Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 20

Go Gomotsa ba ba Utlwisitsweng Botlhoko

Go Gomotsa ba ba Utlwisitsweng Botlhoko

“Modimo wa kgomotso yotlhe . . . o re [gomotsa] mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 BAKOR. 1:3, 4.

PINA 134 Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke sekai sefe se se bontshang gore batho ba tlhoka go gomodiwa e bile ba na le bokgoni jwa go gomotsa ba bangwe? (b) Bana bangwe ba utlwisiwa botlhoko jang?

BATHO ba tlhoka go gomodiwa e bile ba na le bokgoni jwa go gomotsa ba bangwe. Ka sekai, fa ngwana a tshameka a bo a wa, a bo a kgoboga mo lengoleng, a ka nna a tabogela kwa go Mama kgotsa Papa a lela. Motsadi a ka se kgone go fodisa ntho eo mme a ka kgona go mo gomotsa. A ka nna a mmotsa gore go diragetseng, a mo phimola dikeledi a bo a mo didimatsa. Fa go tlhokega, a ka nna a mo bofa mo a gobetseng teng. Ngwana yoo o a didimala a bo a ya go tshameka gape. Morago ga nako, ntho eo e tlile go fola.

2 Mme gone, ka dinako dingwe bana ba utlwa botlhoko thata. Bangwe ba sotliwa ka tlhakanelodikobo. Ngwana a ka sotliwa gangwe fela kgotsa go ka feta dingwaga di le dintsi a ntse a sotliwa. Le fa go ka tswa go diregile ga kae, go ka feta dingwaga di le dintsi ngwana a ntse a utlwile botlhoko. Ka dinako tse dingwe motho yo o mo sotlang o a tshwarwa a bo a otlhaiwa. Ka dinako tse dingwe, a ka nna a se ka a otlhaiwa. Mme gone, le fa motho yoo a ka otlhaiwa ka bonako, go ka nna ga feta dingwaga di le dintsi ngwana a sa kgone go lebala se se diragetseng, tota le fa a setse a godile.

3. (a) Go ya ka 2 Bakorintha 1:3, 4, ke eng se Jehofa a se batlang? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

3 Fa e le gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe mo phuthegong a kile a sotliwa ka tlhakanelodikobo a sa ntse a le monnye, ke eng se se ka mo thusang? (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba ratiwe e bile ba gomodiwe. Ka jalo, a re tlotleng ka dipotso tseno tse tharo: (1) Ke eng fa batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba tlhoka go gomodiwa? (2) Ke mang a ka ba gomotsang? (3) Re ka ba gomotsa jang?

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO BA GOMOTSA?

4-5. (a) Goreng re tshwanetse go tlhaloganya gore bana ga ba tshwane le bagolo? (b) Go ka nna le ditlamorago dife fa ngwana a sotliwa ke mongwe yo a mo tshepang?

4 Batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba sa le bannye ba tlhoka go gomodiwa le fa ba setse ba godile. Ka ntlha yang? Re tshwanetse go tlhaloganya gore bana ga ba tshwane le bagolo. Tsela e ngwana a utlwang botlhoko ka yone fa a sotliwa ka tlhakanelodikobo e farologane fela thata le e mogolo a utlwang botlhoko ka yone. Dintlha tse di latelang di bontsha gore ke eng fa re rialo.

5 Go botlhokwa gore bana ba atamalane le batho ba ba ba godisang e bile ba tlhoka go ba tshepa. Seo se tla dira gore bana ba ikutlwe ba sireletsegile e bile ba tla kgona go tshepa batho ba bangwe ba ba ba ratang. (Pes. 22:9) Ka maswabi, go le gantsi bana ba sotliwa ke mongwe mo lelapeng kgotsa mongwe yo o tlwaelaneng le maloko a lelapa. Fa ngwana a sotliwa ke mongwe yo a mo tshepang, seo se ka dira gore go nne thata gore a tshepe batho ba bangwe tota le fa a setse a godile.

6. Ke eng fa go sotla bana ka tlhakanelodikobo go le setlhogo?

6 Bana ga ba kgone go itshireletsa e bile go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke bosetlhogo. Go pateletsa bana go tlhakanela dikobo ba ise ba itse sepe ka lenyalo le tlhakanelodikobo go ka ba utlwisa botlhoko fela thata. Fa mongwe a sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, ngwana a ka feleletsa a leba tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang. Gape a ka feleletsa a ikutlwa e se motho wa sepe e bile a sa tshepe ba bangwe.

7. (a) Ke eng fa go le motlhofo gore motho a tsietse ngwana, mme a ka dira seo jang? (b) Maaka ao a ka ama ngwana jang?

7 Bana ga ba itse go ikakanyetsa, go itirela ditshwetso kgotsa go lemoga le go tila kotsi. (1 Bakor. 13:11) Ka jalo, go motlhofo gore motho a ba tsietse. Motho yo o sotlang ngwana ka tlhakanelodikobo o bolelela ngwana maaka. Ka sekai a ka nna a raya ngwana a re ke molato wa gagwe, a ka nna a mo laela gore a se ka a bolelela ope ka kgang eo le gore le fa a ka bua, ga go na ope yo o tla mo dumelang kgotsa yo o tla mo thusang. Ka dinako tse dingwe a ka nna a bolelela ngwana gore go tlwaelegile gore mogolo le ngwana ba tlhakanele dikobo. Go ka tsaya ngwana dingwaga di le dintsi gore a tlhaloganye gore motho yoo o ne a mo aketsa. Ngwana yoo a ka gola a akanya gore ga se motho wa sepe le gore ga go na ope yo o ka mo ratang kgotsa yo o ka mo gomotsang.

8. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa a ka kgona go gomotsa batho ba ba kileng ba sotliwa?

8 Seno se re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo go ka feta nako e e telele batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba ntse ba utlwile botlhoko. Go sotla bana ka tlhakanelodikobo go maswe fela thata! Mokgwa ono o o maswe o o anameng lefatshe lotlhe, ke bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo mme batho ga ba na “lorato lwa tlholego” e bile ‘batho ba ba boikepo le maferefere ba tswelela ba sulafalela pele.’ (2 Tim. 3:1-5, 13) Satane o dirisa maano a a boferefere e bile go utlwisa botlhoko tota fa batho ba dira dilo tse a di batlang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o maatla go gaisa Satane le batho ba ba bosula. O itse maano otlhe a ga Satane. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o itse botlhoko jo re bo utlwang e bile o tla re gomotsa. Re lesego go direla “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.” (2 Bakor. 1:3, 4) Jehofa o dirisa bomang go gomotsa ba bangwe?

KE MANG A KA BA GOMOTSANG?

9. Go ya ka mafoko a a mo go Pesalema 27:10, fa batsadi ba sa tlhokomele bana ba bone Jehofa o tla dira eng?

9 Batho ba ba latlhilweng ke ba malapa a bone le ba ba kileng ba sotliwa ke batho ba ba atamalaneng thata le bone ba tlhoka go gomodiwa. Kgosi Dafide o ne a itse gore ka metlha Jehofa o a re gomotsa. (Bala Pesalema 27:10.) O ne a itse gore Jehofa o tlhokomela botlhe ba ba kileng ba sotliwa ke ba malapa a bone. Jehofa o dira seo jang? O dirisa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Rotlhe mo phuthegong re lelapa. Ka sekai, Jesu o ne a re batho ba ba direlang Jehofa ke bomorwarraagwe, bokgaitsadie le batsadi ba gagwe.—Math. 12:48-50.

10. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jang tiro ya gagwe?

10 Mma re bone gore bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ka bontsha jang gore re lelapa. Moaposetoloi Paulo e ne e le mogolwane yo o dirang ka natla. O re tlhometse sekao se se molemo e bile o ne a tlhotlhelediwa go bolelela ba bangwe gore ba mo etse fela jaaka a ne a etsa Keresete. (1 Bakor. 11:1) Paulo o ile a bua jaana ka tiro e a neng a e dira: “Re ne ra nna bonolo mo gare ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” (1 Bathes. 2:7) Bagolwane ba ba ratang bakaulengwe le bokgaitsadi, le bone ba ka dirisa mafoko a a bonolo fa ba kgothatsa ba bangwe.

Bokgaitsadi ba ba nang le tumelo e e nonofileng go le gantsi ba kgona go gomotsa ba bangwe (Bona serapa 11) *

11. Ke eng se se bontshang gore bagolwane ga se bone fela ba ka gomotsang ba bangwe?

11 A bagolwane ke bone fela ba ka kgonang go gomotsa batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo? Nnyaa. Rotlhe re tshwanetse go ‘nna re gomotsana.’ (1 Bathes. 4:18) Bokgaitsadi ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ka kgona go thusa bokgaitsadi ba ba tlhokang go gomodiwa. Ke ka moo Baebele e tshwantshang Jehofa le mmê yo o gomotsang morwawe. (Isa. 66:13) Baebele e bua ka basadi bangwe ba ba ileng ba gomotsa batho ba ba tshwenyegileng. (Jobe 42:11) Jehofa o a itumela fa a bona bokgaitsadi ba Bakeresete ba gomotsa bokgaitsadi ba bangwe ba ba utlwileng botlhoko. Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba ka kopa kgaitsadi yo o nang le tumelo e e nonofileng gore a thuse kgaitsadi mongwe yo o mo maemong ao. *

RE KA BA GOMOTSA JANG?

12. Ga re a tshwanela go dira eng?

12 Fa re gomotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, ga re a tshwanela go nna re mmotsa dipotso ka dilo tse a sa batleng go bua ka tsone. (1 Bathes. 4:11) Re ka thusa jang batho ba ba tlhokang go gomodiwa? Mma re tlotle ka dilo di le tlhano tse di ka re thusang go gomotsa ba bangwe.

13. Go ya ka 1 Dikgosi 19:5-8, moengele wa ga Jehofa o ile a direla Elija eng, mme re ka mo etsa jang?

13 Dira sengwe go thusa yo o utlwileng botlhoko. Fa moporofeti Elija a ne a sia ka gonne batho ba ne ba batla go mmolaya, o ne a kgobegile marapo e bile a batla go swa. Jehofa o ile a romela moengele go ya go mo kgothatsa. Moengele yoo o ne a naya Elija se a neng a se tlhoka. O ne a mo isetsa dijo a bo a mo kopa gore a je. (Bala 1 Dikgosi 19:5-8.) Pego eno e re ruta gore ka dinako tse dingwe, go direla mongwe selo se sennye go ka thusa fela thata. Re ka bontsha mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o utlwileng botlhoko gore re a mo rata ka go mo direla sengwe, jaaka go mo apeela, go mo founela kgotsa go mo rekela mpho. Re ka bontsha mongwe gore re a mo rata ka go mo direla dilo tseno fa e le gore ga go motlhofo go bua le ene ka dilo tse di mo utlwisitseng botlhoko.

14. Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Elija?

14 Thusa ba ba utlwileng botlhoko gore ba ikutlwe ba sireletsegile e bile ba phuthologile. Re ka ithuta sengwe gape mo pegong ya ga Elija. Jehofa o ile a mo thusa gore a kgone go tsamaya sekgala se seleele go ya kwa Thabeng ya Horebe. Gongwe Elija o ne a ikutlwa a sireletsegile kwa lefelong leo le le kgakala, kwa Jehofa a ileng a dira kgolagano le batho ba gagwe gone. O ne a le kgakala le batho ba ba neng ba batla go mmolaya. Pego eno e re ruta eng? Fa re batla go thusa batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo, sa ntlha, re tshwanetse go ba thusa gore ba ikutlwe ba sireletsegile. Ka sekai, bagolwane ba tshwanetse go nna ba gopotse gore gongwe kgaitsadi yo o kileng a sotliwa ka tlhakanelodikobo a ka kgona go bua le bone a phuthologile fa a le kwa gae e seng kwa Holong ya Bogosi. Gongwe yo mongwe ene a ka phuthologa fa a le kwa Holong ya Bogosi.

Re ka gomotsa ba bangwe ka go ba reetsa, ka go rapela le bone le ka go ba bolelela mafoko a a kgothatsang (Bona serapa 15-20) *

15-16. Go reetsa ba bangwe go kaya eng?

15 Mo reetse. Baebele ya re: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jak. 1:19) A re reetsa ba bangwe? Gongwe re akanya gore go reetsa motho yo mongwe go kaya go mo leba fela re sa bue sepe. Mme gone ga go a nna jalo. Ka sekai, Elija o ile a tshololela Jehofa maikutlo a gagwe mme Jehofa o ile a mo reetsa. O ne a tlhaloganya gore Elija o ne a tshogile e bile a tsaya gore tiro yotlhe e a neng a e diretse Jehofa e ne e le lefela. Jehofa o ile a mo gomotsa. O ile a bontsha gore o ne a reeditse fa Elija a ne a mmolelela gore o ikutlwa jang.—1 Dikg. 19:9-11, 15-18.

16 Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re bolelela gore o ikutlwa jang, re ka bontsha jang gore re a mo rata? Ka dinako tse dingwe go bua mafoko a a kgothatsang le a a akanyeditsweng sentle, go ka mmontsha gore re a mo rata. O ka nna wa re: “Ke maswabi ka se se go diragaletseng. Ga go na ngwana yo o tshwanetseng go dirwa jalo!” Gongwe o ka mmotsa dipotso gore o kgone go tlhaloganya se a se buang. O ka mmotsa jaana: “Ke kopa o ntlhalosetse gore o raya jang?” kgotsa “Fa o ne o re . . . a o raya gore . . . ?” Dipotso tseo di ka mmontsha gore o mo reeditse le gore o batla go tlhaloganya.—1 Bakor. 13:4, 7.

17. Ke eng fa re tshwanetse go nna “bonya go bua” le go nna pelotelele?

17 Nna “bonya go bua.” O se ka wa mo tsena ganong gongwe o leka go mo naya kgakololo kgotsa o leka go fetola tsela e a akanyang ka yone. Go na le moo, nna pelotelele. Fa Elija a ne a bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang, o ne a tshwenyegile e bile a utlwile botlhoko thata. Moragonyana fa Jehofa a sena go mo gomotsa, Elija o ne a boa gape a bua mafoko a a ileng a a bua lekgetlho la ntlha. (1 Dikg. 19:9, 10, 13, 14) Seno se re ruta eng? Ka dinako tse dingwe, batho ba ba utlwileng botlhoko ba ka nna ba tlhoka go re bolelela gore ba ikutlwa jang makgetlho a le mmalwa. Re tshwanetse go ba reetsa re le pelotelele fela jaaka Jehofa. Go na le go ba bolelela gore ba ka rarabolola jang mathata a bone, re tshwanetse go ba bontsha gore re a ba rata le gore re tlhaloganya gore ba ikutlwa jang.—1 Pet. 3:8.

18. Ke eng fa go rapela le motho yo o utlwileng botlhoko go ka mo gomotsa?

18 Rapela le ene. Motho yo o tshwenyegileng thata a ka nna a palelwa ke go rapela. A ka nna a akanya gore ga a tshwanelegele go bua le Jehofa. Re ka mo gomotsa ka go rapela le ene. Mo thapelong eo, re ka bolelela Jehofa gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yoo o botlhokwa thata mo go rona le mo phuthegong yotlhe. Re ka kopa Jehofa gore a gomotse motlhanka yoo wa gagwe. Thapelo eo e ka gomotsa motho yo o utlwileng botlhoko fela thata.—Jak. 5:16.

19. Ke eng se se ka re thusang go gomotsa ba bangwe?

19 Bua mafoko a a gomotsang le a a sidilang maikutlo. O se ka wa bua o sa akanya. Go ipuela fela go ka mo utlwisa botlhoko le go feta mme fa o tlhopha mafoko a gago sentle, o ka kgona go mo gomotsa. (Dia. 12:18) Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse go dirisa mafoko a a gomotsang le a a sidilang maikutlo. Gopola gore ga go na mafoko a a gomotsang go feta mafoko a ga Jehofa a a mo Baebeleng.—Baheb. 4:12.

20. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba ka nna ba akanya eng, mme re tshwanetse go ba go gopotsa eng?

20 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba ka nna ba akanya gore ga se batho ba sepe le gore ga go na ope yo o ka ba ratang. Seo ke maaka a matala! Ka jalo, dirisa Baebele go ba gopotsa gore Jehofa o a ba rata. (Bona lebokoso le le reng “ Kgomotso e e Tswang mo Dikwalong.”) Gopola gore moengele o ne a gomotsa moporofeti Daniele fa a ne a tshwenyegile e bile a kgobegile marapo. Jehofa o ne a batla go bontsha monna yoo gore o a mo rata. (Dan. 10:2, 11, 19) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba utlwileng botlhoko le bone ba botlhokwa mo go Jehofa.

21. (a) Go tla diragalang ka batho ba ba dirang dilo tse di bosula mme ba sa ikwatlhaye? (b) Fa seo se ise se direge, re tshwanetse go thusa jang batho ba ba kileng ba sotliwa?

21 Fa re gomotsa ba bangwe, re ba thusa go gopola gore Jehofa o a ba rata. Gape ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa ke Modimo yo o ratang tshiamiso. O bona batho botlhe ba ba sotliwang ka tlhakanelodikobo le fa batho ba bangwe bone ba sa ba bone. Jehofa o bona sengwe le sengwe e bile o tla otlhaya batho botlhe ba ba sotlang ba bangwe. (Dipa. 14:18) Fa seo se ise se direge, a re bontsheng ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo gore re a ba rata. Mo godimo ga moo, go a itumedisa go itse gore Jehofa o tla gomotsa botlhe ba ba kileng ba sotliwa ke Satane le batho ba ba bosula! Go ise go ye kae, re tla bo re sa tlhole re gopola dilo tsotlhe tse di bosula tse di diregang.—Isa. 65:17.

PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong

^ ser. 5 Batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba sa le bannye, ba ka nna ba lebana le dikgwetlho di le dintsi fa ba setse ba godile ka ntlha ya se se ba diragaletseng. Setlhogo seno se tla re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa seo se direga. Gape re tla bona gore ke mang a ka ba gomotsang. Kwa bofelong, re tla bona gore re ka ba gomotsa jang.

^ ser. 11 Motho yo o kileng a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke ene a itirelang tshwetso ya gore a o tla kopa thuso ya ngaka kgotsa nnyaa.

^ ser. 76 SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o gomotsa kgaitsadi yo mongwe.

^ ser. 78 SETSHWANTSHO: Bagolwane ba babedi ba gomotsa kgaitsadi yo o tshwenyegileng. O kopile kgaitsadi yo mongwe gore a nne teng.