Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 2

Baka Jehofa mo Phuthegong

Baka Jehofa mo Phuthegong

“Ke tla go baka mo gare ga phuthego.”—PES. 22:22.

PINA 59 Bakang Jah le Nna

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Dafide o ne a ikutlwa jang ka Jehofa, mme seo se ile sa mo tlhotlheletsa go dira eng?

KGOSI DAFIDE o ne a re: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa.” (Pes. 145:3) Dafide o ne a rata Jehofa, mme ka ntlha ya seo, o ne a mmaka “mo gare ga phuthego.” (Pes. 22:22; 40:5) Ga go pelaelo gore le wena o rata Jehofa e bile o dumalana le mafoko ano a ga Dafide: “E kete o ka bakwa, wena Jehofa Modimo wa Iseraele rraarona, go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”—1 Ditir. 29:10-13.

2. (a) Re ka baka Jehofa jang? (b) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba lebana le kgwetlho efe, mme re tlile go sekaseka eng?

2 Tsela nngwe e re bakang Jehofa ka yone ke ka go arabela kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba lebana le kgwetlho nngwe. Ba batla go arabela kwa dipokanong mme ga ba kgone ka ntlha ya letshogo. Ke eng se se ka ba thusang gore ba se ka ba tshoga? Mo godimo ga moo, ke dilo dife tse di ka re thusang rotlhe go araba ka tsela e e kgothatsang? Pele re araba dipotso tseno, mma re tlotle ka mabaka a le manê a botlhokwa a a dirang gore re arabele kwa dipokanong.

KE ENG FA RE ARABELA KWA DIPOKANONG?

3-5. (a) Go ya ka Bahebera 13:15, ke eng fa re arabela kwa dipokanong? (b) A rotlhe re tshwanetse go arabela ka tsela e e tshwanang? Tlhalosa.

3 Jehofa o re neile tshiamelo ya go mmaka. (Pes. 119:108) Dikarabo tsa rona ke karolo ya ‘setlhabelo sa pako’ se re se ntshetsang Jehofa mme ga go na ope yo o ka re ntshetsang setlhabelo seo. (Bala Bahebera 13:15.) A Jehofa o lebeletse gore rotlhe re arabele ka tsela e e tshwanang? Nnyaa!

4 Jehofa o a itse gore bokgoni le maemo a rona ga a tshwane e bile o anaanela ditlhabelo tse re mo ntshetsang tsone. Akanya ka ditlhabelo tse Baiseraele ba neng ba di ntsha. Baiseraele bangwe ba ne ba kgona go ntsha setlhabelo ka kwanyana kgotsa podi. Mme Moiseraele yo o dikobo dikhutshwane o ne a kgona go ntsha setlhabelo ka “maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye.” Fa Moiseraele a sa kgone go ntsha maeba, Jehofa o ne a amogela “nngwesomeng ya ifa ya bupi jo bo boleta.” (Lefi. 5:7, 11) Bupi bo ne bo le tlhwatlhwatlase mme gone Jehofa o ne a bo anaanela, fa fela e le “bupi jo bo boleta.”

5 Jehofa ga a fetoga. Fa re arabela kwa dipokanong, ga a lebelela gore rotlhe re nne ditswerere mo puong jaaka Apolose kgotsa gore re kgone go tlhotlheletsa ba bangwe jaaka Paulo. (Dit. 18:24; 26:28) Jehofa o lebeletse fela gore rotlhe re leke ka bojotlhe go arabela. Akanya ka motlholagadi yo o neng a ntsha moneelo ka madi a mannye a tshipi. O ne a le botlhokwa tota mo go Jehofa ka gonne o ne a ntshitse gotlhe mo a neng a na le gone.—Luke 21:1-4.

Go arabela go re solegela molemo le ba ba reeditseng (Bona serapa 6-7) *

6. (a) Go ya ka Bahebera 10:24, 25, dikarabo tsa ba bangwe di ka re ama jang? (b) O ka bontsha jang gore o lebogela dikarabo tsa ba bangwe tse di kgothatsang?

6 Re a kgothatsana. (Bala Bahebera 10:24, 25.) Rotlhe re itumelela go utlwa dikarabo tse di farologaneng kwa dipokanong. Re a itumela fa ngwana yo monnye a araba le fa mongwe a arabela a itumetse a tlhalosa sengwe se sesha se a se ithutileng. Gape re a itumela fa mongwe yo o ditlhong kgotsa yo o sa ntseng a ithuta puo ya rona a nna le ‘bopelokgale’ jwa go arabela. (1 Bathes. 2:2) Re ka bontsha jang gore re lebogela matsapa a ba a tsayang? Re ka ba leboga morago ga dipokano. Mme gone, gape re ka bontsha gore re a leboga ka go arabela. Fa re dira jalo, re tla bo re sa kgothadiwe fela, go na le moo, le rona re tla bo re kgothatsa ba bangwe.—Bar. 1:11, 12.

7. Go arabela go re solegela molemo jang?

7 Re solegelwa molemo. (Isa. 48:17) Jang? Sa ntlha, fa re batla go arabela kwa dipokanong, re tsaya matsapa go baakanyetsa sentle. Go baakanyetsa sentle go re thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo, mme fa re le tlhaloganya, re kgona go le dirisa mo botshelong jwa rona. Sa bobedi, re itumelela dipokano fa le rona re tsaya karolo mo go tsone. Sa boraro, e re ka re tsaya matsapa go arabela, go tla nna motlhofo gore re nne re gopotse dintlha tse re neng re arabela ka tsone.

8, 9. (a) Go ya ka Malaki 3:16, o akanya gore Jehofa o ikutlwa jang fa re arabela? (b) Batho bangwe ba lebane le bothata bofe?

8 Re itumedisa Jehofa fa re bua ka dilo tse re di dumelang. Jehofa o a re reetsa e bile o itumelela matsapa a re a tsayang go arabela kwa dipokanong. (Bala Malaki 3:16.) O bontsha seno ka go re segofatsa fa re tsaya matsapa go mo itumedisa.—Mal. 3:10.

9 Re na le mabaka a a utlwalang a go arabela kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka tswa ba tshaba go tsholetsa letsogo. Fa e le gore o lebane le bothata joo, o se ka wa itlhoboga. Mma re tlotle ka melaometheo mengwe ya Baebele, dikai di le mmalwa le dilo dingwe tse di ka re thusang rotlhe gore re kgone go akgela kwa dipokanong.

GO FENYA LETSHOGO

10. (a) Bontsi jwa rona re na le bothata bofe? (b) Fa e le gore o tshaba go arabela, seno se bontsha gore o na le nonofo efe?

10 A pelo ya gago e iteela ka bonako nako le nako fa o batla go arabela? Ga se wena fela o nang le bothata joo. Boammaaruri ke gore bontsi jwa rona re a tshoga fa re arabela. Gore o kgone go fenya bothata jono, o tlhoka go itse gore bo bakiwa ke eng. A o tshaba gore o tla lebala karabo ya gago kgotsa gore o tla araba karabo e e seng yone? A o tshaba gore ga o kitla o arabela monate jaaka ba bangwe? Go ikutlwa jalo ga go phoso ka gonne go bontsha gore o boikokobetso le gore o tseela ba bangwe kwa godimo. Jehofa o rata batho ba ba boikokobetso. (Pes. 138:6; Bafil. 2:3) Mme gone, O batla gore o mmake le gore o kgothatse Bakeresetemmogo le wena. (1 Bathes. 5:11) O a go rata e bile o tla go thusa gore o nne pelokgale.

11. Ke ditemana dife tse di ka re thusang?

11 Akanya ka ditemana dingwe. Baebele ya re ga re kgone go bua dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe. (Jak. 3:2) Jehofa ga a lebelela gore re se ka ra dira diphoso mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le bone ga ba a lebelela seo. (Pes. 103:12-14) Rotlhe re lelapa mme ba a re rata. (Mar. 10:29, 30; Joh. 13:35) Ba a itse gore ka dinako tse dingwe fa re arabela, re bua dilo tse re neng re sa ikaelela go di bua.

12-13. Re ithuta eng mo sekaing sa ga Nehemia le sa ga Jona?

12 Go na le dikai dingwe mo Baebeleng tse di ka go thusang go fenya bothata jwa gago. Ka sekai, akanya ka Nehemia yo o neng a direla kwa ntlong ya segosi. Nako nngwe Nehemia o ne a utlwile botlhoko ka gonne o ne a sa tswa go utlwa gore lobota lwa Jerusalema lo thubilwe le gore dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo. (Neh. 1:1-4) Akanya fela gore o tshwanetse a bo a ne a tshogile jang fa kgosi e mmotsa gore ke eng fa a utlwile botlhoko. Nehemia o ne a rapela a bo a mo araba. Ka ntlha ya seo, kgosi e ile ya thusa batho ba Modimo. (Neh. 2:1-8) Gape akanya ka Jona. Fa Jehofa a ne a mo kopa gore a ye go bua le batho ba Ninife, o ne a tshoga tota mo a neng a siela kwa Tareshishe. (Jona 1:1-3) Mme gone, Jehofa o ile a mo thusa go dira kabelo eo. Molaetsa wa gagwe o ile wa thusa Baninife gore ba ikwatlhaye. (Jona 3:5-10) Sekai sa ga Nehemia se re ruta gore go botlhokwa gore re rapele pele re arabela. Mme sa ga Jona se re ruta gore Jehofa a ka re thusa go mo direla le fa re ka tswa re tshaba. Boammaaruri ke gore go arabela kwa dipokanong ga go tshose jaaka go rerela Baninife molaetsa wa katlholo.

13 Ke dilo dife tse di ka go thusang go arabela ka tsela e e kgothatsang kwa dipokanong? Mma re tlotle ka di le mmalwa.

14. Ke eng fa re tshwanetse go baakanyetsa sentle, mme re ka dira seo leng?

14 Baakanyetsa dipokano tsotlhe. Fa o baakanyeditse sentle, ga o kitla o tshaba go arabela. (Dia. 21:5) Boammaaruri ke gore re baakanyetsa ka dinako tse di farologaneng. Motlholagadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo80 yo o bidiwang Eloise o simolola go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo fa beke e simolola. A re: “Ke itumelela dipokano thata fa ke baakanyeditse go sa le gale.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Joy o a bereka, ka jalo, o baakanyetsa Tora ya Tebelo letsatsi pele ga dipokano. A re: “Go dira jalo go nthusa gore ke kgone go gopola dintlha.” Mogolwane mongwe yo o tshwaregileng thata e bile e le mmulatsela yo o bidiwang Ike a re: “Ke baakanyetsa ka iketlo ka iketlo mo gare ga beke go na le go baakanyetsa Tora ya Tebelo yotlhe ka nako e le nngwe.”

15. Ke eng se se ka go thusang go baakanyetsa sentle?

15 Ke eng se se ka go thusang go baakanyetsa sentle? Simolola ka go rapela, o kope Jehofa gore a go neye moya o o boitshepo. (Luke 11:13; 1 Joh. 5:14) Go tswa foo, sekaseka setlhogo, ditlhogwana, ditshwantsho le mabokose. Fa o ntse o bala dirapa, bala le makwalo a a tlhagelelang mo go tsone. Akanya ka se o se balang, segolobogolo dintlha tse o batlang go arabela ka tsone. Fa o baakanyeditse sentle, o tla itumelela dipokano e bile go tla nna motlhofo gore o arabele.—2 Bakor. 9:6.

16. Go na le didirisiwa dife tse di ka re thusang mme o di dirisa jang?

16 Fa go kgonega, dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki. Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re naya dithulusu tse di re thusang go baakanyetsa dipokano. JW Library® e re thusa gore re kgone go itseela dikgatiso mo difounong kgotsa di-tablet. Ka ntlha ya seo, re kgona go ithuta, go bala kgotsa go reetsa dikgatiso gongwe le gongwe fela. Ba bangwe ba dirisa app eno go ithuta ka nako ya dijo fa ba le kwa tirong kgotsa kwa sekolong kgotsa fa ba tsaya maeto. Watchtower Library le LAEBORARI YA MO INTERNETdi re thusa fa re batla go dira dipatlisiso ka kgang nngwe.

O baakanyetsa leng dipokano? (Bona serapa 14-16) *

17. (a) Ke eng fa o tshwanetse go baakanyetsa dikarabo di le dintsinyana? (b)  O ithutile eng mo bidiong e e reng Nna Tsala ya ga Jehofa—Baakanyetsa Karabo ya Gago?

17 Baakanyetsa go akgela makgetlo a le mmalwa. Goreng? Ka gonne ga se ka metlha o tla supiwang fa o tsholeditse letsogo. Lo ka tsholetsa matsogo lo le bantsi mme mokaulengwe yo o tshwereng thuto a ka nna a supa mongwe le mongwe fela. Gore dipokano di kgone go tswa ka nako, mokaulengwe yo o tshwereng thuto a ka nna a letla batho ba le mmalwa fela gore ba arabe. Ka jalo, o se ka wa kgopisega kgotsa wa itlhoboga fa a sa go supe. Fa o baakanyeditse dikarabo di le dintsinyana, o tla nna le ditshono di le dintsi tsa go arabela. Gape o ka ithaopela go bala lekwalo. Fa go kgonega, baakanyetsa go arabela ka mafoko a gago. *

18. Ke eng fa re tshwanetse go araba ka bokhutshwane?

18 Araba ka bokhutshwane. Go le gantsi, dikarabo tse di khutshwane le tse di motlhofo ke tsone di kgothatsang. Ka jalo, leka go arabela ka bokhutshwane. Leka go arabela metsotswana e le 30 fela. (Dia. 10:19; 15:23) Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o arabela kwa dipokanong, o tshwanetse go tlhomela ba bangwe sekao se se molemo ka go arabela ka bokhutshwane. Fa o arabela nako e telele e bile o bua dilo di le dintsi, o ka nna wa dira gore ba bangwe ba inyatse, ba akanye gore ba ka se kgone go arabela monate jaaka wena. Mo godimo ga moo, fa re arabela ka bokhutshwane, re tla kgona go arabela re le bantsinyana. Fa o supiwa la ntlha, ntsha karabo e e opang kgomo lonaka. O se ka wa bua dintlha tsotlhe mo serapeng. Fa dintlha tsa konokono mo serapeng di setse di tlhalositswe, o ka nna wa bua dintlha tse di tlaleletsang.—Bona lebokoso le le reng “ Nka Arabela ka Eng?

19. Mokaulengwe yo o tlileng go tshwara thuto a ka go thusa jang, mme o tshwanetse go dira eng?

19 Bolelela mokaulengwe yo o tlileng go tshwara thuto gore o batla go arabela mo serapeng sefe. O tshwanetse go mmolelela pele dipokano di simolola. Fa go bodiwa potso ya serapa seo, tsholeletsa letsogo kwa godimo gore mokaulengwe a kgone go go bona.

20. Dipokano di tshwana jang le go ja dijo le ditsala tsa rona tse re di ratang?

20 Re ka tshwantsha dipokano le go ja dijo le ditsala tsa rona tse re di ratang. A re re phuthego e dira moletlonyana o bo o kopiwa gore o tle o apeile sengwe se se motlhofo, o ne o tla dira eng? O ka nna wa tshoga go sekae, mme gone, ga go pelaelo gore o tlile go dira bojotlhe gore o apeye sengwe se batho botlhe ba tla se ratang. Jehofa o re tlamela ka dilo di le dintsi tse di molemo mo tafoleng ya gagwe. (Pes. 23:5; Math. 24:45) O itumela tota fa re dira bojotlhe go tla ka sengwe se re se kgonang. Ka jalo, baakanyetsa sentle mme o arabele. Fa o dira jalo, ga o kitla o ja mo tafoleng ya ga Jehofa fela, mme o tla kgona go tla ka sengwe se o tla se nayang phuthego.

PINA 2 Leina la Gago ke Jehofa

^ ser. 5 Fela jaaka mopesalema Dafide, rotlhe re rata Jehofa e bile re itumelela go mmaka. Re na le tshiamelo e e kgethegileng ya go bontsha gore re rata Modimo ka go arabela kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, bangwe ba rona ba go fitlhela go le thata go arabela kwa dipokanong. Fa e le gore o na le bothata joo, setlhogo seno se tla go thusa go lemoga gore ke eng se se dirang gore go nne thata go arabela le gore o ka fenya jang bothata joo.

^ ser. 17 Leba bidio e e reng Nna Tsala ya ga Jehofa—Baakanyetsa Karabo ya Gago mo jw.org. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BANA.

^ ser. 63 DITSHWANTSHO: Maloko a phuthego a itumelela go arabela mo Thutong ya Tora ya Tebelo.

^ ser. 65 DITSHWANTSHO: Maloko a phuthego a a neng a arabela mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Le fa maemo a bone a sa tshwane, botlhe ba ipha nako ya go baakanyetsa dipokano.