. Bagolwane bano ga se bokomangkanna, go na le moo, ke “badirimmogo” le rona e bile ba re thusa gore re direle Jehofa re itumetse.—2 Bakor. 1:24.

7, 8. Bagolwane ba ka kgothatsa jang Bakeresete ba bangwe ka se ba se buang le se ba se dirang?

7 Moaposetoloi Paulo o tlhometse bagolwane sekao se se molemo. O ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ba neng ba bogisiwa a re: “E re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.”—1 Bathes. 2:8.

8 Paulo o ne a bua sengwe se se bontshang gore ga re a tshwanela go kgothatsa ba bangwe ka mafoko fela. O ne a kwalela bagolwane ba kwa Efeso jaana: “Lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa, [e bile] lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’” (Dit. 20:35) Paulo o ne a iketleeleditse go kgothatsa bakaulengwe ba gagwe le go “dirisa sotlhe se [a] nang le sone” go ba thusa. (2 Bakor. 12:15) Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba tshwanetse go kgothatsa le go gomotsa ba bangwe, e seng fela ka se ba se buang mme le ka se ba se dirang. Fa ba dira jalo, ba tla bo ba bontsha gore ba a ba rata.—1 Bakor. 14:3.

9. Bagolwane ba ka kgalema ba bangwe jang ka tsela e e tla ba solegelang molemo?

9 Go kgothatsa ba bangwe go ka nna ga akaretsa go ba kgalema, mme gone, bagolwane ba tshwanetse go ikobela se Baebele e se buang malebana le gore ba kgothatse ba bangwe jang ka tsela e e tla ba solegelang molemo. Ba ka latela sekao se se molemo sa ga Jesu fa a ne a kgalemela diphuthego dingwe tsa kwa Asia Minor. Pele a kgalemela phuthego ya kwa Efeso, Peregamo le Thiatira, o ne a simolola pele ka go akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba diphuthego tseo. (Tshen. 2:1-5, 12, 13, 18, 19) O ne a bolelela phuthego ya kwa Laodikia jaana: “Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela ke ba ke ba otlhaya. Jalo tlhoafala mme o ikwatlhaye.” (Tshen. 3:19) Bagolwane ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Keresete fa ba kgalema ba bangwe.

GA SE MAIKARABELO A BAGOLWANE FELA

Batsadi, a lo ruta bana ba lona gore ba kgothatse ba bangwe? (Bona serapa 10)

10. Rotlhe re ka kgothatsa ba bangwe jang?

10 Bagolwane ga se bone fela ba tshwanetseng go kgothatsa ba bangwe. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete botlhe gore ba bue ‘lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore ba tle ba abele ba bangwe se se rategang.’ (Baef. 4:29) Rotlhe re tshwanetse go akanya ka se re ka se dirang go thusa ba bangwe. Paulo o ne a raya Bakeresete ba Bahebera a re: “Tlhamalatsang diatla tse di lepeletseng le mangole a a koafaditsweng, mme nnang lo direle dinao tsa lona ditselana tse di tlhamaletseng, gore se se tlhotsang se se ka sa tlosiwa mo lelokololong, mme go na le moo gore se fodisiwe.” (Baheb. 12:12, 13) Rotlhe re ka nonotsha le go kgothatsa ba bangwe, le fa re ka tswa re le basha.

11. Ke eng se se ileng sa thusa Abueng fa a ne a gateletswe mo maikutlong?

11 Go ne ga feta nakonyana kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Abueng * a gateletswe mo maikutlong. A re: “Letsatsi lengwe ke ne ka kopa Jehofa gore a nkgothatse. Morago ga moo, ke ile ka kopana le kgaitsadi mongwe mme o ne a mpontsha lorato le kutlwelobotlhoko. Gape o ne a mpolelela se se mo diragaletseng fa a ne a lebane le boemo jo bo tshwanang le jwa me. Ke ne ka lemoga gore ga se nna fela ke lebaneng le boemo joo.” Kgaitsadi yoo a ka tswa a sa lemoga kafa mafoko a gagwe a ileng a thusa Abueng ka gone.

12, 13. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Bafilipi 2:1-4?

12 Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi jaana: “Jaanong fa go na le kgothatso nngwe mo go Keresete, fa go na le kgomotso nngwe ya lorato, fa go na le go abalana gongwe ga moya, fa go na le lorato lwa bopelonomi le mapelotlhomogi, tlatsang boipelo jwa me ka go nna ba mogopolo o o tshwanang e bile lo na le lorato lo lo tshwanang, lo kopane mmogo mo moyeng, lo tshegeditse kakanyo e le nngwe mo mogopolong, lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafil. 2:1-4.

13 Rotlhe re tshwanetse go leka go thusa ba bangwe. Re ka ba bontsha ‘kgomotso ya lorato,’ ‘go abalana ga moya’ le “lorato lwa bopelonomi le mapelotlhomogi,” mme dilo tseno di tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

DILO TSE DI KA KGOTHATSANG BA BANGWE

14. Tsela nngwe ya go kgothatsa ba bangwe ke efe?

14 Fa re utlwa gore batho bangwe ba re ileng ra ba thusa mo nakong e e fetileng ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi, seno se a re kgothatsa. Re ikutlwa jaaka moaposetoloi Johane fa a ne a re: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Joh. 4) Babulatsela ba le bantsi ba a itumela fa ba utlwa gore batho bangwe ba ba ileng ba ba thusa go ithuta boammaaruri ba sa ntse ba ikanyega, le gore bangwe ba bone ke babulatsela. Go gopotsa mmulatsela dilo dingwe tse di molemo tse a di diretseng batho ba bangwe mo nakong e e fetileng go ka mo kgothatsa fela thata.

15. Re ka kgothatsa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi?

15 Balebedi ba le bantsi ba potologo ba ile ba tlhalosa gore bone le basadi ba bone ba kgothala tota fa ba amogela lekwalo la tebogo go tswa kwa diphuthegong tse ba di etetseng. Bagolwane, barongwa, babulatsela le maloko a lelapa la Bethele le bone ba a kgothala fa ba akgolelwa tiro e ba e dirang ka boikanyegi.

ROTLHE RE KA KGOTHATSA BA BANGWE JANG?

16. A re tlhoka go dira dilo tse dintsi gore re kgothatse ba bangwe?

16 Tota re tla bo re sa dire sentle fa re sa kgothatse ba bangwe ka gonne re re ga re batho ba ba buang thata. Ga re tlhoke go dira dilo tse dintsi gore re kgothatse ba bangwe, tota e bile, re ka nna ra nyenya fela fa re dumedisa mongwe. Fa re sena go nyenya mme motho yoo a bo a sa nyenye, seo se ka tswa se bontsha gore gongwe o tshwenyegile ka sengwe. Re ka mo kgothatsa ka go mo reetsa.—Jak. 1:19.

17. Mokaulengwe mongwe yo mosha o ile a kgothadiwa ke eng?

17 Mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Henri o ne a utlwa botlhoko tota fa ba lelapa la gaabo, go akaretsa le rraagwe yo e neng e le mogolwane ba ne ba tlogela boammaaruri. Molebedi wa potologo o ile a lemoga gore Henri o ne a utlwile botlhoko, ka jalo, o ne a mo kopa gore ba ye kwa khefing go ya go nwa kofi. O ne a reetsa Henri ka kelotlhoko fa a mmulela mafatlha. Henri o ile a lemoga gore fa a ka tswelela a ikanyega, seo se ka thusa ba lelapa la gaabo gore ba boele kwa go Jehofa. O ile a kgothadiwa thata ke go bala Pesalema 46, Sefania 3:17 le Mareko 10:29, 30.

Rotlhe re tlhoka go kgothatsana (Bona serapa 18)

18. (a) Kgosi Solomone o ne a reng ka go kgothatsa ba bangwe? (b) Moaposetoloi Paulo o ile a re kgothaletsa gore re dire eng?

18 Se se diragaletseng Abueng le Henri se bontsha gore re ka kgona go kgothatsa Bakeresete ba ba kgobegileng marapo. Kgosi Solomone o ne a re: “A bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne! Phatsimo ya matlho e ipedisa pelo; pego e e molemo e nontsha marapo.” (Dia. 15:23, 30) Mo godimo ga moo, go balela motho yo o kgobegileng marapo sengwe se se tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo kgotsa mo website ya rona go ka mo kgothatsa. Paulo o ne a tlhalosa gore go opela pina ya Bogosi le motho yo o kgobegileng marapo go ka mo kgothatsa. O ne a re: “Nnang lo rute lo bo lo tlhagisane ka dipesalema, dipako tse di yang kwa Modimong, dipina tsa semoya di na le bopelontle, lo opelela Jehofa mo dipelong tsa lona.”—Bakol. 3:16; Dit. 16:25.

19. Ke eng fa go le botlhokwa gore re tswelele re kgothatsana gone jaanong, mme re tshwanetse go dira eng?

19 E re ka letsatsi la ga Jehofa le ntse le “atamela,” go botlhokwa thata gore re nne re kgothatsana. (Baheb. 10:25) Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane, fela jaaka tota e bile lo dira.”—1 Bathes. 5:11.

^ ser. 11 Maina a fetotswe.