Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13

Akanyetsa Batho Ba o Ba Rerelang

Akanyetsa Batho Ba o Ba Rerelang

“A tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo . . . Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.”—MAR. 6:34.

PINA 70 Batlang ba ba Tshwanelegang

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se se re kgatlhang thata ka Jesu? Tlhalosa.

SENGWE se se kgatlhang ka Jesu ke gore o tlhaloganya mathata a re lebanang le one e re ka re le baleofi. Fa Jesu a le mo lefatsheng o ile a “[ipela] le batho ba ba ipelang” e bile o ile a “[lela] le batho ba ba lelang.” (Bar. 12:15) Ka sekai, fa barutwa ba le 70 ba ne ba boa ba itumetse morago ga go nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding, Jesu o ile “a ipela thata mo moyeng o o boitshepo.” (Luke 10:17-21) Le fa go ntse jalo, fa a ne a bona kafa batho ba ba ratang Lasaro ba neng ba utlwile botlhoko ka gone ka ntlha ya loso lwa gagwe, Jesu o ile “a fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega.”—Joh. 11:33.

2. Ke eng se se thusitseng Jesu go akanyetsa batho ba bangwe?

2 Le fa gone Jesu e ne e se moleofi, o ne a le kutlwelobotlhoko e bile a akanyetsa batho ba ba nang le boleo. Ke eng se se mo thusitseng? Lebaka la ntlha ke go re, Jesu o ne a rata batho. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, o ne a “rata . . . bomorwa batho.” (Dia. 8:31) Seo se ne sa dira gore a batle go tlhaloganya tsela e batho ba akanyang ka yone. Moaposetoloi Johane o ne a re: “O ne a itse se se neng se le mo mothong.” (Joh. 2:25) Jesu o ne a amega ka batho ba bangwe. Batho ba ne ba reetsa molaetsa wa gagwe ka gonne ba lemoga gore o a ba rata. Le rona fa re amega ka batho ba re ba rerelang, re tla kgona go nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding.—2 Tim. 4:5.

3-4. (a) Re tla ikutlwa jang fa re akanyetsa batho ba re ba rerelang? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore o tshwanetse go rera, le rona re a itse gore go botlhokwa go dira jalo. (1 Bakor. 9:16) Le fa go ntse jalo, fa re akanyetsa ba bangwe ga re kitla re ikutlwa e kete ke sengwe fela se re patelesegang go se dira. Go na le moo, re rera ka gonne re amega ka batho e bile re batla go ba thusa. Re a itse gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Fa re rera ka gonne re batla go thusa batho, re tla itumelela go rera.

4 Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka akanyetsa jang batho ba re ba rerelang. Mme gone, re tla simolola pele ka go bona gore Jesu ene o ne a ikutlwa jang ka batho. Go tswa foo, re tla tlotla ka ditsela di le nnê tsa kafa re ka etsang sekao sa gagwe ka gone.—1 Pet. 2:21.

JESU O NE A AKANYETSA BATHO BA A BA RERELANG

Go akanyetsa ba bangwe go ile ga tlhotlheletsa Jesu gore a ba gomotse (Bona serapa 5-6)

5-6. (a) Jesu o ile a akanyetsa bomang? (b) Go ya ka Isaia 61:1, 2, ke eng fa Jesu a ne a tlhomogela pelo batho ba a ba rerelang?

5 Akanya ka sekai sa kafa Jesu a ileng a akanyetsa ba bangwe ka gone. Nako nngwe Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba lapile tota ka gonne ba ne ba rera dikgang tse di molemo ba sa ikhutse. Ba ne ba se na le nako “ya go ja dijo.” Ka jalo, Jesu o ne a isa barutwa ba gagwe kwa “lefelong le le se nang batho” gore ba “ikhutse go sekae.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba ba sala morago. Fa Jesu a ba bona, o ile a dira eng? O ne “a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, * ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.”—Mar. 6:30-34.

6 Ke eng fa Jesu a ne a tlhomogela batho bao pelo? O ile a re “ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa.” Gongwe Jesu o ne a lemoga gore bangwe ba bone ga ba a itsholela le gore ba dira ka natla go tlamela ba malapa a bone. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba tlhokafaletswe. Fa go le jalo, Jesu o ne a tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ile a lebana le mathata ao. Jesu o ne a amega ka batho ba bangwe e bile o ne a batla go ba gomotsa.—Bala Isaia 61:1, 2.

7. Re ka etsa Jesu jang?

7 Re ithuta eng mo go Jesu? Fela jaaka Jesu, le rona re tshela le batho ba ba “[tshwanang] le dinku tse di se nang modisa.” Ba na le mathata a mantsi. Re na le molaetsa wa Bogosi o ba o tlhokang thata. (Tshen. 14:6) Ka jalo, fela jaaka Mong wa rona, re rera dikgang tse di molemo ka gonne re “utlwela [batho ba] maemo a a kwa tlase le [ba ba] humanegileng botlhoko.” (Pes. 72:13) Re utlwela batho botlhoko e bile re batla go ba thusa.

KAFA RE KA AKANYETSANG BA BANGWE KA GONE

Akanya ka se mongwe le mongwe a se tlhokang (Bona serapa 8-9)

8. Re ka akanyetsa jang batho ba re ba rerelang? Naya sekai.

8 Ke eng se se ka re thusang gore re akanyetse batho ba re ba rerelang? Re tshwanetse go leka go tlhaloganya maemo a batho ba re kopanang le bone, re bo re ba tshwara ka tsela e rona re neng re tla batla go tshwarwa ka yone. * (Math. 7:12) Mma re tlotle ka ditsela tse nnê tsa go dira jalo. Sa ntlha, akanya ka dilo tse batho ba di tlhokang. Re ka bapisa tiro ya go rera le se ngaka e se dirang fa e thusa balwetse. Ngaka e e molemo e akanya ka se molwetse mongwe le mongwe a se tlhokang. O mmotsa dipotso a bo a mo reetsa ka kelotlhoko fa a mo tlhalosetsa gore o ikutlwa jang. Go na le gore a itlhaganelele go mo naya dipilisi, a ka nna a fetisa nakonyana gore a bone gore bothata ke eng, morago ga moo a bo a mo naya dipilisi tse di siametseng bolwetse jwa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, ga re a tshwanela go bua selo se se tshwanang fa re kopana le batho ba ba farologaneng. Go na le moo, re tshwanetse go leka go tlhaloganya maemo a mongwe le mongwe yo re kopanang le ene.

9. Ga re a tshwanela go dira eng fa re le mo bodireding? Tlhalosa.

9 Fa o kopana le mongwe mo bodireding, o se ka wa ipolelela gore o itse maemo a gagwe kgotsa o itse gore o dumela eng le gore ke eng fa a se dumela. (Dia. 18:13) Go na le moo, mmotse dipotso gore o kgone go mo itse le go itse se a se dumelang. (Dia. 20:5) Fa e le gore go tlwaelegile mo lefelong la lona, mmotse ka tiro ya gagwe, ba lelapa, gore o goletse kae le gore o akanyang ka dikgang dingwe. Fa re botsa batho dipotso, dikarabo tsa bone di re thusa go itse gore ke eng fa ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo. Go itse seo go tla dira gore re kgone go ba naya thuso e ba e tlhokang fela jaaka Jesu a ile a dira.—Bapisa 1 Bakorintha 9:19-23.

Leka go tlhaloganya maemo a motho yo o mo rerelang (Bona serapa 10-11)

10-11. Go ya ka 2 Bakorintha 4:7, 8, re ka akanyetsa batho ba re ba rerelang ka tsela efe e nngwe? Naya sekai.

10 Sa bobedi, leka go tlhaloganya gore ba ka tswa ba tshela jang. Gongwe maemo mangwe a rona a tshwana le a bone. Le rona re baleofi, ka jalo re na le mathata. (1 Bakor. 10:13) Re a itse gore botshelo bo thata. Re kgona go itshoka ka gonne Jehofa o a re thusa. (Bala 2 Bakorintha 4:7, 8.) Mme gone, akanya ka batho ba ba sa atamalanang le Jehofa. E re ka Jehofa a sa ba thuse, go tshwanetse ga bo go le thata tota gore ba lebane le mathata a botshelo. Fela jaaka Jesu, re ba tlhomogela pelo e bile re batla go ba bolelela “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.”—Isa. 52:7.

11 Akanya ka mokaulengwe yo o bidiwang Sergey. Pele a ithuta boammaaruri, o ne a le ditlhong. Go ne go le thata gore a bue le batho ba bangwe. Morago ga nakonyana, o ile a simolola go ithuta Baebele. A re: “Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore Bakeresete ba tshwanetse go bolelela ba bangwe se ba se dumelang. Ke ne ke sa akanye gore nka kgona.” Le fa go ntse jalo, o ne a akanya ka batho ba ba iseng ba ithute boammaaruri e bile o ne a lemoga gore botshelo jwa bone bo tshwanetse jwa bo bo le thata tota ka gonne ba sa itse Jehofa. A re: “Dilo tse ke neng ke di ithuta di ne tsa dira gore ke itumele le gore ke nne le kagiso. Ke ne ke itse gore batho ba bangwe le bone ba tlhoka go ithuta boammaaruri.” Go akanyetsa batho ba bangwe, go ile ga dira gore Sergey a nne le bopelokgale jo bo oketsegileng jwa go rera. A re: “Go bolelela batho ba bangwe ka Baebele go ile ga dira gore ke itshepe le go feta. Gape go ne ga dira gore tumelo ya me e nonofe.” *

Go ka tsaya nako gore bangwe ba dire diphetogo (Bona serapa 12-13)

12-13. Ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele le batho ba re ba rerelang? Naya sekai.

12 Sa boraro, nna pelotelele le batho ba o ba rerelang. Gopola gore ba ka tswa ba sa itse dithuto dingwe tsa Baebele. Bontsi jwa bone ba ka tswa ba rata thata dilo tse ba di rutilweng. Ba ka tswa ba akanya gore bodumedi jwa bone bo ba kopanya le ba malapa a bone, setso le batho ba lefelo le ba nnang mo go lone. Re ka ba thusa jang?

13 Akanya ka sekai seno: Go direga eng fa borogo jwa kgale bo tlhoka go baakanngwa? Gantsi go agiwa borogo jo bosha fa jwa kgale bo sa ntse bo dirisiwa. Fa jo bosha bo sena go agiwa, jwa kgale bo a thubiwa. Ka tsela e e tshwanang, pele re bolelela batho gore ba tlogele dilo tse ba di dumelang, re tshwanetse go ba thusa gore ba rate dithuto tsa Baebele tse kwa tshimologong ba ka nnang ba bo ba sa di tlhaloganye. Go dira jalo ke gone go tla ba thusang gore ba tlogele dilo tse ba neng ba di dumela. Mme gone, go ka tsaya nako gore batho ba dire diphetogo tseo.—Bar. 12:2.

14-15. Re ka thusa jang batho ba ba sa itseng go le kalo kgotsa ba ba sa itseng sepe ka tsholofetso ya Paradaise? Naya sekai.

14 Fa re le pelotelele le batho ba re ba rerelang, ga re kitla re lebelela gore ba tlhaloganye dithuto tsa Baebele ka bonako fela. Go na le moo, go ba akanyetsa go tla re tlhotlheletsa gore re ba tlhalosetse dithuto tsa Baebele le fa seo se ka tsaya nako e telele. Ka sekai, akanya kafa re ka thusang motho ka gone gore a tlhaloganye tsholofetso ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Batho ba le bantsi ga ba itse go le kalo ka tsholofetso eno mme ba bangwe ga ba itse sepe ka yone. Ba ka tswa ba dumela gore fa motho a swa, go ile fela jalo. Kgotsa ba ka tswa ba akanya gore batho ba ba siameng ba ya legodimong. Re ka ba thusa jang?

15 Mokaulengwe mongwe o dira jaana fa a thusa batho go tlhaloganya tsholofetso eno. Sa ntlha, o bala Genesise 1:28. Go tswa foo, o botsa motho gore Modimo o ne a batla gore batho ba nne kae le gore ba tshele jang. Bontsi jwa batho ba araba ba re: “O ne a batla gore batho ba tshele ba itumetse mo lefatsheng.” Morago ga moo, o bala Isaia 55:11 a bo a botsa motho yoo gore a maikaelelo a Modimo a fetogile. Gantsi motho o araba ka go re: “Nnyaa.” Kwa bofelong, mokaulengwe yono o bala Pesalema 37:10, 11 a bo a botsa gore mo nakong e e tlang botshelo bo tla bo bo ntse jang. Go dirisa Baebele ka tsela eo go dirile gore a kgone go thusa batho ba le bantsi go tlhaloganya gore Modimo o sa ntse a batla gore batho ba ba siameng ba tshelele ruri mo lefatsheng.

Sengwe se sennye jaaka go romelela mongwe lekwalo le le kgothatsang, se ka thusa (Bona serapa 16-17)

16-17. Go ya ka Diane 3:27, re ka dira eng go bontsha gore re akanyetsa batho ba bangwe? Naya sekai.

16 Sa bonê, akanya ka se o ka se dirang go bontsha batho gore o a ba kgathalela. Ka sekai, fa e le gore re etetse mong wa ntlo ka nako e e sa siamang, re ka kopa maitshwarelo re bo re mmotsa gore a re ka boa gape ka nako e nngwe. Gotweng fa a tlhoka thuso ka tiro nngwe? Kgotsa gotweng fa mong wa ntlo a lwala thata kgotsa a tsofetse mme a tlhoka mongwe yo o ka mo direlang dilo dingwe? Mo maemong ao, fa go kgonega, o ka thusa.—Bala Diane 3:27.

17 Kgaitsadi mongwe o ne a dira sengwe se a neng a tsaya gore ga se botlhokwa go le kalo mme go ne ga nna le diphelelo tse di molemo. Lelapa lengwe le ne le sa tswa go tlhokafalelwa ke ngwana, ka jalo o ile a ba kwalela lekwalo. O ne a kwadile ditemana dingwe tse di kgothatsang. Ba lelapa leo ba ile ba ikutlwa jang fa ba sena go le bala? Mmê wa lelapa leo o ne a mo kwalela jaana: “Pele ga ke bala lekwalo la gago, ke ne ke utlwile botlhoko tota. Le ile la re gomotsa fela thata. Ga ke itse gore nka reng go go leboga mme gone o re thusitse tota. Ke akanya gore ke le badile makgetlo a ka nna 20. Re a go leboga tlhe mma.” Le rona re ka nna le diphelelo tse di molemo fa re ka leka go tlhaloganya mathata a batho ba bangwe ba lebaneng le one re bo re ba thusa.

ITSE SE JEHOFA A SE LEBELETSENG MO GO WENA

18. Go ya ka 1 Bakorintha 3:6, 7, re tshwanetse go gopola eng ka bodiredi, mme ka ntlha yang?

18 Re tshwanetse go nna tekatekano fa re le mo bodireding. Le fa gone re thusa batho go ithuta ka Modimo, ga se rona ba re dirang tiro ya botlhokwa thata. (Bala 1 Bakorintha 3:6, 7.) Jehofa ke ene a gogelang batho kwa go ene. (Joh. 6:44) Mme gone, mongwe le mongwe ke ene a tla itirelang tshwetso ya gore a o tla amogela dikgang tse di molemo. (Math. 13:4-8) Gopola gore batho ba le bantsi ga ba a ka ba amogela molaetsa wa ga Jesu le fa gone e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa. Ka jalo, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa batho ba re lekang go ba rerela ba sa re reetse.

19. Re tla nna le diphelelo dife tse di molemo fa re akanyetsa batho ba re ba rerelang?

19 Re tla nna le diphelelo tse di molemo fa re akanyetsa batho ba re ba rerelang. Re tla itumelela go rera. Re tla nna le boitumelo jo bogolo ka ntlha ya go aba. Mo godimo ga moo, re tla dira gore go nne motlhofo gore ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng,” ba amogele dikgang tse di molemo. (Dit. 13:48) Ka jalo, “fa fela re sa ntse re na le nako e e [re] dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe.” (Bagal. 6:10) Fa re dira jalo, re tla galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong.—Math. 5:16.

PINA 64 Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong

^ ser. 5 Fa re akanyetsa batho ba re ba rerelang, re tla itumela le go feta e bile re tla nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding. Ke eng fa re rialo? Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka ithuta eng mo go Jesu e bile re tla tlotla ka ditsela di le nnê tsa go akanyetsa batho ba re ba rerelang.

^ ser. 5 TLHALOSO: Mafoko a a reng, go tlhomogela pelo, a a dirisitsweng mo setlhogong seno, a kaya go amega ka motho yo o bogang kgotsa yo o tshwerweng makgwakgwa. Fa re ikutlwa ka tsela eo, re tla tlhotlheletsega go dira sepe fela se re ka se kgonang gore re thuse ba bangwe.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng, “Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2014.