Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Lwala Thata

Fa o Lwala Thata

“Fa dingaka di mpolelela gore ke na le kankere ya makgwafo le ya mala, ke ne ka itlhoboga ka botshelo. Mme fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka ipolelela gore ke tlhoka go dira sengwe gore ke kgone go itshokela bolwetse jono.”—Linda yo o nang le dingwaga tse 71.

“Ke na le bolwetse jo bo dirang gore ditshika tse di ka fa molemeng wa sefatlhego sa me di se ka tsa bereka sentle. Ka dinako tse dingwe ke ne ke peinelwa thata mo ke ileng ka tshwarwa ke bolwe- tse jwa dipreshene. Gantsi ke ne ke jewa ke bodutu thata mo ke neng ke akanya go ipolaya.” —Elise yo o nang le dingwaga tse 49.

BONTSI jwa rona re a itse gore go botlhoko fa rona kgotsa mongwe wa losika a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng. Mo godimo ga go itshokela ditlhabi, o tlhoka go nna kelotlhoko gore o se ka wa tshwenyega thata kgotsa go tenegela batho ba ba lekang go go thusa. Dilo tse dingwe tse di ka dirang gore o tshwenyege thata ke fa o tlhoka go bona ngaka kgapetsakgapetsa, o sa kgone go bona kalafi kgotsa go e duelela kgotsa melemo ya bolwetse joo e sa go tseye sentle. Dilo tseno tsotlhe di ka dira gore o feleletse o sa itse gore o direng.

O ka bona kae thuso? Batho ba le bantsi ba gomodiwa ke go rapela le go bala Baebele. Gape o ka thusiwa ke ba masika le ditsala.

SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA

Robert yo o nang le dingwaga di le 58 a re: “Tshepa gore Modimo o tla go thusa go itshokela bolwetse jo o nang le jone. Rapela Jehofa o mmolelele gore o ikutlwa jang. Mo kope gore a go neye moya o o boitshepo. Gape mo kope gore a thuse ba lelapa la gago gore ba kgone go go ema nokeng le gore o kgone go nna o ritibetse maikutlo.”

Gape Robert a re: “Go itumedisa tota fa ba masika ba go ema nokeng. Letsatsi le letsatsi ba nfounela ba mpotsa gore ke tsoga jang. Ditsala tsa me le tsone di a ntshegetsa mme seo se dira gore ke ikutlwe botoka le gore ke kgone go itshokela bolwetse jwa me.”

Fa o etela motho yo o lwalang, nna o gopotse mafoko ano a ga Linda: “Motho yo o lwalang o eletsa gore dilo di nne fela jaaka di ne di ntse pele a lwala, mme a ka tswa a sa batle gore nako le nako lo bue ka bolwetse jwa gagwe. Ka jalo, tlotlang ka dilo tse lo neng lo tlhola lo tlotla ka tsone.”

Fa re kopa Modimo gore a re thuse, re bala Baebele e bile re letla ba masika le ditsala gore ba re thuse, re ka kgona go tswelela re itshokile le fa re lwala thata.