Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa monna le mosadi ba ba sa nyalanang ba ka robala mo ntlong e le nngwe ntle le mabaka a a utlwalang, a seo e ka tswa e le bosupi jwa gore ba leofile le gore go tlhokega komiti ya boatlhodi?

Ee, fa ba robetse mo ntlong e le nngwe mme go se na mabaka a a utlwalang a go bo ba dirile jalo, seo ke bosupi jwa gore ba dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo, fa go se na mabaka a a utlwalang a go bo ba dirile jalo, go tshwanetse ga tlhomiwa komiti ya boatlhodi.—1 Bakor. 6:18.

Setlhopha sa bagolwane se tla sekaseka boemo bongwe le bongwe go bona gore a komiti ya boatlhodi e a tlhokega. Ka sekai, a monna le mosadi yoo ba a ratana? A ba kile ba kgalemelelwa tsela e ba itshwarang ka yone fa ba le mmogo? Ke eng se se dirileng gore ba robale botlhe mo ntlong e le nngwe? A ke sengwe se ba neng ba se rulagantse go sa le gale? A go ne go na le mabaka a a utlwalang, gongwe boemo kgotsa tiragalo nngwe e e sa bonelwang pele e e dirileng gore ba patelesege go robala botlhe mo ntlong e le nngwe? (Mor. 9:11) Mongwe le mongwe wa bone o ne a robetse kae mo ntlong eo? E re ka maemo a sa tshwane, go ka nna ga bo go na le dintlha tse dingwe tse bagolwane ba tshwanetseng go di sekaseka.

Fa setlhopha sa bagolwane se sena go sekaseka dintlha tsotlhe, se tla dira tshwetso ya gore a go tlhokega komiti ya boatlhodi.