Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng re Tshwanetse go ‘Nna re Ungwa Maungo a Mantsi’?

Goreng re Tshwanetse go ‘Nna re Ungwa Maungo a Mantsi’?

“Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.”—JOH. 15:8.

PINA: 53, 60

1, 2. (a) Jesu o ile a bolelela barutwa ba gagwe eng pele a bolawa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re gopotse lebaka la go rera? (c) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

PELE Jesu a bolawa, o ne a bua le baaposetoloi ba gagwe mme a ba tlhomamisetsa gore o ba rata fela thata. Mo godimo ga moo, jaaka re tlotlile mo setlhogong se se fetileng, o ile a ba bolelela setshwantsho sa mofine. O ile a dirisa setshwantso seo go kgothatsa barutwa ba gagwe gore ba tswelele ba ‘ungwa maungo a mantsi,’ e leng, go rera molaetsa wa Bogosi.—Joh. 15:8.

2 Mo godimo ga moo, Jesu ga a ka a bolelela balatedi ba gagwe fela gore ba tshwanetse go dira eng, gape o ne a ba bolelela lebaka la go bo ba tshwanetse go rera. Ke eng fa re tshwanetse go nna re gopotse lebaka la go bo go le botlhokwa gore re tswelele re rera? Go dira jalo go tla re tlhotlheletsa gore re tswelele re neela “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:13, 14) Ka jalo, mma re tlotle ka mabaka a le manê a a tswang mo Baebeleng a go bo re tshwanetse go rera. Gape re tla tlotla ka dimpho di le nnê tse Jehofa a re nayang tsone tse di re thusang gore re tswelele re rera molaetsa wa Bogosi.

RE GALALETSA JEHOFA

3. (a) Johane 15:8 ya re ke eng fa re tshwanetse go rera? (b) Diterebe tse di mo setshwantshong sa ga Jesu di emela eng, mme ke eng fa eno e le papiso e e molemo?

3 Lebaka la botlhokwa la go bo re rerela batho molaetsa wa Bogosi ke ka gonne re batla go galaletsa leina la ga Jehofa le go le itshepisa. (Bala Johane 15:1, 8.) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mofine, o ne a tshwantsha Jehofa le modiri wa mo tshimong yo o lemang diterebe. Jesu o ne a re ke kutu kgotsa thito mme balatedi ba gagwe ke dikala. (Joh. 15:5) Ka jalo, diterebe di tshwantshetsa tiro ya go rera e e dirwang ke balatedi ba ga Jesu. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi.” Modiri wa mo tshimong o a itumela fa a bona setlhare sa gagwe sa mofine se ungwa, ka tsela e e tshwanang, fa re dira ka natla go rera molaetsa wa Bogosi, re itumedisa Jehofa e bile re a mo galaletsa.—Math. 25:20-23.

4. (a) Re itshepisa leina la Modimo jang? (b) O ikutlwa jang ka tshiamelo e o nang le yone ya go itshepisa leina la Modimo?

4 Fa re rera re itshepisa leina la Modimo jang? Leina la Modimo le boitshepo ka tsela e e feletseng, ka jalo, re ka se kgone go dira gore le nne boitshepo le go feta. Mme gone, moporofeti Isaia o ne a re: “Jehofa wa masomosomo—ke Ene yo lo tshwanetseng go mo tsaya a le boitshepo.” (Isa. 8:13) Re itshepisa leina la Modimo fa re le tsaya le farologane le maina a mangwe otlhe le fa re thusa batho ba bangwe gore ba tlhaloganye gore le boitshepo. (Math. 6:9) Ka sekai, fa re ruta batho ka dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa le gore o batla gore batho ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise, re ba thusa go bona gore dilo tse Satane a neng a di bua ka Jehofa ke maaka. (Gen. 3:1-5) Gape, re itshepisa leina la Modimo fa re dira ka natla go thusa batho go lemoga gore Jehofa o tshwanelwa ke “go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla.” (Tshen. 4:11) Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 16 e le mmulatsela yo o bidiwang Rune a re: “Ke itumelela go nna le tshiamelo ya go neela bosupi ka Mmopi wa lobopo. Seno se dira gore ke batle go rerela batho ba bangwe.”

RE RATA JEHOFA LE JESU

5. (a) Go ya ka Johane 15:9, 10, ke eng fa re tshwanetse go rera? (b) Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe jang go tlhaloganya gore ba tlhoka go itshoka?

5 Bala Johane 15:9, 10. Lebaka la bobedi la go bo re rera molaetsa wa Bogosi ke ka gonne re rata Jehofa le Jesu. (Mar. 12:30; Joh. 14:15) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘nnele ruri mo loratong lwa gagwe.’ Goreng? O ne a itse gore balatedi ba gagwe ba tlhoka boitshoko gore ba tswelele e le Bakeresete ba boammaaruri. Mo go Johane 15:4-10, Jesu o ne a dirisa lefoko ‘nnela ruri’ makgetlo a le mantsi e le go bontsha gore balatedi ba gagwe ba tlhoka go itshoka.

6. Re ka bontsha jang gore re batla go nnela ruri mo loratong lwa ga Keresete?

6 Re bontsha jang gore re batla go nnela ruri mo loratong lwa ga Keresete le gore re batla gore a tswelele a re amogela? Ka go ikobela ditaelo tsa gagwe. Jesu o kopa gore re mo ikobele. Mme gone, Jesu ga a re kope go dira selo se ene a neng a sa se dire. O ne a re: “Fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” Jesu o re tlhometse sekao se se molemo.—Joh. 13:15.

7. Go ikobela ditaelo go amana jang le lorato?

7 Jesu o ile a bontsha gore go ikobela ditaelo go amana le lorato. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang.” (Joh. 14:21) Ka jalo, fa re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re rere molaetsa wa Bogosi, re bontsha gore re rata Modimo ka gonne ditaelo tsa ga Jesu di tswa kwa go Ene. (Math. 17:5; Joh. 8:28) Fa re bontsha gore re rata Jehofa le Morwawe, re tla nnela ruri mo loratong lwa bone.

RE TLHAGISA BATHO

8, 9. (a) Lebaka le lengwe la go bo re rera ke lefe? (b) Ke eng fa mafoko a ga Jehofa a a mo go Esekiele 3:18, 19 le Esekiele 18:23 a re tlhotlheletsa gore re tswelele re rera?

8 Lebaka la boraro la go bo re rera molaetsa wa Bogosi ke gore re tswelela re tlhagisa batho ka letsatsi la ga Jehofa. Baebele ya re Noa e ne e le “moreri.” (Bala 2 Petere 2:5.) Ga go pelaelo gore Noa o ne a tlhagisa batho ka morwalela o o neng o tla. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Jesu o ne a re: “Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Math. 24:38, 39) Noa o ile a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi le fa batho ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa wa gagwe.

9 Le rona re rera molaetsa wa Bogosi ka gonne re batla gore batho ba ithute ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe. Fela jaaka Jehofa, re eletsa gore batho ba amogele molaetsa ono mme ba “nne [ba] tshela.” (Esek. 18:23) Mo godimo ga moo, fa re rera ka ntlo le ntlo le mo mafelong a botlhe, re tlhagisa batho ba le bantsi gore Bogosi Jwa Modimo bo a tla le gore bo tlile go fedisa lefatshe leno le le bosula.—Esek. 3:18, 19; Dan. 2:44; Tshen. 14:6, 7.

RE RATA BATHO

10. (a) Go ya ka Mathaio 22:39, ke eng fa re tshwanetse go rera? (b) Paulo le Silase ba ile ba thusa jang modisa wa kgolegelo kwa Filipi?

10 Lebaka la bonê la go bo re tswelela re rera molaetsa wa Bogosi ke ka gonne re rata batho. (Math. 22:39) Go rata batho go dira gore re tswelele re rera ka gonne re a itse gore batho ba ka nna ba simolola go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi fa maemo a bone a fetoga. Akanya ka se se neng sa diragalela moaposetoloi Paulo le Silase. Fa ba le kwa motseng wa Filipi, ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Mme mo gare ga bosigo, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe mme dikgoro tsa kgolegelo tsa bulega. Modisa wa kgolegelo o ne a akanya gore magolegwa a tshabile, ka jalo, a bo a leka go ipolaya. Paulo o ne a re: “O se ka wa ikutlwisa botlhoko!” Modisa wa kgolegelo o ne a botsa jaana: “Ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?” Ba ne ba mo raya ba re: “Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokwa.”—Dit. 16:25-34.

Re rera ka gonne re rata Jehofa, Jesu le batho ba bangwe (Bona serapa 5 le 10)

11, 12. (a) Pego ya modisa wa kgolegelo e amana jang le tiro e re e dirang ya go rera? (b) Ke eng fa re batla go tswelela re rera molaetsa wa Bogosi?

11 Pego eno e amana jang le tiro e re e dirang ya go rera? Akanya ka seno: Modisa wa kgolegelo o ile a kgatlhegela molaetsa le go kopa thusa morago ga thoromo ya lefatshe. Ka tsela e e tshwanang, batho bangwe ba ba neng ba sa kgatlhegele go ithuta Baebele, ba ka nna ba simolola go kgatlhega fa ba sena go diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko. Ka sekai, bangwe ba utlwile botlhoko ka gonne ba latlhegetswe ke tiro kgotsa malapa a bone a thubegile. Ba bangwe ba na le malwetse a a sa foleng kgotsa ba swetswe ke batho ba ba ba ratang. Fa dilo tseno di ba diragalela, ba ka nna ba simolola go ipotsa dipotso tse ba neng ba sa di ipotse pele dilo tseo di ba diragalela. Ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘Ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?’ Fa re kopana le bone, ba ka nna ba kgatlhegela go utlwa molaetsa wa Bogosi o o ba nayang tsholofelo.

12 Ka jalo, fa re tswelela re rera molaetsa wa Bogosi ka boikanyegi, re tla kgona go thusa batho fa ba tlhoka kgomotso. (Isa. 61:1) Charlotte yo o nang le dingwaga di le 38 e le mmulatsela a re: “Batho ba latlhegile. Ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo.” Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 34 e le mmulatsela e bong Ejvor a re: “Gompieno batho ba le bantsi ba kgobegile marapo. Ke batla go ba thusa. Seno ke sone se dirang gore ke rere.” Eleruri go rata batho ke lebaka le le molemo tota la go tswelela re rera!

DIMPHO TSE DI RE THUSANG GO ITSHOKA

13, 14. (a) Johane 15:11 e bua ka mpho efe? (b) Re ka itumela jang jaaka Jesu? (c) Go itumela go ama bodiredi jwa rona jang?

13 Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ka dimpho di le mmalwa tse di neng di tla ba thusa go itshoka mo tirong ya go rera. Dimpho tseo ke dife, mme di ka re thusa jang?

14 Mpho ya boitumelo. A tiro ya go rera ke mokgweleo? Le e seng! Fa Jesu a sena go bua ka setshwantsho sa mofine, o ile a re re tla itumela fa re bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. (Bala Johane 15:11.) Tota e bile, o ile a re tlhomamisetsa gore fela jaaka a ne a itumetse, le rona re tla itumela. Jang? Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a re ke thito mme balatedi ba gagwe ke dikala. Thito e thusa dikala gore di kgone go nna le metsi le dikotla tse di di tlhokang. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tla itumela jaaka Jesu fa fela re tswelela re le seoposengwe le ene e bile re latela dikgato tsa gagwe gaufiufi. (Joh. 4:34; 17:13; 1 Pet. 2:21) Hanne yo o nang le dingwaga di le 40 e le mmulatsela a re: “Nako le nako fa ke le mo bodireding ke a itumela, mme seno se ntlhotlheletsa gore ke tswelele mo tirong ya ga Jehofa.” Eleruri, boitumelo bo dira gore re tswelele re rera le fa re ka tswa re rerela batho ba ba sa kgatlhegeng.—Math. 5:10-12.

15. (a) Johane 14:27 e bua ka mpho efe? (b) Ke eng fa go nna le kagiso go re thusa go tswelela mo tirong ya go rera?

15 Mpho ya kagiso. (Bala Johane 14:27.) Nakonyana pele Jesu a bolawa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo naya kagiso ya me.” Kagiso eno e re thusa jang gore re tswelele re rera? Fa re rera, re a itse gore Jehofa o a re amogela. Go itse seno go dira gore re nne le kagiso mme kagiso eo e re thusa gore re tswelele mo tirong ya go rera. (Pes. 149:4; Bar. 5:3, 4; Bakol. 3:15) Ulf yo o nang le dingwaga di le 45 e le mmulatsela a re: “Fa ke tswa bodireding, ke ikutlwa ke na le letsapa, mme gone, tiro ya go rera e dira gore ke itumele.” Ruri re leboga Jehofa go bo re na le kagiso ya mmatota!

16. (a) Johane 15:15 e bua ka mpho efe? (b) Ke eng se se neng se tla thusa baaposetoloi gore ba tswelele e le ditsala tsa ga Jesu?

16 Mpho ya botsala. Fa Jesu a sena go bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o batla gore ba itumele, o ile a ba tlhalosetsa gore go botlhokwa gore ba rate batho ba bangwe. (Joh. 15:11-13) Morago ga moo, o ne a re: “Ke lo biditse ditsala.” Go nna tsala ya ga Jesu ke mpho e e molemo eleruri! Baaposetoloi ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba tswelele e le ditsala tsa ga Jesu? Ba ne ba tshwanetse go ‘tswelela le go nna ba ungwa maungo.’ (Bala Johane 15:14-16.) Dingwaga di le pedi pelenyana, Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:7) Mo bosigong jwa bofelo pele a swa, o ne a kgothaletsa baaposetoloi ba gagwe gore ba itshoke mo tirong ya go rera. (Math. 24:13; Mar. 3:14) Go ikobela taelo eno go ne go se motlhofo, mme gone, ba ne ba ka kgona go atlega le go tswelela e le ditsala tsa gagwe. Jang? Ba ne ba tla thusiwa ke mpho e nngwe gape.

17, 18. (a) Johane 15:16 e bua ka mpho efe? (b) Mpho eo e ile ya thusa baaposetoloi ba ga Jesu jang? (c) Ke dimpho dife tse di re thusang?

17 Mpho ya go itse gore Modimo o araba dithapelo tsa rona. Jesu o ne a re: ‘Le fa e le eng se lo se kopang Rara ka leina la me o tla lo se naya.’ (Joh. 15:16) Tsholofetso eno e ile ya nonotsha baaposetoloi fela thata. * Le fa Moeteledipele wa bone a ne a tloga a bolawa, Jehofa o ne a tla tswelela a ba eme nokeng. O ne a iketleeleditse go araba dithapelo tsa bone le go ba thusa gore ba tswelele ba rera molaetsa wa Bogosi. Mme o ne a dira fela jalo. Nakonyana fa Jesu a sena go swa, baaposetoloi ba ne ba kopa Jehofa gore a ba neye bopelokgale, mme Jehofa o ne a araba dithapelo tsa bone.—Dit. 4:29, 31.

Re a itse gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona (Bona serapa 18)

18 Go ntse jalo le gompieno. Fa re nna re rera molaetsa wa Bogosi, re tla tswelela re le ditsala tsa ga Jesu. Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona le go re thusa go fenya dikgwetlho tse re lebanang le tsone fa re dira tiro eno. (Bafil. 4:13) Eleruri re itumelela gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona le gore re ditsala tsa ga Jesu! Dimpho tseno tse di tswang kwa go Jehofa di re thusa gore re tswelele re rera molaetsa wa Bogosi.—Jak. 1:17.

19. (a) Goreng re tswelela re rera? (b) Ke eng se se re thusang go dira tiro ya Modimo?

19 Mo setlhogong seno re ithutile gore re tswelela re rera ka gonne re batla go galaletsa Modimo le go itshepisa leina la gagwe, re batla go bontsha Jehofa le Jesu gore re a ba rata, re tlhagisa batho le go ba bontsha gore re a ba rata. Mo godimo ga moo, mpho ya boitumelo, ya kagiso, ya botsala le ya go itse gore Modimo o araba dithapelo tsa rona, e re thusa go dira tiro ya Modimo. Jehofa o itumela tota fa a bona re dira ka natla go ‘nna re ungwa maungo a mantsi’!

^ ser. 17 Fa Jesu a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe, gangwe le gape o ne a ba tlhomamisetsa gore Jehofa o tla araba dithapelo tsa bone.—Joh. 14:13; 15:7, 16; 16:23.