Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Leba Ponalo Fela

O se Ka wa Leba Ponalo Fela

“Tlogelang go atlhola ka ponalo ya kafa ntle, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”—JOH. 7:24.

PINA: 142, 123

1. Isaia o ile a reng ka Jesu, mme ke eng fa seno se re kgothatsa?

BOPOROFETI jwa ga Isaia jo bo buang ka Jesu Keresete, bo a re gomotsa e bile bo re naya tsholofelo. Isaia o ne a bolelelapele gore Jesu “ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo.” (Isa. 11:3, 4) Ke eng fa seno se re kgothatsa? Re tshela mo lefatsheng le le tletseng tlhaolele le kgethololo. Ka jalo, rotlhe re batla go busiwa ke Mmusi yo o itekanetseng yo a se kitlang a re atlhola go ya fela ka se a se bonang!

2. Jesu o ile a re laela gore re dire eng, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Letsatsi le letsatsi re akanya dilo dingwe ka batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, ga re kgone go akanyetsa dilo sentle jaaka Jesu. Gantsi re tlhotlhelediwa ke se re se bonang. Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a re: “Tlogelang go atlhola ka ponalo ya kafa ntle, mme atlholang ka katlholo e e siameng.” (Joh. 7:24) Jesu o batla gore re tshwane le ene mme re se ka ra atlhola batho ba bangwe go ya ka se re se bonang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse tharo tse di ka amang se re se akanyang ka batho ba bangwe: lotso, madi le dingwaga. Fa re ntse re tlotla ka dintlha tseno, re tla ithuta kafa re ka ikobelang taelo ya ga Jesu ka gone ya gore re se ka ra atlhola ba bangwe go ya ka se re se bonang.

GO ATLHOLA BATHO GO YA KA LOTSO

3, 4. (a) Ke eng se se ileng sa dira gore Petere a fetole tsela e a lebang Baditšhaba ka yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Jehofa o ile a thusa Petere go tlhaloganya eng?

3 Akanya fela gore moaposetoloi Petere o ne a ikutlwa jang fa a ne a laelwa gore a ye kwa Kaesarea kwa legaeng la Moditšhaba mongwe yo o bidiwang Korenelio. (Dit. 10:17-29) Petere o ne a dumela gore Baditšhaba ba itshekologile. Mme gone, o ile a diragalelwa ke dilo tse di neng tsa dira gore a fetole tsela e a akanyang ka yone. Ka sekai, o ne a sa tswa go bona ponatshegelo e e tswang kwa Modimong. (Dit. 10:9-16) Mo ponatshegelong eo, o ne a bona diphologolo tse di itshekologileng mme a utlwa lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “Nanoga, Petere, tlhaba o je!” Petere o ne a gana go dira jalo. Go tswa foo, lentswe leo la kwa legodimong le ne la mmolelela gore a ‘tlogele go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng a re di leswafetse.’ Fa Petere a tsoga, o ne a tlhakane tlhogo a sa itse gore lentswe leo le ne le leka go mmolelela eng. Ka yone nako eo, barongwa ba ga Korenelio ba ne ba goroga. Moya o o boitshepo o ne wa laela Petere gore a tsamaye le bone kwa legaeng la ga Korenelio.

4 Fa Petere a ka bo a ile a akanya fela ka se a se bonang, a ka bo a sa ya kwa legaeng la ga Korenelio. Bajuda ba ne ba sa nke ba ya kwa magaeng a Baditšhaba. Ka jalo, ke eng fa Petere a ile a ya kwa legaeng la ga Korenelio? Ponatshegelo e a e boneng le kaelo ya moya o o boitshepo di ile tsa fetola tsela e a akanyang ka yone. Fa a sena go bua le Korenelio, o ile a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Dit. 10:34, 35) Thuto eno e ntšha e ne e tla tlhotlheletsa Petere gore a dire diphetogo tse dintsi! Mme thuto eno e tshwanetse go ama Bakeresete jang?

5. (a) Jehofa o batla gore Bakeresete botlhe ba itse eng? (b) Le fa gone re itse boammaaruri, re ka nna ra bo re sa ntse re na le maikutlo afe?

5 Jehofa o ile a dirisa Petere go thusa Bakeresete botlhe gore ba itse gore ga a na tlhaolele. Ga a tseye lotso, morafe, setšhaba, kgotsa puo nngwe e le botlhokwa go feta tse dingwe. Modimo o amogela batho botlhe ba ba mmoifang e bile ba dira se se siameng. (Bagal. 3:26-28; Tshen. 7:9, 10) Ga go pelaelo gore le wena o dumalana le ntlha eno. Mme gone, gotweng fa o goletse mo nageng kgotsa mo legaeng la batho ba ba nang le tlhaolele? Le fa gone o ka tswa o akanya gore ga o na tlhaolele, go ka direga gore o sa ntse o na le maikutlo mangwe a go tlhaola ba bangwe. Petere o ne a thusa batho ba bangwe go itse gore Modimo ga a na tlhaolele, mme gone, o ne a sa ntse a na le maikutlo mangwe a tlhaolele. (Bagal. 2:11-14) Ka jalo, re ka latela kgakololo ya ga Jesu jang ya gore re tlogele go atlhola ba bangwe go ya ka se re se bonang?

6. (a) Ke eng se se ka re thusang go tlosa tlhaolele e re ka tswang re na le yone? (b) Pego e e kwadilweng ke mokaulengwe mongwe e ne ya senola eng ka ene?

6 Re tshwanetse go itlhatlhoba ka kelotlhoko re dirisa Lefoko la Modimo go bona gore a re sa ntse re na le maikutlo mangwe a tlhaolele. (Pes. 119:105) Gape re ka nna ra tlhoka go botsa mongwe yo re mo tshepang gore a o akanya gore re na le tlhaolele, le fa gone rona re ka tswa re tsaya gore ga re na yone. (Bagal. 2:11, 14) Re ka nna ra bo re na le maikutlo a a kwa teng a tlhaolele mo re sa tlholeng re a lemoga. Ka sekai, akanya ka mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo mo phuthegong yo o ileng a kwala pego ka banyalani bangwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. Monna e ne e le wa lotso lo batho ba bantsi ba lo tseelang kwa tlase. Go bonala mokaulengwe yo o kwadileng pego a ne a sa lemoge gore o sa ntse a na le tlhaolele. Mo pegong ya gagwe, o ne a bua dilo tse dintsi tse di molemo ka monna, mme gone, o ne a konela ka go re: “Le fa gone a tswa mo [lotsong lono], tsela e a itshwarang ka yone e bontsha batho ba bangwe gore le fa motho a [tswa mo lotsong lono] ga go reye gore o leswe le gore o a nyatsega jaaka batho ba le bantsi ba [lotso lono].” Re ithuta eng? Go sa kgathalesege maikarabelo a re nang le one, re tshwanetse go itlhatlhoba ka kelotlhoko le go iketleeletsa go amogela thuso gore re lemoge maikutlo ape a tlhaolele a re sa ntse re na le one. Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira?

7. Re ka bontsha jang gore re rata batho ba bangwe?

7 Fa re rata batho ba bangwe, seo se tla dira gore re se ka ra ba tlhaola. (2 Bakor. 6:11-13) A o tlwaelane fela le batho ba lotso, naga kgotsa puo ya gago? Fa go le jalo, batla ditshono tsa go itsalanya le batho ba ditso le dipuo tse di farologaneng. O ka nna wa ba kopa gore ba bereke le wena mo bodireding kgotsa o ka ba laletsa kwa legaeng la gago. (Dit. 16:14, 15) Fa o dira jalo, o tla ba rata thata mme ga o kitla o tlhola o ba tlhaola. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe gape tse di ka dirang gore re atlhole ba bangwe. Mma re sekaseke kgang ya madi.

GO ATLHOLA BA BANGWE GO YA KA MADI A BA NANG LE ONE

8. Go ya ka Lefitiko 19:15, madi a batho ba bangwe ba nang le one a ka ama jang tsela e re ba lebang ka yone?

8 Madi a batho ba bangwe ba nang le one a ka ama tsela e re ba lebang ka yone. Lefitiko 19:15 ya re: “O se ka wa tshwara motho wa maemo a a kwa tlase ka go tlhaola, gape motho yo mogolo ka maemo, o se ka wa mo rata bogolo go ba bangwe. O atlhole mongwe ka wena ka tshiamiso.” Mme gone, madi a motho a nang le one a ka ama jang tsela e re mo lebang ka yone?

9. Solomone o ne a reng ka batho, mme seno se re ruta eng?

9 Moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa Solomone go kwala ntlha nngwe e e boammaaruri ka batho ba ba sa itekanelang. O ne a kwala jaana mo go Diane 14:20: “Mohumanegi o tlhoilwe le ke mongwe ka ene, mme ditsala tsa mohumi di dintsi.” Temana eno e re ruta eng? Fa re se kelotlhoko, re ka batla go nna ditsala le bakaulengwe ba ba humileng re bo re itlhokomolosa ba ba humanegileng. Ke eng fa go sa siama go atlhola batho ba bangwe go ya ka gore a ba humile kgotsa ba humanegile?

10. Jakobe o ile a bua ka bothata bofe?

10 Fa re sa tshware bakaulengwe ba rona ka go tshwana ka gonne ba bangwe ba humile mme ba bangwe ba humanegile, seo se ka dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. Morutwa Jakobe o ile a tlhalosa gore bothata jono bo ile jwa kgaoganya diphuthego dingwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Bala Jakobe 2:1-4.) Ga re a tshwanela go letla mokgwa ono o nna teng mo diphuthegong. Ka jalo, re ka tila jang go atlhola batho ba bangwe go ya ka se re se bonang?

11. A kamano e motho a nang le yone le Jehofa e amana le dithoto tse a nang le tsone? Tlhalosa.

11 Re tshwanetse go leba bakaulengwe ba rona jaaka Jehofa a ba leba. Jehofa ga a tseye batho ba le botlhokwa ka gonne ba humile kgotsa ba humanegile. Kamano ya rona le Jehofa ga e amane ka gope le gore re humile kgotsa re humanegile go le kana kang. Gone Jesu o ile a re “e tla nna selo se se thata gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa magodimo,” mme gone, ga a ka a re ga go kgonege. (Math. 19:23) Gape Jesu o ne a re: “Go itumela lona bahumanegi, ka gonne bogosi jwa Modimo ke jwa lona.” (Luke 6:20) Mme gone, seno se ne se sa reye gore batho ba ba humanegileng ba kgethegile le gore ba tla reetsa Jesu. Batho ba le bantsi ba ba humanegileng ga ba a ka ba mo reetsa. Ntlha ke gore, ga re ka ke ra tlhalosa gore kamano ya motho le Jehofa e nonofile go le kae go ya ka dithoto tse a nang le tsone.

12. Baebele e naya batho ba ba humileng le ba ba humanegileng taelo efe?

12 Re lesego ka gonne re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi, ba ba humileng le ba ba humanegileng, ba ba ratang Jehofa e bile ba mo direla ka pelo yotlhe. Baebele e bolelela batho ba ba humileng gore “ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong.” (Bala 1 Timotheo 6:17-19.) Gape Baebele e bolelela batho botlhe ba Modimo, ba ba humileng le ba ba humanegileng, gore ba se ka ba rata madi. (1 Tim. 6:9, 10) Eleruri fa re leka ka natla go leba bakaulengwe ba rona jaaka Jehofa a ba leba, ga re kitla re raelesega go ba atlhola go ya ka se ba nang le sone. Mme gotweng ka dingwaga tsa motho? A leo ke lebaka le le utlwalang la gore re atlhole ba bangwe? Mma re bone.

GO ATLHOLA BA BANGWE GO YA KA DINGWAGA

13. Baebele e re ruta eng ka go tlotla batho ba ba godileng?

13 Gangwe le gape Baebele e re bolelela gore re tlotle batho ba ba godileng. Lefitiko 19:32 ya re: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng, o boife Modimo wa gago.” Diane 16:31 le yone ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” Paulo o ne a bolelela Timotheo gore a se ka a tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko le gore a lebe banna ba ba godileng e le borraagwe. (1 Tim. 5:1, 2) Le fa gone Timotheo a ne a na le taolo e e fetang ya banna ba ba godileng, o ne a tshwanetse go ba bontsha bopelotlhomogi le go ba tlotla.

14. Ke leng go ka tlhokegang gore re kgaleme motho yo mogolo mo go rona?

14 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ikobela taelo eo go ya bokgakaleng bofe? Ka sekai, a re tshwanetse go didimala fela fa motho yo o godileng a leofa ka boomo kgotsa a dira sengwe se se sa itumediseng Jehofa? Jehofa ga a atlhole batho go ya ka se a se bonang e bile a ka se itlhokomolose motho yo o leofang ka boomo fela ka gonne a godile. Ela tlhoko molaomotheo ono o o mo go Isaia 65:20: “Moleofi, o tla hutsiwa le fa a na le dingwaga di le lekgolo.” Go na le molaomotheo o o tshwanang mo ponatshegelong ya ga Esekiele. (Esek. 9:5-7) Ka jalo, selo sa botlhokwa ke gore re tlotle Mogologolo wa Malatsi e bong Jehofa Modimo. (Dan. 7:9, 10, 13, 14) Fa re dira jalo, ga re kitla re tshaba go thusa motho yo o tlhokang go kgalemelwa, go sa kgathalasege gore o na le dingwaga tse kae.—Bagal. 6:1.

A o tlotla bakaulengwe ba basha? (Bona serapa 15)

15. Re ithuta eng mo go moaposetoloi Paulo malebana le go tlotla bakaulengwe ba basha?

15 Gotweng ka bakaulengwe ba basha mo phuthegong? O ba leba jang? Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “A motho ope a se ka a lebela bosha jwa gago kwa tlase le ka motlha. Go na le moo, nna sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” (1 Tim. 4:12) Fa Paulo a kwala mafoko ao, Timotheo a ka tswa a ne a le mo masimologong a dingwaga tsa bo30. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a mo neile maikarabelo a a botlhokwa mo phuthegong. Re ithuta eng? Ga re a tshwanela go nyatsa bakaulengwe ba basha. Gopola gore Morena Jesu o ne a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng fa a le mo masimologong a dingwaga tsa bo30.

16, 17. (a) Ke eng se se thusang bagolwane go dira tshwetso ya gore a mokaulengwe o tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane? (b) Tlhalosa kafa se re se akanyang kgotsa se se tlwaelegileng mo setsong sa rona se ka nnang kgatlhanong le Dikwalo ka gone.

16 Mo ditsong dingwe, batho ba tseela banna ba basha kwa tlase. Ka ntlha ya seo, bagolwane bangwe mo phuthegong ba ka nna ba okaoka go buelela bakaulengwe ba basha gore ba direle e le batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. Bagolwane botlhe ba tshwanetse go gopola gore Baebele ga e tlhalose gore monna o tshwanetse a bo a na le dingwaga tse kae gore a direle e le motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. (1 Tim. 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9) Fa bagolwane ba ka ipeela molao go ya ka se se tlwaelegileng mo setsong sa bone, ba tla bo ba sa dire dilo go dumalana le Baebele. Bakaulengwe ba basha ga ba a tshwanelwa go tlhatlhobiwa go ya ka se se dirwang mo setsong sa bone, go na le moo, ba tshwanetse go tlhatlhobiwa go ya ka se se mo Lefokong la Modimo.—2 Tim. 3:16, 17.

17 Ela tlhoko kafa go dira dilo go ya ka se se tlwaelegileng mo setsong go ka thibelang ka gone bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba direle. Kwa nageng nngwe, motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang, o ne a newa maikarabelo a botlhokwa. Le fa gone bagolwane ba phuthego ya gagwe ba ne ba dumalana gore mokaulengwe yoo o tshwanelega go nna mogolwane go ya ka Dikwalo, ga ba a ka ba mmuelela. Bagolwane bangwe ba ba godileng ba ne ba re mokaulengwe yoo o lebega a le monnye thata gore a ka nna mogolwane. Ka maswabi, mokaulengwe yoo ga a ka a tlhomiwa ka ntlha ya tsela e a lebegang ka yone. Seno ke sekai se le sengwe fela, mme gone, dipego di bontsha gore seno se direga mo mafelong a le mantsi mo lefatsheng. Ruri go botlhokwa gore re dire se Baebele e se buang, go na le go dira dilo go ya ka se rona re se akanyang kgotsa go ya ka se se tlwaelegileng mo setsong sa rona! Go dira jalo go tla re thusa gore re ikobele Jesu le gore re se ka ra atlhola ba bangwe go ya ka se re se bonang.

ATLHOLA BA BANGWE KA TSHIAMO

18, 19. Ke eng se se tla re thusang go leba batho ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba?

18 Le fa gone re sa itekanela, re ka ithuta go tshwara batho botlhe ka go lekalekana jaaka Jehofa. (Dit. 10:34, 35) Mme gone, seo se tlhoka gore re tswelele re tsaya matsapa le gore re ikobele kgakololo e e mo Lefokong la Modimo. Fa re dira jalo, re tla bo re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re tlogele go atlhola ba bangwe go ya ka se re se bonang ka matlho.—Joh. 7:24.

19 Go ise go ye kae, Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete o tla atlhola batho botlhe ka tshiamo, e seng go ya ka se a se bonang kgotsa se a se utlwang. (Isa. 11:3, 4) Re lebile pele go nako eo e e itumedisang!