Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 12

Akanyetsa Maikutlo a ba Bangwe

Akanyetsa Maikutlo a ba Bangwe

“Lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko.”—1 PET. 3:8.

PINA 90 A re Kgothatsaneng

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka 1 Petere 3:8, ke eng fa re itumelela go dirisana le batho ba ba re akanyetsang?

RE ITUMELELA go dirisana le batho ba ba akanyetsang maikutlo a rona. Ba leka go tlhaloganya maemo a rona, gore re ka tswa re akanyang kgotsa re ikutlwa jang. Ba lemoga gore re tlhoka eng ba bo ba re thusa, gongwe le pele ga re kopa thuso. Ruri re rata batho ba ba re akanyetsang. *Bala 1 Petere 3:8.

2. Ke eng fa re tlhoka go dira ka natla gore re akanyetse ba bangwe?

2 Rotlhe re tshwanetse go akanyetsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke go re re na le boleo. (Bar. 3:23) Ka jalo, re tshwanetse go lwantsha mokgwa wa go ikakanyetsa fela re le nosi. Gape bangwe ba rona re ka nna ra palelwa ke go akanyetsa ba bangwe ka ntlha ya tsela e re godisitsweng ka yone kgotsa dilo tse di re diragaletseng. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlhotlhelediwa ke mekgwa ya batho ba re tshelang le bone. Gone jaanong batho ga ba tlhole ba kgathalela ba bangwe. Go na le moo, ke “baithati.” (2 Tim. 3:1, 2) Ke eng se se ka re thusang gore re akanyetse maikutlo a ba bangwe?

3. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re akanyetse ba bangwe? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Fa re etsa Jehofa Modimo le Morwawe, re tla kgona go akanyetsa maikutlo a ba bangwe. Jehofa o lorato e bile o re tlhomela sekao se se molemo sa go amega ka ba bangwe. (1 Joh. 4:8) Jesu o na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe. (Joh. 14:9) Fa a le mo lefatsheng, o ile a tlhoma sekao se se molemo sa go bontsha bopelotlhomogi. Mo setlhogong seno, re tla bona kafa Jehofa le Jesu ba ileng ba akanyetsa ba bangwe ka gone. Go tswa foo, re tla ithuta gore re ka ba etsa jang.

JEHOFA O ILE A BONTSHA JANG GORE O AKANYETSA BA BANGWE?

4. Isaia 63:7-9 e bontsha jang gore Jehofa o amega ka batlhanka ba gagwe?

4 Baebele ya re Jehofa o amega ka batlhanka ba gagwe. Ka sekai, akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa Baiseraele ba ne ba le mo gare ga dinaka tsa kukama. Baebele ya re: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” (Bala Isaia 63:7-9.) Moragonyana, Jehofa o ne a dirisa moporofeti Sekarea go tlhalosa gore o ikutlwa jang fa batho ba gagwe ba tshwarwa makgwakgwa. O ile a bua jaana: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Seka. 2:8) Ruri seno se tlhalosa sentle tsela e Jehofa a amegang ka yone ka batho ba gagwe.

Jehofa o ile a utlwela Baiseraele botlhoko a bo a ba golola kwa Egepeto (Bona serapa 5)

5. Jehofa o ile a thusa batlhanka ba gagwe jang? Naya sekai.

5 Jehofa ga a utlwele botlhoko batlhanka ba gagwe fela, go na le moo, o dira sengwe go ba thusa. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba boga kwa Egepeto, Jehofa o ne a ba utlwela botlhoko a bo a ba thusa. O ne a raya Moshe a re: “Ke bone pogisego ya batho ba me . . . e bile ke utlwile selelo sa bone . . . ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Mme ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto.” (Ekes. 3:7, 8) E re ka Jehofa a ne a ba utlwela botlhoko, o ne a ba golola mo bokgobeng. Dingwaga moragonyana fa Baiseraele ba le kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ile ba tlhaselwa. Jehofa o ile a dirang? O ne “a [tlhomoga pelo] fa ba fegelwa ka ntlha ya bagateledi ba bone le ba ba neng ba ba kgoromeletsa kwa le kwa.” Le mo lekgetlong leno, Jehofa o ile a utlwela batho ba gagwe botlhoko, ka jalo, o ne a ba thusa. O ne a romela baatlhodi gore ba golole Baiseraele.—Baatlh. 2:16, 18.

6. Jehofa o ile a bontsha jang gore o akanyetsa maikutlo a mongwe yo o sa lebeng dilo sentle?

6 Jehofa o akanyetsa maikutlo a batho ba gagwe, le fa gone ka dinako dingwe ba sa lebe dilo sentle. Akanya ka Jona. Modimo o ne a mo roma gore a bolele molaetsa wa katlholo kgatlhanong le Baninife. Ba ile ba ikwatlhaya mme Modimo a bo a ba itshwarela. Le fa go ntse jalo, Jona o ne a sa itumelela seo. O ne “a tuka bogale” ka gonne se a se buileng ga se a ka sa direga. Mme gone, Jehofa ga a ka a mo felela pelo, go na le moo, o ne a mo thusa go baakanya tsela e a akanyang ka yone. (Jona 3:10–4:11) Jona o ile a tlhaloganya se Jehofa a neng a mo ruta sone. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a mo dirisa gore a re kwalele pego eo gore e tle e re solegele molemo gompieno.—Bar. 15:4. *

7. Tsela e Jehofa a dirisanang le batlhanka ba gagwe ka yone e re bontsha eng?

7 Tsela e Jehofa a dirisanang le batlhanka ba gagwe ka yone, e re bontsha gore ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko. O itse mathata otlhe a re lebaneng le one. Baebele ya re Jehofa ‘o itse sentle pelo ya batho.’ (2 Ditir. 6:30) O itse tsela e re akanyang ka yone, e re ikutlwang ka yone le dilo tse re sa kgoneng go di dira. “Ga a na go [re] lesa [re] raelwa go feta se [re] ka se itshokelang.” (1 Bakor. 10:13) Eleruri seo se a re kgothatsa!

JESU O ILE A BONTSHA JANG GORE O AKANYETSA BA BANGWE?

8-10. Ke eng se se ileng sa thusa Jesu go akanyetsa maikutlo a ba bangwe?

8 Jesu o ne a akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. O ile a dira jalo ka ntlha ya mabaka a mararo. Sa ntlha, Jesu o ne a tshwana le Rraagwe. O ne a rata batho fela jaaka Rraagwe. Le fa gone a ile a itumelela dilo tsotlhe tse a thusitseng Rraagwe go di bopa, o ne a rata batho thata. (Dia. 8:31) Jesu o ne a akanyetsa maikutlo a ba bangwe ka gonne a ba rata.

9 Sa bobedi, Jesu o ne a kgona go bona se se mo pelong ya batho fela jaaka Rraagwe. O ne a itse maitlhomo a batho le tsela e ba ikutlwang ka yone. (Math. 9:4; Joh. 13:10, 11) Ka jalo, fa Jesu a lemoga gore batho ba utlwile botlhoko, o ne a ba gomotsa.—Isa. 61:1, 2; Luke 4:17-21.

10 Sa boraro, Jesu o ile a lebana le dikgwetlho fela jaaka batho ba bangwe. Ka sekai, o ile a golela mo lelapeng le le humanegileng. O ile a ithuta tiro ya diatla mo go rraagwe e bong Josefa mme tiro eo e ne e se motlhofo. (Math. 13:55; Mar. 6:3) Go bonala Josefa a ile a tlhokafala nako nngwe pele Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe. Ka jalo, Jesu o ne a itse botlhoko jwa go swelwa. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a itse gore go ntse jang go nna le ba masika ba ba sa dumeleng dilo tse di tshwanang le tse ene a di dumelang. (Joh. 7:5) Dilo tseo di ile tsa thusa Jesu gore a tlhaloganye maemo a batho ba bangwe.

Jesu o tseela monna yo o sa utlweng mo ditsebeng kwa thoko, a bo a mo fodisa (Bona serapa 11)

11. Ke eng se se neng se bontsha gore Jesu o amega ka batho? Tlhalosa. (Bona setshwantsho sa khabara.)

11 Fa Jesu a dira dikgakgamatso, go ne go bonala gore o amega ka ba bangwe. O ne a sa dire dikgakgamatso ka gonne a ikutlwa a patelesega. Go na le moo, o ne a thusa batho ba ba bogang ka gonne a ba ‘tlhomogela pelo’. (Math. 20:29-34; Mar. 1:40-42) Ka sekai, akanya gore Jesu o ne a ikutlwa jang fa a ne a fodisa monna yo o sa utlweng mo ditsebeng kgotsa fa a ne a tsosa morwa motlholagadi. (Mar. 7:32-35; Luke 7:12-15) Jesu o ne a tlhaloganya maemo a bone e bile o ne a batla go ba thusa.

12. Johane 11:32-35 e bontsha jang gore Jesu o ne a amega ka Maratha le Marea?

12 Jesu o ile a amega ka Maratha le Marea. Fa a bona ba utlwile botlhoko ka ntlha ya loso lwa kgaitsadiabone e bong Lasaro, o ne “a tsholola dikeledi.” (Bala Johane 11:32-35.) O ne a sa lelele gore o tlhokafaletswe ke tsala ya gagwe ka gonne o ne a itse gore o tlile go mo tsosa. Go na le moo, o ne a lela ka gonne a bona ditsala tsa gagwe di utlwile botlhoko.

13. Go itse gore Jesu o ne a utlwela batho botlhoko go re kgothatsa jang?

13 Go itse gore Jesu o ne a utlwela batho botlhoko go a re kgothatsa. Gone ga re ka ke ra kgona go dira dilo tsotlhe jaaka ene ka gonne re baleofi. Le fa go ntse jalo, re a mo rata ka gonne o ne a bontsha batho ba bangwe bopelotlhomogi. (1 Pet. 1:8) Re kgothadiwa ke go itse gore ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Go ise go ye kae, o tla fedisa mathata otlhe. E re ka Jesu a kile a tshela mo lefatsheng, ke ene a ka kgonang go golola batho mo mathateng a a bakilweng ke lefatshe la ga Satane. Eleruri re lesego ka gonne re na le Mmusi yo o “re [utlwelang] botlhoko ka makoa a rona.”—Baheb. 2:17, 18; 4:15, 16.

ETSA SEKAO SA GA JEHOFA LE JESU

14. Baefeso 5:1, 2 e re tlhotlheletsa go dira eng?

14 Fa re akanya ka sekao sa ga Jehofa le Jesu, re tlhotlheletsega go akanyetsa ba bangwe. (Bala Baefeso 5:1, 2.) Ga re kgone go bona se se mo dipelong tsa batho jaaka bone. Le fa go ntse jalo, re ka leka go tlhaloganya tsela e ba bangwe ba ikutlwang ka yone le dilo tse ba di tlhokang. (2 Bakor. 11:29) Go farologana le batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi ba lefatshe leno, re batla “[go] tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [rona] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafil. 2:4.

(Bona serapa 15-19) *

15. Ke bomang ba segolobogolo ba tshwanetseng go amega ka ba bangwe?

15 Bagolwane ba tshwanetse go amega ka batho ba bangwe. Ba a itse gore Jehofa o batla gore ba tlhokomele batlhanka ba gagwe. (Baheb. 13:17) Bagolwane ba tshwanetse go rata batho ka gonne seo se tla ba thusa gore ba amege ka maikutlo a bone. Ba ka bontsha jang gore ba amega ka ba bangwe?

16. Mogolwane yo o lorato o tshwanetse go dira eng, mme ke eng fa seo se le botlhokwa?

16 Fa mogolwane a rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, o ipha nako ya go tlotla le bone. O ba botsa dipotso a bo a ba reetsa ka kelotlhoko e bile a sa ba tsene ganong. Seno se botlhokwa fa mongwe a batla go mmulela mafatlha mme gone motho yoo a sa itse gore a ka itlhalosa jang. (Dia. 20:5) Fa mogolwane a ipha nako ya go tlotla le Bakeresetemmogo le ene, ba tla mo tshepa, ba tla atamalana le ene e bile ba tla mo rata.—Dit. 20:37.

17. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba re ba rata thata bagolwane ba ba ntseng jang? Naya sekai.

17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba re ba rata thata bagolwane ba ba akanyetsang maikutlo a ba bangwe. Ka ntlha yang? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Adelaide a re: “Go motlhofo go bua le bone ka gonne o a itse gore ba tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone.” Gape a re: “O kgona go bona gore ba amega ka wena fa o tlotla le bone.” Mokaulengwe mongwe a re: “Nako nngwe fa ke ne ke bolelela mogolwane mongwe maemo a ke neng ke lebane le one, o ile a gelela dikeledi. Ga nkitla ke tsamaya ke lebala seo.”—Bar. 12:15.

18. Re ka bontsha jang gore re amega ka ba bangwe?

18 Mme gone, bagolwane ga se bone fela ba tshwanetseng go bontsha gore ba amega ka ba bangwe. Rotlhe re tshwanetse go dira jalo. Re ka dira seo jang? Leka go tlhaloganya gore ba lelapa la gago le badumedimmogo le wena ba ka tswa ba ikutlwa jang ka ntlha ya mathata a ba lebaneng le one. Iphe nako ya go tlotla le basha, bagodi, batho ba ba lwalang le ba ba swetsweng mme o ba bontshe gore o a ba rata. Fa ba go bolelela gore ba ikutlwa jang, ba reetse ka kelotlhoko. Ba thuse go lemoga gore o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng. Fa go na le sengwe se o ka se dirang go ba thusa, o se ka wa okaoka. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore eleruri re rata ba bangwe.—1 Joh. 3:18.

19. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re leka go thusa ba bangwe?

19 Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re leka go thusa ba bangwe. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ga ba tshwane e bile ga ba dire dilo ka go tshwana fa ba na le mathata. Ba bangwe ba batla go bua mme ba bangwe bone ga ba rate go bua ka mathata a bone. Le fa gone re batla go ba thusa, ga re a tshwanela go botsa dipotso tse di tla ba tlhabisang ditlhong. (1 Bathes. 4:11) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tswa re sa lebe dilo ka tsela e ba di lebang ka yone. Mme gone, re tshwanetse go nna re gopotse gore ke tsela e ba ikutlwang ka yone. Ga re a tshwanela go itlhaganelela go bua, go na le moo, re tshwanetse go reetsa.—Math. 7:1; Jak. 1:19.

20. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Gape re tshwanetse go bontsha gore re akanyetsa ba bangwe fa re le mo bodireding. Re ka dira seo jang? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 130 Lo Itshwarelane

^ ser. 5 Jehofa le Jesu ba amega ka maikutlo a rona. Setlhogo seno se tla re bontsha gore re ka ithuta eng mo go bone. Gape re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa ba bangwe le gore re ka dira seo jang.

^ ser. 1 TLHALOSO: Go akanyetsa ba bangwe go kaya go leka go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang le go ipaya mo maemong a bone. (Bar. 12:15) Mo setlhogong seno, go akanyetsa le go amega ka ba bangwe di na le bokao jo bo tshwanang.

^ ser. 6 Gape Jehofa o ile a utlwela botlhoko batlhanka ba bangwe ba gagwe. Akanya ka pego ya ga Hana (1 Sam. 1:10-20), Elija (1 Dikg. 19:1-18), le Ebede-meleke (Jer. 38:7-13; 39:15-18).

^ ser. 65 SETSHWANTSHO: Go ya dipokanong go re naya ditshono tsa gore re bontshe ba bangwe gore re amega ka bone. Re bona (1) Mogolwane a bua le mmoledi yo mosha le mmaagwe, (2) rre le morwadie ba isa kgaitsadi yo o godileng kwa koloing le (3) bagolwane ba reeditse kgaitsadi yo o tlhokang kgakololo.