Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aba go Dira Gore re Itumele

Go Aba go Dira Gore re Itumele

“Go na le boitumelo . . . mo go abeng.”—DIT. 20:35.

PINA: 76, 110

1. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o pelotshweu?

KWA tshimologong Jehofa o ne a le nosi, mme morago ga moo o ne a bopa batho le baengele. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng,” e bile o rata go aba dilo tse di molemo. (1 Tim. 1:11; Jak. 1:17) Jehofa o batla gore le rona re itumele, ka jalo, o re ruta gore re abele ba bangwe.—Bar. 1:20.

2, 3. (a) Ke eng fa go abela ba bangwe go dira gore re itumele? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Modimo o dirile batho mo setshwanong sa gagwe. (Gen. 1:27) Seno se raya gore re kgona go bontsha dinonofo tsa gagwe. Ka jalo, fa re batla go itumela, re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jehofa ka go rata ba bangwe le go ba abela. (Bafil. 2:3, 4; Jak. 1:5) Ka ntlha yang? Ka gonne ke tsela e Jehofa a re bopileng ka yone. Le fa gone re sa itekanela, re ka kgona go nna pelotshweu fela jaaka Jehofa.

3 Baebele ya re tshwanetse go nna pelotshweu. Mma re bone gore e re ruta eng ka nonofo eno. Re tla ithuta gore go nna pelotshweu go dira jang gore Modimo a re amogele. Gape re tla ithuta gore go nna le nonofo eno go re thusa jang go dira tiro e Modimo a re neileng yone. Mo godimo ga moo, re tla bona kafa go nna pelotshweu go dirang ka gone gore re itumele le gore ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le nonofo eno.

JEHOFA O A ITUMELA FA RE ABELA BA BANGWE

4, 5. Jehofa le Jesu ba ile ba bontsha jang gore ba pelotshweu, mme re ka ba etsa jang?

4 Jehofa o batla gore re mo etse, ka jalo, o a itumela fa a bona re abela ba bangwe. (Baef. 5:1) Tsela e a re bopileng ka yone le dilo tse dintle tse a di bopileng di bontsha gore o batla gore re itumele. (Pes. 104:24; 139:13-16) Fa re abela ba bangwe, re bontsha gore re tlotla Jehofa.

5 Jesu o re tlhometse sekao se se molemo sa go abela ba bangwe mme re tshwanetse go mo etsa. O ne a re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete a re: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu . . . O ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.” (Bafil. 2:5, 7) Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A go na le sengwe se nka se dirang go tokafatsa tsela e ke latelang sekao sa ga Jesu ka yone?’—Bala 1 Petere 2:21.

6. Re ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Fa re etsa sekao sa ga Jehofa le Jesu ka go akanyetsa batho ba bangwe e bile re dira ka natla go ba thusa, Jehofa o tla re amogela. Setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo se re ruta gore o lebeletse gore balatedi ba gagwe ba dire sotlhe se ba ka se kgonang go thusa ba bangwe, go sa kgathalesege gore ke bomang le gore ba tswa kae. (Bala Luke 10:29-37.) Go tlile jang gore Jesu a bue ka setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo? Mojuda mongwe o ile a mmotsa jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Karabo ya ga Jesu e bontsha gore fa re batla gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go thusa batho ba bangwe fela jaaka Mosamarea a ile a dira.

7. Re ka bontsha jang gore go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa go dira gore re itumele? Tlhalosa.

7 Bakeresete ba na le mabaka a a utlwalang a go nna pelotshweu. Ka sekai, nonofo eno e amana le kgang ya botlhokwa e Satane a ileng a e tsosa kwa tshimong ya Edene. Jang? Satane o ne a re Adame le Efa, tota le batho botlhe fela, ba tla itumela fa ba dira dilo tse ba di batlang go na le go ikobela Modimo. Efa o ne a eletsa go tshwana le Modimo, mme Adame ene o ne a batla go itumedisa Efa. (Gen. 3:4-6) Se ba ileng ba se dira se ile sa nna le ditlamorago tse di botlhoko. Go sa akanyetse ba bangwe ga go dire gore re itumele, go na le moo, go re tlisetsa mahutsana. Ka jalo, fa re le pelotshweu, re bontsha gore re tlhatswegile pelo gore go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa go dira gore re itumele.

DIRA TIRO E MODIMO A E NEILENG BATHO BA GAGWE

8. Ke eng fa Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go akanyetsa ba bangwe?

8 Le fa gone Adame le Efa ba ne ba le babedi fela kwa tshimong ya Edene fa Modimo a ne a ba naya ditaelo, ba ne ba tshwanetse go akanyetsa batho ba bangwe. Jehofa o ne a ba segofatsa, a ba bolelela gore ba nne le bana, ba tlatse lefatshe mme ba le fenye. (Gen. 1:28) Jehofa o ne a batla gore batho botlhe ba itumele, ka jalo, Adame le Efa le bone ba ka bo ba ile ba akanyetsa bana ba ba neng ba tlile go nna le bone. Adame le bana ba gagwe ba ne ba tla dira gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise. Gore ba kgone go dira jalo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go dirisana sentle ka kutlwano.

9. Ke eng fa tiro ya go dira lefatshe lotlhe Paradaise e ne e tla dira gore batho ba itumele?

9 Gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise, Adame le bana ba gagwe ba ba itekanetseng ba ne ba tshwanetse go ikobela Jehofa le go diragatsa maikaelelo a gagwe. Seno se ne se tla dira gore ba tsene mo boikhutsong jwa gagwe. (Baheb. 4:11) Ga go pelaelo gore tiro eno e ne e tla dira gore ba itumele. Jehofa o ne a tla ba segofatsa ka gonne ba sa nna pelotshetlha le ka gonne ba ile ba akanyetsa ba bangwe.

10, 11. Re ka dira jang tiro ya go rera le go dira batho barutwa?

10 Jehofa o neile batho ba gagwe tiro ya go rera le go dira batho barutwa. Gore re kgone go dira tiro eno, re tshwanetse go rata batho ba bangwe. Tota e bile, re ka kgona go tswelela re dira tiro eno fa fela re rata Jehofa le batho ba bangwe.

11 Paulo o ne a re ene le Bakeresete ba bangwe ke “badirimmogo le Modimo” ka gonne ba ne ba jala e bile ba nosetsa peo ya Bogosi. (1 Bakor. 3:6, 9) Le rona re ka nna “badirimmogo le Modimo” fa re dirisa nako, dithoto le maatla a rona go ruta batho molaetsa wa Bogosi. Eleruri go dira tiro eno ke tshiamelo e e seng kana ka sepe!

Go thusa batho gore ba tlhaloganye boammaaruri go a itumedisa (Bona serapa 12)

12, 13. Tiro ya go dira barutwa e na le masego afe?

12 Fa re dirisa nako le maatla a rona mo tirong ya go rera le go dira batho barutwa, re a itumela. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba nna le dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele ba tlhalosa gore seo se itumedisa fela thata. Re a itumela fa re bona batho ba re ithutang le bone ba tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri, tumelo ya bone e gola, ba fetola tsela e ba tshelang ka yone ba bo ba simolola go bolelela ba bangwe se ba se ithutang. Jesu le ene o ne a itumela fa barutwa ba le 70 ba a neng a ba romile ba ne “ba boa ka boipelo” ka ntlha ya maitemogelo a a molemo a ba nnileng le one.—Luke 10:17-21.

13 Batho ba ga Jehofa ba a itumela fa ba bona molaetsa wa Bogosi o fetola matshelo a batho. Akanya ka kgaitsadi mongwe yo mosha e bong Anna, yo o neng a fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone kwa Yuropa Botlhaba. * A re: “Go motlhofo go nna le dithuto tsa Baebele kwano mme seno se dira gore ke itumele fela thata. Ke rata bodiredi. Fa ke fitlha kwa gae, ga ke na nako ya go akanya ka mathata a me. Go na le moo, ke akanya ka batho ba ke ithutang Baebele le bone, mathata a bone le dilo tse di ba tlhobaetsang. Ke leka go bona gore nka ba kgothatsa le go ba thusa jang. Gone jaanong ke tlhatswegile pelo gore ‘go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’”—Dit. 20:35.

Fa re etela matlo otlhe mo tshimong ya rona, re naya batho tshono ya go utlwa molaetsa wa Bogosi (Bona serapa 14)

14. O ka itumelela bodiredi jang le fa gone batho bangwe ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona?

14 Fa re rerela batho re a itumela le fa ba ka tswa ba re reetsa kgotsa nnyaa. Tiro ya rona e tshwana le ya ga moporofeti Esekiele yo Jehofa a neng a mo raya a re: “O bue mafoko a me le bone, go sa kgathalesege gore a ba a utlwa kgotsa ba a gana.” (Esek. 2:7; Isa. 43:10) Go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa go dira gore re itumele go sa kgathalesege gore batho ba arabela jang. Jehofa o itumelela matsapa a re a tsayang. (Bala Bahebera 6:10.) Mokaulengwe mongwe o ne a tlhoma sekao se sentle mo ntlheng eno. O ne a re: “Re ne ra jala, ra nosetsa re bo re rapela, re na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla dira gore peo e re e jetseng e gole.”—1 Bakor. 3:6.

SE RE KA SE DIRANG GORE RE ITUMELE

15. A re tshwanetse go nna pelotshweu fa fela batho ba bontsha tebogo? Tlhalosa.

15 Jesu o batla gore re itumele. Batho ba le bantsi ba a leboga fa ba bontshiwa bopelotshweu. O ne a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Luke 6:38) Gone ke boammaaruri gore ga se batho botlhe ba ba tla bontshang tebogo fa re ba abela. Le fa go ntse jalo, fa ba ka bontsha tebogo, seno se tla ba tlhotlheletsa go dira diphetogo. Ka jalo tswelela o abela batho le fa bangwe ba ka tswa ba sa leboge. Go itse mang, gongwe bopelotshweu jwa gago bo ka thusa batho ba bangwe!

16. Re tshwanetse go abela bomang mme ka ntlha yang?

16 Batho ba ba pelotshweu ga ba abele ba bangwe ka gonne ba gabile sengwe. Jesu o ne a re: “Fa o dira modiro wa mokete, laletsa batho ba ba humanegileng, ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang, ba ba foufetseng; mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone.” (Luke 14:13, 14) Baebele ya re: “Yo o leitlho le pelonomi o tla segofadiwa.” Gape ya re: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase.” (Dia. 22:9; Pes. 41:1) Eleruri, re tshwanetse go abela ba bangwe ka gonne re itumelela go ba thusa.

17. Re ka abela ba bangwe ka ditsela dife?

17 Fa Paulo a ne a nopola mafoko a ga Jesu a a reng “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng,” o ne a sa bue fela ka go naya ba bangwe dilo tse ba di tlhokang. Gape re tshwanetse go ba kgothatsa, go ba kaela le go ba ema nokeng. (Dit. 20:31-35) Paulo o re tlhometse sekao se se molemo sa gore re tshwanetse go dirisa nako le maatla a rona go abela ba bangwe, go nna gone fa ba re tlhoka le go ba rata.

18. Babatlisisi ba a reng ka go abela ba bangwe?

18 Babatlisisi ba lemogile gore go aba go dira gore batho ba itumele. Go ya ka pego nngwe, “batho ba le bantsi ba tlhalosa gore fa ba sena go thusa ba bangwe, ba a itumela.” Babatlisisi ba re go thusa ba bangwe go botlhokwa ka gonne go dira gore “motho a bone gore botshelo jwa gagwe bo na le bokao.” Ka jalo, gantsi baitse ba kgothaletsa batho gore ba ithaopele tirelosetšhaba ka gonne go dira jalo go tla tokafatsa botsogo jwa bone le go dira gore ba itumele. Batho ba ba dumelang se se mo Lefokong la Modimo ga ba gakgamalele seno.—2 Tim. 3:16, 17.

TSWELELA O LE PELOTSHWEU

19, 20. Ke eng fa o batla go abela ba bangwe?

19 E re ka re tshela le batho ba ba ikakanyetsang fela ba le bosi, go ka nna thata gore re nne pelotshweu. Mme gone, Jesu o ne a re ditaelo tse pedi tsa botlhokwa thata ke gore re rate Jehofa ka pelo yotlhe, moya otlhe, mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona le gore re rate ba bangwe jaaka re ithata. (Mar. 12:28-31) Jaaka re ithutile mo setlhogong seno, fa re rata Jehofa re tla leka ka natla go mo etsa. Jehofa le Jesu ba pelotshweu mme ba batla gore le rona re nne pelotshweu ka gonne seno se tla dira gore re itumele. Fa re dira ka natla mo tirong e Modimo a re e neileng e bile re abela ba bangwe, re tla galaletsa Jehofa, re tla itumela e bile ba bangwe ba tla solegelwa molemo.

20 Ga go pelaelo gore o leka ka natla go thusa ba bangwe, segolobogolo badumedimmogo le wena. (Bagal. 6:10) Fa o tswelela o dira jalo, ba tla go rata mme seno se tla dira gore o itumele. Diane 11:25 ya re: “Moya o o pelotshweu o tla nontshiwa, mme yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.” Go na le ditsela di le dintsi tse re ka abelang ba bangwe le go ba bontsha bopelotshweu ka tsone mo botshelong le mo bodireding. Re tla tlotla ka tsone mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 13 Leina le fetotswe.