Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke eng se se thusitseng morutwa Setefane go ritibala fa a ne a bogisiwa?

SETEFANE o ne a sekisiwa ke banna ba ba neng ba mo tlhoile. Banna bao ba ba 71 e ne e le maloko a kgotlatshekelokgolo ya kwa Iseraele e e bidiwang Sanehederine, ka jalo ba ne ba na le taolo mo setšhabeng. Ba ne ba biditswe ke Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase yo o neng a okametse kgetsi ya fa Jesu a ne a atlholelwa loso. (Math. 26:57, 59; Dit. 6:8-12) Fa ba ntse ba tlisa basupi ba maaka, ba ne ba lemoga sengwe se se gakgamatsang ka sefatlhego sa ga Setefane. Se ne “se tshwana le sefatlhego sa moengele.”—Dit. 6:13-15.

Ke eng se se thusitseng Setefane go ritibala mo maemong ao a a thata? Pele a isiwa kwa Sanehederine o ne a tshwaregile mo tirong ya go rera a thusiwa ke moya wa Modimo. (Dit. 6:3-7) Fa a ne a sekisiwa, moya oo o ne wa mo thusa; o ne wa mo gomotsa le go mo thusa gore a gopole Dikwalo. (Joh. 14:16) Fa a ntse a ipuelela ka bopelokgale jaaka go tlhalosiwa mo go Ditiro kgaolo ya bosupa, moya wa Modimo o ne wa mo thusa go gopola ditemana di ka nna 20 go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera. (Joh. 14:26) Mme tumelo ya ga Setefane e ne ya nonofa le go feta fa a ne a bona ponatshegelo ya ga Jesu a ntse ka fa letsogong la moja la Modimo.—Dit. 7:54-56, 59, 60.

Le rona re ka nna ra tshosediwa le go bogisiwa. (Joh. 15:20) Fa re batla gore moya wa ga Jehofa o re thuse, re tshwanetse go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi le go tlhagafala mo bodireding. Fa re dira jalo, re tla kgona go emelana le pogiso re ritibetse.—1 Pet. 4:12-14.