Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke ne Ke Humanegile, Mme Jaanong ke Humile

Ke ne Ke Humanegile, Mme Jaanong ke Humile

Ke tsholetswe kwa torotswaneng e e bidiwang Liberty, kwa Indiana, U.S.A mo ntlong ya logong. Fa ke tsholwa, batsadi ba me ba ne ba setse ba na le bana ba le bararo. Moragonyana, mmê o ne a nna le bana ba bangwe ba bararo.

Ntlo ya logong e ke tsholetsweng mo go yone

FA KE NE ke tsena sekolo, dilo di ne di sa fetoge go le kalo. Batho ba ke simolotseng sekolo le bone ke bone ba ke se feditseng le bone. Tota e bile, batho ba le bantsi mo toropong eo ba ne ba itsane.

Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le supa, mme ke ne ke bereka mo polasing ke sa le mosha

Toropo ya Liberty e ne e dikologilwe ke dipolasi tse bontsi jwa tsone di neng di lema mmidi. Fa ke tsholwa, rre o ne a bereka mo go nngwe ya tsone. Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka ithuta go kgweetsa terekere le go dira ditiro dingwe mo polasing.

Ga ke itse gore go ntse jang go nna le rre yo mosha ka gonne fa ke tsholwa, rre o ne a na le dingwaga di le 56, mme mmê o ne a na le dingwaga di le 35. Mme gone, rre o ne a itekanetse sentle e bile a nonofile. E ne e le senatla e bile le rona o ne a re ruta gore re nne dinatla. Le fa gone a ne a se na madi a mantsi, o ne a tlhomamisa gore re na le bodulo, diaparo le dijo, mo godimo ga moo, ka metlha o ne a fetsa nako le rona. O ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 93. Mme mmê ene o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 86. Boobabedi e ne e se Basupi. Le fa go ntse jalo, mongwe wa bonnake ke Mosupi mme o ntse a direla e le mogolwane go tloga ka 1972.

FA KE SA LE MONNYE

Mmê o ne a rata bodumedi. O ne a tsamaya le rona go ya kwa kerekeng ya Baptist, Sontaga mongwe le mongwe. Fa ke le dingwaga di le 12, ke ne ka simolola go utlwa ka thuto ya Tharonngwe. Ke ne ka botsa mmê jaana: “Go tla jang gore Jesu a nne Morwa le Rara ka nako e le nngwe?” O ne a re: “Morwaaka, ke masaitseweng. Ga re ka ke ra kgona go e tlhaloganya.” Ke ne ke sa e tlhaloganye gotlhelele. Le fa go ntse jalo, fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka kolobediwa mo molapong. Ke ne ka inwa gararo mo metsing, mo leineng la Rara, le la Morwa, le la moya o o boitshepo.

1952—Ke na le dingwaga di le 17, pele ke isiwa bosoleng

Fa ke le kwa sekolong se segolwane, tsala ya me e ne e le ramabole, mme o ne a nkopa gore le nna ke tsenele motshameko wa mabole. Ke ne ka dumela, mme ka simolola go ikatisa le mokgatlho mongwe wa mabole. Ke ne ke se setswerere mo motshamekong oo, ka jalo, morago ga nakwana, ke ne ka o tlogela. Moragonyana, ke ne ka tsenngwa mo sesoleng mme ka isiwa kwa Jeremane. Fa ke le koo, baokamedi ba ne ba nkisa kwa lefelong le masole a thapisediwang go nna baeteledipele kwa go lone, ka gonne ba ne ba re ke na le bokgoni. Ba ne ba batla gore ke nne lesole go ya go ile. Ke ne ke sa batle go nna lesole, ka jalo, morago ga dingwaga di le pedi, ka 1956, ke ne ka letlelelwa go tlogela tiro. Le fa go ntse jalo, nakonyana morago ga moo, ke ne ka tsenela bosole jo bongwe.

1954-1956—Ke feditse dingwaga di le pedi kwa bosoleng

GO FETOLA TSELA E KE TSHELANG KA YONE

Ka nako eo, ke ne ke ithutile go nna monnatia. Difilimi le batho ba ke neng ke tshela le bone ba ne ba ntlhotlheleditse gore ke nne le kgopolo e e sa siamang ya gore monna o tshwanetse go nna jang. Ke ne ke tsaya gore banna ba ba buang ka Baebele ga se banna ba sepe. Mme ke ne ka simolola go ithuta dilo tse di neng tsa fetola botshelo jwa me. Letsatsi lengwe fa ke ne ke feta ka koloi kwa toropong, makgarebe mangwe a mabedi a ne a mpitsa. Ke ne ke ba itse ka gonne kgaitsadiake o ne a nyetswe ke kgaitsadiabone. Makgarebe ano e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba tlhola ba nnaya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme ke ne ke sa rate go di bala ka gonne ke ne ke tsaya gore Tora ya Tebelo e thata e bile ke ne ke sa e tlhaloganye. Ba ne ba nkopa gore ke tle kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, e leng pokano ya go ithuta le go tlotla ka Baebele e e neng e tshwarelwa kwa legaeng la bone. Ke ne ka ba raya ke re ke tla bona. Ba ne ba re: “A wa re solofetsa?” Ke ne ka re: “Ee.”

Ke ne ka ikwatlhaela go bo ke ba solofeditse, mme gone, ke ne ke sa batle go ba swabisa. Ka jalo, ke ne ka ya. Ke ile ka kgatlhiwa ke go bona tsela e bana ba neng ba itse Baebele ka yone. Le fa ke ne ke tlhola ke ya kerekeng le mmê, ke ne ke sa itse Baebele. Ke ne ke batla go ithuta, ka jalo, ke ne ka dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Ke ne ka ithuta gore leina la Modimo Mothatayotlhe ke Jehofa. Dingwaga tse di fetileng fa ke ne ke botsa mmê ka Basupi ba ga Jehofa, o ne a re: “Ba obamela monnamogolo mongwe o gotweng ke Jehofa.” Jaanong ke ne ke itse boammaaruri ka Jehofa.

Ke ne ka dira diphetogo ka bonako ka gonne ke ne ke itse gore se ke se ithutang ke boammaaruri. Ke ne ka kolobediwa morago ga dikgwedi di le robongwe, ka March 1957. Ke ne ka fetola tsela e ke neng ke dira dilo ka yone. Fa ke akanya ka tsela e ke neng ke le ka yone pele, ke leboga go bo Baebele e ile ya nthuta gore go nna monnatia go kayang. Jesu o ne a itekanetse. O ne a na le maatla go feta batho botlhe, le fa go ntse jalo, o ne a sa lwe le batho, go na le moo, fela jaaka go ne go boleletswe pele, “o ne a itetla gore a bogisiwe.” (Isa. 53:2, 7) Ke ne ka ithuta gore molatedi wa ga Jesu “o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Tim. 2:24.

Ke ne ka nna mmulatsela ka 1958. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela go nna mmulatsela ka nakwana. Goreng? Ka gonne ke ne ke tlile go nyala Gloria, e leng mongwe wa makgarebe a mabedi a a neng a ntaletsa kwa thutong ya buka. Ga ke ikwatlhaele tshwetso eo. Gloria e ne e le perela fa ke mo nyala, mme le gompieno e sa ntse e le yone. O botlhokwa thata mo go nna go feta teemane e e tlhwatlhwakgolo, mme ke itumelela go bo e le mosadi wa me. Mma ke mo letle gore a lo ikitsise:

“Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le 17. Mmê e ne e le Mosupi yo o ikanyegang. Fa ke na le dingwaga di le 14 o ne a tlhokafala. Ka nako eo, rre o ne a simolola go ithuta Baebele. E re ka mmê a ne a sa tlhole a le teng, rre o ne a dira thulaganyo nngwe le mogokgo wa sekolo sa rona. Nkgonne o ne a dira mophato wa marematlou, ka jalo, rre o ne a kopa mogokgo gore re ye sekolong ka malatsi a a farologaneng. Seno se ne se raya gore fa yo mongwe a ile sekolong, yo mongwe o sala kwa gae a tlhokometse bana le go baakanyetsa ba lelapa dijo tsa maitseboa. Mogokgo o ne a dumela mme re ne ra dira jalo go fitlha nkgonne a fetsa sekolo. Malapa a mabedi mo phuthegong a ne a ithuta Baebele le rona, mme nna le bana ba kwa gae ba le 10 re ne ra nna Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke rata go ya tshimong le fa gone ke ne ke le ditlhong. Sam o ile a nthusa go fenya bothata joo.”

Re ne ra nyalana ka February 1959. Re ne re itumelela go nna babulatsela. Ka July 1959 re ne ra tsenya kopo ya go direla kwa Bethele ka gonne re ne re batla go direla kwa ntlokgolo. Re ne ra botsolodiwa ke mokaulengwe Simon Kraker, mme o ne a re tlhalosetsa gore ka nako eo, go ne go sa amogelwe banyalani kwa Bethele. Ga re a ka ra lebala ka mokgele oo wa go direla kwa Bethele, le fa go ntse jalo, go ne ga feta nako e e telele pele re o fitlhelela.

Re ne ra kwalela ntlokgolo re kopa go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Re ne ra kopiwa go direla kwa Pine Bluff, Arkansas. Ka nako eo, go ne go na le diphuthego di le pedi fela kwa Pine Bluff, e nngwe e ne e le ya bakaulengwe ba basweu, mme e nngwe e le ya bakaulengwe ba bantsho. Re ne ra abelwa kwa phuthegong ya bakaulengwe ba bantsho e e neng e na le baboledi ba le 14.

GO ITSHOKELA TLHAOLELE

O ka tswa o ipotsa gore ke eng fa bakaulengwe ba bantsho ba ne ba kgaoganngwa le bakaulengwe ba basweu. Karabo e e motlhofo fela ke go re, molao o ne o re pateletsa go dira jalo. Go ne go se kafa molaong gore batho ba merafe e e farologaneng ba kopane, mme ba ba tlolang molao oo ba ne ba itewa. Mo mafelong a le mantsi, bakaulengwe ba ne ba tshaba gore fa ba ka kopanela le bakaulengwe ba morafe o mongwe, Holo ya bone ya Bogosi e ne e tla senngwa. Seno se ne se tle se direge. Fa bakaulengwe ba bantsho ba ne ba rera kwa lefelong la batho ba basweu, ba ne ba tshwarwa, tota le e leng go itewa. Ka jalo, gore re kgone go tswelela re rera, re ne re ikobela melao eo, re solofela gore dilo di tla tokafala.

Go ne go se motlhofo go rera mo maemong ao. Fa re rera mo lefelong la batho ba bantsho, ka dinako dingwe re ne re tsena mo ntlong ya batho ba basweu re sa itse. Re ne re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a ke ka re bue le bone ka molaetsa wa Baebele ka bokhutshwane, kgotsa re kope maitshwarelo fela re bo re tsamaya. Maemo a ne a ntse jalo ka nako eo.

E re ka re ne re le babulatsela ba ka metlha, re ne re tlhoka tiro ya boitshediso. Re ne re amogela diranta di le 40 ka letsatsi. Gloria o ne a phepafatsa matlo a batho ba le mmalwa. Mongwe wa batho ba Gloria a neng a ba berekela o ne a dumela gore ke mo thuse gore a kgone go fetsa ka bonako. Ba ne ba re fa dijo tsa motshegare tse re neng re di ja pele ga re tsamaya. Beke le beke, Gloria o ne a aena diaparo tsa lelapa lengwe. Ke ne ke bereka mo tshimong, ke tlhatswa difensetere le go dira ditiro dingwe mo ntlong. Nna le Gloria re ne re tlhatswa difensetere tsa lelapa lengwe la batho ba basweu. Gloria o ne a di tlhatswa mo teng, nna ke di tlhatswa kwa ntle. Tiro eno e ne e tsaya letsatsi lotlhe, ka jalo ba ne ba re fa dijo tsa motshegare. Gloria o ne a jela mo ntlong mme gone a sa je le ba lelapa leo. Nna ke ne ke jela kwa ntle mo karatšheng. Seno se ne se sa ntshwenye. Dijo tsa teng di ne di le monate tota. Ba lelapa leo e ne e le batho ba ba siameng, ke fela gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke tsela e dilo di neng di dirwa ka yone ka nako eo. Nako nngwe fa re ne re ile go tshela peterole, ke ne ka botsa motho yo o neng a re thusa gore a Gloria a ka kgona go tsena mo ntlwaneng. O ne a re: “E lotletswe.”

GO BONTSHIWA BOPELONOMI

Le fa maemo a ne a le jalo, re ne re itumelela go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re ne re rata bodiredi. Fa re fitlha kwa Pine Bluff, re ne ra nna kwa lelapeng la mokaulengwe yo e neng e le motlhanka wa phuthego. Mosadi wa gagwe e ne e se Mosupi, mme Gloria o ne a simolola go ithuta Baebele le ene. Nna ke ne ka simolola go ithuta le morwadiabone le monna wa gagwe. Mmê yoo le morwadie ba ne ba simolola go direla Jehofa mme ba kolobediwa.

Re ne re na le ditsala kwa phuthegong ya bakaulengwe ba basweu. Ba ne ba tlhola ba re laletsa gore re ye go ja dijo tsa maitseboa le bone, mme gone re ne re ya fa letsatsi le sena go phirima gore ope a se ka a re bona. Ka nako eo go ne go na le mokgatlho mongwe o o ratang ntwa le tlhaolele o o bidiwang Ku Klux Klan (KKK). Letsatsi lengwe ka Halloween ke ne ka bona monna mongwe a dutse fa pele ga ntlo ya gagwe a apere diaparo tse di neng di ratiwa ke maloko a mokgatlho wa KKK. Le fa gone re ne re tshela mo maemong ao a a thata, bakaulengwe ba ne ba bontshana bopelonomi. Nako nngwe re ne re se na madi a go ya kopanong, ka jalo, mokaulengwe mongwe o ne a dumela go reka koloi ya rona gore re nne le madi a go tsamaya. Kgwedi morago ga moo fa re ne re tswa tshimong re lapile, re ne ra fitlhela sengwe se re neng re sa se solofela. Re ne ra fitlhela koloi ya rona fa pele ga ntlo. Go ne go na le molaetsa mo koloing o o neng o re: “Ke lo fa koloi eno e le mpho. Mokaulengwe wa lona.”

Gape ke ne ka direlwa sengwe se se neng sa nkama pelo fela thata. Ka 1962, ke ne ka lalediwa kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa South Lansing, New York. Sekolo seno se ne se tsaya kgwedi mme se ne se thapisa balebedi ba diphuthego, ba potologo le ba kgaolo. Mme gone, ke ne ke sa bereke e bile ke se na madi. Le fa go ntse jalo, khampani nngwe ya difouno kwa Pine Bluff e ne e ntshepisitse tiro. Ke ne ke tla nna motho wa ntlha yo montsho go bereka mo khampaning eo. Ba ne ba mpitsa gore ke ye go bereka. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ke se na madi a go ya kwa New York. Ke ne ke akanyetsa go tsaya tiro eo le go tlogela go ya sekolong. Tota e bile, fa ke ne ke ipaakanyetsa go kwala lekwalo le le tlhalosang gore nka se kgone go ya sekolong, go ne ga direga sengwe se nka se tsogeng ke se lebetse.

Kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona yo monna wa gagwe e neng e se Mosupi o ne a tla kwa go rona moso mongwe mme a nnaya enfelopo. E ne e na le madi. Kgaitsadi yono le bana ba gagwe ba ne ba tsoga moso mongwe le mongwe ba ya go dira kwa masimong. Ba ne ba dira tiro eno gore ba nne le madi a gore ke kgone go ya kwa New York. O ne a re: “Ya kwa sekolong mme o ithute dilo di le dintsi, o bo o tla go re ruta.” Moragonyana, ke ne ka kopa batho ba khampani ya difouno gore ke simolole tiro morago ga dibeke di le tlhano mme ba ne ba gana. Seo ga se a ka sa ntshwenya ka gonne ke ne ke setse ke dirile tshwetso. Ke itumelela gore ga ke a ka ka tsaya tiro eo.

Mma Gloria a lo bolelele ka nako e re e feditseng kwa Pine Bluff: “Ke ne ke rata tshimo fela thata. Ke ne ke na le dithuto tsa Baebele di ka nna 20. Re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo mo mosong, mme morago ga moo, re bo re tshwara dithuto tsa Baebele letsatsi lotlhe. Ka dinako tse dingwe, re ne re bereka go fitlha ka bo11 bosigo. Tshimo e ne e le monate tota. Ke ne nka itumelela go tswelela ka kabelo eo. Boammaaruri ke gore, ke ne ke sa batle go tlogela kabelo ya me le go tsenela tiro ya potologo, mme Jehofa ene o ne a sa akanye jalo.”

GO ETELA DIPHUTHEGO

Fa re ne re le babulatsela kwa Pine Bluff, re ne ra tsenya kopo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. E re ka molebedi wa kgaolo a ne a batla gore re ye go thusa phuthego nngwe kwa Texas, re ne re tlhomamisegile gore kopo ya rona e tla atlega. Re ne re lebile pele go fudugela kwa phuthegong eo. Ka jalo re ne ra nna re letetse karabo go tswa kwa Bethele, mme gone go ne go sa tle gore lekwalo leo le fitlhe. Ka January 1965 lekwalo leo le ne la fitlha, le fa go ntse jalo, re ne re abetswe tiro ya potologo. Mokaulengwe Leon Weaver yo gone jaanong e leng morulaganyi wa Komiti ya Lekala la United States le ene o ne a abelwa go nna molebedi wa potologo ka yone nako eo.

Fa ke ne ke simolola tiro ya potologo, ke ne ke tshogile. Mo e ka nnang ngwaga pele ga moo, molebedi wa kgaolo e bong James A. Thompson, Jr. o ne a sekaseka ditshwanelego tsa me. O ne a mpontsha dilo di le mmalwa tse ke neng ke tlhoka go di tokafatsa a bo a ntlhalosetsa gore molebedi wa potologo yo o molemo o tshwanetse go nna le bokgoni bofe. Nakonyana fa ke sena go simolola kabelo eno, ke ile ka lemoga gore kgakololo ya gagwe e ne e le molemo tota. Fa ke sena go tlhomiwa go nna molebedi wa potologo, Mokaulengwe Thompson ke ene molebedi wa kgaolo wa ntlha yo ke neng ka bereka le ene. Ke ne ka ithuta dilo di le dintsi mo mokaulengweng yono yo o ikanyegang.

Ke lebogela thuso ya bakaulengwe ba ba ikanyegang

Ka nako eo, balebedi ba potologo ba ne ba amogela thapiso e nnye fela. Ke ne ka fetsa beke le molebedi wa potologo fa a ne a etetse phuthego nngwe. Mme mo bekeng e e latelang, o ne a tsamaya le nna fa ke ne ke etela phuthego e nngwe. O ne a nnaya kgakololo le kaelo, morago ga moo re ne re tsamaya re le nosi. Ke gopola ke raya Gloria ke re: “A mme gone o tlhoka go tsamaya gone jaanong?” Mme morago ga nako, ke ile ka ithuta sengwe sa botlhokwa. Ke ile ka ithuta gore go na le bakaulengwe ba ba tla go thusang fa fela o ba letla. Ke sa ntse ke lebogela thuso e ke e neilweng ke bakaulengwe ba ba jaaka James R. Brown yo e neng e le molebedi yo o etang ka nako eo, le Fred Rusk yo e neng e le leloko la lelapa la Bethele.

Batho ba ne ba tletse tlhaolele ka nako eo. Nako nngwe, mokgatlho wa KKK o ne o gwanta kwa toropong e re neng re e etetse ya Tennessee. Letsatsi lengwe fa re le mo bodireding, re ne ra ikhutsa mme ra ya kwa resetšhurenteng. Fa re le koo, ke ne ka ya ntlwaneng mme monna mongwe yo o galefileng e bile a na le di-tattoo tse di bontshang gore o rata tlhaolele o ne a ntshala morago. Mme mokaulengwe mongwe wa mosweu yo o neng a nonofile go gaisa monna yoo le ene o ne a tla. O ne a re: “A tsotlhe di apere tshiamo Mokaulengwe Herd?” Monna yoo yo o galefileng o ne a tsamaya ka bonako. Ke ile ka lemoga gore tlhaolele ga e bakwe ke gore go na le merafe e e farologaneng, go na le moo, batho ba na le tlhaolele ka gonne ba ruile boleo go tswa mo go Adame. Gape ke ithutile gore batho ba ga Jehofa ba a ratana le fa ba tswa mo merafeng e e farologaneng, le gore ba ka go swela fa go tlhokega.

MASEGO MO TIRELONG YA GA JEHOFA

Ke feditse dingwaga di le 12 ke le molebedi wa potologo mme di le 21 ke le molebedi wa kgaolo. Re ne re rata kabelo ya rona fela thata e bile re ile ra kgothadiwa ke dilo di le dintsi. Ka August 1997, re ne ra fitlhelela mokgele wa rona yo re sa bolong go ipeela one. Re ne ra lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa United States. Go ne go setse go fetile dingwaga di le 38 re ipeetse mokgele oo. Re ne ra simolola go direla kwa Bethele ka September 1997. Ke ne ke akanya gore bakaulengwe ba ne ba batla gore ke ye go thusa kwa Bethele ka nakwana fela, mme ga go a ka ga nna jalo.

Gloria e ne e le perela fa ke mo nyala, mme le gompieno e sa ntse e le yone

Ke ne ka abelwa go direla kwa Lefapheng la Tirelo. Ke ne ka ithuta dilo di le dintsi mo kabelong eo. Bakaulengwe ba ba berekang mo lefapheng leno ba rarabolola dipotso tse di masisi tse di tswang kwa ditlhopheng tsa bagolwane le balebedi ba potologo. Bakaulengwe ba ba neng ba nthapisa ba ne ba le pelotelele e bile ba nthusa ka dilo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, fa nka kopiwa go direla kwa lefapheng leo gape, ke sa ntse ke tla tlhoka go thusiwa.

Nna le Gloria re itumelela go nna mo Bethele. Re batho ba ba ratang go tsoga phakela thata, mme seno se ile sa re thusa mo Bethele. Morago ga ngwaga, ke ne ka simolola go direla ke le mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1999, ke ne ka tlhomiwa go nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Ke ithutile dilo di le dintsi mo kabelong eno, mme sa botlhokwa thata, ke ithutile gore Jesu Keresete ke ene tlhogo ya phuthego, e seng motho ope yo mongwe.

Ke simolotse go direla mo Setlhopeng se se Laolang ka 1999

Fa ke akanya ka dilo tse di diragetseng mo botshelong jwa me, ka dinako dingwe ke ikutlwa jaaka moporofeti Amose. Jehofa o ne a bona modisa yoo yo o neng a dira tiro ya maemo a a kwa tlase ya go poma difeige tsa mosikamore, e leng dijo tse di neng di tsewa e le tsa batho ba ba humanegileng. Modimo o ne a tlhoma Amose gore e nne moporofeti mme o ne a mo segofatsa fela thata. (Amos. 7:14, 15) Le nna Jehofa o ne a mpona, le fa ke tsholetswe mo lelapeng le le humanegileng kwa Liberty, Indiana. O ne a ntshegofatsa, eleruri, o ne a nkhumisa! (Dia. 10:22) Le fa ke godile ke humanegile, kwa bofelong Jehofa o ne a ntshegofatsa. O ntshegofaditse ka ditsela di le dintsi tota!