Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bopelotelele—Go Itshoka Re na Le Tsholofelo

Bopelotelele—Go Itshoka Re na Le Tsholofelo

E RE ka re tshela mo “metlheng ya bofelo,” re tlhoka bopelotelele go feta le fa e le leng pele. (2 Tim. 3:1-5) Re tshela le baithati, batho ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe le ba ba se nang boikgapo. Batho ba ba ntseng jalo ga ba na bopelotelele. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A le nna ke na le mokgwa wa go fela pelo jaaka batho ba re tshelang le bone? Tota go nna pelotelele go kaya eng? Nka dirang gore ke nne pelotelele?’

GO NNA PELOTELELE GO KAYANG?

Go ya ka Baebele, nonofo eno ga e kaye fela go itshokela maemo a a thata. Motho yo o pelotelele o itshokela mathata a na le tsholofelo ya gore dilo di tla nna botoka. Ga a ikakanyetse a le esi fela mme o akanyetsa le ba bangwe le fa ba sa mo tshware sentle. Ka ntlha ya seo, fa motho yo o pelotelele a direlwa phoso, o tswelela a na le tsholofelo ya gore ene le motho yoo ba tla utlwana gape. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele e re “bopelotelele” ke nngwe ya dinonofo tse lorato lo di tlhagisang. * (1 Bakor. 13:4) Gape Baebele ya re “bopelotelele” ke karolo ya ‘dinonofo tse moya o di tlhagisang.’ (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, re tshwanetse go dira eng gore re nne pelotelele?

KE ENG SE SE KA GO THUSANG GORE O NNE PELOTELELE?

Fa re batla go nna le nonofo eno, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo, o a o nayang batho ba ba mo tshepang e bile ba ikaegile ka ene. (Luke 11:13) Le fa gone moya wa Modimo o ka re thusa, re tshwanetse go tsaya matsapa le go dira dilo go dumalana le dithapelo tsa rona. (Pes. 86:10, 11) Seno se raya gore re tshwanetse go leka ka natla go bontsha nonofo eno mo botshelong jwa rona. Mme ka dinako tse dingwe re ka nna ra palelwa ke go e bontsha. Ke eng se se ka re thusang?

Re ka thusiwa ke go etsa sekao sa ga Jesu Keresete. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka “botho jo bosha” jo bo akaretsang “bopelotelele” o ne a re kgothatsa jaana: “A kagiso ya ga Keresete e “laole” mo dipelong tsa lona.” (Bakol. 3:10, 12, 15) Re ka dira gore kagiso e laole mo dipelong tsa rona ka go etsa sekao sa ga Jesu le go dumela gore Modimo o tla baakanya sengwe le sengwe ka nako e e siameng. Fa re latela sekao sa ga Jesu, ga re kitla re fela pelo go sa kgathalesege dilo tse di re diragalelang.—Joh. 14:27; 16:33.

Le fa gone re lebile pele go bona lefatshe le lesha, re ithuta go nna pelotelele ka go tlhatlhanya ka bopelotelele jo Jehofa a re bontshang jone. Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9) Fa re akanya ka bopelotelele jwa ga Jehofa, a ga re tlhotlheletsege go bo bontsha ba bangwe? (Bar. 2:4) Re tlhoka go bontsha bopelotelele mo maemong afe?

RE TLHOKA GO BONTSHA BOPELOTELELE MO MAEMONG AFE?

Go na le maemo a le mantsi a mo go one re tlhokang go bontsha bopelotelele. Ka sekai fa o tlotla le ba bangwe mme o akanya gore o na le sengwe sa botlhokwa se o batlang go se bua, o ka nna wa tlhoka go nna pelotelele gore o se ka wa tsena ba bangwe ganong. (Jak. 1:19) Gape o ka nna wa tlhoka go bontsha bopelotelele fa o dirisana le badumedimmogo le wena mme ba na le mekgwa mengwe e o sa e rateng. Go na le go tseega maikutlo ka ntlha ya dilo tseno, go ka nna botlhale gore re akanye kafa Jehofa le Jesu ba itshwarang ka gone fa rona re dira diphoso. Ga ba tlhome mogopolo mo makoeng a rona. Go na le moo, ba bona dinonofo tsa rona tse di molemo e bile ba re bontsha bopelotelele ka go re naya nako ya go dira diphetogo.—1 Tim. 1:16; 1 Pet. 3:12.

Gape re tlhoka bopelotelele fa mongwe a re re buile kgotsa re dirile sengwe se se phoso. Gantsi fa seo se direga re ka itlhaganelela go kgopisega kgotsa go ipuelela. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go dira se se farologaneng. La re: “Go botoka yo o pelotelele go na le yo o mabela mo moyeng. O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.” (Mor. 7:8, 9) Ka jalo le fa selo se re latofadiwang ka sone se se boammaaruri, re tshwanetse go nna pelotelele le go akanya ka kelotlhoko pele re araba. Jesu o ne a latela molaomotheo oo fa batho ba bangwe ba ne ba sa mo tshware sentle.—Math. 11:19.

Batsadi ba tshwanetse go bontsha bopelotelele fa ba thusa bana ba bone go baakanya mekgwa mengwe e e sa siamang e ba ka tswang ba na le yone. A re tlotle ka sekai sa ga Mattias yo o direlang kwa legaeng la bethele la kwa Scandinavia. Fa a ne a le mosha, o ne a kgerisiwa kwa sekolong ka ntlha ya se a se dumelang. Kwa tshimologong batsadi ba gagwe ba ne ba sa itse ka kgang eo. Le fa go ntse jalo ba ile ba tshwanelwa ke go mo thusa ka gonne o ne a simolola go belaela se a se dumelang. Rraagwe Mattias e bong Gillis a re: “Re ne ra tlhoka go nna pelotelele tota. Mattias o ne a tlhola a botsa go re: ‘Modimo ke mang? A mme Baebele ke Lefoko la Modimo? Re itse jang gore Modimo ke ene a batlang gore re dire dilo tseo?’ Gape o ne a tlhola a mpotsa jaana: ‘A ke phoso fa ke sa dumele dilo tse lona lo di dumelang?’”

Gillis a re: “Ka dinako dingwe morwaarona o ne a botsa dipotso a galefile mme a sa galefela nna kgotsa mmagwe, mme a galefetse boammaaruri ka gonne bo mo thatafaletsa botshelo.” Gillis o ne a dira eng? A re: “Nna le morwaaka re ne re fetsa nako e telele re bua. Bontsi jwa nako ke ne ke mo reetsa fela ke bo ke botsa dipotso fale le fale go leka go tlhaloganya gore o ikutlwa jang. Ka dinako dingwe ke ne ke mmolelela sengwe ke bo ke mo naya nakonyana ya go akanya ka sone pele re tlotla gape. Mo maemong a mangwe, ke ne ke mo kopa gore a mphe nakonyana go akanya ka sengwe se a mpoleletseng sone. Metlotlo eno ya rona e ne ya thusa Mattias gore a tlhaloganye le go rata dithuto tse di jaaka thekololo, bolaodi jwa Modimo le lorato lwa ga Jehofa. Go tshotse nako e bile ka dinako dingwe go ne go le thata mme gone ka iketlo o ne a simolola go rata Jehofa. Nna le mosadi wa me re itumelela gore bopelotelele jwa rona le matsapa a rona a ile a thusa morwaarona.”

Gillis le mosadi wa gagwe ba ne ba ikanya Jehofa fa ba ntse ba thusa morwaabone ka bopelotelele. Gillis a re: “Gangwe le gape ke ne ke bolelela Mattias gore tsela e re mo ratang ka yone e ile ya re tlhotlheletsa go kopa Jehofa gore a mo thuse go tlhaloganya.” Batsadi bano ba itumelela gore ba ile ba nna pelotelele le gore ga ba a ka ba ineela.

Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna pelotelele fa ba tlhokomela ba malapa le ditsala tse di lwalang. A re tlotleng ka sekai sa ga Ellen, * yo o nnang kwa Scandinavia.

Dingwaga di le robedi tse di fetileng, monna wa ga Ellen o ne a itewa ke seterouku gabedi mme se ne sa senya boboko jwa gagwe. Ka ntlha ya seo, ga a sa tlhole a kgona go bontsha bopelotlhomogi, boitumelo kgotsa kutlobotlhoko. Boemo jono bo thata tota mo go Ellen. A re: “Ke ile ka tlhoka go nna pelotelele le go rapela thata. Lekwalo le ke le ratang thata e bile le ntlisetsa kgomotso ke la Bafilipi 4:13 le le reng: ‘Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.’” Maatla a ga Jehofa le kemonokeng ya gagwe di dira gore Ellen a kgone go itshoka.—Pes. 62:5, 6.

NNA PELOTELELE JAAKA JEHOFA

Jehofa ke sekao se se molemo go gaisa sa go bontsha bopelotelele. (2 Pet. 3:15) Go na le dipego di le dintsi mo Baebeleng tse di bontshang gore Jehofa o pelotelele. (Neh. 9:30; Isa. 30:18) Ka sekai, Jehofa o ne a dira eng fa Aborahame a ne a mmotsa dipotso ka tshwetso e a e dirileng ya go senya Sodoma? Baebele ya re Jehofa ga a ka a tsena Aborahame ganong fa a ne a bua. Go na le moo Jehofa o ne a mo reetsa ka bopelotelele. Jehofa o ne a bontsha gore o ne a mo reeditse ka go boeletsa se a neng a se bua le go mo tlhomamisetsa gore a ka se senye Sodoma fa a ka fitlhela banna ba le lesome ba ba siameng. (Gen. 18:22-33) Ka metlha Jehofa o reetsa ka bopelotelele e bile ga a ke a tseega maikutlo.

Bopelotelele ke karolo ya botlhokwa ya botho jo bosha jo Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go nna le jone. Fa re dira ka natla go nna le nonofo eno ya botlhokwa, re tla galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong e bile re tla nna bangwe “ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Baheb. 6:10-12.

^ ser. 4 Re ile ra bua ka nonofo ya lorato mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo tse di buang ka dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo o di tlhagisang.

^ ser. 15 Leina le fetotswe.