Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itse Mmaba wa Gago

Itse Mmaba wa Gago

‘Ga re ba ba se nang kitso ka maano a ga Satane.’—2 BAKOR. 2:11.

PINA: 150, 32

1. Jehofa o ne a ntsha tshedimosetso efe ka mmaba kwa tshimong ya Edene?

ADAME o ne a itse gore dinoga ga di kgone go bua. Ka jalo a ka tswa a ile a lemoga gore moengele o ile a bua le Efa a dirisa noga. (Gen. 3:1-6) Adame le Efa ba ne ba sa itse sepe ka moengele yono. Le fa go ntse jalo, Adame o ile a tlhopha go sa reetse Modimo mme a tsaya letlhakore la gagwe. (1 Tim. 2:14) Ka yone nako eo, Jehofa o ile a simolola go ntsha tshedimosetso ka mmaba yoo a bo a solofetsa gore o tla mo nyeletsa. Gape Jehofa o ile a tlhalosa gore moengele yono o ne a tla ganetsa batho ba ba ratang Modimo.—Gen. 3:15.

2, 3. Ke eng fa Dikwalo tsa Sehebera di sa bue thata ka Satane?

2 Jehofa ga a ka a re bolelela leina la moengele yo o ileng a nna kgatlhanong le ene. * Fa moengele yoo a sena go tsietsa Adame le Efa, go ne ga feta dingwaga di ka nna 2 500 pele Jehofa a tlhalosa gore ke mang. (Jobe 1:6) Baebele e tlhalosa gore ke Satane, mo go kayang “Moganetsi.” Mo Dikwalong tsa Sehebera leina leno le tlhagelela makgetlho a le mararo fela, mo bukeng ya 1 Ditiragalo, ya Jobe le ya Sekarea. Ke eng fa Dikwalo tsa Sehebera di sa bue thata ka Satane?

3 Jehofa ga a ka a tlhotlheletsa batho ba gagwe gore ba kwale dilo di le dintsi ka Satane mo Dikwalong Tsa Sehebera. O ne a batla gore Dikwalo tseo di thuse batho ba gagwe go lemoga gore Mesia ke mang. (Luke 24:44; Bagal. 3:24) Fa Mesia a sena go goroga, Jehofa o ile a mo dirisa le barutwa ba gagwe go tlhalosa dilo di le dintsi ka Satane le madimona a gagwe. * Seno se a tshwanela ka gonne Jehofa o tlile go dirisa Jesu le batlodiwa go nyeletsa Satane le botlhe ba ba mo letlhakoreng la gagwe.—Bar. 16:20; Tshen. 17:14; 20:10.

4. Goreng re sa tlhoke go boifa Satane lebaibai?

4 Moaposetoloi Petere a re Satane Diabolo ke “tau e e kurutlang,” mme Johane ene o mmitsa “noga” le “kgogela.” (1 Pet. 5:8; Tshen. 12:9) Mme gone, ga re tlhoke go mmoifa lebaibai ka gonne maatla a gagwe a lekanyeditswe. (Bala Jakobe 4:7.) Jehofa, Jesu le baengele ba ba ikanyegang ba re thusa go lwa le ene. Le fa go ntse jalo, re tlhoka go itse dikarabo tsa dipotso tseno: Satane o na le tlhotlheletso e e kana kang? O tlhotlheletsa batho jang? A maatla a gagwe a lekanyeditswe? Fa re ntse re tlotla ka dipotso tseno, gape re tla bona gore re ithuta eng.

SATANE O NA LE TLHOTLHELETSO E E KAE?

5, 6. Goreng dipuso tsa batho di sa kgone go direla batho dilo tse ba di tlhokang thata?

5 Madimona a mantsi a ile a tshegetsa Satane fa a ne a tsuologela Modimo. Pele ga Morwalela, Satane o ile a raela bangwe ba bone gore ba tlhakanele dikobo le basadi. Baebele e bontsha gore Satane o laola madimona ka gonne e mo tshwantsha le kgogela e e gogang dinaledi di le dintsi tsa legodimo. (Gen. 6:1-4; Jude 6; Tshen. 12:3, 4) Fa baengele bao ba ne ba tlogela go direla Modimo, ba ne ba tlhopha go laolwa ke Satane. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore madimona ano ga a rulaganngwa. Satane o itiretse bogosi mme ke ene kgosi ya jone. O kgaogantse madimona ka ditlhopha tse di rulaganeng a bo a ba naya maatla gore ba laole dipuso tsa lefatshe.—Baef. 6:12.

6 Satane o dirisa bogosi jwa gagwe go laola dipuso tsa lefatshe. Seno ke boammaaruri ka gonne o ne a bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni,” a bo a re: “Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone, ka gonne e neilwe nna, mme ke e naya ope fela yo ke eletsang go e mo naya.” (Luke 4:5, 6) Le fa Satane a laola dipuso, go na le dipuso dingwe tse di direlang batho dilo tse di molemo e bile babusi bangwe ba batla go thusa batho. Mme gone, ga go na puso kgotsa mmusi ope yo o ka kgonang go direla batho dilo tse ba di tlhokang thata.—Pes. 146:3, 4; Tshen. 12:12.

7. Satane o dirisa jang dipuso tsa lefatshe, bodumedi jwa maaka le mekgatlho ya dikgwebo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Satane le madimona ga ba dirise dipuso fela, gape ba dirisa bodumedi jwa maaka le kgwebo go tsietsa “lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshen. 12:9) Satane o dirisa bodumedi jwa maaka go senya Modimo leina. Gape o batla gore batho ba le bantsi ba se ka ba itse leina la Modimo. (Jer. 23:26, 27) Ka ntlha ya seo, batho bangwe ba akanya gore ba obamela Modimo, mme boammaaruri ke gore ba obamela madimona. (1 Bakor. 10:20; 2 Bakor. 11:13-15) Gape Satane o dirisa kgwebo go tsietsa batho. Ka sekai, batho ba kgwebo ba dira gore batho ba akanye gore go nna le madi le dithoto tse dintsi go tla dira gore ba itumele. (Dia. 18:11) Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba direla “Dikhumo” go na le go direla Modimo. (Math. 6:24) Seno se dira gore ba feleletse ba sa tlhole ba rata Modimo.—Math. 13:22; 1 Joh. 2:15, 16.

8, 9. (a) Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Adame, Efa le baengele ba batsuolodi? (b) Go itse gore Satane o na le tlhotlheletso e e kana kang go re thusa jang?

8 Se se diragaletseng Adame, Efa le baengele ba ba ileng ba tlhanogela Modimo se re ruta dilo tse pedi tsa botlhokwa. Sa ntlha, go na le matlhakore a mabedi fela, re tshwanetse go tlhopha gore re tsaya la ga mang. A re tla tlhopha go ikanyega mo go Jehofa kgotsa re tla tsaya letlhakore la ga Satane? (Math. 7:13) Sa bobedi, ba ba tsayang letlhakore la ga Satane ba nna le boitumelo jwa nakwana fela. Adame le Efa ba ile ba kgona go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Madimona a ile a nna le maatla a go laola dipuso. (Gen. 3:22) Mme gone, go tsaya letlhakore la ga Satane go nna le diphelelo tse di botlhoko ka metlha.Jobe 21:7-17; Bagal. 6:7, 8.

9 Go itse gore Satane o na le tlhotlheletso e e kae go re thusa jang? Go re thusa go leba dipuso ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone e bile go re tlhotlheletsa go dira ka natla mo tirong ya go rera. Jehofa o batla gore re tlotle badiredi ba puso. (1 Pet. 2:17) O batla gore re ikobele Melao ya puso fa fela e sa thulane le melao ya gagwe. (Bar. 13:1-4) Mme gone, ga re a tshwanela go tsaya letlhakore ka go akanya gore mokgatlho mongwe kgotsa moeteledipele mongwe wa dipolotiki o botoka go gaisa yo mongwe. (Joh. 17:15, 16; 18:36) E re ka Satane a senya Jehofa leina, re dira bojotlhe go ruta batho boammaaruri ka Modimo. Re itumelela go bidiwa ka leina la ga Jehofa e bile re a itse gore go mo rata go botlhokwa thata go feta go rata madi le dithoto.—Isa. 43:10; 1 Tim. 6:6-10.

SATANE O TLHOTLHELETSA BATHO JANG?

10-12. (a) Satane a ka tswa a ile a raela baengele jang gore ba tlhanogele Modimo? (b) Re ithuta eng mo pegong eno?

10 Satane o dirisa dilo tse di farologaneng go tlhotlheletsa batho. Ka sekai, o beela batho dirai gore ba dire thato ya gagwe, mme ka dinako tse dingwe o a ba tshosetsa.

11 Satane o ne a raela baengele ba le bantsi gore ba tlhanogele Modimo. A ka tswa a ile a fetsa nako e telele a lebile tsela e ba dirang dilo ka yone mme a ba logela leano. Baengele bangwe ba ne ba wela mo seraing sa gagwe mme ba tlhakanela dikobo le basadi. Ba ne ba nna le bana ba diganka ba ba neng ba bogisa batho. (Gen. 6:1-4) Gongwe Satane ga a dirisa tlhakanelodikobo fela go raela baengele bao, gape a ka tswa a ile a ba solofetsa gore ba tla laola batho. A ka tswa a ne a batla go kgoreletsa go tla ga ‘losika lwa mosadi.’ (Gen. 3:15) Le fa maikaelelo a gagwe e ka tswa e ne e le afe, ga a ka a atlega ka gonne Jehofa o ne a tlisa Morwalela.

Satane o leka go re raela ka boitsholo jo bo sa siamang, boikgogomoso le bodimona (Bona serapa 12 le 13)

12 Re ithuta eng mo pegong eno? Ga re a tshwanela go akanya gore re ka se wele mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le sa go nna boikgogomoso. Baengele ba ba ileng ba tsaya letlhakore la ga Satane ba ne ba na le dingwaga di le dintsi ba direla Modimo. Le fa go ntse jalo, dikeletso tse di sa siamang di ile tsa gola mo dipelong tsa bone. Le rona re ka tswa re na le dingwaga di le dintsi re direla Modimo, mme gone, re ka simolola go nna le dikeletso tse di sa siamang. (1 Bakor. 10:12). Ka jalo, go botlhokwa gore re itshekatsheke gore re se ka ra nna le dikakanyo tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo le boikgogomoso.—Bagal. 5:26; bala Bakolosa 3:5.

13. Satane o dirisa serai sefe se sengwe, mme re ka dirang gore re se ka ra wela mo go sone?

13 Gape Satane o dirisa bodumedi jwa maaka le boitlosobodutu go dira gore batho ba kgatlhegele bodimona. Difilimi, metshameko ya dibidio le mefuta e mengwe ya boitlosobodutu e dira gore go lebege e kete bodimona ke selo se se kgatlhang. Re ka dira eng gore re se ka ra wela mo seraing seno? Ga re ka ke ra lebelela gore phuthego ya ga Jehofa e re neye lenaane la boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo sa siamang. Re tshwanetse go thapisa segakolodi sa rona gore re kgone go dira ditshwetso tse di dumalanang le melao ya Modimo. (Baheb. 5:14) Re ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa re dirisa kgakololo ya ga Paulo ya gore lorato lwa rona e nne “lo lo se nang boitimokanyo.” (Bar. 12:9) Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A dilo tse ke itlosang bodutu ka tsone di dira gore ke lebege e kete ke moitimokanyi? Fa batho ba ke ithutang Baebele le bone ba ka bona dilo tse ke itlosang bodutu ka tsone, a ba tla tsaya gore ke dirisa dilo tse ke ba rutang tsone?’ Fa re tshela go ya ka melao ya Modimo, go ka se nne motlhofo gore re wele mo diraing tsa ga Satane.—1 Joh. 3:18.

Satane o leka go re tshosetsa ka go dira gore dipuso di thibele tiro ya rona, o dira gore re kgerisiwe kwa sekolong le gore ba malapa a rona ba re ganetse (Bona serapa 14)

14. Satane a ka leka jang go re tshosetsa, mme ke eng se se ka re thusang go itshoka?

14 Gape Satane o leka go re tshosetsa gore re tlhanogele Jehofa. Ka sekai, a ka nna a tlhotlheletsa dipuso gore di thibele tiro ya rona ya go rera. A ka nna a tlhotlheletsa batho ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone gore ba re je ditshego ka gonne re tshela ka melao ya Modimo. (1 Pet. 4:4) Mo godimo ga moo, a ka nna a tlhotlheletsa ba malapa a rona ba e seng Basupi go re thibela go ya dipokanong. Ba ka tswa ba dira jalo ka gonne ba akanya gore ba a re thusa. (Math. 10:36) Ke eng se se ka re thusang go itshoka fa re lebane le maemo ano? Sa ntlha, ga re a tshwanela go gakgamala fa dilo tseno di direga ka gonne re a itse gore Satane o a re lwantsha. (Tshen. 2:10; 12:17) Gape re tshwanetse go nna re gopotse gore Satane a re re direla Jehofa fa fela dilo di re tsamaela sentle. A re fa re ka lebana le mathata, re tlile go tlhanogela Modimo. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tswelela re ikaega ka Jehofa ka gonne le ka motlha ga a kitla a re latlha.—Baheb. 13:5.

SATANE GA A KGONE GO DIRA ENG?

15. A Satane a ka re pateletsa go dira dilo tse re sa batleng go di dira? Tlhalosa.

15 Satane a ka se pateletse batho go dira dilo tse ba sa batleng go di dira. (Jak. 1:14) Mme gone, batho ba le bantsi ba mo letlhakoreng la ga Satane ba sa lemoge. Ka jalo, fa ba sena go ithuta boammaaruri, ba tshwanetse go tlhopha gore a ba tsaya letlhakore la ga Jehofa kgotsa la ga Satane. (Dit. 3:17; 17:30) Fa re ikemiseditse go ikobela Modimo, ga go sepe se Satane a ka se dirang go re kgaoganya le Modimo.—Jobe 2:3; 27:5.

16, 17. (a) Ke dilo dife tse Satane le madimona ba sa kgoneng go di dira? (b) Goreng re sa tshwanela go tshaba go rapelela kwa godimo?

16 Go na le dilo dingwe tse Satane le madimona ba sa kgoneng go di dira. Ka sekai, ga go na temana epe mo Baebeleng e e bontshang gore ba kgona go bona se re se akanyang kgotsa se se mo dipelong tsa rona. Jehofa le Jesu ke bone fela ba nang le bokgoni joo. (1 Sam. 16:7; Mar. 2:8) A jaanong seno se raya gore re tshwanetse go tshaba go rapelela kwa godimo ka gonne re re Satane le madimona ba tla re utlwa? Nnyaa. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Ga re tshabe go direla Jehofa fela ka gonne re re Satane o tla re bona. Ka jalo, ga re a tshwanela go tshaba go rapelela kwa godimo ka gonne re re Satane o tla re utlwa. Mo Baebeleng go na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba rapelela kwa godimo mme ga go na sepe se se bontshang gore ba ne ba tshaba gore Satane o tla ba utlwa. (1 Dikg. 8:22, 23; Joh. 11:41, 42; Dit. 4:23, 24) Fa re tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, re a itse gore Jehofa ga a kitla a letla Satane go re utlwisa botlhoko.—Bala Pesalema 34:7.

17 Re tshwanetse go itse mmaba wa rona, mme gone, ga re tlhoke go mmoifa lebaibai. Jehofa a ka re thusa go mo fenya. (1 Joh. 2:14) Fa re lwa le Satane, o tla re tshaba. (Jak. 4:7; 1 Pet. 5:9) Satane o tlhasela basha thata. Ke eng se basha ba ka se dirang go emelana le ene? Potso eno e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 2 Baebele e re bolelela maina a baengele bangwe. (Baatlh. 13:18; Dan. 8:16; Luke 1:19; Tshen. 12:7) Jehofa o neile dinaledi tsotlhe maina. (Pes. 147:4) Ka jalo, go a utlwala gore baengele le bone ba na le maina, go akaretsa le Satane.

^ ser. 3 Go buiwa ka Satane makgetlho a le 18 mo Dikwalong tsa Sehebera mme mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go buiwa ka ene makgetlho a le 36.