Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 11

Reetsa Jehofa

Reetsa Jehofa

“Yono ke Morwaake . . . Mo reetseng.”—MATH. 17:5.

PINA 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Jehofa o ne a bua jang le batho mo nakong e e fetileng, mme o bua jang le rona gompieno? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

JEHOFA o rata go bua le rona. Mo nakong e e fetileng o ne a bua le batho a dirisa baporofeti, baengele le Morwawe e bong Jesu Keresete. (Amos. 3:7; Bagal. 3:19; Tshen. 1:1) Gompieno o dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele. O re file mpho eno gore re ithute tsela e a akanyang ka yone le tsela e a dirang dilo ka yone.

2 Fa Jesu a le mo lefatsheng, Jehofa o ile a bua a le kwa legodimong makgetlo a le mararo. Mma re bone gore Jehofa o ile a reng, gore re ka ithuta eng mo go se a se buileng le gore se ka re solegela molemo jang.

“O MORWAAKE, MORATWA”

3. Go ya ka Mareko 1:9-11, Jehofa o ile a reng fa Jesu a kolobediwa, mme se Jehofa a ileng a se bua se ne se bontsha eng?

3 Mareko 1:9-11 e bua ka lekgetlo la ntlha fa Jehofa a ne a bua a le kwa legodimong. (E bale.) O ne a re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” Jesu o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa Rraagwe a mo raya a re o a mo rata e bile o a mo amogela. Se Jehofa a ileng a se bua se ne se bontsha gore Jesu ke Morwawe, o a mo rata e bile o a mo amogela. Mma re tlotle ka dintlha tseno.

4. Fa Jesu a kolobediwa, o ile a nna Morwa Modimo ka tsela efe gape?

4 “O Morwaake.” Fa Jehofa a bua mafoko ano, o ne a bontsha gore ene le Morwawe ba simolotse go nna le kamano e nngwe e e kgethegileng. Fa Jesu a ne a le kwa legodimong, e ne e setse e le Morwa Modimo. Mme gone, fa a kolobediwa, o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo. Ka nako eo, Modimo o ne a tlhalosa gore e re ka Jesu e le Morwawe yo o tloditsweng, o na le tsholofelo ya go boela kwa legodimong le go nna Kgosi le Moperesiti yo Mogolo yo o tlhomilweng ke Modimo. (Luke 1:31-33; Baheb. 1:8, 9; 2:17) Ke ka moo fa Jesu a sena go kolobediwa, Jehofa a ileng a bua jaana: “O Morwaake.”—Luke 3:22.

Fa re akgolwa e bile re kgothadiwa, re a itumela (Bona serapa 5) *

5. Re ka etsa Jehofa jang?

5 “O . . . moratwa.” Jehofa o ile a bolelela Jesu gore o a mo rata le gore o a mo amogela. Seno se re gopotsa gore go botlhokwa gore re kgothatse ba bangwe. (Joh. 5:20) Fa mongwe yo re mo ratang a re bolelela gore o a re rata e bile a re akgolela dilo tse di molemo tse re di dirang, re a itumela. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi le ba malapa a rona gore re a ba rata e bile re tshwanetse go ba akgola. Fa re akgola ba bangwe, tumelo ya bone e a nonofa e bile seno se tla ba thusa gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa. Batsadi ba tshwanetse go akgola bana ba bone. Fa batsadi ba akgola bana e bile ba ba rata, tumelo ya bana e tla gola.

6. Ke eng fa re ka tshepa Jesu Keresete?

6 “Ke go amogetse.” Mafoko ano a bontsha gore Jehofa o ne a tlhatswegile pelo gore Jesu o tla dira thato ya Gagwe. E re ka Jehofa a ne a tshepa Jesu, le rona re ka mo tshepa gore o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa. (2 Bakor. 1:20) Go akanya ka sekao sa ga Jesu go tla dira gore re ikemisetse le go feta go ithuta mo go ene le go mo etsa. Jehofa o tlhatswegile pelo gore batho botlhe ba gagwe ba tla tswelela ba ithuta mo sekaong sa Morwawe.—1 Pet. 2:21.

“MO REETSENG”

7. Go ya ka Mathaio 17: 1-5, Jehofa o ile a bua leng a le kwa legodimong, mme o ile a reng?

7 Bala Mathaio 17:1-5. Lekgetlo la bobedi fa Jehofa a ne a bua a le kwa legodimong, ke ka nako ya fa Jesu a ne “a fetolwa ponalo.” Jesu o ne a na le Petere, Jakobe le Johane kwa thabeng. Fa ba le koo, ba ne ba bona ponatshegelo e e gakgamatsang. Sefatlhego sa ga Jesu se ile sa simolola go phatshima mme diaparo tsa gagwe di ne di galalela. Batho ba babedi ba ba tshwanang le Moshe le Elija ba ne ba simolola go bua le Jesu ka dilo tse di neng di tla direga fa a swa le fa a tsosiwa mo baswing. Le fa gone baaposetoloi bao ba bararo ba ne ba ‘imetswe ke boroko,’ e rile ba tsoga, ba ile ba bona ponatshegelo eo e e gakgamatsang. (Luke 9:29-32) Moragonyana, leru le le phatsimang le ne la ba okama mme ba ne ba utlwa lentswe la Modimo go tswa mo go lone. Le mo lekgetlong leno, Jehofa o ne a bontsha gore o rata Morwawe le gore o a mo amogela. O ne a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” Mme mo lekgetlong leno o ne a oketsa ka go re: “Mo reetseng.”

8. Ponatshegelo ya kwa thabeng e ile ya dira gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ikutlwe jang?

8 Ponatshegelo eo e ne e ba bontsha maatla le kgalalelo e Jesu a neng a tlile go nna le yone fa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Ntle le pelaelo, ponatshegelo eo e ne ya kgothatsa Jesu le go mo thusa go itshokela go bogisiwa le go bolawa setlhogo. Gape ponatshegelo eo e ile ya nonotsha tumelo ya barutwa ba ga Jesu. E ile ya ba thusa go ipaakanyetsa diteko tse di neng di larile kwa pele le tiro e ntsi e ba neng ba tlile go e dira. Dingwaga di ka nna 30 moragonyana, moaposetoloi Petere o ile a bua ka ponatshegelo eo, a bontsha gore o ne a sa ntse a e gopola sentle.—2 Pet. 1:16-18.

9. Jesu o ile a naya balatedi ba gagwe kgakololo efe?

9 “Mo reetseng.” Fa Jehofa a bua mafoko ano, o ne a bontsha gore o batla gore re reetse Morwawe e bile re mo ikobele. Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ile a reng? O ile a bua dilo di le dintsi tse di botlhokwa. Ka sekai, o ile a ruta balatedi ba gagwe go rera dikgang tse di molemo e bile gangwe le gape o ne a ba laela gore ba nne ba disitse. (Math. 24:42; 28:19, 20) Gape o ne a ba laela gore ba dire ka natla le gore ba se ka ba ineela. (Luke 13:24) Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore go botlhokwa thata gore ba ratane, ba nne seoposengwe le gore ba ikobele ditaelo tsa gagwe. (Joh. 15:10, 12, 13) Eleruri, eo ke kgakololo e e molemo mme e sa ntse e le botlhokwa le gompieno.

10-11. Re ka bontsha jang gore re reetsa Jesu?

10 Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.” (Joh. 18:37) Re bontsha gore re reetsa Jesu fa re ‘tswelela re itshokelana e bile re itshwarelana re gololesegile.’ (Bakol. 3:13; Luke 17:3, 4) Gape re bontsha gore re a mo reetsa fa re rera dikgang tse di molemo “ka paka e e dumelang [le] ka paka ya matshwenyego.”—2 Tim. 4:2.

11 Jesu o ne a re: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me.” (Joh. 10:27) Balatedi ba ga Keresete ba bontsha gore ba reetsa Jesu ka go dirisa se ba se ithutang. Ga ba itewe tsebe ke “ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) Go na le moo, ba dira gore go ikobela Jesu e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa bone le fa go dira jalo go le thata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba itshokela mathata a a farologaneng. Bangwe ba bone ba a tlhaselwa, ba bangwe ba humanegile mme ba bangwe ba tlhagelwa ke masetlapelo a tlholego. Le fa gone ba diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe, ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Jesu o ba gomotsa jaana: “Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang. Le yo o nthatang o tla ratwa ke Rre.”—Joh. 14:21.

Bodiredi bo re thusa gore re se ka ra iteega tsebe (Bona serapa 12) *

12. Re reetsa Jesu ka tsela efe gape?

12 Gape re ka bontsha gore re reetsa Jesu ka go reetsa ba ba eteletseng pele mo phuthegong. (Baheb. 13:7, 17) Phuthego ya Modimo e dirile diphetogo di le dintsi bosheng jaana. Ka sekai, tsela e re rerang ka yone le dilo tse re di dirisang mo bodireding di fetogile. Pokano ya mo gare ga beke e fetotswe, mo godimo ga moo, tsela e re agang, e re tlhabololang le e re tlhokomelang Diholo Tsa Bogosi ka yone le yone e fetogile. Eleruri, re lebogela tsela e bagolwane ba re kaelang ka yone! Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla re segofatsa fa re latela ditaelo tse re di newang mo phuthegong.

13. Go reetsa Jesu go re tswela mosola jang?

13 Go reetsa Jesu go re tswela mosola. Jesu o ile a tshepisa barutwa ba gagwe gore dithuto tsa gagwe di tla ba lapolosa. O ne a re: “Lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:28-30) Lefoko la Modimo le le buang ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu le a re lapolosa, le dira gore tumelo ya rona e nonofe e bile le re thusa go nna botlhale. (Pes. 19:7; 23:3) Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28.

‘KE TLA GALALETSA LEINA LA ME’

14-15. (a) Go ya ka Johane 12:27, 28, go ne go direga eng fa Jehofa a ne a bua lekgetlo la boraro a le kwa legodimong? (b) Goreng re ka re mafoko a ga Jehofa a ile a kgothatsa Jesu?

14 Bala Johane 12:27, 28. Efangele ya ga Johane e bua ka lekgetlo la boraro fa Jehofa a ne a bua a le kwa legodimong. Malatsi a le mmalwa pele Jesu a swa, o ile a keteka Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo kwa Jerusalema. Ka nako eo o ne a re: “Moya wa me o tshwenyegile.” Go tswa foo a bo a rapela a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” Jehofa o ile a mo araba jaana: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.”

15 Jesu o ne a tshwenyegile ka gonne o ne a itse gore go botlhokwa gore a nne a ikanyega mo go Jehofa. O ne a itse gore o tlile go itewa le go bolawa setlhogo. (Math. 26:38) Mme gone, selo sa botlhokwa mo go Jesu e ne e le go galaletsa leina la ga Rraagwe. Jesu o ne a latofadiwa ka go tlhapatsa Modimo mme o ne a tshwenyegile gore loso lwa gagwe lo ne lo tla gogagoga leina la Modimo mo seretseng. Ga go pelaelo gore mafoko a ga Jehofa a ile a kgothatsa Jesu. O ne a itse gore leina la ga Jehofa le tla galalediwa. Mafoko a ga Rraagwe a ile a mo thusa go itshokela dilo tse di botlhoko tse di neng di larile kwa pele. Le fa gone Jesu e ne e le ene fela yo o neng a kgona go tlhaloganya se Rraagwe a neng a se bua, Jehofa o ile a dira gore mafoko ao a Gagwe a kwalwe mo Baebeleng gore le rona re kgone go a bala.—Joh. 12:29, 30.

Jehofa o tlile go galaletsa leina la gagwe le go golola batho ba gagwe (Bona serapa 16) *

16. Ke eng fa re ka tshwenngwa ke go senngwa ga leina la Modimo?

16 Fela jaaka Jesu, le rona ga re batle leina la Modimo le gogagogwa mo seretseng. Gongwe re kile ra tshwarwa makgwakgwa kgotsa re utlwisiwa botlhoko ke dipego tsa maaka tse batho ba di anamisang ka rona. Re ka tswa re tshwenngwa ke gore dipego tseo di senya Jehofa le phuthego ya gagwe leina. Mo dinakong tseo, mafoko a a mo go Johane 12:27, 28 a ka re kgothatsa fela thata. Ga re tlhoke go tshwenyega thata. Baebele ya re “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) Jehofa ga a kitla a palelwa ke go galaletsa leina la gagwe. Bogosi jwa gagwe bo tla baakanya mathata otlhe a a bakilweng ke Satane.—Pes. 94:22, 23; Isa. 65:17.

SOLEGELWA MOLEMO KE GO REETSA JEHOFA

17. Go ya ka Isaia 30:21, Jehofa o bua jang le rona gompieno?

17 Jehofa o sa ntse a bua le rona gompieno. (Bala Isaia 30:21.) Gone ke boammaaruri gore ga re utlwe lentswe la gagwe ka tlhamalalo. Mme gone, o dirisa Baebele go re kaela. Mo godimo ga moo, o dirisa moya o o boitshepo go thusa “molebedi yo o boikanyego” gore a re tlamele ka dithuto tsa boammaaruri. (Luke 12:42) Go na le dikgatiso di le dintsi tse di gatisitsweng le tse di mo Internet, go akaretsa dibidio le dikgatiso tse di reediwang tse di ka re thusang go tswelela re na le tumelo e e nonofileng.

18. Mafoko a ga Jehofa a ka go thusa jang?

18 A re nneng re gopotse mafoko a Jehofa a neng a a bua fa Morwawe a ne a le mo lefatsheng. E kete mafoko a ga Jehofa a a kwadilweng mo Baebeleng a ka re thusa go tlhatswega pelo gore Jehofa o laola sengwe le sengwe le gore o tla baakanya mathata otlhe a a bakilweng ke Satane le lefatshe leno le le bosula. Mme fa nako eo e ise e goroge, a re tsweleleng re ikobela Jehofa. Fa re dira jalo, re tla kgona go itshokela mathata gone jaanong, le a re tla lebanang le one mo nakong e e tlang. Baebele ya re: “Lo tlhoka boitshoko, gore fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso.”—Baheb. 10:36.

PINA 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”

^ ser. 5 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong makgetlo a le mararo. Mo lekgetlong lengwe, o ne a laela barutwa ba ga Jesu gore ba reetse Morwawe. Gompieno, Jehofa o bua le rona a dirisa Baebele e e nang le dithuto tsa ga Jesu gape o bua le rona a dirisa phuthego ya gagwe. Mo setlhogong seno, re tla bona gore go reetsa Jehofa le Jesu go re solegela molemo jang.

^ ser. 52 SETSHWANTSHO: Mogolwane o bona motlhanka wa bodiredi a phepafatsa Holo ya Bogosi e bile a bereka mo khaontareng ya dibuka. O a mo akgola.

^ ser. 54 SETSHWANTSHO: Banyalani ba kwa Sierra Leone ba laletsa monna mongwe kwa dipokanong.

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Basupi ba ba nnang kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, ba kopanela kwa legaeng la mongwe. Ba ikaparetse fela gore ba se ka ba lemogiwa gore ba bua ka Baebele.