Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlho a Gago a Lebile Kae?

Matlho a Gago a Lebile Kae?

“Ke tsholeleditse matlho a me kwa go wena, Wena Yo o nnang kwa magodimong.”—PES. 123:1.

PINA: 143, 124

1, 2. Go leba kwa go Jehofa go akaretsa eng?

RE TSHELA mo “[dinakong] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” e bile botshelo bo tlile go nna thata le go feta fa Modimo a ise a fedise lefatshe leno le le bosula le go tlisa kagiso mo lefatsheng. (2 Tim. 3:1) Ka jalo go tla bo go le molemo go ipotsa jaana, ‘Ke batla thuso kwa go mang?’ Re ka nna ra araba re re, “Kwa go Jehofa,” mme eo e tla bo e le karabo e e siameng.

2 Go leba kwa go Jehofa go akaretsa eng? Re ka nna re tlhomile matlho jang kwa go Jehofa le fa re lebana le mathata? Mo nakong e e fetileng, mopesalema o ile a tlhalosa botlhokwa jwa go leba kwa go Jehofa fa re tlhoka thuso. (Bala Pesalema 123:1-4.) O ile a tshwantsha tsela e re lebang kwa go Jehofa ka yone le tsela e motlhanka a lebang mong wa gagwe ka yone. Mopesalema o ne a kayang fa a ne a bua jalo? Motlhanka o ne a sa lebe mong wa gagwe fela fa a tlhoka dijo le tshireletsego mme gape o ne a nna a lebile mong wa gagwe go bona gore o tlhoka eng a bo a dira dilo tseo. Le rona re tlhoka go bala Baebele letsatsi le letsatsi go bona gore thato ya Modimo ke eng, re bo re e dira. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re thusa fa re tlhoka thuso.—Baef. 5:17.

3. Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra tlhoma matlho mo go Jehofa?

3 Le fa gone re itse botlhokwa jwa go nna re lebile kwa go Jehofa, ka dinako tse dingwe re ka iteega tsebe. Ke seo se ileng sa diragalela tsala ya ga Jesu e bong Maratha. “O ne a itewa tsebe ke go dira ditiro tse dintsi.” (Luke 10:40-42) Fa seo se ile sa diragalela mosadi yo o neng a ikanyega fa a ne a na le Jesu, ga re a tshwanela go gakgamala fa le rona re diragalelwa ke se se tshwanang. Jaanong, ke eng se se ka dirang gore re se ka ra nna re tlhomile matlho mo go Jehofa? Mo setlhogong seno re tlile go bona gore ditiro tsa batho ba bangwe di ka re itaya tsebe jang. Gape re tlile go bona gore re ka nna re tlhomile matlho jang mo go Jehofa.

MONNA YO O IKANYEGANG GA A TLHOLE A TSHWANELEGA

4. Ke eng fa re ka gakgamadiwa ke gore Moshe ga a tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

4 Moshe o ne a nna a leba kwa go Jehofa fa a tlhoka thuso le kaelo. Eleruri “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bala Bahebera 11:24-27.) Baebele ya re “ga go ise go ke go tsoge moporofeti yo o tshwanang le Moshe mo Iseraele, yo Jehofa a neng a mo itse ba lebane difatlhego.” (Dute. 34:10) Le fa Moshe a ne a atamalane thata le Jehofa, ga a ka a tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 20:12) Matsapa di a tsere kae?

5-7. Ke eng se se ileng sa direga fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto mme Moshe o ile a dira eng?

5 Dikgwedi di ka nna pedi morago ga gore Baiseraele ba gololwe kwa Egepeto, pele ba fitlha kwa Thabeng ya Sinai, ba ile ba lebana le bothata. Ba ile ba simolola go ngongorega ka gonne ba ne ba se na metsi a a lekaneng mme dilo di ile tsa nna maswe jaana mo Moshe a ileng a lelela kwa go Jehofa a re: “Ke tla dirang ka setšhaba seno? Go ise go ye kae se tla nkgobotletsa!” (Ekes. 17:4) Jehofa o ile a araba Moshe mme a mo naya ditaelo tse di utlwalang sentle. O ne a tshwanetse go itaya lefika la kwa Horebe ka thobane ya gagwe mme metsi a ne a tla tswa. Baebele ya re: “Moshe a dira jalo mo matlhong a banna ba bagolwane ba Iseraele.” Baiseraele ba ile ba nna le metsi a a lekaneng mme dilo di ne di tsa siama.—Ekes. 17:5, 6.

6 Gape Baebele ya re Moshe “a bitsa leina la lefelo leo Mase le Meriba, ka ntlha ya komano ya bomorwa Iseraele le ka ntlha ya go leka Jehofa ga bone, ba re: ‘A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?’” (Ekes. 17:7) Maina ao a tshwanela ka gonne a kaya ‘Go leka’ le ‘Go omana.’

7 Jehofa o ile a ikutlwa jang ka tiragalo eno e e neng e diragatse kwa Meriba? O ne a tsaya gore se ba se dirileng se bontsha gore ga ba batle go ikobela taolo ya gagwe e seng fela gore ba tlhanogela Moshe. (Bala Pesalema 95:8, 9.) Se Baiseraele ba se dirileng, se ne se sa siama. Mo lekgetlong leno, Moshe o ile a leba kwa go Jehofa mme a reetsa kaelo ya gagwe.

8. Go ile ga direga eng kwa bowelong jwa loeto lwa Baiseraele?

8 Mme ke eng se se ileng sa diragala dingwaga di le 40 moragonyana fa ba ne ba lebane le boemo jono gape? Baiseraele ba ne ba le mo lefelong le le gaufi le Kadeshe e e bapileng le molelwane wa Lefatshe le le Solofeditsweng. Lefelo leno le lone le ne la bidiwa Meriba. * Le mo lekgetlong leno Baiseraele ba ne ba ngongorega ka gonne ba sena metsi a a lekaneng. (Dipa. 20:1-5) Mme mo lekgetlong leno Moshe o ne a dira phoso e e masisi.

9. Moshe o ne a newa ditaelo dife, mme o ne a dira eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Moshe o ile a dirang fa batho ba ne ba tlhanoga? Le mo lekgetlong leno o ile a leba kwa go Jehofa gore a mo kaele. Mme gone Jehofa ga a ka a mo raya a re a iteye lefika. Moshe o ile a bolelelwa gore a tseye thobane, a phuthe batho, mme a bue le lefika. (Dipa. 20:6-8) Mme gone, ga a ka a bua le lone. Go na le moo, o ile a bua jaana a galefile: “Utlwang jaanong, batsuolodi ke lona! A re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le legolo le?” Morago ga moo, o ile a itaya lefika, e seng gangwe fela mme gabedi.—Dipa. 20:10, 11.

10. Jehofa o ile a tsibogela jang se Moshe a neng a se dirile?

10 Jehofa o ile a galefela Moshe fela thata. (Dute. 1:37; 3:26) Ke eng fa Jehofa a ile a tsiboga ka tsela eo? Go ka tswa go na le mabaka a le mmalwa. Lebaka lengwe e ka nna ya bo e le gore Moshe ga a ka a ikobela ditaelo tse disha tse Jehofa a neng a mo neile tsone.

11. Fa Moshe a ne a itaya lefika, ke eng se se neng se ka dira gore Baiseraele ba akanye gore Jehofa ga se ene a dirileng kgakgamatso eo?

11 Go ka tswa go na le lebaka le lengwe. Mafika a a neng a le kwa Meriba ya ntlha e ne e le mafika a keraniti. Le fa motho a ka itaya keraniti thata jang, ga go na ope yo o ka lebelelang gore go tswe metsi mo go yone. Mme gone, mafika a kwa Meriba ya bobedi one a farologane thata, ka gonne ke mafika a leje la kalaka. E re ka maje a kalaka a na le diphatla, gantsi go na le metsi a a tsenang mo gare ga one, a a ka dirisiwang moragonyana. Fa Moshe a itaya leje leo gabedi, a gongwe Baiseraele ba ne ba tla akanya gore metsi ao a itswela fela mme ga se kgakgamatso ya ga Jehofa? A Moshe o ne a dira gore se se diragatseng e nne e kete ke selo se se tlwaelegileng fela? * Ga re a tlhomamisega.

MOSHE GA A KA A REETSA MODIMO

12. Lebaka le lengwe le le ka tswang le dirile gore Jehofa a galefele Moshe le Arone ke lefe?

12 Go na le lebaka le lengwe le le ka tswang le dirile gore Jehofa a galefele Moshe le Arone. Moshe o ne a raya batho a re: “A re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le legolo le?” Fa a ne a re “re,” a ka tswa a ne a bua ka ene le Arone. Mafoko a ga Moshe a ne a bontsha gore ga a tlotle Jehofa e re ka e le ene a dirileng kgakgamatso eo. Pesalema 106:32, 33 fa e bua ka tiragalo eo ya re: “Mo godimo ga moo, ba ne ba baka kgalefo kwa metsing a Meriba, mo dilo di neng tsa tsamaela Moshe maswe ka ntlha ya bone. Gonne ba ne ba galefisa moya wa gagwe mme a simolola go bua ka mafega ka dipounama tsa gagwe.” * (Dipa. 27:14) Moshe ga a ka a naya Jehofa tlotlo e e mo tshwanelang. Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Lo tsuologetse taelo ya me.’ (Dipa. 20:24) Eleruri ba ne ba dirile boleo jo bo masisi!

13. Ke eng fa tsela e Jehofa a ileng a otlhaya Moshe ka yone e ne e tshwanela?

13 Jehofa o ne a lebeletse go le gontsi mo go Moshe le Arone ka gonne ba ne ba eteletse Baiseraele pele. (Luke 12:48) Mo nakong e e fetileng, Jehofa ga a ka a letla Baiseraele bangwe gore ba tsene kwa lefatsheng la Kanana ka gonne ba ile ba mo tsuologela. (Dipa. 14:26-30, 34) Ka jalo, go ne go tshwanela gore Jehofa a atlhole Moshe ka tsela e e tshwanang ka gonne ga a ka a mo reetsa. Fela jaaka batsuolodi bao, le ene ga a ka a letlwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.

SE SE BAKILENG BOTHATA

14, 15. Ke eng se se dirileng gore Moshe a tsuologe?

14 Ke eng se se dirileng gore Moshe a tsuologele Jehofa? Ela tlhoko gore Pesalema 106:32, 33 ya reng: “Mo godimo ga moo, ba ne ba baka kgalefo kwa metsing a Meriba, mo dilo di neng tsa tsamaela Moshe maswe ka ntlha ya bone. Gonne ba ne ba galefisa moya wa gagwe mme a simolola go bua ka mafega ka dipounama tsa gagwe.” Le fa Baiseraele ba ile ba tsuologela Jehofa, Moshe o ile a galefa. Ga a ka a bontsha boikgapo mme o ile a bua fela a sa akanye gore mafoko a gagwe a tla nna le diphelelo dife.

15 Moshe o ile a letla gore ditiro tsa batho ba bangwe di dire gore a se ka a tlhoma matlho kwa go Jehofa. O ile a rarabolola bothata jwa ntlha sentle. (Ekes. 7:6) Mme gone, morago ga go fetsa dingwagangwaga a dirisana le Baiseraele bano ba ba neng ba sa batle go reetsa, go ka direga gore o ne a lapa le go fela pelo. Moshe o ne a akanya thata ka maikutlo a gagwe go na le go akanya ka go galaletsa Jehofa.

16. Ke eng fa re tshwanetse go akanya ka se Moshe a ileng a se dira?

16 Fa moporofeti yo o ikanyegang jaaka Moshe a kgonne go iteega tsebe mme a leofela Modimo, le rona seno se ka re diragalela. Fela jaaka Moshe, re gaufi le go tsena mo lefatsheng le lesha le Modimo a re solofeditseng lone. (2 Pet. 3:13) Ga go na ope yo o ka batlang go latlhegelwa ke tshiamelo eno. Mme gone fa re batla go tsena kwa go lone, re tshwanetse go tlhoma matlho a rona kwa go Jehofa le go dira thato ya gagwe ka metlha. (1 Joh. 2:17) Re ka ithuta eng mo phosong ya ga Moshe?

SE LETLE DITIRO TSA BATHO BA BANGWE DI GO ITAYA TSEBE

17. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra felelwa ke boikgapo fa re betilwe ke pelo?

17 O se ka wa felelwa ke boikgapo fa o betwa ke pelo. Le fa re ka tshwanelwa ke go lebana le mathata a a tshwanang gangwe le gape, “a re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagal. 6:9; 2 Bathes. 3:13) Fa re lebane le boemo bongwe jo bo thata kgotsa mongwe a re kgopisa, a re laola tsela e re buang ka yone le maikutlo a rona? (Dia. 10:19; 17:27; Math. 5:22) Fa ba bangwe ba re rumola, re tshwanetse go ithuta go ‘thibogela tšhakgalo.’ Tšhakgalo ya ga mang? Ya ga Jehofa. (Bala Baroma 12:17-21.) Fa re nna re tlhomile matlho kwa go Jehofa, re tla bontsha gore re a mo tlotla ka go thibogela tšhakgalo ya gagwe le go mo emela gore a tseye kgato fa a bona go tlhokega. Fa re sa dire jalo mme re bo re ipusolosetsa, seno se tla bo se tshwana le go tlontlolola Jehofa.

18. Re tshwanetse go gopola eng fa go tla mo kgannyeng ya go ikobela ditaelo?

18 Ikobele ditaelo tsa bosheng. A re ikobela ditaelo tsa bosheng tse Jehofa a re nayang tsone? Fa re dira jalo, ga re kitla re batla go dira dilo ka tsela e di neng di dirwa ka yone mo nakong e e fetileng. Go na le moo, re tla nna bonako go latela kaelo ya bosheng e Jehofa a re nayang yone a dirisa phuthego ya gagwe. (Baheb. 13:17) Mme gone, re tla nna kelotlhoko gore ‘re se ka ra ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.’ (1 Bakor. 4:6) Fa re dira jalo, re tla bo re tlhomile matlho a rona mo go Jehofa.

Re ithuta eng mo tseleng e Moshe a ileng a tsiboga ka yone fa ba bangwe ba dira diphoso? (Bona serapa 19)

19. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra letla diphoso tsa ba bangwe di senya kamano ya rona le Jehofa?

19 O se ka wa letla diphoso tsa ba bangwe di senya kamano ya gago le Jehofa. Fa re nna re tlhomile matlho a rona mo go Jehofa, ga re kitla re letla gore diphoso tsa batho ba bangwe di re galefise kgotsa di senye kamano ya rona le ene. Seno se botlhokwa thata fa re na le maikarabelo mo phuthegong ya Modimo fela jaaka Moshe. Ke boammaaruri gore re tlhoka go ‘nna re direla poloko ya rona ka poifo le go roroma,’ le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa ga a dirise molao o le mongwe fela o o sa fetogeng go re atlhola. (Bafil. 2:12) Ka jalo, fa re na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong, Jehofa o lebeletse go le gontsi mo go rona. (Luke 12:48) Fa re rata Jehofa, ga go na sepe se se ka re kgopisang kgotsa sa re kgaoganya le lorato lwa gagwe.—Pes. 119:165; Bar. 8:37-39.

20. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 Le fa gone re tshela mo dinakong tsa mathata, e kete re ka tswelela re tlhomile matlho a rona mo go Ene “yo o nnang kwa magodimong,” gore re tle re itse se thato ya gagwe e leng sone. Ga re a tshwanela go letla gore dilo tse batho ba bangwe ba di dirang di senye kamano ya rona le Jehofa. Se se diragaletseng Moshe se re bontsha botlhokwa jwa ntlha eno. Go na le go tseega maikutlo ka ntlha ya diphoso tse batho ba bangwe ba di dirang, a re ikemisetseng go tswelela re “[lebile] kwa go Jehofa Modimo wa rona go fitlha a re utlwela botlhoko.”—Pes. 123:1, 2.

^ ser. 8 Lefelo leno le ne le sa tshwane le Meriba e e gaufi le Refidime e gape e neng e bidiwa Mase. Mme gone, mafelo ano ka bobedi a ile a bidiwa Meriba ka gonne Baiseraele ba ile ba nna le dikomano kwa go one.—Bona mmapa o o tlhagang mo Appendix B3 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo (ka Seesemane).

^ ser. 11 Porofesa mongwe yo o bidiwang John A. Beck o ne a bua jaana ka pego eno: “Go ya ka pego nngwe ya Bajuda, batsuolodi ba ne ba tshwaya Moshe phoso ka go bua jaana: ‘Moshe o a itse gore lefika leno le na le metsi. Fa e le gore o na le maatla a go dira dikgakgamatso, a a dire gore lefika le lengwe leno le ntshe metsi.’” Mme gone, seno ke tlhamane fela.

^ ser. 12 Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1987 (ka Seesemane).