Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Modimo a Tla se Dirang

Se Modimo a Tla se Dirang

Fa o ka tlhagelwa ke bothata, o ne o ka lebelela gore tsala ya gago e leke go go thusa. Mme go na le batho ba ba reng Modimo ga se tsala ya bone ka gonne ba re ga a ba thuse fa ba na le mathata. Nnete ke gore Modimo o dirile dilo di le dintsi go re thusa e bile o tla rarabolola mathata otlhe a re nang le one gompieno. Ke eng se Modimo a tlileng go se dira?

GO FEDISA DILO TSE DI BOSULA

Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula ka go kumola modi wa tsone. Baebele e bua jaana ka modi wa masula otlhe: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) “Yo o boikepo” ke yo Jesu a ileng a mmitsa “mmusi wa lefatshe leno” e bong Satane Diabolo. (Johane 12:31) Satane ke ene a bakang dilo tsotlhe tse di bosula tse re di bonang mo lefatsheng. Modimo o tlile go dirang ka ene?

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa Modimo o tlile go dirisa Morwawe Jesu Keresete gore a “nyeletse ene yo o nang le dithata tsa go baka loso, ke gore, Diabolo.” (Bahebera 2:14; 1 Johane 3:8) Tota e bile Baebele ya re Diabolo o a itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Gape Modimo o tlile go senya batho botlhe ba ba dirang dilo tse di bosula.—Pesalema 37:9; Diane 2:22.

GO DIRA LEFATSHE PARADAISE

Morago ga moo, Mmopi wa rona o tlile go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le ka batho. Ke eng se re lebileng pele go se bona?

Kagiso le tshireletsego. “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

Dijo tse dintsi tse di nang le dikotla. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Matlo le tiro e e itumedisang. “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. . . . Batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

A ga o eletse go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo? Eo ke yone tsela e botshelo bo tlileng go nna ka yone letsatsi le letsatsi.

GO FEDISA BOLWETSE LE LOSO

Gone jaanong re a lwala e bile re a swa mme seo se tlile go fetoga mo nakong e e sa fediseng pelo. Modimo o tlile go dirisa setlhabelo sa ga Jesu gore “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Diphelelo e tla nna dife?

Malwetse a tlile go fedisiwa. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’ Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bo ba itshwaretswe tlolo ya bone.”—Isaia 33:24.

Loso lo tlile go fedisiwa. “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

Batho ba tla tshelela ruri. “Mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 6:23.

Baswi ba tla tsosiwa. “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Modimo o tlile go dirisa setlhabelo sa ga Jesu go tsosa baswi.

Modimo o tlile go dira dilo tseno tsotlhe jang?

GO TLHOMA PUSO E E SIAMENG

Modimo o tlile go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le ka batho a dirisa puso e e kwa legodimong e e eteletsweng pele ke Keresete Jesu. (Pesalema 110:1, 2) Puso eno ke yone e Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba e rapelele fa a ne a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . a bogosi jwa gago bo tle.”—Mathaio 6:9, 10.

Bogosi Jwa Modimo bo tla busa mo lefatsheng lotlhe le go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula. Puso eno e tla gaisa dipuso tsotlhe tse batho ba kileng ba nna le tsone mo lefatsheng! Ke lone lebaka le le dirileng gore Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, a fetse nako e ntsi a rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi” e bile ke lone lebaka la go bo a laetse balatedi ba gagwe go dira jalo.—Mathaio 4:23; 24:14.

Jehofa Modimo o re solofeditse dilo tseno tse di molemo ka gonne a re rata. A seo ga se dire gore o batle go mo itse le go nna tsala ya gagwe? Go dira jalo go tla go thusa jang? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.

SE MODIMO A TLA SE DIRANG Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa bolwetse le loso le go fetola lefatshe go nna paradaise e batho ba tla tshelang mo go yone