Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?

Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?

JESU o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Go ntse jalo ka kamano ya rona le Jehofa. Goreng re rialo? Jehofa o re neile dimpho di le dintsi tse di dirang gore re itumele mme re ka itumela le go feta fa re mo naya mpho. Re ka naya Jehofa mpho efe? Diane 3:9 ya re: “Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.” Dilo tsa rona “tse di tlhwatlhwakgolo” di akaretsa nako ya rona, bokgoni, maatla le dilo tse re nang le tsone. Fa re dirisa dilo tseo go tshegetsa tiro ya Bogosi, re a bo re naya Jehofa mpho mme seo se tla dira gore re itumele.

Ke eng se se tla re thusang gore re ntshetse Jehofa meneelo? Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakorintha a re ba “beele sengwe kwa thoko” gore ba kgone go ntsha moneelo. (1 Bakor. 16:2) O ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ditsela tsa go ntsha meneelo mo nageng ya lona? Bona lebokoso le le fa tlase.

Go na le dinaga tse dingwe tse o sa kgoneng go ntsha moneelo mo Internet. Le fa go ntse jalo, fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe ya go ntsha moneelo tsena mo tsebeng ya go ntsha meneelo. Mo dinageng tse dingwe, o tla fitlhela tshedimosetso e e arabang dipotso tse gantsi di bodiwang ka go ntsha meneelo.