Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 6

Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!

Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!

“Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—JOBE 27:5.

PINA 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Basupi ba bararo ba re buileng ka bone ba ile ba bontsha jang gore ba ikanyega mo go Jehofa?

AKANYA ka maemo ano a mararo a a ka diragalelang Basupi ba ga Jehofa. (1) Letsatsi lengwe morutabana o kopa bana botlhe mo tlelaseng gore ba keteke letsatsi lengwe la boikhutso. Mosetsana mongwe o a itse gore go dira jalo ga go itumedise Modimo, ka jalo o gana go le keteka mme o dira jalo ka tlotlo. (2) Fa mosimane mongwe yo o ditlhong a rera ka ntlo le ntlo, o lemoga gore ngwana mongwe yo a tsenang sekolo le ene o nna mo ntlong e e latelang mme ngwana yoo a kile a dira metlae ka Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone a itse gore ngwana yoo a ka nna a mo ja ditshego, o ya fela kwa ntlong eo. (3) Monna mongwe o dira ka natla go tlamela ba lelapa la gagwe mme letsatsi lengwe mothapi wa gagwe o mo kopa gore a dire sengwe se se seng kafa molaong. O a itse gore fa a ka gana a ka latlhegelwa ke tiro, mme gone o tlhalosetsa mothapi wa gagwe gore o tshwanetse go ikobela molao ka gonne Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba ikanyege.—Bar. 13:1-4; Baheb. 13:18.

2. Re tlile go tlotla ka dipotso dife mme ka ntlha yang?

2 Batho bano ba bararo ba na le nonofo efe? O ka tswa o lemogile gore ba na le dinonofo di le mmalwa tse di molemo. Ka sekai, ba ile ba bontsha gore ba pelokgale le gore ba emela se ba se dumelang. Mme ba ile ba bontsha nonofo nngwe e e botlhokwa thata, e leng boikanyegi. Ba ile ba bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa ka gonne ba ile ba gana go tlola melao ya gagwe. Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a itumela tota ka gonne mongwe le mongwe wa bone o ile a bontsha gore o a ikanyega. Le rona re batla go itumedisa Rraarona. Ka jalo, mma re sekaseke dipotso tseno tse tharo: Boikanyegi ke eng? Ke eng fa re tshwanetse go ikanyega? Mme ke eng se se ka re thusang go tswelela re ikanyega mo nakong eno e e thata?

BOIKANYEGI KE ENG?

3. (a) Batlhanka ba Modimo ba ka bontsha jang gore ba a ikanyega? (b) Ke dikai dife tse di ka re thusang go tlhaloganya gore go ikanyega go kaya eng?

3 Batlhanka ba Modimo ba ka bontsha jang gore ba a ikanyega? Ka go rata Jehofa ka pelo yotlhe ba bo ba bontsha seo ka go dira dilo tse di mo itumedisang ka metlha. Akanya kafa lefoko leno le dirisiwang ka gone mo Baebeleng. Mo Baebeleng lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “boikanyegi” le kaya selo se se itekanetseng, se se se nang bogole le se se feletseng. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba ntshetsa Modimo ditlhabelo ka diphologolo mme Molao o ne o re diphologolo tseo ga di a tshwanela go nna le bogole bope. * (Lefi. 22:21, 22) Ba ne ba sa tshwanela go ntsha setlhabelo ka phologolo e e se nang leoto, tsebe, leitlho kgotsa e e lwalang. Jehofa o ne a batla gore ba ntshe phologolo e e itekanetseng, e e se nang bogole le e e sa lwaleng. (Mal. 1:6-9) Re a tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a ne a batla diphologolo tse di ntseng jalo ka gonne le rona fa re reka sengwe, e ka tswa e le leungo, buka kgotsa thulusu, ga re batle leungo le le bodileng, buka e e gagogileng kgotsa thulusu e e sa berekeng sentle. Re batla se se siameng le se se berekang sentle. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o batla gore re mo rate e bile re ikanyege mo go ene ka pelo yotlhe.

4. (a) Ke eng fa motho yo o nang le boleo a ka kgona go ikanyega? (b) Go ya ka Pesalema 103:12-14, Jehofa o lebeletse eng mo go rona?

4 A seno se raya gore motho yo o ikanyegang ga a dire diphoso? Kana e bile, re ka tswa re akanya gore re dira diphoso tse dintsi. Akanya ka mabaka a mabedi a go bo seno se se boammaaruri. Sa ntlha, Jehofa ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona. Baebele ya re: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pes. 130:3) Jehofa o a itse gore re na le boleo e bile re dira diphoso, ka jalo, o re itshwarela a gololesegile. (Pes. 86:5) Sa bobedi, Jehofa o a itse gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira, ka jalo, ga a lebelela gore re dire dilo tse di tla re palelang. (Bala Pesalema 103:12-14.) Ka jalo, re ka ikanyega jang mo go Jehofa ka pelo yotlhe?

5. Lorato lo thusa batlhanka ba ga Jehofa jang go ikanyega?

5 Go rata Jehofa go re thusa gore re ikanyege. E re ka re rata Modimo e bile re ineetse mo go ene, re tshwanetse go ikanyega mo go ene ka pelo yotlhe. Fa re tswelela re mo rata le fa re lebane le mathata, re tla bo re bontsha gore re a ikanyega. (1 Ditir. 28:9; Math. 22:37) Akanya ka Basupi ba bararo ba re buileng ka bone kwa tshimologong. Ke eng fa ba ile ba dira se ba se dirileng? A mosetsana yole ga a batle go ja monate le bana ba bangwe kwa sekolong? A mosimane yole o itumelela go tlhabiwa ke ditlhong kwa bodireding? A rre yole wa lelapa o batla go latlhegelwa ke tiro? Nnyaa, le e seng! Ba ile ba dira se ba se dirileng ka gonne ba itse melao ya ga Jehofa e bile ba batla go mo itumedisa. E re ka ba rata Jehofa, pele ba dira tshwetso, ba akanya pele ka se se tla mo itumedisang. Ka go dira jalo, ba bontsha gore ba a ikanyega.

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO IKANYEGA?

6. (a) Ke eng fa o tshwanetse go ikanyega? (b) Adame le Efa ba ile ba bontsha jang gore ga ba ikanyege?

6 Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re ikanyege? Re tshwanetse go ikanyega ka gonne Satane o latofatsa Jehofa e bile le wena o a go latofatsa. Moengele yoo yo o bosula o ile a itira Satane kgotsa “Moganetsi” kwa tshimong ya Edene. O ile a senya Jehofa leina. O ile a re Jehofa ke Mmusi yo o bosula le yo o ikakanyetsang fela a le nosi. Ka maswabi, Adame le Efa ba ile ba mo reetsa mme ba tlhanogela Jehofa. (Gen. 3:1-6) Ba ne ba tshela monate kwa tshimong ya Edene mme seno se ne se tshwanetse sa dira gore ba rate Jehofa le go feta. Le fa go ntse jalo, fa Satane a ne a ba raela, go bonala ba ne ba sa rate Jehofa ka pelo yotlhe. Moragonyana go ne ga tsoga potso eno: A motho a ka nna a ikanyega mo go Jehofa fela ka gonne a mo rata? Ka mafoko a mangwe, a batho ba ka kgona go ikanyega mo go Jehofa? Satane o ne a botsa potso eno ka Jobe.

7. Go ya ka Jobe 1:8-11, Jehofa o ile a ikutlwa jang fa Jobe a ne a ikanyega? Satane ene o ne a ikutlwa jang?

7 Jobe o ne a tshela ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba le kwa Egepeto. Ka nako eo, go ne go se na ope yo o ikanyegang jaaka ene. Mme gone, o ne a na le boleo fela jaaka rona e bile o ne a dira diphoso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a rata Jobe ka gonne o ne a ikanyega. Satane a ka tswa a ne a re ga go na motho ope yo o ikanyegang mo Modimong. Ka jalo, Jehofa o ne a mmolelela ka Jobe. Tsela e Jobe a neng a tshela ka yone e ile ya bontsha gore Satane ke moaki. Satane o ne a re Jehofa a mo letle gore a leke Jobe. Jehofa o ne a tshepa Jobe, ka jalo o ile a letla Satane gore a mo leke.—Bala Jobe 1:8-11.

8. Satane o ile a leka Jobe jang?

8 Satane o setlhogo e bile ke mmolai. O ile a tsaya dilo tsotlhe tse Jobe a neng a na le tsone, a bolaya batlhanka ba gagwe le go dira gore a nyatsege mo setšhabeng. O ile a bolaya bana botlhe ba le lesome ba ga Jobe. Go tswa foo, o ile a dira gore Jobe a nne le dintho tse di botlhoko go simolola kwa tlhogong go fitlha kwa dinaong. Mosadi wa ga Jobe o ne a ngomogile pelo e bile a utlwile botlhoko thata, ka jalo, o ile a raya Jobe a re a tlhapatse Modimo mme a swe. Jobe le ene o ne a batla go swa, mme gone, o ile a tswelela a ikanyega mo Modimong. Satane o ile a leka leano le lengwe gape. O ile a dirisa banna bangwe ba bararo ba e neng e le ditsala tsa ga Jobe. Ba ile ba etela Jobe mme ga ba a ka ba mo gomotsa. Go na le moo, ba ne ba mo kgala. Ba ile ba re Modimo ke ene a bakelang Jobe masetlapelo e bile ba re Modimo ga a na sepe le ene. Ba ne ba re Jobe ke motho yo o bosula le gore o roba se a se jetseng.—Jobe 1:13-22; 2:7-11; 15:4, 5; 22:3-6; 25:4-6.

9. Jobe ga a ka a dira eng le fa a ne a lebane le mathata a a ngomolang pelo?

9 Jobe o ile a itshwara jang mo mathateng ao a a ngomolang pelo? E re ka a ne a sa itekanela, o ile a kgalema bagomotsi bao ba maaka a galefile e bile o ile a bua dilo dingwe tse moragonyana a neng a di ikwatlhaela. Mo godimo ga moo, o ile a ipuelela thata go na le go buelela Modimo. (Jobe 6:3; 13:4, 5; 32:2; 34:5) Mme gone, le fa Jobe a ne a lebane le mathata a a ngomolang pelo jalo, ga a ka a tlhanogela Jehofa Modimo. Ga a ka a dumela maaka a a neng a buiwa ke ditsala tsa gagwe. O ne a re: “Go ka se direge gore ke lo bolele lo le ba ba siameng! Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Mafoko ano a gagwe a bontsha gore o ne a ikemiseditse go tswelela a ikanyega mo Modimong le fa a ka lebana le maemo afe. Jobe ga a ka a ineela, le rona re ka dira se se tshwanang.

10. Satane o latofatsa batlhanka ba ga Jehofa ka eng?

10 Satane o latofatsa batlhanka botlhe ba ga Jehofa. A re ga re rate Jehofa e bile ga re ikanyege mo go ene. A re fa re na le mathata, re tla mo tlhanogela. (Jobe 2:4, 5; Tshen. 12:10) Tatofatso eno e dira gore o ikutlwe jang? Ga go pelaelo gore e go utlwisa botlhoko. Akanya ka seno: Jehofa o letla Satane gore a go leke. O a go tshepa e bile o go naya tshono ya go bontsha gore o ikanyega mo go ene le gore Satane ke moaki. Jehofa o a itse gore o tla tswelela o ikanyega e bile o go solofetsa gore o tla go thusa. (Baheb. 13:6) Eleruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go itse gore Molaodimogolo wa lobopo o a re tshepa! A o kgona go lemoga gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore re ikanyege? Fa re ikanyega, re bontsha gore Satane ke moaki, re tlotlomatsa leina la Modimo e bile re ema bolaodi jwa gagwe nokeng. Ke eng se se ka re thusang go nna le nonofo eno ya botlhokwa?

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GO IKANYEGA MO METLHENG ENO YA BOFELO?

11. Re ka ithuta eng mo go Jobe?

11 Satane o galefile mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Tim. 3:1) Ke eng se se ka re thusang go nna re ikanyega mo nakong eno e e thata? Re ka ithuta dilo di le dintsi mo go Jobe. O ne a ntse a ikanyega mo go Jehofa pele a lebana le mathata. Re ka ithuta dilo di le tharo mo go ene tse di ka re thusang go ikanyega mo Modimong le go feta.

Ke dilo dife tse di ka re thusang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa? (Bona serapa 12) *

12. (a) Go ya ka Jobe 26:7, 8, 14, ke eng se se thusitseng Jobe gore a rate Jehofa le go mo tlotla? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re tlotle Modimo?

12 Jobe o ne a kgatlhiwa ke sengwe le sengwe se Jehofa a se dirileng, ka jalo o ne a mo rata le go feta. Jobe o ne a ipha nako ya go akanya ka dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a di bopileng. (Bala Jobe 26:7, 8, 14.) O ne a kgatlhega tota fa a akanya ka lefatshe, loapi, maru le tumo ya maru. Mme gone, o ne a itse gore o na le kitso e nnye fela ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Gape o ne a rata lefoko la ga Jehofa fela thata. O ne a re: “Ke bolokile mafoko a molomo wa gagwe.” (Jobe 23:12) Jobe o ne a kgatlhiwa ke ditiro tsa ga Jehofa e bile o ne a mo tlotla fela thata. O ne a mo rata e bile a batla go mo itumedisa. Seno se ile sa dira gore a ikemisetse le go feta go ikanyega mo Modimong. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. Re itse go le gontsi ka dilo tse Jehofa a di bopileng go feta batho ba motlha wa ga Jobe. Mo godimo ga moo, re na le Baebele e e re thusang go itse Jehofa sentle. Dilo tse re di ithutang ka Jehofa di tla dira gore re mo rate le go feta. Fa re rata Jehofa e bile re mo tlotla, seno se tla re tlhotlheletsa gore re mo ikobele e bile re tla ititaya sehuba gore re tla nna re ikanyega mo go ene.—Jobe 28:28.

Fa re tila go lebelela ditshwantsho tse di sa siamang, re tla tswelela re ikanyega (Bona serapa 13) *

13-14. (a) Go ya ka Jobe 31:1, Jobe o ile a bontsha jang gore o ikobela Modimo? (b) Re ka mo etsa jang?

13 Jobe o ne a ikobela Jehofa mme seno se ile sa mo thusa gore a nne a ikanyega. O ne a itse gore fa a batla go tswelela a ikanyega, o tshwanetse go ikobela Jehofa. Tota e bile, nako le nako fa re dira se Jehofa a se batlang, seno se re tlhotlheletsa gore re tswelele re ikanyega mo go ene. Jobe o ne a leka ka natla go ikobela Jehofa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, o ne a le kelotlhoko fa a dirisana le basadi. (Bala Jobe 31:1.) E re ka a ne a nyetse, o ne a itse gore ga a tshwanela go kgatlhegela mosadi ope. Gompieno go na le dilo di le dintsi tse di ka re raelang gore re wele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, a o tla etsa Jobe ka go sa kgatlhegele ope yo o sa nyalanang le ene? Gape ga re a tshwanela go lebelela ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Math. 5:28) Fa re leka ka natla go nna boikgapo letsatsi le letsatsi, seno se tla re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa.

Fa re sa rate dikhumo, re tla nna re ikanyega mo go Jehofa (Bona serapa 14) *

14 Gape Jobe o ne a ikobela Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya dikhumo. O ne a itse gore ga a tshwanela go ikanya dikhumo tsa gagwe. Go dira jalo e ne e tla bo e le boleo jo bo masisi jo a neng a tshwanetse go bo otlhaelwa. (Jobe 31:24, 25, 28) Gompieno re tshela le batho ba ba ratang dikhumo. Fa re ikobela Jehofa ka go sa rate madi le dikhumo, seno se tla re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go ene.—Dia. 30:8, 9; Math. 6:19-21.

Fa re nna re akantse ka dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone, re tla tswelela re ikanyega (Bona serapa 15) *

15. (a) Ke eng se se ileng sa thusa Jobe gore a tswelele a ikanyega? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra lebala dilo tse Modimo a re solofetsang tsone?

15 Jobe o ne a itse gore Modimo o tla mo segofatsa mme seno se ile sa mo thusa go ikanyega. O ne a itse gore Jehofa o a mo rata. (Jobe 31:6) Le fa Jobe a ne a lebane le diteko, o ne a itse gore kwa bofelong Jehofa o tla mo segofatsa. Seno se ile sa mo thusa gore a tswelele a ikanyega. E re ka Jobe a ile a tswelela a ikanyega, Jehofa o ile a mo segofatsa ka dilo di le dintsi. (Jobe 42:12-17; Jak. 5:11) Mme gone, Jehofa o tla mo segofatsa le go feta mo nakong e e tlang. A o tlhatswegile pelo gore fa o ka tswelela o ikanyega Jehofa o tla go segofatsa? Jehofa ga a fetoga. (Mal. 3:6) Fa re nna re gopotse gore o rata batho ba ba ikanyegang, seno se tla re thusa gore re se ka ra lebala dilo tse di molemo tse a solofetsang go re direla tsone mo nakong e e tlang.—1 Bathes. 5:8, 9.

16. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

16 Ititeye sehuba gore o tla tswelela o ikanyega mo go Jehofa. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa ikutlwa e kete ke wena fela o ikanyegang mo go Jehofa, mme ga go a nna jalo. O tlile go tshela le batho ba le bantsi ba ba ikanyegang mo go Jehofa. Gape o tlile go tshela le banna le basadi ba ba nang le tumelo ba mo nakong e e fetileng ba ba ileng ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba ne ba lebane le loso. (Baheb. 11:36-38; 12:1) E kete rotlhe re ka ikemisetsa go nna re ikanyega mo go Jehofa fela jaaka Jobe. O ne a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna.” E kete boikanyegi jwa rona bo ka galaletsa Jehofa ka bosakhutleng!

PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha

^ ser. 5 Boikanyegi ke eng? Ke eng fa Jehofa a batla gore batho ba gagwe ba ikanyege? Ke eng fa go ikanyega go le botlhokwa mo go rona? Setlhogo seno se tla dirisa Baebele go araba dipotso tseno. Gape se tla re thusa go bona gore re ka tswelela jang re ikanyega letsatsi le letsatsi. Fa re ikanyega, Jehofa o tla re segofatsa.

^ ser. 3 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “itekanetse” fa go buiwa ka diphologolo le amana le lefoko le le ranotsweng e le “boikanyegi” fa go buiwa ka batho.

^ ser. 50 SETSHWANTSHO: Re bona Jobe a ruta bana ba gagwe ka popo e ntle ya ga Jehofa.

^ ser. 52 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o gana go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo le badirimmogo.

^ ser. 54 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o gana go reka thelebishene e kgolo e a sa e tlhokeng e bile a se na madi a yone.

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o ipha nako ya go akanya ka tsholofetso ya ga Jehofa ya lefatshe la Paradaise.