Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Moeteledipele wa Rona—Keresete

Ikanye Moeteledipele wa Rona—Keresete

“Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—MATH. 23:10.

PINA: 16, 14

1, 2. Joshua o ile a lebana le phetogo efe fa Moshe a sena go tlhokafala?

JOSHUA o ne a sa ntse a gopola mafoko ano a ga Jehofa: “Moshe motlhanka wa me o sule; mme jaanong nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang.” (Josh. 1:1, 2) Ruri eno e ne e le phetogo e kgolo ka gonne Joshua o ne a feditse dingwaga di ka nna 40 e le motlhokomedi wa ga Moshe!

2 Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Moshe e le moeteledipele wa Iseraele, ka jalo, Joshua a ka tswa a ne a ipotsa gore a Baiseraele ba tla mo amogela jaaka moeteledipele wa bone yo mosha. (Dute. 34:8, 10-12) Buka nngwe e e tlhalosang Baebele e bua jaana fa e tlhalosa Joshua 1:1, 2: “Nngwe ya dinako tse di thata mo setšhabeng, e ka tswa e le mo nakong e e fetileng kgotsa gone jaanong, ke fa go tlhomiwa moeteledipele yo mosha.”

3, 4. Re itse jang gore Modimo ga a ka a swabisa Joshua, mme re ka ipotsa potso efe?

3 Go a utlwala go bo Joshua a ne a tshogile, mme gone, morago ga malatsi a le mmalwa o ile a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. (Josh. 1:9-11) Jehofa ga a ka a mo swabisa. Baebele e bontsha gore Jehofa o ile a dirisa moengele go kaela Joshua le batho ba Gagwe. Moengele yoo e ka tswa e ne e le Lefoko, Morwa wa Modimo wa leitibolo.—Ekes. 23:20-23; Joh. 1:1.

4 Jehofa o ile a thusa Baiseraele go amogela Joshua jaaka moeteledipele wa bone yo mosha. Le gompieno go direga diphetogo di le dintsi mo phuthegong ya Modimo. Ka jalo, re ka nna ra ipotsa gore, ‘Fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e gatela pele, a re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya tsela e Keresete a etelelang pele ka yone?’ (Bala Mathaio 23:10.) Akanya kafa Jehofa a ileng a etelela pele batho ba gagwe ka gone mo nakong e e fetileng.

GO ETELELA PELE BATHO BA MODIMO GO YA KANANA

5. Go ile ga direga eng fa Joshua a ne a atamela Jeriko? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Nakonyana fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Joredane, Joshua o ile a diragalelwa ke sengwe se a neng a sa se lebelela. Fa a atamela Jeriko, o ile a kopana le monna yo o neng a tshwere tšhaka. Joshua o ile a mmotsa jaana: “A o wa rona kgotsa wa baba ba rona?” Monna yoo o ile a tlhalosetsa Joshua gore ke ene mang. E ne e le “kgosana ya lesomo la ga Jehofa” mme o ne a tlile go sireletsa batho ba Modimo. (Bala Joshua 5:13-15.) Le fa dipego tse dingwe di re Jehofa o ne a bua ka tlhamalalo le Joshua, ga go pelaelo gore o ne a bua le ene a dirisa moengele, jaaka fa a ile a dira mo nakong e e fetileng.—Ekes. 3:2-4; Josh. 4:1, 15; 5:2, 9; Dit. 7:38; Bagal. 3:19.

6-8. (a) Ke eng fa go ne go lebega e kete ditaelo dingwe tsa ga Jehofa ga di utlwale? (b) Ke eng fa re ka re ditaelo tseo di ne di le molemo e bile di tlile ka nako e e siameng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

6 Moengele yoo o ne a naya Joshua ditaelo tsa gore a dire eng go fenya motse wa Jeriko. Go ne go bonala e kete dingwe tsa ditaelo tseo di ne di se kitla di ba thusa. Ka sekai, Jehofa o ne a laela gore banna botlhe ba rupisiwe. Seo se ne se tla dira gore go fete malatsi a le mmalwa ba sa kgone go lwa. A eo e ne e le nako e e siameng ya gore banna bao ba rupisiwe?—Gen. 34:24, 25; Josh. 5:2, 8.

7 Masole a Iseraele a ka tswa a ne a ipotsa gore ba ne ba tla kgona jang go sireletsa ba malapa a bone fa masole a Jeriko a ne a ka ba tlhasela. Go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang! Masole a Jeriko ga a ka a tlhasela Baiseraele, go na le moo, ba ne ba ba boifa. Baebele ya re: “Jeriko e ne e tswetswe thata ka ntlha ya bomorwa Iseraele.” (Josh. 6:1) Ga go pelaelo gore tiragalo eo e ile ya dira gore Baiseraele ba ikanye Jehofa le go feta.

8 Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba se ka ba tlhasela Jeriko. Go na le moo, ba ne ba laelwa gore ba e dikologe gangwe ka letsatsi mo malatsing a le marataro mme mo letsatsing la bosupa ba e dikologe ga supa. Masole mangwe a ka tswa a ne a akanya gore go dira jalo e ne e le tshenyo ya nako fela. Mme gone, Moeteledipele wa Baiseraele e bong Jehofa, o ne a itse gore o dira eng. Taelo ya gagwe e ile ya nonotsha tumelo ya Baiseraele le go ba thusa gore ba se ka ba lwa le masole a a nonofileng a Jeriko.—Josh. 6:2-5; Baheb. 11:30. *

9. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela ditaelo tse re di newang mo phuthegong ya Modimo? Naya sekai.

9 Pego eno e re ruta eng? Ka dinako tse dingwe, ga re tlhaloganye lebaka la go bo go dirwa diphetogo dingwe mo phuthegong. Ka sekai, re ka tswa re ne re ipotsa gore a go botlhale go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki fa re ithuta, fa re le mo bodireding le mo dipokanong. Gone jaanong, re lemoga gore go di dirisa go a re thusa. Fa re bona kafa diphetogo tseno di re thusang ka gone, tumelo ya rona e a nonofa e bile re nna seoposengwe.

KERESETE O NE A ETELELA PELE BAKERESETE BA LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA

10. Ke mang yo o neng a kaela pokano ya setlhopha se se laolang e e neng e tshwaretswe kwa Jerusalema?

10 Dingwaga di ka nna 13 Korenelio e sena go nna Mokeresete, Bajuda bangwe ba ne ba sa ntse ba re batho ba tshwanetse go rupa. (Dit. 15:1, 2) Fa go ne go tsoga dikganetsano kwa Antioka malebana le go rupa, Paulo o ne a kopiwa gore a ise kgang eo kwa setlhopheng se se laolang kwa Jerusalema. Taelo eo e ne e tswa kwa go mang? Paulo o ne a re: “Ke ne ka tlhatloga ka ntlha ya tshenolo.” Ga go pelaelo gore Keresete o ne a batla gore setlhopha se se laolang e nne sone se rarabololang kgang eo.—Bagal. 2:1-3.

Keresete o ne a etelela pele phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga (Bona serapa 10 le 11)

11. (a) Bajuda ba ne ba lebane le boemo bofe malebana le kgang ya go rupa? (b) Paulo o ile a bontsha jang gore o ikobela kaelo ya bagolwane ba kwa Jerusalema? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

11 Keresete o ile a kaela setlhopha se se laolang gore se tlhomamise gore Bakeresete ba e seng Bajuda ba ne ba sa tlhoke go rupa. (Dit. 15:19, 20) Mme gone, dingwaga morago ga moo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba rupisa bana ba bone. Fa bagolwane ba kwa Jerusalema ba ne ba utlwa gore go na le magatwe a gore Paulo ga a ikobele Molao wa ga Moshe, ba ne ba mo laela gore a dire sengwe se a neng a sa se lebelela. * (Dit. 21:20-26) Ba ne ba mo kopa gore a ye kwa tempeleng le banna ba le banê gore batho ba bone gore o “boloka Molao.” Paulo a ka bo a ile a tlhalosa gore Bakeresete ba Bajuda ke bone ba nang le bothata ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye sentle kgang ya go rupa. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itse gore bagolwane ba ne ba batla gore go nne le kutlwano mo phuthegong, ka jalo, o ile a dira fela jaaka ba ne ba mo laetse. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Ke eng fa Jesu a ile a letlelela gore kgang eno e tswelele lobaka jaana e sa rarabololwa mme gone loso lwa gagwe lo ne lo fedisitse Molao wa ga Moshe?’—Bakol. 2:13, 14.

12. Ke eng fa Keresete a ka tswa a ile a letla gore go fete lobaka lo loleele pele kgang ya go rupa e rarabololwa?

12 Batho bangwe ba tsaya nako gore ba amogele diphetogo. Go ne go ntse jalo ka Bakeresete ba Bajuda. (Joh. 16:12) Go ne go le thata gore bangwe ba bone ba amogele gore go rupa ga go tlhole go bontsha gore ba na le kamano e e kgethegileng le Modimo. (Gen. 17:9-12) Bajuda bangwe ba ne ba tshaba gore ba tla bogisiwa fa ba ka tlogela go rupisa bana ba bone. (Bagal. 6:12) Mme gone, morago ga nako, Keresete o ne a dirisa Paulo gore a kwale makwalo a a neng a ntsha kaelo malebana le kgang eo.—Bar. 2:28, 29; Bagal. 3:23-25.

KERESETE O SA NTSE A ETELELA PHUTHEGO PELE

13. Ke eng se se ka re thusang gore re anaanele tsela e Keresete a kaelang batho ba gagwe ka yone gompieno?

13 Fa re sa tlhaloganye lebaka la go bo go dirwa diphetogo dingwe mo phuthegong, re tshwanetse go gopola kafa Keresete a ileng a kaela batho ba Modimo ka gone mo nakong e e fetileng. Ka nako ya ga Joshua le ka nako ya baaposetoloi, Keresete o ne a kaela batlhanka ba Modimo, a nonotsha tumelo ya bone e bile a ba thusa gore ba nne seoposengwe.—Baheb. 13:8.

14-16. Kaelo e re e newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e bontsha jang gore Jesu o a re rata?

14 Kaelo e e mo nakong e re e newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e bontsha gore Jesu o a re rata. (Math. 24:45) Marc yo o nang le bana ba le banê a re: “Satane o leka go koafatsa phuthego ka go tlhasela malapa. Kaelo ya gore re tshware kobamelo ya lelapa beke le beke, e bontsha ditlhogo tsa malapa gore go botlhokwa gore ba sireletsa malapa a bone.”

15 Fa re lemoga gore Keresete o a re kaela, seno se re thusa go tlhaloganya gore o batla gore tumelo ya rona e nonofe. Mogolwane mongwe e bong Patrick a re: “Kwa tshimologong, bangwe ba ne ba sa rate re kopana ka ditlhopha ka mafelobeke fa re ya tshimong. Mme gone, thulaganyo eno e bontsha gore Jesu o rata batho botlhe mo phuthegong. Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ditlhong le ba ba neng ba sa ye bodireding ka metlha, ba ikutlwa ba le botlhokwa. Ka ntlha ya seo, ba tokafaditse tsela e ba direlang Jehofa ka yone.”

16 Gape Keresete o re thusa gore re tlhome mogopolo mo tirong ya botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. (Bala Mareko 13:10.) Mogolwane mongwe yo o bidiwang André ka metlha o leka go amogela diphetogo tse di dirwang mo phuthegong. A re: “Go fokodiwa ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang kwa ofising ya lekala go re gopotsa gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera.”

RE KA IKOBELA JANG KAELO YA GA KERESETE?

17, 18. Ke eng fa go le botlhokwa go akanya ka masego a re nnileng le one ka ntlha ya diphetogo tse di dirilweng mo phuthegong?

17 Kaelo e re e newang ke Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete e tla re thusa gone jaanong le mo nakong e e tlang. Ka jalo, a re itumeleleng masego a re nnang le one ka ntlha ya diphetogo tse di dirwang mo phuthegong ya Modimo. Ka kobamelo ya lelapa, gongwe lo ka tlotla ka tsela e diphetogo tse di dirilweng mo dipokanong tsa mo gare ga beke le kwa tshimong di lo thusitseng ka gone.

A o thusa ba lelapa la gago le ba bangwe go gatela pele le phuthego ya ga Jehofa? (Bona serapa 17 le 18)

18 Fa re lemoga gore go latela ditaelo tsa phuthego ya ga Jehofa go re solegela molemo, seno se tla dira gore go nne motlhofo go di ikobela e bile re tla itumelelela seo. Ka sekai, re itumelela gore go fokoditswe go gatisiwa dikgatiso mme re dirisa didirisiwa tsa thekenoloji ka gonne seno se dira gore phuthego ya Modimo e dirise madi sentle go rerela batho dikgang tse di molemo. Go itse seo go tla re tlhotlheletsa go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki thata. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re ema Keresete nokeng.

19. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela kaelo ya ga Keresete?

19 Fa re ikobela kaelo ya ga Keresete, re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore ba nne le tumelo e e nonofileng e bile ba nne seoposengwe. André o bua jaana ka go fokodiwa ga maloko a lelapa la Bethele mo lefatsheng lotlhe: “Go bona maloko a Bethele a amogela diphetogo tseo go dira gore ke ikanye phuthego ya Modimo le gore ke tlotle bakaulengwe le bokgaitsadi bao. Ba gatela pele le phuthego ya ga Jehofa ka go itumelela kabelo nngwe le nngwe fela e ba e newang.”

IKANYE KAELO YA GA KERESETE

20, 21. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ikanya Moeteledipele wa rona e bong Keresete? (b) Re tla tlotla ka potso efe mo setlhogong se se latelang?

20 Go ise go ye kae, Moeteledipele wa rona e bong Keresete o tla “digela phenyo ya gagwe” le “go ruta dilo tse di boitshegang.” (Tshen. 6:2; Pes. 45:4) Gone jaanong o baakanyetsa batho ba Modimo go tshela mo lefatsheng le lesha. Rotlhe re tla nna le seabe mo tirong ya go ruta le go aga e e tla bong e dirwa ka nako eo.

21 Kgosi ya rona e tla re kaela go ya kwa lefatsheng le lesha, fa fela re mo ikanya go sa kgathalesege diphetogo tse di nnang gone. (Bala Pesalema 46:1-3.) Mme gone, ka dinako dingwe go ka nna thata go amogela diphetogo, segolobogolo tse re neng re sa di lebelela. Fa seo se direga, re ka tswelela jang re na le kagiso ya mogopolo le tumelo mo go Jehofa? Re tla tlotla ka potso eo mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 8 Baithutamarope ba ile ba fitlhela dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo matlakaleng fa motse wa Jeriko o sena go senngwa. Seno se bontsha gore motse oo ga wa dikaganyediwa nako e e telele le gore go ne go sa ntse go na le dijo di le dintsi mo motseng. E re ka Baiseraele ba ne ba sa letlelelwa go tsaya sepe kwa motseng wa Jeriko, eo e ne e le nako e e siameng ya go tlhasela motse oo ka gonne e ne e le nako ya thobo ka jalo go ne go na le dijo di le dintsi.—Josh. 5:10-12.

^ ser. 11 Bona lebokose le le reng “Paulo o Lebana le Teko ka Boikokobetso” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2003, ts. 24.