Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopano ya Kgaolo kwa Nyzhnya Apsha, Ukraine, 2012

Thobo e Kgolo!

Thobo e Kgolo!

JESU o ne a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla itumelela go rera mo metlheng eno ya bofelo. (Math. 9:37; 24:14) Akanya kafa mafoko ano a ileng a diragadiwa ka gone kwa Transcarpathia, Ukraine. Mo ditoropong tse tharo tsa kwa Transcarpathia, go na le diphuthego di le 50 le baboledi ba feta 5 400. * Ruri seno se a gakgamatsa! Motho a le mongwe mo go ba le banê mo ditoropong tseno tse tharo, ke Mosupi wa ga Jehofa.

Batho ba mo ditoropong tseo ba ntse jang? Mokaulengwe mongwe e bong Vasile a re: “Batho ba mo lefelong leno ba tlotla Baebele, ba rata tshiamiso, ba rata malapa a bone e bile ba rata go thusana.” Gape a re: “Ga se ka metlha ba dumalanang le dithuto tsa rona. Mme fa o ba bontsha sengwe mo Baebeleng, ba reetsa ka kelotlhoko.”

Ga go motlhofo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rere mo lefelong leno ka gonne go na le Basupi ba le bantsi. Ka sekai, phuthego nngwe e na le baboledi ba le 134 mme go na le matlo a le 50 fela. Bakaulengwe ba lebana jang le boemo jono?

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba intsha setlhabelo gore ba rere kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 90 e bong Ionash a re: “Mo phuthegong ya rona, dipalopalo di bontsha gore mmoledi a le mongwe o na le batho ba le babedi fela ba a ka ba rerelang. Ke rera mo lefelong la rona mme pele ke lwala, gape ke ne ke rera kwa lefelong lengwe le le sekgala sa dikilomitara di le 160 mme ke ne ke rera ka puo ya Se-Hungary.” Baboledi ba tshwanetse go intsha setlhabelo gore ba rere kwa mafelong a mangwe. Ionash a re: “Ke ne ke tsoga ka ura ya bonê mo mosong go ya go palama terena, ke bo ke rera go fitlha ka ura ya borataro maitseboa fa terena e boa. Ke ne ke dira seno gabedi kgotsa gararo mo bekeng.” Seno se ile sa felela jang? A re: “Ke ne ke itumelela go rera ka tsela eno. Ke ile ka thusa lelapa lengwe gore le ithute boammaaruri.”

Boammaaruri ke gore ga se batho botlhe mo phuthegong ba ba kgonang go rera kwa mafelong a a kgakala. Mme baboledi botlhe, go akaretsa le ba ba godileng, ba leka ka natla go rera mo tshimong ya bone yotlhe. Ka ntlha ya seo, ka 2017 batho ba ba nnileng gone kwa Segopotsong kwa ditoropong tseo tse tharo ba ne ba batla ba feta palo ya baboledi yotlhe gabedi kgotsa e ne e ka nna halofo ya baagi botlhe ba lefelo leo. Go sa kgathalesege gore re rera kae, re na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.

^ ser. 2 Maina a ditoropo tseo ke Hlybokyy Potik, Serednye Vodyane le Nyzhnya Apsha.