Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 8

Goreng re Tshwanetse go Bontsha Gore re a Leboga?

Goreng re Tshwanetse go Bontsha Gore re a Leboga?

“Itshupeng lo na le tebogo.”—BAKOL. 3:15.

PINA 46 Jehofa, Re a Go Leboga

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Mosamarea yo Jesu a neng a mo fodisa o ne a bontsha jang gore o a leboga?

BANNA bangwe ba le lesome ba ne ba tlhomola pelo. Ba ne ba na le lepero e bile ba se na tsholofelo ya gore ba tla fola. Letsatsi lengwe ba ne ba bona Jesu a le kgakala. Ba ne ba utlwile gore Jesu o kgona go fodisa malwetse otlhe mme ba ne ba tlhatswegile pelo gore le bone o tla kgona go ba fodisa. Ka jalo, ba ne ba goa ba re: “Jesu, Morutisi, re utlwele botlhoko!” Jesu o ne a ba fodisa. Ga go pelaelo gore ba ne ba lebogela go bo Jesu a ba bontshitse bopelonomi. Le fa go ntse jalo, mongwe wa bone o ne a ya kwa go Jesu a bo a bontsha gore o anaanela * se a mo diretseng sone ka go mo leboga. Monna yoo wa Mosamarea o ile a bona go tlhokega gore a galaletse Modimo “ka lentswe le le kwa godimo.”—Luke 17:12-19.

2-3. (a) Ke eng se se ka dirang gore re lebale go leboga? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

2 Fela jaaka Mosamarea, le rona re batla go bontsha gore re a leboga fa batho ba re direla dilo tse di molemo. Mme ka dinako tse dingwe, re lebala go bolelela ba bangwe kgotsa go ba bontsha gore re a leboga.

3 Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore ke eng fa go le botlhokwa go bontsha ka se re se buang le se re se dirang gore re a leboga. Re tla ithuta ka batho ba mo Baebeleng ba ba neng ba bontsha gore ba a leboga le ba ba neng ba sa bontshe gore ba a leboga. Go tswa foo, re tla sekaseka ditsela tse di farologaneng tse re ka bontshang ka tsone gore re a leboga.

GORENG RE TSHWANETSE GO LEBOGA?

4-5. Goreng re tshwanetse go leboga?

4 Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo fa go tla mo kgannyeng ya go leboga. Tsela nngwe e a dirang seo ka yone, ke ka go segofatsa batho ba ba dirang thato ya gagwe. (2 Sam. 22:21; Pes. 13:6; Math. 10:40, 41) Baebele ya re re ‘nne baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.’ (Baef. 5:1) Ka jalo, lebaka la botlhokwa la go bo re tshwanetse go leboga, ke ka gonne re batla go etsa Jehofa.

5 Go na le lebaka le lengwe gape la go bo re tshwanetse go leboga ba bangwe. Go leboga go tshwana le dijo tse di monate, di nna monate le go feta fa o di ja le ba bangwe. Re a itumela fa ba bangwe ba re leboga mme le bone ba a itumela fa re ba leboga. Fa re leboga motho, o tla lemoga gore selo se a re diretseng sone se botlhokwa thata mo go rona. Mme seo se tla dira gore botsala jwa rona bo gole.

6. Go leboga go tshwana jang le apole e e dirilweng ka gauta?

6 Go leboga go botlhokwa thata. Baebele ya re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” (Dia. 25:11) Apole e e kgabisang e e bopilweng ka gouta e bo e bewa mo sejaneng sa selefera e ntle tota. Gauta le selefera di ja madi a mantsi e bile di botlhokwa thata. A o ne o ka se itumele fa mongwe a ne a ka go e naya? Ka tsela e e tshwanang, go leboga ba bangwe go botlhokwa thata. Gape gopola gore apole eo ya gauta e ka nnela ruri. Go ntse jalo le fa re leboga mongwe, go ka direga gore a se ka a lebala se re se mmoleletseng.

BA ILE BA LEBOGA

7. Go ya ka Pesalema 27:4, Dafide le bakwadi ba bangwe ba dipesalema ba ile ba bontsha jang gore ba a leboga?

7 Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ile ba bontsha gore ba a leboga. Mongwe wa bone ke Dafide. (Bala Pesalema 27:4.) Go obamela Modimo go ne go le botlhokwa mo go Dafide mme o ne a bontsha seo ka dilo tse a neng a di dira. O ile a ntsha dilo tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo gore di dirisiwe fa go agiwa tempele. Ditlogolwana tsa ga Asafe di ile tsa leboga Modimo ka go kwala dipina tsa pako. Mo pineng nngwe, ba ile ba leboga Modimo le go mo tlotlomatsa ka ntlha ya ‘ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang.’ (Pes. 75:1) Dafide le ditlogolwana tsa ga Asafe ba ne ba batla go bontsha Jehofa gore ba lebogela dilo tsotlhe tse a ba diretseng tsone. O ka etsa sekao sa bone ka ditsela dife?

Lekwalo le Paulo a le kwaletseng Baroma le re ruta eng ka go leboga ba bangwe? (Bona serapa 8-9) *

8-9. Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha jang gore o tsaya Bakeresetemmogo le ene ba le botlhokwa, mme seno se ka tswa se ile sa dira eng?

8 Tsela e moaposetoloi Paulo a neng a bua ka yone ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, e ne e bontsha gore o ba tsaya ba le botlhokwa thata. Nako le nako fa a rapela, o ne a ba umaka. Gape fa a ba kwalela, o ne a ba leboga. Mo ditemaneng tsa ntlha tse 15 tsa Baroma kgaolo 16, Paulo o bitsa Bakeresete ba le 27 ka maina. Paulo o tlhalosa gore Periseka le Akhwila ba ne “ba baya dithamo tsa bone mo kotsing” ka ntlha ya gagwe, le gore Febe e ne e le “mofemedi wa ba le bantsi” go akaretsa Paulo. Paulo o ile a akgola bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba neng ba dira ka natla.—Bar. 16:1-15.

9 Paulo o ne a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba dira diphoso, le fa go ntse jalo, kwa bowelong jwa lokwalo lo a neng a lo kwalela Baroma o ile a bua ka dinonofo tsa bone tse di molemo. Akanya kafa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba neng ba ikutlwa ka gone fa lokwalo lwa ga Paulo lo balelwa phuthego! Seo se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore botsala jwa bone le Paulo bo gole. A o tlwaetse go bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ya lona gore o lebogela dilo tse di ntle tse ba di buang le tse ba di dirang?

10. Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a leboga balatedi ba gagwe ka yone?

10 Jesu o ne a leboga balatedi ba gagwe ba kwa Asia Minor ka ntlha ya tiro e ba neng ba e dira. Ka sekai, o ne a bolelela Bakeresete ba kwa phuthegong ya kwa Thiatira a re: “Ke itse ditiro tsa gago, le lorato lwa gago le tumelo le bodiredi le boitshoko, le gore ditiro tsa gago tsa morago di feta tsa pele.” (Tshen. 2:19) Ga a ka a bua ka tiro ya bone fela mme gape o ile a ba akgolela dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone. Le fa gone Jesu a ne a tlhoka go kgalemela bangwe kwa Thiatira, o ne a simolola le go konela ka go ba kgothatsa. (Tshen. 2:25-28) Akanya ka taolo e Jesu a nang le yone jaaka tlhogo ya diphuthego. Ga a tlhoke go re leboga ka ntlha ya tiro e re e dirang. Le fa go ntse jalo, o tlhomamisa gore o dira jalo. Ruri o tlhomela bagolwane sekao se se molemo!

BA NE BA SENA TEBOGO

11. Bahebera 12:16 ya re Esau o ne a ikutlwa jang ka tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo?

11 Ka maswabi, bangwe mo Baebeleng ba ne ba sa bontshe tebogo. Ka sekai, le fa gone Esau a ne a godisitswe ke batsadi ba ba ratang Jehofa, o ne a sa tseye dilo tse di boitshepo di le botlhokwa. (Bala Bahebera 12:16.) O ile a bontsha seo jang? O ne a rekisetsa monnawe e bong Jakobe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo ka gonne a ne a batla gore Jakobe a mo neye dikgobe. (Gen. 25:30-34) Moragonyana Esau o ne a ikwatlhaela tshwetso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, tshwanelo eo e ne e se botlhokwa mo go ene, ka jalo, o ne a se na lebaka la go ngongorega fa Jakobe a ne a newa ditshiamelo tse di newang leitibolo.

12-13. Baiseraele ba ile ba bontsha jang gore ga ba lebogele thuso ya ga Jehofa, mme go ne ga felela jang?

12 Baiseraele ba ne ba na le mabaka a mantsi a go leboga Jehofa. Jehofa o ne a itaya Baegepeto ka Dipetso Tse di Lesome, a bo a golola Baiseraele mo bokgobeng. Morago ga moo, o ne a ba sireletsa fa a ne a bolaya masole a Egepeto kwa Lewatleng le Lehibidu. Baiseraele ba ne ba lebogela se Jehofa a ba diretseng sone ka go mmaka ka pina ya phenyo. Mme a ba ne ba tswelela ba ikutlwa jalo?

13 Fa Baiseraele ba nna le mathata, ba ile ba lebala dilo tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a neng a ba diretse tsone. Ba ile ba bontsha gore ga ba lebogele thuso ya gagwe. (Pes. 106:7) Jang? Baebele ya re: “Phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele ya simolola go ngongoregela Moshe le Arone.” Mme boammaaruri ke gore, ba ne ba ngongoregela Jehofa. (Ekes. 16:2, 8) Jehofa o ne a utlwisiwa botlhoko ke tsela e batho ba gagwe ba neng ba itshwere ka yone. O ne a bolelelapele gore kokomana eo yotlhe e ne e tlile go swela mo nageng, ntle le Joshua le Kalebe. (Dipa. 14:22-24; 26:65) Mma re bone gore ke eng se re ka se dirang gore re se ka ra tshwana le bone mme re etse dikao tse di molemo.

BONTSHA GORE O A LEBOGA

14-15. (a) Banyalani ba ka bontshana jang gore ba a anaanelana? (b) Batsadi ba ka ruta jang bana ba bone go leboga?

14 Mo lelapeng. Botlhe mo lelapeng ba itumela fa mongwe le mongwe a bontsha gore o a leboga. Fa monna a bontsha mosadi gore o lebogela dilo tse di molemo tse a di dirang mme mosadi le ene a dira jalo, ba tla atamalana fela thata. Gape go tla nna motlhofo gore ba itshwarelane. Monna yo o anaanelang mosadi wa gagwe ga a bone dilo tse di ntle tse mosadi wa gagwe a di buang le tse a di dirang fela mme gape “o a mmaka.” (Dia. 31:10, 28) Mme mosadi yo o botlhale o bolelela monna wa gagwe dilo tse a di ratang ka ene.

15 Batsadi, lo se ka lwa lebala gore bana ba lona ba etsa dilo tse lo di buang le tse lo di dirang. Ka jalo, ba tlhomeleng sekao se se molemo ka go ba leboga fa ba lo direla dilo tse di ntle. Mo godimo ga moo, ba ruteng gore fa batho ba ba direla dilo tse di molemo, ba tshwanetse go ba leboga. Thusang bana ba lona go tlhaloganya gore ba tshwanetse go leboga go tswa pelong, le gore se ba se buang fa ba leboga se botlhokwa. Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Clary la re: “Fa mmê a na le dingwaga di le 32, o ne a tshwanelwa ke go godisa bana ba le bararo a le nosi. Fa ke na le dingwaga di le 32, ke ne ka lemoga gore go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore a re godise. Ka jalo ke ne ka mmolelela gore ke lebogela dilo tsotlhe tse a di dirileng gore a kgone go re godisa. Moragonyana o ne a mpolelela gore ga a ke a lebala se ke se mmoleletseng. A re nako le nako fa a akanya ka sone, o a itumela.”

Ruta bana ba gago go leboga (Bona serapa 15) *

16. Go leboga ba bangwe go ka ba kgothatsa jang? Naya sekai.

16 Mo phuthegong. Fa re bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi gore re lebogela dilo tse di ntle tse ba di dirang, ba a kgothala. Ka sekai, mogolwane mongwe wa dingwaga di le 28 yo o bidiwang Jorge, o ne a kubugelwa ke bolwetse. Go ne ga feta kgwedi a sa kgone go ya dipokanong. Morago ga moo, o ne a sa tlhole a kgona go neela dipuo ka gonne o ne a sa ntse a lwala. Jorge a re: “Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe ka gonne ke ne ke sa kgone go dira dikabelo mo phuthegong. Letsatsi lengwe morago ga dipokano mokaulengwe mongwe o ne a nthaya a re: ‘Ke lebogela sekao sa gago se se molemo. Nna le lelapa la me re ne re itumelela dipuo tse o neng o tlhola o di neela. Di ile tsa nonotsha tumelo ya rona fela thata.’ Ke ne ke amegile tota mo ke neng ka lela. Seo ke sone se ke neng ke se tlhoka ka nako eo.”

17. Go ya ka Bakolosa 3:15, re ka leboga Jehofa jang ka ntlha ya dilo tse a re direlang tsone?

17 Leboga Modimo. Jehofa o re naya letlepu la dijo tsa semoya. Ka sekai, o dirisa dipokano, dimakasine le di-website tsa rona go re kaela. A o kile wa utlwa puo, wa bala setlhogo sengwe kgotsa wa lebelela broadcasting o bo o re, ‘Tota seno ke se ke neng se ke tlhoka’? Re ka bontsha Jehofa jang gore re lebogela dimpho tseno tse di molemo? (Bala Bakolosa 3:15.) Tsela nngwe ke ka go mo leboga fa re rapela.—Jak. 1:17.

Re ka bontsha gore re a leboga ka go phepafatsa Holo ya Bogosi (Bona serapa 18)

18. Re ka bontsha jang gore re rata Diholo tsa rona tsa Bogosi?

18 Gape re bontsha gore re leboga Jehofa fa re tlhokomela Diholo tsa rona tsa Bogosi. Re tshwanetse go di phepafatsa. Ba ba dirisang didirisiwa tsa ileketeroniki tsa mo phuthegong, ba tshwanetse go di tlhokomela. Fa re tlhokomela Diholo Tsa Bogosi, di tla nna lobaka lo loleele e bile ga di kitla di tlhoka go baakanngwa nako le nako. Fa re dira jalo, re tla bo re boloka madi mme madi ao a tla dirisiwa go aga le go tlhabolola Diholo Tsa Bogosi lefatshe ka bophara.

19. O ithutile eng mo go se se neng sa diragalela molebedi mongwe wa potologo le mosadi wa gagwe?

19 Leboga ba ba dirang ka natla mo phuthegong. Fa re leboga ba bangwe, seo se ka fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka diteko tse ba lebanang le tsone. Akanya ka se se neng sa diragalela molebedi mongwe wa potologo le mosadi wa gagwe. Letsatsi lengwe ba ne ba boa kwa tshimong ba lapile tota. Go ne go le tsididi tota mo kgaitsadi a neng a robala a apere jase. Mo mosong, o ne a bolelela monna wa gagwe gore ga a bone a ka kgona go tswelela mo tirong ya potologo. Mo go lone letsatsi leo, go ne ga tla lekwalo go tswa kwa ofising ya lekala mme le ne le kwaletswe ene. Mo lekwalong leo, o ne a akgolelwa boitshoko jwa gagwe mo bodireding. Bakaulengwe ba ne ba tlhalosa gore ba a itse gore ga go motlhofo gore a fuduge beke le beke. Monna wa gagwe a re: “Lekwalo leo le ne la mo kgothatsa tota mme ga a ka a tlhola a bua sepe ka go tlogela tiro ya potologo. Tota e bile ka dinako tse dintsi ke ene a neng a nkgothatsa fa ke akanya go tlogela.” Banyalani bao ba ne ba tswelela mo tirong ya potologo dingwaga di ka nna 40.

20. Ke eng se re tshwanetseng go se dira mme ka ntlha yang?

20 E kete ka metlha se re se buang le se re se dirang se ka bontsha gore re a leboga. Fa re dira jalo, re ka thusa mongwe gore a kgone go itshokela lefatshe leno le le tletseng batho ba ba se nang malebogo. Mo godimo ga moo, re tla nna le ditsala tse di nnelang ruri. Sa botlhokwa le go feta, re tla bo re etsa Rraarona yo o pelotshweu e bong Jehofa.

PINA 20 O re Neile Morwao yo o Rategang

^ ser. 5 Fa go tla mo kgannyeng ya go leboga, re ka ithuta eng mo go Jehofa, mo go Jesu le mo monneng wa Mosamarea yo o neng a tshwerwe ke lepero? Re tla tlotla ka bone le ba bangwe mo setlhogong seno. Re tla ithuta gore ke eng fa go le botlhokwa go leboga e bile re tla sekaseka ditsela tse di farologaneng tsa go dira jalo.

^ ser. 1 TLHALOSO: Go anaanela motho kgotsa sengwe go kaya go lemoga gore motho yoo kgotsa selo seo se botlhokwa fela thata. Ke tsela e motho a ikutlwang ka yone.

^ ser. 55 SETSHWANTSHO: Lekwalo la ga Paulo le balelwa phuthego ya kwa Roma; Akhwila, Perisila, Febe le ba bangwe ba itumeletse go utlwa maina a bone.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Mmê o thusa morwadie go leboga kgaitsadi yo o godileng.